LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • my polelo 96
  • Jesu o Fodisa Balwetse

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jesu o Fodisa Balwetse
  • Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • O ne a Rata Batho
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Jesu o Tla Jaaka Kgosi
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Go na Le Nako ya go Bereka Le ya Go Ikhutsa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
  • A Bakeresete ba Tshwanetse go Boloka Sabata?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
my polelo 96
Baeteledipele ba bodumedi ba ba galefileng ba lebile Jesu fa a fodisa mosadi yo o lwalang

POLELO 96

Jesu o Fodisa Balwetse

FA Jesu a ntse a tsamaya go ralala lefatshe, o fodisa balwetse. Dikgang tseno tsa dikgakgamatso tse a di dirang di bolelwa mo metsaneng le mo metseng yotlhe e e mo tikologong. Ka jalo, batho ba mo tlisetsa batho ba ba golafetseng, ba ba foufetseng le ba ba sa utlweng mo ditsebeng, le ba bangwe ba bantsi ba ba lwalang. Mme Jesu o ba fodisa botlhe.

Jaanong go setse go fetile dingwaga tse di fetang tse tharo fa e sa le Johane a kolobetsa Jesu. Mme Jesu o bolelela baaposetoloi ba gagwe gore go ise go ye kae o tla ya kwa Jerusalema, kwa a tla bolawang teng, a bo a tsosiwe mo baswing. Mo nakong eno, Jesu o tswelela ka go fodisa balwetse.

Letsatsi lengwe Jesu o ruta go le Sabata. Sabata ke letsatsi la go ikhutsa la Bajuda. Mosadi yo o mmonang fano o ntse a lwala fela thata. Go fetile dingwaga di le 18 a obegile, a sa kgone go ema a tlhamaletse. O fodisitswe!

Seno se galefisa baeteledipele ba bodumedi. Mongwe wa bone o goeletsa boidiidi a re: ‘Go na le malatsi a le marataro a re tshwanetseng go bereka ka one. Ao ke malatsi a lo tshwanetseng go tla go fodisiwa ka one, e seng ka Sabata!’

Mme Jesu o araba jaana: ‘Lona banna ba ba bosula. Mongwe le mongwe wa lona a ka golola esele ya gagwe mme a ya go e siela metsi ka Sabata. Ka jalo, a mosadi yono yo o sa leng a lwala ka dingwaga di le 18, ga a tshwanela go fodisiwa ka Sabata?’ Karabo ya ga Jesu e dira gore banna bano ba ba bosula ba tlhabiwe ke ditlhong.

Moragonyana Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba ya Jerusalema. Fa ba le kwa ntle ga motse wa Jeriko, banna ba babedi ba difofu ba e leng bakopi ba utlwa gore Jesu o a feta. Ka jalo, ba goa jaana: ‘Jesu, re thuse!’

Jesu o bitsa banna bano ba difofu mme o ba botsa jaana: ‘Ke eng se lo batlang ke lo direla sone?’ Ba mo raya ba re: ‘Morena, dira gore matlho a rona a bulege.’ Jesu o ama matlho a bone mme ka yone nako eo ba kgona go bona! A o itse gore ke ka ntlha yang fa Jesu a dira dikgakgamatso tseno tse di kgatlhang? Ke ka gonne a rata batho e bile a batla gore ba nne le tumelo mo go ene. Ka gone re ka tlhomamisega gore fa a setse a busa e le Kgosi, ga go na ope mo lefatsheng yo o tla tlholang a lwala.

Mathaio 15:30, 31; Luke 13:10-17; Mathaio 20:29-34.

Dipotso Tsa Thuto

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela