“Leina ya Gago a le Itshepisiwè”—Leina Lefe?
A O MODUMEDI? Kwantle ga pelaelo, jaaka ba bangwe ba bantsi, o dumela go Mogodimodimo. Mme ka mo go tshwanang o tlotla thapelo e e itsiweng sentle e e lebisiwang go Mogodimodimo yoo, eo Jesu a e rutileng balatedi ba gagwe mme e itsiwe jaaka Thapelo ya Morena kana ya Rraetsho. Thapelo eno e simolola jaana: “Rra echo eo o kwa legodimoñ, Leina ya gago a le itshepisiwè.”—Mathaio 6:9.
A o kile wa ipotsa gore ke ka ntlhayang fa Jesu a eteletsa go ‘itshepisiwa’ ga leina la Modimo mo thapelong eno pele? Morago ga moo, o umakile dilo dingwe tse di tshwanang le go tla ga Bogosi jwa Modimo, go dirwa ga thato ya Modimo mo lefatsheng le go itshwarelwa ga melato ya rona. Go diragadiwa ga dikopo tse dingwe tseno kwa bokhutlong go tla kaya kagiso e e sa khutleng mo lefatsheng le botshelo jo bo sa khutleng go batho. A o ka akanya kaga sengwe se se botlhokwa-tlhokwa go feta seno? Lefa go ntse jalo, Jesu o re boleletse gore re rapelele pele go itshepisiwa ga leina la Modimo.
E ne e se ka kotsi go bo Jesu a rutile balatedi ba gagwe go eteletsa leina la Modimo pele mo dithapelong tsa bone. Go ne go phepafetse sentle gore leina leo e ne e le la botlhokwa-tlhokwa go ene, ereka a le umakile kgapetsa mo dithapelong tsa gagwe. Ka nako nngwe fa a ne a rapela Modimo mo gare ga batho, o ne a utlwiwa a re: “Rara, galaletsa leina ya gago.” Mme Modimo ka boena a araba jaana: “Ke le galaleditse, me ke tla ba ke le galaletsa gapè.”—Yohane 12:28.
Maitseboa a pele ga loso lwa ga Jesu, o ne a rapela Modimo a utlwiwa ke barutwa ba gagwe, mme ba ne ba mo utlwa gape a tlotlomatsa botlhokwa jwa leina la Modimo. O rile: “Leina ya gago ke le bontshitse batho ba u ba lomolotseñ mo lehatshiñ ua ba nnaea.” Moragonyana, o boeleditse jaana: “Ke ba itsisitse leina ya gago, me ke tla nna ke le ba itsise.”—Yohane 17:6, 26.
Ke ka ntlhayang fa leina la Modimo e ne e le la botlhokwa jaana go Jesu? Ke ka ntlhayang fa a ile a bontsha gore le botlhokwa le mo go rona, ka go re bolelela gore re rapelele go itshepisiwa ga lone? Go tlhaloganya seno, go tlhokega gore re lemoge ka moo maina a neng a lejwa ka gone ka dinako tsa Bibela.
Maina ka Dinako tsa Bibela
Goa bonala gore Jehofa Modimo o ne a tsenya keletso ya go taa dilo maina mo mothong. Motho wa ntlha o ne a na le leina, Adame. Mo polelong ya popo, selo sa ntlha se go begiwang fa Adame a ile a se dira ke go taa diphologolo maina. Fa Modimo a ne a neela Adame mosadi, ka bonako o ne a mmitsa “Mosadi” (’Ish·shahʹ, ka Sehebera). Moragonyana, o ne a mo taa leina la Efe, le le kayang “Eo o Tshelañ,” “ka go bo e le mma-batshedi botlhe.” (Genesise 2:19, 23; 3:20) Le e leng gompieno re latela mokgwa wa go taa batho maina. Eleruri, go thata go akanya gore re ne re tla kgona jang kwantle ga maina.
Lefa go ntse jalo, ka dinako tsa Baiseraele maina e ne e se a go tlhaola fela. A ne a kaya sengwe. Ka sekai, leina la ga Isake, “Setshego,” le gopotsa ka setshego sa batsadi ba gagwe ba ba tsofetseng fa ba ne ba utlwa lantlha gore ba ne ba tla nna le ngwana. (Genesise 17:17, 19; 18:12) Leina la ga Esawe le ne le kaya “Boboya,” le ne le tlhalosa sebopego. Leina la gagwe le lengwe, Edome, “Bohibidu,” le ne le gakolola gore o ne a rekisa botsalwa-pele jwa gagwe ka dikgobe tsa dinawa tse dikhibidu. (Genesise 25:25, 30-34; 27:11; 36:1) Jakobe, lefa a ne a le mmotlana go le gonnye go ngwanabo wa lefatlha, Esawe, o ne a reka botsalwa-pele go Esawe mme a amogela masego a botsalwa-pele go rraagwe. Go tswa ka nako ya tsalo, bokao jwa leina la ga Jakobe e nnile ‘Go tsaya boemo’ kana ‘go tsaya botsalo jwa ntlha.’ (Genesise 27:36) Ka mo go tshwanang leina la ga Solomone, yo mo nakong ya go busa ga gagwe Iseraele e neng ya itumelela kagiso le go segofala, le ne le kaya “Motho oa boikhucō.”—1 Ditihalō 22:9.
Ka gone, The Illustrated Bible Dictionary (Volume 1, tsebe 572) e bua tse di latelang: “Go ithuta lefoko leno ‘leina’ mo K[golaganong] e K[gologolo] go senola gore le kaya mo go kana-kang ka Sehebera. Leina ga se la tlhaolo fela, mme ke letshwao la botho jwa mmatota jwa motho yo o le teetsweng.”
Ntlha ya gore Modimo o leba maina e le a botlhokwa e bonwa mo go reng, ka moengele, o ne a laola batsadi ba ga Johane Mokolobetsi le ba ga Jesu ba mo isagweng ka maina ao e neng e tla nna a bana ba bone. (Luke 1:13, 31) Mme ka dinako dingwe o ne a fetola maina, kana a okeletsa batho maina, go bontsha bonno jo ba neng ba tla nna le jone mo boikaelelong jwa gagwe. Ka sekai, fa Modimo a ne a bolelela pele gore motlhanka wa gagwe Aberama (“Rra tlotlomalo”) o ne a tla nna rra merafe e mentsi O ne a fetolela leina la gagwe go Aberahame (“Rra Bontsi yoa Merahe”). Mme o ne a fetola leina la mosadi wa ga Aberahame, Sarai (“Eo o ōmanañ”), go nna Sara (“Mmamerahe”), ereka a ne a tla nna mma losika lwa ga Aberahame.—Genesise 17:5, 15, 16; bapisa Genesise 32:28; 2 Samuele 12:24, 25.
Jesu le ene, o ne a elatlhoko botlhokwa jwa maina mme a lebisa go leina la Petere fa a ne a mo neela tshiamelo ya tirelo. (Mathaio 16:16-19) Tota le dibopiwa tsa semoya di na le maina. Ba babedi bao ba umakilweng mo Bibeleng ke Gabariele le Mikaele. (Luke 1:26; Yude 9) Mme fa motho a taa dilo tse di sa tsheleng tse di tshwanang le dinaledi, mafatshe, ditoropo, dithaba le dinoka maina, oa bo a etsa Mmopi wa gagwe. Ka sekai, Bibela e re bolelela gore Modimo o bitsa dinaledi tsotlhe ka maina.—Isaia 40:26.
Ee, maina ke a botlhokwa mo matlhong a Modimo, mme o tsentse mo mothong keletso ya go tlhaola batho le dilo ka maina. Ka gone, baengele, batho, diphologolo, mmogo le dinaledi le dilo tse dingwe tse di sa tsheleng, di na le maina. A go ne go tla bo go tshwanela gore Mmopi wa dilo tsotlhe tseno a itlogele a sena leina? Nnyaa, segolo fa go elwatlhoko mafoko a mopesalema: “A nama eotlhe e bakè leina ya gagwè [Modimo] ye le boitshèpō ka bosakhutleñ le ka bosaeeñkae.”—Pesalema 145:21.
The New International Dictionary of New Testament Theology (Volume 2, tsebe 649) e re: “Nngwe ya dibopego tsa botlhokwa-tlhokwa tsa tshenolo ya Bibela ke go re Modimo o na le leina: o na le leina la ona, leo a ka ebile a rapelwang ka lone.” Jesu tota o ne a akantse ka leina leo fa a ne a ruta barutwa ba gagwe go rapela jaana: “Rra echo eo o kwa legodimoñ, Leina ya gago a le itshepisiwè.”—Mathaio 6:9.
Ka ntlha ya tsotlhe tseno, go itshupa go le botlhokwa gore re itse seo leina la Modimo e leng sone. A wena o itse leina la Modimo la sebele?
Leina la Modimo ke Mang?
Ka mo go gakgamatsang, bontsi jwa dimilione tse di makgolokgolo tsa maloko a dikereke tsa Bodumedi gongwe ba go fitlhela go le thata go araba potso eo. Bangwe ba re leina la Modimo ke Jesu Keresete. Lefa go ntse jalo Jesu o ne a rapela mongwe fa a ne a re: “Leina ya gago ke le bontshitse batho ba u ba lomolotseñ mo lehatshiñ ua ba nnaea.” (Yohane 17:6) O ne a rapela Modimo yo o kwa legodimong, jaaka fa morwa a buisana le rraagwe. (Yohane 17:1) E ne e le leina la ga Rraagwe wa selegodimo leo le neng le tshwanetse go “itshepisiwa.”
Lefa go ntse jalo Dibibela di le dintsi tsa gompieno ga di na leina leo, mme le dirisiwa ka sewelo mo dikerekeng. Ka gone, kgakala le gore le ‘itshepisiwe,’ le latlhegetse babadi ba le dimilione ba Bibela. Sekai sa ka moo baranodi ba Bibela ba dirileng ka gone ka leina la Modimo, sekaseka temana e le nngwe fela eo le leng teng mo go yone: Pesalema 83:18. Lokwalo lono lo ranotswe mo Dibibeleng di le nne tse di farologaneng jaana:
“A ba itse gore wena wesi, yo leina la gago e leng MORENA, o Mogodimodimo yo o okametseng lefatshe lotlhe.” (Revised Standard Version ya 1952)
“Go ba ruta gore wena, Rabosafeleng, o Modimo Mogodimodimo yo o okametseng lefatshe lotlhe.” (A New Translation of the Bible, ka James Moffatt, ya 1922)
“A ba itse gore: ke wena fela yo o sikereng leina la Yahweh, Mogodimodimo yo o okametseng lefatshe lotlhe.” (Jerusalem Bible ya Katholiki ya 1966)
“Gore batho ba tle ba itse fa wena, o le esi, yo leina la gago e leng JEHOFA, o le Mogodimodimo yo o okametseng lefatshe lotlhe.” (Authorized, kana King James, Version ya 1611)
Ke ka ntlhayang fa leina la Modimo le lebega le farologane jaana mo dithanolong tseno? A leina la gagwe ke MORENA, Rabosafeleng, Yahweh kana Jehofa? Kana a letlelelwa otlhe?
Go araba seno, re tshwanetse go gakologelwa gore Bibela ga e a simololwa e kwalwa ka Setswana. Bakwadi ba Bibela e ne e le Bahebera, mme gantsi ba ne ba kwala ka dipuo tsa Sehebera le Segerike tsa motlha wa bone. Bontsi jwa rona ga bo bue dipuo tseo tsa kgale. Mme Bibela e ranoletswe mo dipuong di le mmalwa tsa gompieno, mme re ka dirisa dithanolo tseno fa re batla go bala Lefoko la Modimo.
Bakeresete ba na le tlotlo e e boteng ya Bibela mme ka tshwanelo ba dumela gore ‘Lokwalo longwe le longwe lo kwadilwe ka tlhotlheletso ya Modimo.’ (2 Timotheo 3:16) Ka gone, go ranola Bibela ke boikarabelo jo bo boima. Fa mongwe a fetola kana a tlogela karolo nngwe ya diteng tsa Bibela ka boomo, o kgoreletsana le Lefoko le le tlhotlheleditsweng leno. Tlhagiso ya Dikwalo e dira go yo o ntseng jalo fa e re: “Ha motho moñwe a tla a oketsa, Modimo o tla mo okeletsa ka dipecō tse di kwadilweng mo lokwaloñ lo: me ha motho moñwe a tla okocolola mahoko a lokwalō lo loa polèlèlō pele, Modimo o tla tlosa kabèlō ea gagwè mo setlhariñ sa botshelō.”—Tshenolō 22:18, 19; bona gape le Duteronome 4:2.
Ga go belaetse gore baranodi ba bantsi ba Bibela ba tlotla Bibela mme ba batla ka bopelo-e-phepa gore e tlhaloganyesege mo motlheng wa gompieno. Mme baranodi ga baa tlhotlhelediwa. Bontsi jwa bone bo na le maikutlo a a maatla mo dikgannyeng tsa bodumedi mme ba ka tlhotlhelediwa ke megopolo le dikeletso tsa bone. Le bone ba ka nne ba dira diphoso tsa botho kana diphoso mo go atlholeng ga bone.
Ka gone, re na le tshwanelo ya go botsa dipotso dingwe tsa botlhokwa: Leina la Modimo la mmatota ke mang? Mme ke ka ntlhayang fa dithanolo tse di farologaneng tsa Bibela di dirisa maina a a farologaneng a Modimo? Fa re sena re tlhotlhomisa karabo ya dipotso tseno, re ka boela gape kwa bothateng jwa rona jwa ntlha: Ke ka ntlhayang fa go itshepisiwa ga leina la Modimo e le ga botlhokwa jaana?
[Mafoko a a mo go tsebe 4]
Baengele, batho, diphologolo, mmogo le dinaledi le dilo tse dingwe tse di sa tsheleng, di na le maina. A go ne go tla tshwanela fa Mmopi wa dilo tseno tsotlhe a sena leina?
[Mafoko a a mo go tsebe 5]
Go phepafetse gore leina la Modimo e ne e le la botlhokwa-tlhokwa go Jesu, ereka a le umakile kgapetsa mo dithapelong tsa gagwe