LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g22 no. 1 ts. 13-15
  • 4 | O se Ka wa Felelwa ke Tsholofelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • 4 | O se Ka wa Felelwa ke Tsholofelo
  • Tsogang!—2022
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • GORENG GO LE BOTLHOKWA?
  • Se o Tlhokang go se Itse
  • Se o Ka se Dirang Gone Jaanong
  • Baebele e Dira Gore re Nne le Tsholofelo ya Mmatota
  • Ke ka Bona Kae Tsholofelo?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Baebele e re Naya Tsholofelo
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
  • Baebele e re Naya Tsholofelo
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Simolola go Ithuta Baebele
  • Mabaka a go Nna le Tsholofelo ka Ngwaga wa 2024​—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?
    Ditlhogo Tse Dingwe
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2022
g22 no. 1 ts. 13-15
Baebele e bapile le malomo.

LEFATSHE LE TLHAKATLHAKANE

4 | O se Ka wa Felelwa ke Tsholofelo

GORENG GO LE BOTLHOKWA?

Go tlhobaela ka dilo tse di bosula tse di diragalang mo lefatsheng go ka dira gore batho ba lwale mo maikutlong le mo mmeleng. Bontsi jwa batho ba ba ileng ba amiwa ke dilo tse di diragalang mo lefatsheng ba akanya gore dilo ga di na go tokafala. Ba dira eng?

  • Bangwe ba bone ga ba batle go akanya ka se se tla diragalang mo nakong e e tlang.

  • Ba bangwe ba nwa thata kgotsa ba dirisa diokobatsi go dira gore ba se ka ba akanya ka mathata a bone.

  • Bangwe ba re go ka bo go le botoka fa ba ne ba sule. Ba re: “Ga go na mosola wa go bo ke tshela.”

Se o Tlhokang go se Itse

  • Mathata mangwe ga a nnele ruri, dilo di ka fetoga o sa solofela.

  • Tota le fa seemo sa gago se sa fetoge, go na le dilo dingwe tse o ka di dirang tse di ka go thusang gore o itshoke.

  • Baebele e re solofetsa gore mathata otlhe a batho a tla fela.

Se o Ka se Dirang Gone Jaanong

Se Baebele e se buang: “Le ka motlha lo se ka lwa tlhobaela ka letsatsi le le latelang, ka gonne letsatsi le le latelang le tla nna le ditlhobaelo tsa lone. Letsatsi lengwe le lengwe le na le mathata a lone.”​—Mathaio 6:34.

O se ka wa tlhobaela thata ka se se tla diragalang kamoso ka gonne go ka dira gore o se ka wa dira dilo tse o tlhokang go di dira gompieno.

Fa o tshwenyega thata ka dilo tse di bosula tse di ka nnang tsa diragala, go tla dira gore o nne le seterese le go feta go bo go dira gore o felelwe ke tsholofelo.

SE SE KA GO THUSANG​—Dikakantsho

AKANYA KA DILO TSE DI AGANG

Mosadi a lebile kwa ntle ka fensetere.

Se Baebele e se buang: “Malatsi otlhe a motho yo o bogisiwang a bosula, mme yo o nang le pelo e e itumetseng o nna a itumetse letsatsi le letsatsi.” (Diane 15:15) Fa o nna o akantse ka mathata a gago, go ka dira gore o akanye gore ga go na tharabololo. Mme fa o nna o akanya ka dilo tse di agang, go ka go thusa gore o akanye ka ditsela tse di tla go thusang go rarabolola bothata jo o nang le jone.

  • Dira gore o se ka wa reetsa kgotsa wa lebelela dikgang thata.

  • Letsatsi le letsatsi, akanya ka dilo di le pedi kgotsa di le tharo tse o di lebogelang.

  • Kwala dilo tse o tlhokang go di dira mo letsatsing leo mme o dire tsone fela. Fa o na le dilo di le dintsi tse o tlhokang go di dira, simolola ka tse dinnye gore o kgone go bona matsapa a gago.

KOPA MONGWE GORE A GO THUSE

Rre yo o godileng o kgothatsa monna yo monnye mo go ene.

Se Baebele e se buang: “Ope fela yo o itlhaolang . . . o gana botlhale jotlhe jo bo mosola.” (Diane 18:1) Ga o ka ke wa kgona go tswa mo mosimeng o le nosi, o tla tlhoka mongwe gore a go thuse gore o kgone go tswa.

  • Kopa ba masika le ditsala gore ba go thuse.

  • Gape batla ditsela tse o ka ba thusang ka tsone. Fa o nna o thusa ba bangwe, go tla dira gore o se ka wa nnela go akanya ka mathata a gago.

  • Fa o feletswe ke tsholofelo e bile o akanya gore ga go na mosola wa go bo o tshela, ya go bona ngaka. Ka dinako tse dingwe fa o tlhobaela thata o ka tswa o na le bolwetse jwa go tshwenyega thata mo maikutlong (depression). Batho ba le bantsi ba thusitswe ke go ya ngakeng.a

a Tsogang! ga e buelele mofuta ope wa kalafi.

Baebele e Dira Gore re Nne le Tsholofelo ya Mmatota

Bogologolo mopesalema o ne a rapela Modimo a re: “Lefoko la gago ke lobone lwa lonao lwa me, le lesedi la tselana ya me.” (Pesalema 119:105) Lefoko la Modimo le ntse fela jalo.

Fa go le lefifi, lobone lo re thusa go bona fa re tsamayang teng. Baebele e re kaela ka tsela e e tshwanang, e kgona go re bontsha tsela fa re tlhoka go dira tshwetso e e bokete.

Lesedi le kgona go re bonesetsa kgakala. Ka tsela e e tshwanang, Baebele e kgona go re bontsha gore dilo di tla tokafala fa nako e ntse e tsamaya.

Baebele ke buka e e boitshepo e e re tlhalosetsang gore batho ba simologile jang le gore go tla diragala eng ka bone mo nakong e e tlang. E araba dipotso tse di latelang:

Go Diragetse Jang?

Batho ba simolotse go boga jang: Baebele e a re “boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe, mme boleo bo ne jwa tlisa loso. Ka jalo, loso lo ne lwa anamela kwa bathong botlhe ka gonne ba leofile botlhe.”​—Baroma 5:12.

Goreng go Diragetse Jalo?

Goreng batho ba sa kgona go rarabolola mathata a a mo lefatsheng: Baebele e a re “motho ga a na taolo ya go kaela tsela ya gagwe.” (Jeremia 10:23) Mathata a a mo lefatsheng a bontsha gore temana eno e bua boammaaruri.

Go Tla Diragala Eng?

Modimo o tla baakanya seemo sa lefatshe: Baebele e a re “o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo sa tlhole lo le teng, e bile go tla bo go sa tlhole go na le khutsafalo kgotsa selelo kgotsa botlhoko.”​—Tshenolo 21:4.

Bidio ya “Ke Eng fa o Tshwanetse go Ithuta Baebele?” Mosadi o tlotlela monna wa gagwe gore o ithutile eng mo Baebeleng.

ITHUTE MO GO OKETSEGILENG. Leba bidio ya Ke Eng fa o Tshwanetse go Ithuta Baebele?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela