LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • my polelo 47
  • Legodu mo Iseraele

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Legodu mo Iseraele
  • Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dintlhakgolo Tsa Buka ya Joshua
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Buka ya Bibela ya bo 6—Yoshue
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Se Joshua a Neng a se Gakologelwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Le ka Motlha O se Ka wa Nna Legodu!
    Ithute mo Morutising yo Mogolo
Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
my polelo 47
Akane o mo tenteng ya gagwe mme o fitlha setena sa gouta, dipapetlana tsa selefera le kobo e ntle tse a di utswileng

POLELO 47

Legodu mo Iseraele

BONA gore monna yono o fitlha eng mo tenteng ya gagwe! Kobo e ntle, gauta le dipapetlana tsa selefera. O di tsere kwa motseng wa Jeriko. Mme ke eng se se neng se tshwanetse go dirwa ka dilo tse di mo Jeriko? A o a gakologelwa?

Di ne di tshwanetse go senngwa, mme gauta le selefera tsone di tsenngwe mo matlotlong a motlaagana wa ga Jehofa. Ka jalo, batho bano ga ba a ikobela Modimo. Ba utswile dilo tsa Modimo. Leina la monna yono ke Akane, mme ba ba nang le ene ke bangwe ba lelapa la gagwe. A re bone se se diregang.

Fa Akane a sena go utswa dilo tseno, Joshua o roma banna bangwe go ya go tlhasela motse wa Ai. Mme ba a fenngwa. Bangwe ba bone ba a bolawa, mme ba bangwe ba a tshaba. Joshua o hutsafetse fela thata. O wela fa fatshe ka sefatlhego mme o rapela Jehofa: ‘Ke ka ntlha yang fa o letlile seno go re diragalela?’

Jehofa o mo araba jaana: ‘Nanoga! Baiseraele ba leofile. Ba tsere dingwe tsa dilo tse di neng di tshwanetse go senngwa kgotsa go isiwa kwa matlotlong a motlaagana wa ga Jehofa. Ba utswile kobo e ntle mme ba e fitlhile. Ga nkitla ke lo segofatsa go fitlha lo e senya mmogo le motho yo o tsereng dilo tseno.’ Jehofa a re o tla bontsha Joshua gore monna yono yo o bosula ke mang.

Ka jalo Joshua o phutha batho botlhe, mme Jehofa o supa monna yo o bosula e bong Akane. Akane a re: ‘Ke leofile. Ke ne ka bona kobo e ntle, le gauta le dipapetlana tsa selefera. Ke ne ka di eletsa thata mme ka di tsaya. Lo tla di fitlhela di epetswe mo tenteng ya me.’

Fa dilo tseno di bonwa mme di tlisiwa kwa go Joshua, o raya Akane a re: ‘Ke ka ntlha yang fa o re tliseditse matshwenyego? Jaanong Jehofa o tla go tlisetsa matshwenyego!’ Fa a sena go rialo, batho botlhe ba kgobotletsa Akane le ba lelapa la gagwe ka maje go fitlha ba swa. A seno ga se bontshe gore le ka motlha ga re a tshwanela go tsaya dilo tse e seng tsa rona?

Morago ga moo, Baiseraele ba ya go tlhabana le batho ba Ai gape. Mo lekgetlong leno Jehofa o thusa batho ba gagwe, mme ba fenya ntwa.

Joshua 7:1-26; 8:1-29.

Dipotso Tsa Thuto

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela