LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • my polelo 18
  • Jakobe o ya Harana

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jakobe o ya Harana
  • Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jakobe O ne A Rata Dilo Tsa Semoya
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Motho le Monnawe ba ba Nang le Matshwenyego ba ‘Agile Ntlo ya Iseraele’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Jakobe O na Le Lelapa le Legolo
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Go Iteka ka Tlhoafalo—Jehofa o go Segofatsa Leng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
my polelo 18
Jakobe o bua le banna ba Harana kaga Labane le morwadie e bong Ragele

POLELO 18

Jakobe o ya Harana

A O ITSE banna bano ba Jakobe a buang le bone? Fa Jakobe a sena go tsamaya malatsi a le mantsi, o ne a kopana le bone fa sedibeng. Ba ne ba tlhokometse dinku tsa bone. Jakobe o ne a ba botsa: ‘Lo tswa kae?’

Ba ne ba re: ‘Kwa Harana.’

Jakobe a bo a re: ‘A lo itse Labane?’

Ba mo araba ba re: ‘Ee. Bona, morwadie e bong Ragele ke yole, o tla le dinku tsa ga rraagwe.’ A o bona Ragele moo a tla a sa ntse a le kgakalanyana?

Ragele o disitse dinku tsa ga Rraagwe

Fa Jakobe a bona Ragele a tla le dinku tsa ga malomaagwe e bong Labane, o ne a ya go tlosa leje mo sedibeng gore dinku di kgone go nwa. Go tswa foo, Jakobe o ne a atla Ragele a bo a mo ikitsise. O ne a itumetse fela thata, mme a ya gae go ya go bolelela rraagwe e bong Labane.

Labane o ne a itumeletse gore Jakobe a tle go nna le bone. Mme fa Jakobe a ne a kopa go nyala Ragele, Labane o itumela fela thata. Le fa go ntse jalo, o ne a kopa Jakobe go bereka mo tshimong ya gagwe dingwaga di le supa gore a mo neele Ragele. Jakobe o ne a dira seno ka gonne a ne a rata Ragele fela thata. Mme fa nako ya gore ba nyalane e goroga, a o itse gore go ne ga direga eng?

Labane o ne a naya Jakobe morwadie yo mogolo e bong Lea mo boemong jwa ga Ragele. Fa Jakobe a dumela go berekela Labane dingwaga tse dingwe gape tse supa, Labane o ne a mo naya le Ragele gore a nne mosadi wa gagwe. Mo metlheng eo, Modimo o ne a dumela gore banna ba nyale basadi ba ba fetang a le mongwe. Mme gompieno, jaaka Baebele e bontsha, monna o tshwanetse go nna le mosadi a le mongwe fela.

Genesise 29:1-30.

[Dipotso Tsa Thuto

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela