LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g25 no. 1 ts. 12-13
  • Nna Pelotshweu

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nna Pelotshweu
  • Tsogang!—2025
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • BOTLHOKWA JWA GO NNA PELOTSHWEU
  • SE O KA SE DIRANG
  • Go Aba go Dira Gore re Itumele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2018
  • Goreng ke Tshwanetse go Thusa Batho ba Bangwe?
    Basha ba Botsa Jaana
  • Anaanela Bopelotshweu Jwa ga Jehofa le go Nna Tekatekano ga Gagwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Go Tshela le ba Bangwe ka Kagiso
    Tsogang!—2021
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2025
g25 no. 1 ts. 12-13
Lelapa le ntse fa pele ga ntlo ya bone e nnye ba itumelela dijo le motho yo o ba etetseng.

SE O KA SE DIRANG FA DILO DI NTSE DI TURA LE GO FETA

Nna Pelotshweu

Fa o sa kgone go duelela dilo tse o di tlhokang, o ka nna wa akanya gore o ka se kgone go abela ba bangwe. Mme gone, tota go abela ba bangwe go ka go thusa. O ka kgona go boloka madi mme gape o le pelotshweu.

BOTLHOKWA JWA GO NNA PELOTSHWEU

Re a itumela e bile re ikutlwa re le motlotlo fa re abela ba bangwe, tota le fa se re ba abelang sone se le sennye. Dingaka dingwe di tlhalosa gore go abela ba bangwe go ka nna molemo mo botsogong jwa rona. Ka sekai, go ka fokotsa go tlhobaela, seterese, haebolate, e bile go ka okobatsa le ditlhabi. Gape go ka tokafatsa le boroko jwa rona.

“Go aba go itumedisa thata go feta go amogela.”​—Ditiro 20:35.

Fa re thusa ba bangwe, e ka tswa e le ka madi kgotsa ka sepe fela se ba se tlhokang, go tla nna motlhofo gore re amogele thuso fa re e tlhoka. Howard yo o nnang kwa England a re: “E re ka nna le mosadi wa me re nna re batla ditsela tsa go abela ba bangwe le go ba thusa, ga re ikutlwe re le morwalo fa e le nako ya gore re amogele thuso.” Ke boammaaruri gore batho ba ba pelotshweu ga ba abele ba bangwe ba solofetse gore batho bao le bone ba tle ba ba abele. Mme ka ntlha ya moya oo wa bopelotshweu, ba ka nna le ditsala tsa mmatota tse di tla ba thusang fa le bone ba tlhoka thuso.

“Itlwaetseng go aba, mme batho ba tla lo abela.”​—Luke 6:38.

SE O KA SE DIRANG

Kgaogana le ba bangwe se o nang le sone. Tota le fa o na le mo gonnye, o sa ntse o ka fa ba bangwe sengwe, le fa e ka tswa e le dijo tse di motlhoswana fela. Duncan le ba lelapa la gagwe ba ba nnang kwa Uganda, ba humanegile, mme gone ba itumelela go abela ba bangwe. Duncan a re: “Ka Bosontaga, nna le Mosadi wa me re laletsa mongwe kwa legaeng la rona gore a tle go ja le rona. Re itumelela go fetsa nako le ba bangwe.”

Gone ke boammaaruri gore fa o abela ba bangwe, o tshwanetse go nna tekatekano. Ga o tlhoke go abela ba bangwe dilo tse dintsi thata mo ba lelapa la gago ba tla salang ba se na sepe.​—Jobe 17:5.

Leka seno: Laletsa mongwe go tla go ja le wena dijo tse di motlhoswana kgotsa sengwe sa go nwa. Fa e le gore o na le dilo tse o sa tlholeng o di tlhoka, goreng o sa di abele ditsala kgotsa baagelani ba gago ba di ka ba tswelang mosola le ba ba ka di itumelelang?


Aba ka ditsela tse dingwe. Dingwe tsa dimpho tse di botlhokwa ga di rekwe ka madi. Ka sekai, re ka abela ba bangwe nako ya rona kgotsa ra ba bontsha gore re amega ka bone ka go ba direla dilo tse di ka ba tswelang mosola. Tota le mafoko a a kgothatsang e ka nna mpho. Ka jalo, bolelela ba bangwe gore o ba tsaya ba le botlhokwa kgotsa gore o a ba rata.

Leka seno: Thusa ba bangwe ka ditiro tsa mo gae, ka dilo tse ba tlhokang go di baakanya kgotsa ka go ba direla mekgaphe mengwe. Kwalela tsala ya gago molaetsa mo karateng kgotsa mo romelele molaetsa ka founo, tota le fa o mmolelela fela gore o mo gopotse.

Fa o le pelotshweu, seo se tla dira gore o itumele.

“Lo se ka lwa lebala go dira se se molemo le go abela ba bangwe dilo tse lo nang le tsone.”​—Bahebera 13:16.

Banyalani bangwe ba phepafaletsa mmê yo o godileng jarata. O ba siela ditlhatlego fa ba ntse ba haraka matlakala e bile ba a olela.
Trey.

“Le fa gone folete ya rona e le nnye, re rata go apeela ditsala tsa rona re bo re ba laletsa gore ba tle go ja le rona. Ruri re itumelela go thusa ditsala tsa rona. Ka dinako tse dingwe re kgona go ba abela madi. Le fa go ntse jalo, gantsi re ipha nako le bone. Re lemogile gore go aba go itumedisa thata go feta go amogela.”​—Trey, Israel.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela