LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • my polelo 81
  • Go Ikanya Thuso ya Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Ikanya Thuso ya Modimo
  • Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Batho ba Modimo ba Tswa mo Babelona
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Buka ya Bibela ya bo 15—Esere
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Dintlhakgolo Tsa Buka ya Esera
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Itse Gore Jehofa o Tla go Thusa Fa go Le Thata
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2023
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
my polelo 81
Esera le Baiseraele ba rapela Jehofa

POLELO 81

Go Ikanya Thuso ya Modimo

BATHO ba le diketekete ba tsaya loeto lo loleele go tswa Babelona go ya Jerusalema. Mme fa ba goroga koo, Jerusalema ke matlotla fela. Ga go ope yo o nnang koo. Baiseraele ba tshwanetse go aga dilo tsotlhe sesha.

Sengwe sa dilo tsa ntlha tse ba neng ba di aga ke aletara. Leno ke lefelo le ba ka ntshetsang Jehofa ditlhabelo tsa diphologolo kgotsa dimpho mo go lone. Dikgwedi di se kae moragonyana ga foo Baiseraele ba simolola go aga tempele. Le fa go ntse jalo, baba ba ba nnang mo dinageng tse di ba dikologileng ga ba batle Baiseraele ba aga tempele. Ka jalo ba leka go ba tshosa gore ba emise. Kgabagare baba bano ba bone ba dira gore kgosi ya Peresia e kwale molao gore tiro ya go aga e emisiwe.

Dingwaga di a feta. Jaanong go setse go fetile dingwaga di le 17 fa e sa le Baiseraele ba boa kwa Babelona. Jehofa o romela baporofeti ba gagwe e bong Hagai le Sekaria go bolelela batho gore ba simolole go aga gape. Batho ba ikanya thuso ya Modimo mme ba ikobela baporofeti bano. Ba simolola go aga gape, le fa gone molao o re ga ba a tshwanela go aga.

Ka jalo, modiredimogolo wa Peresia yo o bidiwang Tatenai o a tla mme o botsa Baiseraele gore ba neilwe ke mang tetla ya go aga tempele. Baiseraele ba mmolelela gore fa ba ne ba le kwa Babelona, Kgosi Kurose o ne a ba raya a re: ‘Tsamayang jaanong lo ye kwa Jerusalema mme lo age tempele ya Modimo wa lona Jehofa.’

Tatenai o romela lekwalo kwa Babelona mme o botsa gore a tota Kurose yo o neng a setse a sule ka nako eo o buile jalo. Go ise go ye kae, ba amogela lekwalo le le tswang kwa kgosing e ntšha ya Peresia. Le tlhomamisa gore tota Kurose o buile jalo. Ka jalo kgosi e kwala jaana: ‘Letlang Baiseraele ba age tempele ya Modimo wa bone. Mme ke lo laela gore lo ba thuse.’ Morago ga dingwaga di ka nna nnè tempele e a wediwa mme Baiseraele ba itumetse fela thata.

Go feta dingwaga tse dingwe tse dintsi. Jaanong go setse go fetile dingwaga di ka nna 48 fa e sa le tempele e wediwa. Batho ba ba mo Jerusalema ba humanegile mme motse le tempele ya Modimo ga di kgatlhe. Moiseraele mongwe yo o bidiwang Esera yo o neng a le kwa Babelona ka nako eo o utlwa gore tempele ya Modimo e tlhoka go baakanngwa. Jaanong a o itse gore o dirang?

Esera o ya kwa kgosing ya Peresia e bong Aretaserese, mme kgosi eno e e molemo e mo naya dimpho tse dintsi gore a di ise kwa Jerusalema. Esera o kopa Baiseraele ba ba mo Babelona gore ba mo thuse go isa dimpho tseno kwa Jerusalema. Batho ba ka nna 6 000 ba dumela go tsamaya le ene. Ba tsamaya ba tshwere selefera le gauta e ntsi le dilwana tse dingwe tse di tlhwatlhwakgolo.

Esera o tshwenyegile ka gonne go na le banna ba ba bosula mo tseleng. Banna bano ba ka nna ba ba tseela selefera le gauta mme ba ba bolaya. Ka jalo Esera o phutha batho jaaka o bona mo setshwantshong. Mme ba rapela Jehofa gore a ba sireletse mo loetong lwa bone lo loleele lwa go ya Jerusalema.

Jehofa o a ba sireletsa. Mme morago ga loeto lwa dikgwedi di le nnè ba goroga kwa Jerusalema ba sireletsegile. A seno ga se bontshe gore Jehofa a ka sireletsa batho ba ba ikanyang thuso ya gagwe?

Esera kgaolo 2 go ya go 8.

Dipotso Tsa Thuto

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela