LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • my polelo 15
  • Mosadi wa ga Lote O ne A Gadima Kwa Morago

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Mosadi wa ga Lote O ne A Gadima Kwa Morago
  • Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Gakologelwa Mosadi wa ga Lote
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Ipaakanyetse go Gololelwa mo Lefatsheng le Lesha
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Modimo o Dira Kgolagano le Aborahame
    Baebele—E na Le Molaetsa Ofe?
  • Lote le Lelapa la Gagwe
    Dipolelo Tse di Tshwantshitsweng Tsa Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
my polelo 15
Mosadi wa ga Lote o ne a gadima kwa morago gore a lebe Sodoma mme o ne a fetoga pilara ya letswai

POLELO 15

Mosadi wa ga Lote O ne A Gadima Kwa Morago

LOTE le ba lelapa la gagwe ba ne ba nna mmogo le Aborahame mo lefatsheng la Kanana. Letsatsi lengwe Aborahame o ne a raya Lote a re: ‘Ga go na lefatshe le le lekaneng diphologolo tsa rona tsotlhe. Tsweetswee, a re kgaogane. Fa o ya ntlheng e nngwe, ke tla ya kwa go e nngwe.’

Lote o ne a tlhatlhoba lefatshe. O ne a bona karolo e ntle ya naga e e nang le metsi le bojang jo bontsi go ka tlhokomela diphologolo tsa gagwe. Eno e ne e le Kgaolo ya Joredane. Ka jalo, Lote o ne a fudusetsa lelapa la gagwe le diphologolo tsa gagwe teng. Kgabagare ba ne ba aga mo motseng wa Sodoma.

Batho ba Sodoma ba ne ba le bosula tota. Seno se ne sa hutsafatsa Lote ka gonne e ne e le monna yo o siameng. Modimo le ene o ne a hutsafala. La bofelo Modimo o ne a romela baengele ba babedi go itsise Lote gore o tlile go senya Sodoma le motse o o bapileng le one wa Gomora ka ntlha ya bosula jwa bone.

Baengele ba ne ba raya Lote ba re: ‘Itlhaganele! Tsaya mosadi wa gago le bomorwadio ba babedi mme lo tswe fano!’ Lote le ba lelapa la gagwe ba ne ba nnela go diega, mme baengele ba ba tshwara ka diatla ba ba ntshetsa kwa ntle ga motse. Go tswa foo, mongwe wa baengele o ne a re: ‘Tshabang, bolokang matshelo a lona! Lo se ka lwa gadima kwa morago. Tshabelang kwa dithabeng, gore lo se ka lwa bolawa.’

Lote le barwadie ba lebile fela kwa pele fa ba ntse ba tshaba go tswa kwa Sodoma

Lote le bomorwadie ba ne ba nna kutlo mme ba tshaba mo Sodoma. Ga ba a ka ba ema le fa e le ka nakwana, e bile ga ba a ka ba gadima kwa morago. Mme mosadi wa ga Lote ene ga a ka a nna kutlo. Fa ba sena go tsamaya sekgalanyana go tswa mo Sodoma, o ne a ema mme a gadima kwa morago. Mosadi wa ga Lote o ne a fetoga pilara ya letswai. A o a mmona mo setshwantshong?

Re ka ithuta thuto ya botlhokwa mo pegong eno. E re bontsha gore Modimo o boloka ba ba mo ikobelang mme ba ba sa mo ikobeleng ba tla latlhegelwa ke matshelo a bone.

Genesise 13:5-13; 18:20-33; 19:1-29; Luke 17:28-32; 2 Petere 2:6-8.

Dipotso Tsa Thuto

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela