LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • my polelo 116
  • Kafa re ka Tshelelang Ruri ka Gone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kafa re ka Tshelelang Ruri ka Gone
  • Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • O ka Kgona go Tshela mo Lefatsheng le Lesha la Modimo la Kagiso
    Ithute mo Morutising yo Mogolo
  • O ka Kgona Jang go Tshelela Ruri?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Re ka Tshela ka Bosakhutleng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
  • Se Baebele e se Bolelelang Pele se Nna Boammaaruri
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
my polelo 116
Bana ba bararo ba bala ‘Buka Ya me Ya Dipolelo Tsa Baebele’

POLELO 116

Kafa re ka Tshelelang Ruri ka Gone

A O ITSE buka e mosetsanyana yono le ditsala tsa gagwe ba e balang? Ee, ke yone buka e le wena o e balang—Buka Ya me Ya Dipolelo Tsa Baebele. Mme le bone ba bala polelo e le wena o e balang—“Kafa re ka Tshelelang Ruri ka Gone.”

A o itse se ba se ithutang? Sa ntlha, gore re tshwanetse go itse Jehofa le Morwawe e bong Jesu Keresete gore re tshelele ruri. Baebele ya re: ‘Eno ke tsela ya go tshelela ruri. Ithute ka Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka Morwawe yo a mo rometseng mo lefatsheng, e bong Jesu Keresete.’

Re ka ithuta jang ka Jehofa Modimo le ka Morwawe e bong Jesu? Tsela e nngwe ke ka go bala Buka Ya me Ya Dipolelo Tsa Baebele go tloga kwa tshimologong go ya kwa bofelong. E re bolelela go le gontsi ka Jehofa le Jesu, a ga go jalo? Gape e re bolelela ka dilo tse ba setseng ba di dirile le tse ba sa ntseng ba tla di dira. Mme gone, re tlhoka go dira se se fetang fela go bala buka eno.

A o bona buka e nngwe e e leng fa fatshe? Ke Baebele. Kopa mongwe a go balele dikarolo dingwe mo Baebeleng tse dipolelo tsa buka eno di tswang mo go tsone. Baebele e re naya tshedimosetso yotlhe e re e tlhokang gore rotlhe re kgone go direla Jehofa ka tsela e e tshwanetseng mme re bone botshelo jo bo sa khutleng. Ka jalo, re tshwanetse go itlwaetsa go bala Baebele ka metlha.

Le fa go ntse jalo, go ithuta fela ka Jehofa Modimo le Jesu Keresete ga go a lekana. Re ka nna le kitso e ntsi ka bone le ka dithuto tsa bone, mme gone ra se ka ra bona botshelo jo bo sa khutleng. A o itse gore ke eng se sengwe gape se se tlhokegang?

Re tshwanetse go tshela go dumalana le dilo tse re di ithutang. A o sa ntse o gakologelwa Judase Isekariota? E ne e le mongwe wa banna ba ba 12 ba Jesu a neng a ba tlhopha go nna baaposetoloi ba gagwe. Judase o ne a na le kitso e ntsi thata ka Jehofa le Jesu. Mme go ne ga diragala eng ka ene? Fa nako e ntse e tsamaya o ne a nna pelotshetlha, mme a tlhanogela Jesu a bo a mo rekisetsa baba ba gagwe ka dipapetlana tsa selefera di le 30. Ka jalo, Judase ga a kitla a bona botshelo jo bo sa khutleng.

A o sa ntse o gopola Gehasi, monna yo re ithutileng ka ene mo Polelo 69? O ne a batla diaparo dingwe le madi a e neng e se a gagwe. Ka jalo, o ne a bua maaka gore a fiwe dilo tseo. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a mo otlhaya. Le rona o tla re otlhaya fa re sa ikobele melao ya gagwe.

Mme gone go na le batho ba le bantsi ba ba molemo ba ba ileng ba nna ba direla Jehofa ka boikanyegi. Re batla go tshwana le bone, a ga go jalo? Samuele yo mmotlana ke sekao se se molemo se re ka se latelang. A o sa ntse o gopola se re se badileng mo go Polelo 55? O ne a le dingwaga di le nnè kgotsa di le tlhano fela fa a simolola go direla kwa motlaaganeng wa ga Jehofa. Ka jalo, go sa kgathalesege gore o monnye go le kana kang, ga o monnye mo o ka se kang wa kgona go direla Jehofa.

Mme gone boammaaruri ke gore motho yo rotlhe re batlang go mo latela ke Jesu Keresete. Tota le fa a ne a sa ntse a le mosimane, jaaka re bone mo Polelo 87, o ne a le kwa tempeleng a bua le ba bangwe ka Rraagwe yo o kwa legodimong. A re lateleng sekao sa gagwe. A re boleleleng batho ba le bantsi ka mo re ka kgonang ka teng ka Modimo wa rona yo o molemo e bong Jehofa le ka Morwawe Jesu Keresete. Fa re dira dilo tseno, re tla kgona go tshelela ruri mo lefatsheng le lesha la Modimo la paradaise.

Johane 17:3; Pesalema 145:1-21.

Dipotso Tsa Thuto

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela