Bakeresete le Leina leno
GA GO ope yo o ka buang ka tlhomamo gore Bajuta ba ba ngaparetseng melao ba ne ba khutlisa leng go bitsa leina la Modimo mme boemong jwa lone ba le emisetsa ka mafoko a Sehebera go nna Modimo le Morena wa Lobopo. Bangwe ba dumela gore leina la Modimo le nyeletse mo tirisong ya letsatsi le letsatsi pele ga nako ya ga Jesu. Mme go na le bosupi jo bo nonofileng jwa gore moperesiti yo mogolo o ne a tswelela go le bitsa kwa ditirelong tsa sedumedi kwa tempeleng—segolo ka letsatsi la Tetlanyo—go fitlhelela fa tempele e senngwa ka 70 C.E. Ka gone, fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, go bidiwa ga leina leno go ne go itsiwe, lefa gongwe le ne le sa dirisiwe ka bophara.
Ke ka ntlhayang fa Bajuta ba ile ba khutlisa go bitsa leina la Modimo? Gongwe bobotlana e ne e le ka ntlha ya go se dirise mafoko a taolo ya boraro sentle: “U se ka ua umakèla leina ya ga Yehofa Modimo oa gago lehèla.” (Ekesodo 20:7) Tota, taolo eno e ne e sa thibele tiriso ya leina la Modimo. Fa go ka bo go le jalo, ke ka ntlhayang fa batlhanka ba Modimo ba kgale jaaka Dafide ba ne ba le dirisa ka kgololesego mme ba santse ba ipelela tshegofatso ya ga Jehofa? Mme ke ka ntlhayang fa Jehofa a ile a le bolelela Moshe le go mmolelela gore a tlhalosetse Baiseraele gore e ne e le mang yo o neng a mo romile?—Pesalema 18:1-3, 6, 13; Ekesodo 6:2-8.
Lefa go ntse jalo, ka nako ya ga Jesu go ne go na le tlwaelo e kgolo ya go tsaya ditaolo tsa Modimo tse di utlwalang le go di fetolela mo tseleng e e sa tlhaloganyegeng gotlhelele. Ka sekai, wa bone wa Melao e Lesome o ne o pateletsa Bajuta go boloka letsatsi la bosupa la beke nngwe le nngwe jaaka letsatsi la boikhutso, Sabata. (Ekesodo 20:8-11) Bajuta ba ba kgomaretseng melao ba ne ba tsaya taolo eo ka tsela e e feteletseng, ba dira melao e e senang palo go laola le e leng tiro e potlana thata e e neng e ka dirwa kana gone go se dirwe ka Sabata. Goa belaetsa ka mo go tshwanang gore ba ne ba tsaya taolo e e utlwalang fela, ya gore leina la Modimo le se nyadiwe, go ya bokgakaleng jo bo feteletseng, jwa gore leina la Modimo le se umakiwe.a
Jesu le Leina Leno
A Jesu o ne a ka latela ngwao e e ntseng jalo e e seng ya dikwalo? Legoka! Gaa ka a khutlisa ditiro tsa gagwe tsa go fodisa ka Sabata, lefa seno se ne se kaya go roba melao e e neng e tlhomilwe ke motho ya Bajuta mme le e leng go baya botshelo jwa gagwe mo kotsing. (Mathaio 12:9-14) Tota-tota, Jesu o ne a bitsa Bafarisai baitimokanyi gonne dingwao tsa bone di ne di potile Lefoko le le tlhotlheleditsweng la Modimo ka kwa! (Mathaio 15:1-9) Ka gone, ga go tshwanele go bo a ka bo a ile a se bitse leina la Modimo, bogolo ka ntlha ya go bo leina la gagwe ka bolone, Jesu, le ne le kaya gore “Jehofa ke Poloko.”
Nako nngwe, Jesu o ne a emelela mo sinagogeng mme a bala bontlhanngwe jwa momeno wa ga Isaia. Karolo eo a neng a e bala ke eo gompieno re e bitsang Isaia 61:1, 2, moo leina la Modimo le tlhagelelang go feta gangwe. (Luke 4:16-21) A o kabo a ile a gana go bitsa leina la Modimo moo, a le emisetsa ka “Morena” kana “Modimo”? Nnyaa. Seo se ne se tla bo se kaya go latela dingwao tse e seng tsa dikwalo tsa baetapele ba bodumedi ba Bajuta. Go na le moo, re bala jaana: “A ba ruta yaka eo o nañ le thata, eseñ yaka bakwadi ba bōnè.”—Mathaio 7:29.
Tota-tota, jaaka re ithutile gale, o rutile barutwa ba gagwe go rapela Modimo jaana: “Leina ya gago a le itshepisiwè.” (Mathaio 6:9) Mme mo thapelong ya bosigo jwa pele go loso lwa gagwe, o rile go Rraagwe: “Leina ya gago ke le bontshitse batho ba u ba lomolotseñ mo lehatshiñ ua ba nnaea . . . Rara eo o boitshèpō, ba bolokè ka leina ya gago ye u le nneileñ.”—Yohane 17:6, 11.
Tumalanong le dikaelo tseno tsa boikitsiso ka Jesu go leina la Modimo, buka ya Der Name Gottes (Leina la Modimo) e tlhalosa jaana mo tsebeng 76: “Re tshwanetse go anaanela ntlha e e gakgamatsang ya gore go tlhaloganngwa ga Kgolagano e Kgologolo ya tshenolo ya Modimo go raya tshenolo ya leina la gagwe le gore e tsweledisiwa go fitlha kwa dikarolong tsa bofelo tsa Kgolagano e Kgologolo, ee, e tswelela le e leng mo dikarolong tsa bofelo tsa Kgolagano e Ntšha, moo, ka sekai go Yohane 17:6, re balang jaana: ‘Ke bonaditse leina la gago.’”
Ee, go ne go tla bo go sena tlhaloganyo eleruri go akanya gore Jesu o ne a sa dirise leina la Modimo, bogolo fa a ne a tsopola dikarolo tse di neng di tswa mo Dikwalong tsa Sehebera tseo di neng di na le lone.
Bakeresete ba Pele
A balatedi ba ga Jesu mo lekgolong lantlha la dingwaga ba ne ba dirisa leina la Modimo? Ba ile ba laelwa ke Jesu gore ba dire batho ba merafe yotlhe barutwa. (Mathaio 28:19, 20) Bontsi jwa batho bao ba neng ba tshwanetse go rerelwa ba ne ba sena mogopolo wa Modimo yo o neng a itshenoletse Bajuta ka leina la Jehofa. Bakeresete ba ne ba tla kgona jang go ba tlhaolela Modimo wa boammaaruri? A go ne go tla bo go lekane go mmitsa Modimo kana Morena? Nnyaa. Merafe e ne e na le medimo le marena a tsone. (1 Bakorintha 8:5) Bakeresete ba ne ba ka kgona go dira pharologanyo e e phepafetseng magareng ga Modimo wa boammaaruri le ya maaka jang? Ke fela ka go dirisa leina la Modimo wa boammaaruri.
Ka gone, morutwa Jakobe o ne a bua jaana mo pokanong ya bagolwane kwa Jerusalema: “Simone o boletse kaha e rileñ pele Modimo oa lekola Badichaba, gore o tlhaolèlè leina ya ōna batho mo go bōnè. Le mahoko a baperofeti a dumalanye le gōna.” (Ditihō 15:14, 15) Moaposetoloi Petere, mo puong ya gagwe e e itsegeng sentle ka Pentekosete, o ile a tlhagisa karolo ya botlhokwa ya molaetsa wa Bakeresete fa a ne a tsopola mafoko a moperofeti Joele: “Leha e le mañ eo o tla bitsañ leina ya ga Yehofa o tla gololwa.”—Yoele 2:32; Ditihō 2:21.
Moaposetoloi Paulo ga a sie pelaelo epe kaga botlhokwa jwa leina la Modimo go ene. Mo lekwalong la gagwe go Baroma, o tsopola mafoko a a tshwanang a ga moperofeti Joele le go tswelapela a kgothatsa Bakeresete ka ene go bontsha tumelo ya bone mo polelong eo ka go ya go rerela ba bangwe ka leina la Modimo, gore bano le bone ba tle ba bolokwe. (Baroma 10:13-15) Moragonyana o kwadile mo lekwalong la gagwe leo le neng le ya go Timotheo jaana: “A moñwe le moñwe eo o umakañ leina ya Morèna a kgaoganè le tshiamololō.” (2 Timotheo 2:19) Kwa bokhutlong jwa lekgolo la ntlha la dingwaga, moaposetoloi Johane o dirisitse leina la Modimo mo dikwalong tsa gagwe. Polelwana “Haleloya,” e e kayang “Bakang Jehofa,” e tlhagelela kgapetsa mo bukeng ya Tshenolō.—Tshenolō 19:1, 3, 4, 6.
Lefa go ntse jalo, Jesu le balatedi ba gagwe ba ne ba bolelela pele gore go ne go tla tlhagelela tenego mo phuthegong ya Bakeresete. Moaposetoloi Petere o kwadile jaana: “Le mo go lona go tla nna baruti ba e señ bōnè.” (2 Petere 2:1; bona gape le Mathaio 13:36-43; Ditihō 20:29, 30; 2 Bathesalonia 2:3; 1 Yohane 2:18, 19.) Ditlhagiso tseno di ne di diragaditswe. Phelelo nngwe e nnile gore leina la Modimo le ne la tlhokomologiwa. Le ile la bo la phimolwa mo dikaelong le mo dithanolong tsa Bibela! A re boneng gore seo se diragetse jang.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bangwe ba akantsha lebaka lengwe: Bajuta ba ka ne ba ile ba tlhotlhelediwa ke botlhale jwa Segerike. Ka sekai, Philo, ra-matlhale wa Mojuta wa kwa Alexandria yo o tshetseng nako e e batlileng e tshwana le ya ga Jesu, o ne a tlhotlhelediwa segolo ke ra-matlhale wa Mogerike Plato, yo o neng a akanya gore o tlhotlheleditswe ke Modimo. Lexikon des Judentums (Thanodi ya Sejuta), ka “Philo,” e tlhalosa gore Philo “o ne a kopanya puo le megopolo ya matlhale a Segerike (Plato) le tumelo e e senotsweng ya Bajuta” mme ka gone o “ne a na le molemo o o bonalang go bo-rara ba kereke ya Bokeresete.” Philo o rutile gore Modimo o ne a le teng, e le yo o ka se tlhalosiweng, ka gone, e le yo o neng a ka se tewe leina.
[Setshwantsho mo go tsebe 14]
Setshwantsho seno sa moperesiti yo mogolo wa Mojuta, se se nang le letshwao mo tlhorong ya gagwe leo ka Sehebera le kayang “Go Itshepa ke ga Jehofa,” se fitlhelwa go Vatican
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Jaaka fa thanolo eno ya 1805 ya Bibela ya Sejeremane e bontsha, fa Jesu a ne a bala mo sinagogeng go tswa mo momenong wa ga Isaia, o ne a bitsa leina la Modimo.—Luke 4:18, 19
[Ditshwantsho mo go tsebe 16]
Petere le Paulo ba dirisitse leina la Modimo fa ba ne ba tsopola go tswa mo boperofeting jwa ga Joele.—Ditihō 2:21; Baroma 10:13