LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g22 no. 1 ts. 4-6
  • 1 | Tlhokomela Botsogo Jwa Gago

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • 1 | Tlhokomela Botsogo Jwa Gago
  • Tsogang!—2022
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • GORENG GO LE BOTLHOKWA?
  • Se o Tlhokang go se Itse
  • Se o Ka se Dirang Gone Jaanong
  • Ditsela Tsa go Tokafatsa Botsogo Jwa Gago
    Tsogang!—2015
  • Kafa o ka Sireletsang Pholo ya Gago ka Teng
    Tsogang!—1999
  • Tlhokomela Tumelo le Boitekanelo jwa Gago jwa Semoya
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Go Tlhokomela Botsogo
    Tsogang!—2019
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2022
g22 no. 1 ts. 4-6
Dijo tse di nang le dikotla.

LEFATSHE LE TLHAKATLHAKANE

1 | Tlhokomela Botsogo Jwa Gago

GORENG GO LE BOTLHOKWA?

Mathata kgotsa masetlapelo a re ama ka ditsela tse di farologaneng.

  • Fa batho ba diragalelwa ke dilo tse di bosula ba nna le seterese. Gantsi batho ba ba nnang ba na le seterese ba a lwala.

  • Mathata le masetlapelo a ka dira gore go nne thata gore dipatela di tlhokomele balwetse ba bantsi. Gape a ka dira gore go se ka ga nna le melemo e e lekaneng.

  • Mathata a dira gore batho ba se ka ba kgona go duelela dilo tse ba di tlhokang jaaka dijo le melemo.

Se o Tlhokang go se Itse

  • Bolwetse le seterese di ka dira gore o se ka wa itlhokomela sentle ka ntlha ya seo, o ka lwala le go feta.

  • Fa o sa itlhokomele o ka lwala thata, o bo o tsenya botsogo jwa gago mo kotsing.

  • Fa o itlhokomela sentle o tla kgona go dira ditshwetso tse di siameng le fa go na le mathata.

  • Le fa o ka tswa o humile kana o humanegile o ka kgona go tlhokomela botsogo jwa gago.

Se o Ka se Dirang Gone Jaanong

Fa go kgonega, motho yo o botlhale o akanya ka dikotsi a bo a dira sengwe se se ka mo thusang gore a se ka a tsena mo go tsone. Botsogo jwa motho bo ntse fela jalo. Gantsi o ka kgona go dira gore o se ka wa lwala ka go tlhapa le go dira gore ntlo ya gago e nne e le phepa. Ditlamelwana tsa pula di baakanngwa go sale gale.

“Fa re nna re le phepa e bile motse wa rona o nna o le phepa, go dira gore re se ka ra ya ngakeng thata.”​—Andreas.a

a Maina mangwe mo makasineng ono a fetotswe.

SE SE KA GO THUSANG​—Dikakantsho

Ka dinako tse di thata, tlhokomela botsogo jwa gago

ITLHOKOMELE

Monna o tlhapa diatla ka sesepa le metsi.

Nna phepa

Se Baebele e se buang: “Yo o botlhale o bona kotsi a bo a iphitlha.” (Diane 22:3) Akanya ka dilo tse di ka go lwatsang o bo o di tila.

  • Tlhapa diatla ka metlha o dirisa sesepa le metsi, bogolo jang pele o tshwara dijo le fa o tswa ntlwaneng.

  • Phepafatsa ntlo ya gago ka metlha le dilo tse gantsi batho ba di tshwarang.

  • Fa go kgonega, tila go nna le batho ba ba nang le malwetse a a tshelanwang.

JA DIJO TSE DI NANG LE DIKOTLA

Dijo tse di nang le dikotla.

Ja dijo tse di nang le dikotla

Se Baebele e se buang: “Ga go motho ope yo o kileng a tlhoa mmele wa gagwe mme o a o fepa a bo a o tlhokomela.” (Baefeso 5:29) Re bontsha gore re rata mebele ya rona ka go nna kelotlhoko ka dilo tse re di jang le tse re di nwang.

  • Nwa metsi.

  • Ja maungo le merogo e e farologaneng.

  • O se ka wa ja mafura, letswai le sukiri e ntsi.

  • O se ka wa goga motsoko, wa nwa bojalwa thata kgotsa wa dirisa diokobatsi.

“Re ja dijo tse di nang le dikotla gore re se ka ra lwala, fa re sa dire jalo re a go feleletsa re dirisa madi a mantsi go bona dingaka le go reka melemo. Re batla go dirisa madi a rona sentle ka go reka dijo tse di nang le dikotla.”​—Carlos.

IKATISE O BO O IKHUTSE

Monna o a taboga.

Ikhutse

Se Baebele e se buang: “Go ikhutsa go se kae go botoka go na le go dira tiro e ntsi ya bonatla le go lelekisa phefo.” (Moreri 4:6) Gone re tlhoka go bereka mme gape re tlhoka go ikhutsa.

  • Ikatise. O ka simolola ka go nna o phutholola maoto. Go ikatisa go ka go thusa le fa o setse o godile, o na le bogole kgotsa o lwala thata.

  • Mosadi o ikhuditse.

    Ikatise

    Ikhutse. Fa o sa ikhutse go ka dira gore o nne le seterese le gore o se ka wa kgona go tlhoma mogopolo sentle mo dilong tse o di dirang. Mme fa nako e ntse e tsamaya o ka nna wa lwala thata.

  • Tlhopha nako e o batlang go robala ka yone mme o robale ka nako eo. Leka go robala le go tsoga ka nako e e tshwanang letsatsi le letsatsi.

  • O se ka wa lebelela thelebishene kgotsa wa dirisa didirisiwa tsa ileketeroniki o le mo dikobong pele o robala.

  • O se ka wa ja thata pele o robala, wa nwa bojalwa kgotsa sepe se se nang le khafeine.

“Boroko bo botlhokwa thata mo botsogong jwa me. Fa ke sa robala sentle, ka dinako tse dingwe ke opiwa ke tlhogo le mmele wa me o bo o nna botlhoko. Mme fa ke letse sentle ke kgona go dira sengwe le sengwe se ke se batlang. Ke nna le maatla e bile ga ke lwale thata.”​—Justin.

Bidio ya “Virus Outbreaks​—What You Can Do.” Mosadi a bula kgoro a tsenya bolwetse jwa leroborobo.

ITHUTE MO GO OKETSEGILENG. Leba bidio ya Virus Outbreaks​—What You Can Do. E batle ka go tsenya setlhogo sa teng mo jw.org. Gape o ka bala setlhogo se se reng “Ditsela Tsa go Tokafatsa Botsogo Jwa Gago.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela