LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g22 no. 1 ts. 3
  • Lefatshe le Tlhakatlhakane—Se se Ka go Thusang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lefatshe le Tlhakatlhakane—Se se Ka go Thusang
  • Tsogang!—2022
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Se se Mo Makasineng Ono wa Tsogang!
    Tsogang!—2022
  • Fa o Welwa ke Masetlapelo
    Tsogang!—2014
  • Setlhogo sa Motlotlo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
  • Diteng
    Tsogang!—2022
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2022
g22 no. 1 ts. 3
Mosadi o tshwenngwa ke se a se bonang mo founong ya gagwe. O bona batho ba gwanta, masetlapelo a tlholego, mosadi yo o hutsafetseng a tshwere ngwana wa gagwe, sele ya coronavirus le batho ba le kwa sepatela.

Lefatshe le Tlhakatlhakane​—Se se Ka go Thusang

A o na le mathata ka ntlha ya se se diragalang gone jaanong mo lefatsheng? A kwa o nnang teng go diragala dilo tse di latelang?

  • dintwa

  • malwetse a leroborobo

  • masetlapelo a tlholego

  • tshotlego

  • tlhaolele

  • bokebekwa

Fa go diragala dilo tse di bosula, batho ba le bantsi ba a tshoga ba bo ba felelwa ke tsholofelo. Ka dinako tse dingwe batho ba bangwe ga ba tsiboge ka tsela epe. Le fa go ntse jalo, fa go na le masetlapelo mme motho yo o tshogileng a bo a sa tsiboge ka tsela epe fela, seo se ka dira gore seemo se nne maswe le go feta.

Fa o diragalelwa ke selo se se bosula, go botlhokwa gore o sireletse batho ba o atamalaneng thata le bone, botsogo jwa gago, se o itshedisang ka sone le boitumelo jwa gago.

Ke eng se se ka go thusang fa lefatshe leno le ntse le tlhakatlhakana?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela