LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • my polelo 49
  • Letsatsi le Ema le sa Sute

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Letsatsi le Ema le sa Sute
  • Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Joshua le Bagibeone
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Buka ya Bibela ya bo 6—Yoshue
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Se Joshua a Neng a se Gakologelwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • O Batla Gore re Atlege Joshua 1:6-9
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
my polelo 49
Joshua o laela letsatsi gore le eme le sa sute

POLELO 49

Letsatsi le Ema le sa Sute

BONA Joshua. O ntse a re: ‘Letsatsi, ema o sa sute!’ Mme letsatsi le ema le sa sute. Le ema fela mo gare ga loapi letsatsi lotlhe. Jehofa ke ene a dirang gore le eme! Mme gone, a re bone gore ke ka ntlha yang fa Joshua a batla gore letsatsi le nne le ntse le tlhabile.

Fa dikgosi tse tlhano tse di bosula tsa mo nageng ya Kanana di simolola go lwa le Bagibeone, ba roma monna mongwe gore a ye go kopa thuso kwa go Joshua. O mo raya a re: ‘Tla kwa go rona ka bonako! Re boloke! Dikgosi tsotlhe mo kgaolong e e dithaba di tlile go lwa le batlhanka ba gago.’

Gone fela foo, Joshua le batlhabani ba gagwe ba a tsamaya. Ba lala ba tsamaya bosigo jotlhe. Fa ba goroga kwa Gibeone, masole a dikgosi tse tlhano a a tshoga mme a simolola go tshaba. Ka jalo, Jehofa o dira gore go ne matlapa a magolo a sefako go tswa kwa loaping, mme masole a a bolaiwang ke sefako, a mantsi go feta a a bolailweng ke batlhabani ba ga Joshua.

Joshua o bona gore letsatsi le tloga le phirima. Go tla fifala, mme bontsi jwa masole a dikgosi tse tlhano tse di bosula a tla tshaba. Ke sone se Joshua a rapelang Jehofa a re: ‘Letsatsi, ema o sa sute!’ Mme fa letsatsi le nna le ntse le tlhabile, Baiseraele ba kgona go lwa go fitlha ba fenya.

Go na le dikgosi tse dingwe tse dintsi tse di sa siamang mo Kanana tse di tlhoileng batho ba Modimo. Go tsaya Joshua le batlhabani ba gagwe mo e ka nnang dingwaga di le thataro go fenya dikgosi di le 31 mo lefatsheng leo. Fa ba sena go gapa lefatshe, Joshua o tlhomamisa gore naga ya Kanana e abelwa ditso tse di sa ntseng di tlhoka lefatshe.

Go feta dingwaga di le dintsintsi, mme kgabagare Joshua o a swa a le dingwaga di le 110. Fa ene le ditsala tsa gagwe ba sa ntse ba tshela, batho ba ikobela Jehofa. Mme fa banna bano ba ba molemo ba swa, batho ba simolola go dira dilo tse di bosula mme ba tsena mo mathateng. Ka nako eo, ke gone ba batlang gore Modimo a ba thuse.

Joshua 10:6-15; 12:7-24; 14:1-5; Baatlhodi 2:8-13.

Dipotso Tsa Thuto

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela