KAROLO 2
Morwalela go ya Kwa go Gololweng Kwa Egepeto
Ke batho ba le robedi fela ba ba neng ba falola Morwalela, mme fa nako e ntse e ya batho ba ne ba oketsega mme ba nna diketekete. Mme dingwaga di le 352 morago ga Morwalela, Aborahame o ne a tsholwa. Re ithuta kafa Modimo a ileng a boloka tsholofetso ya gagwe ka gone ka go naya Aborahame morwa yo o bidiwang Isake. Go tswa foo, mo go bomorwa Isake ba babedi, Modimo o ne a itlhophela Jakobe.
Jakobe o ne a nna le lelapa le legolo la barwa ba le 12 le barwadi. Barwa ba le 10 ba ga Jakobe ba ne ba tlhoile morwarraabone yo mmotlana e bong Josefa mme ba mo rekisa go nna lekgoba kwa Egepeto. Moragonyana Josefa o ne a nna mmusi wa botlhokwa wa Egepeto. Fa go nna le leuba le legolo, Josefa o ne a leka bomorwarraagwe go bona gore a ba ne ba fetogile. Kgabagare, lelapa lotlhe la ga Jakobe, Baiseraele, ba ne ba fudugela kwa Egepeto. Seno se diragetse dingwaga di le 290 Aborahame a sena go tsholwa.
Baiseraele ba ne ba nna kwa Egepeto dingwaga di le 215. Fa Josefa a sena go swa, ba ne ba dirwa makgoba koo. Fa nako e ntse e ya, Moshe o ne a tsholwa mme Modimo a mo dirisa go golola Baiseraele kwa Egepeto. Ditiragalo tsotlhe tse go buiwang ka tsone mo Karolong ya BOBEDI di diregile mo dingwageng di le 857.