Fa mathata mo lefatsheng a ntse a gakala batho ba le bantsi ga ba fetse nako le ba masika le ditsala.
Batho ba katogela kgakala le ditsala tsa bone.
Banyalani ga ba dirisane sentle mo lenyalong la bone.
Batsadi ga ba fetse nako le bana ba bone kgotsa ga ba ba reetse.
Se o Tlhokang go se Itse
Ditsala di botlhokwa ka gonne di re thusa gore re itekanele mo mmeleng le mo maikutlong bogolo jang ka dinako tse di thata.
Lefatshe leno le le tlhakatlhakaneng le dira gore re nne le seterese mme fa go nna jalo re nna le mathata mo lelapeng.
O ka nna wa se ka wa lemoga gore fa bana ba bona kgotsa ba utlwa dilo tse di bosula tse di diragalang mo dikgannyeng go ka ba tshosa.
Se o Ka se Dirang Gone Jaanong
Se Baebele e se buang: “Tsala ya boammaaruri e lorato ka dinako tsotlhe e bile ke morwarramotho yo o ka ikaegang ka ene ka dinako tsa matshwenyego.”—Diane 17:17.
Ditsala di kgona go re thusa le go re gakolola. Ditsala tse di lorato di kgona go go thusa gore o itshokele dikgwetlho tsa letsatsi leo.