LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • my polelo 95
  • Tsela e Jesu a Rutang ka Yone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tsela e Jesu a Rutang ka Yone
  • Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Thuto ka go Nna Molemo
    Ithute mo Morutising yo Mogolo
  • Mosamarea yo o Molemo
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Mosamaria yo o Molemo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Mosamaria Yo o Molemo
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
my polelo 95
Mosamarea yo o molemo o hapa dintho tsa Mojuda yo o iteilweng

POLELO 95

Tsela e Jesu a Rutang ka Yone

LETSATSI lengwe Jesu o bolelela monna mongwe gore o tshwanetse go rata moagelani wa gagwe. Monna yono o botsa Jesu jaana: ‘Moagelani wa me ke mang?’ Mme gone, Jesu o itse se monna yono a se akantseng. Monna yono o akanya gore batho ba lotso kgotsa ba bodumedi jwa gagwe ke bone fela baagelani ba gagwe. Ka jalo, a re bone gore Jesu o mo raya a reng.

Ka dinako tse dingwe Jesu o ruta ka go dirisa dipolelo. Ke sone se a se dirang gone jaanong. O bua polelo ka ga Mojuda le Mosamarea. Re setse re ithutile gore bontsi jwa Bajuda ga ba rate Basamarea. Eno ke polelo ya ga Jesu:

Letsatsi lengwe Mojuda mongwe o ne a tsamaya ka tsela e e fologelang mo thabeng a ya Jeriko. Mme dinokwane di ne tsa mo tlhasela. Ba ne ba mo tseela madi mme ba mo itaya go fitlha a le gaufi le go swa.

Moragonyana moperesiti wa Mojuda o ne a tla mo tseleng eo. O ne a bona monna yono yo o iteilweng. O akanya gore o ile a dira eng? O ne a fapogela ka fa letlhakoreng le lengwe la tsela mme a tswelela ka loeto lwa gagwe. Go tswa foo, go ne ga tla monna mongwe yo o ratang bodumedi thata. E ne e le Molefi. A o ne a ema? Nnyaa, le ene ga a ka a ema gore a thuse monna yo o neng a iteilwe. A o kgona go bona moperesiti le Molefi ba tsamaya mo tseleng kgakalanyana foo?

Mme jaanong bona gore ke mang yo o nang le monna yo o iteilweng. Ke Mosamarea. Le fa go ntse jalo, o thusa Mojuda. O tshasa dintho tsa gagwe molemo. Morago ga moo, o isa Mojuda yono kwa lefelong le a tla kgonang go ikhutsa le go fola kwa go lone.

Fa Jesu a sena go fetsa polelo ya gagwe, o raya monna yo o neng a mmotsa potso a re: ‘O akanya gore ke mang wa batho ba bararo bano yo o itshupileng e le moagelani wa monna yo o iteilweng? A e ne e le moperesiti, Molefi kgotsa Mosamarea?’

Monna yono o araba jaana: ‘Ke monna wa Mosamarea. O ne a bontsha monna yo o iteilweng bopelonomi.’

Jesu o mo raya a re: ‘O nepile. Ka jalo, tsamaya o ye go direla ba bangwe ka tsela e e tshwanang le e a dirileng ka yone.’

A ga o rate tsela e Jesu a rutang ka yone? Re ka kgona go ithuta dilo di le dintsi thata fa re reetsa se Jesu a se buang mo Baebeleng, a ga go jalo?

Luke 10:25-37.

Dipotso Tsa Thuto

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela