LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • my polelo 16
  • Isake o Bona Mosadi yo o Molemo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Isake o Bona Mosadi yo o Molemo
  • Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Ke Iketleeleditse go Tsamaya”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2016
  • Rebeka—Mosadi wa Senatla yo o Neng a Boifa Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Rebeka O ne A Ikemiseditse go Itumedisa Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Rebeka O ne A Batla go Itumedisa Jehofa
    Ruta Bana ba Gago
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
my polelo 16
Isake o bona Rebeka lekgetlo la ntlha

POLELO 16

Isake o Bona Mosadi yo o Molemo

A O ITSE mosadi yo o mo setshwantshong seno? Leina la gagwe ke Rebeka. Mme monna yo a tlileng go kopana le ene ke Isake. O tlile go nna mosadi wa gagwe. Seno se diragetse jang?

Rraagwe Isake e bong Aborahame o ne a batlela morwawe mosadi yo o molemo. O ne a sa batle gore Isake a nyale mongwe wa basadi ba Kanana, ka gonne batho bano ba ne ba obamela medimo ya maaka. Ka jalo, Aborahame o ne a bitsa motlhanka wa gagwe mme a mo raya a re: ‘Ke batla gore o ye kwa go ba losika lwa me kwa Harana mme o batlele morwaake e bong Isake mosadi gone.’

Gone fela foo, motlhanka wa ga Aborahame a tsaya dikamela di le lesome mme a simolola loeto lo loleele. Fa a goroga gaufi le lefelo le ba losika lwa ga Aborahame ba neng ba nna mo go lone, o ne a ema fa sedibeng. E ne e setse e le thapama, ka nako e basadi ba motse ba tlang go ga metsi ka yone mo sedibeng. Ka jalo, motlhanka wa ga Aborahame o ne a rapela Jehofa a re: ‘E kete mosadi yo o tla ntshielang metsi a bo a siela le dikamela, e nne ene yo o mo tlhophang go nna mosadi wa ga Isake.’

Go ise go ye kae, Rebeka o ne a tla go ga metsi. Fa motlhanka a mo kopa gore a mo siele metsi, o ne a dira jalo. Go tswa foo, o ne a ya go ga metsi a mangwe mme a siela dikamela tsotlhe tse di neng di tshwerwe ke lenyora. Eno e ne e le tiro e e boima ka gonne dikamela di nwa metsi a mantsi thata.

Fa Rebeka a sena go dira seno sotlhe, motlhanka wa ga Aborahame o ne a mmotsa leina la ga rraagwe. Gape o ne a mmotsa gore a a ka tla go lala kwa legaeng la bone bosigo joo. Rebeka o ne a re: ‘Leina la ga rre ke Bethuele, mme go na le kamore e nngwe e o ka lalang mo go yone.’ Motlhanka wa ga Aborahame o ne a itse gore Bethuele ke morwa wa ga morwarraagwe Aborahame e bong Nahore. Ka jalo, o ne a khubama mme a leboga Jehofa go bo a mo kaetse kwa go ba losika lwa ga Aborahame.

Mo bosigong joo, motlhanka wa ga Aborahame o ne a bolelela Bethuele le kgaitsadie Rebeka e bong Labane gore o ne a tlile go batla eng. Botlhe ba ile ba dumalana gore Rebeka a tsamaye le ene mme a nyalwe ke Isake. Rebeka ene o ne a reng fa a bolelelwa seno? O ne a re: ‘Ee,’ o batla go tsamaya. Ka jalo, letsatsi le le latelang ba ne ba palama dikamela mme ba simolola loeto lo loleele gape ba ya Kanana.

Fa ba goroga, go ne go setse go le maitseboa. Rebeka o ne a bona monna mongwe a tsamaya mo tshimong. E ne e le Isake. O ne a itumeletse go bona Rebeka. Mmaagwe e bong Sara o ne a sa tswa go tlhokafala dingwaga di le tharo pele ga foo, mme o ne a sa ntse a hutsafetse thata ka ntlha ya seo. Jaanong Isake o ne a rata Rebeka fela thata, mme o ne a boa a itumela gape.

Genesise 24:1-67

Dipotso Tsa Thuto

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela