Kgaolo 1
Go Tla Diragalang ka Polanete e Go Tweng Lefatshe?
1. O lebeletse isagwe ya mofuta ofe, mme ka baka lang?
KE ENG seo isagwe e se go tshwaretseng jaaka mongwe wa dimilione tsa batho bao ga jaanong ba tshelang mo polaneteng e go tweng Lefatshe? A o ne o ka rata fa e ka nna le botshelo jwa kagiso le polokesego, gareng ga batho bao ruri ba ratanang? Seo ga mmogo le se sengwe se se ntsi e ka nna sa gago. Mme ga se isagwe e bontsi bo e lebeletseng. Ka baka lang?
2, 3. Ke jang matshosetsi a ntwa ya nuclear a tlhotlheletsang tsela eo batho ba le bantsi ba lebang isagwe ka yone?
2 Matshosetsi a ntwa ya nuclear a tsositse dipelaelo tse di masisi tsa gore a jaana go tla nna le isagwe epe ya bontsi jo bogolo jwa lotso lwa motho. Fa bomo ya atomo e ne e le lantlha e dirisiwa mo ntweng ka 1945, banna, basadi le bana ba ba ka fetang 70 000 ba ne ba bolawa ka ponyo ya leitlho. Diketekete tse dingwe tse dintsintsi gape di ne tsa tlelwa ke dintsho tse di gamolang pelo mo malatsing a a neng a latela le dingwaga. Mme gompieno tlhogo e le nngwe fela ya sebetsa sa ntwa e na le go ka thunya mo go lekanang le dibomo tsotlhe tseo di neng tsa thuntshiwa ka Ntwa ya Lefatshe II. Go na le masomesome a a diketekete a ditlhabani tsa nuclear tse di baakanyeditsweng go dirisiwa gone fela foo. Mme lefa go le jalo lefatshe le sa ntse le senya madi a a ka tshwarang $2 000 000 000 ka letsatsi mo lobelong lo logolo lwa dibetsa loo lo tlogelang batho ba le bantsi ba tlaletswe pelo ke poifo e kgolo.
3 Mme gotweng fa e le gore go nna fela le “ntwa e se kaenyana ya nuclear”? Matswela a ka fela e ntse e le a a tsitsibanyang. Go ya ka Carl Sagan, moitseanape yo o itsegeng thata, fa merafe e ne e ka dirisa le e leng ntlhanyana fela ya dinonofo tsa yone tsa nuclear, “ga go na pelaelo epe ya gore go tshela sentle ga rona ga lefatshe lotlhe go ka senngwa. . . . Mme ebile go bonala go na le kgonego ya mmaanete ya go nyelelediwa ruri ga sebopiwa se go tweng motho.” Batho ba le bantsi ba leka go itebatsa ditebelelo tseo, mme seo ga se tlose kotsi. Palo e e ntseng e golela pele ya ba bangwe ba ipopile ka mekgatlhonyana ya baiphalotsi. Ka tsholofelo ya gore bangwe ba tla falola, ba agile mafelo a botshabelo mo dibakeng tse di kwa thoko mme ba tlatsa tseno ka dijo le melemo, le ka ditlhobolo go kganela batlhageledi ba ba sa batlegeng.
4. Ke ka baka lang fa go tshwara ditikologo botlhaswa go lejwa jaaka matshosetsi a a masisi?
4 Kwa ntle ga ntwa ya nuclear, baitseanape ba tlhagisa kaga kgonego ya kudumedi ya kgolokwe yotlhe go ya kafa ditikologo di senngwang ka gone. Kgotlelo ya moya oo re o hemang ke motswedi wa tlhobaelo e e masisi. Dikgwa di ntse di nyelediwa ka selekanyo se se boitshegang; lefa tseno di le botlhokwa mo modikologong wa okesejene ya lefatshe, modikologo wa pula le tshomarelo mmu. Ka ntlha ya go tlhoka kitso le bogagapa, masimo a a botlhokwa a go ka jalwang mo go one a ntse a senngwa. Metsi a ntse a kgotlelwa, gantsi e le ka dikhemikhale tse di bolau. Lefa go le jalo tsone dilo tseno ke tse di tlhokafalang go tshegetsa botshelo jwa motho.
5, 6. Ke maemo afe a mangwe ao a kganelang batho go ka lebelela botshelo gore bo tla bolokesega le go itumedisa?
5 O ka nna wa ikutlwa ka gore, seo se bileng se tlhobaetsa gone fela jaana, ke lebaka la gore bokebekwa jo bo thubakanyang bo ntse bo dira batho magolegwa mo magaeng a bone. Dikgoberego tsa sepolotiki le tsa loago di dira botshelo go nna diphatsa. Go tlhoka mmereko mo go anameng jaana le tlhatlogo-ditlhwatlhwa e e ntseng e ya magoletsa di felela ka khumanego le tlalelo. Matshelo a batho ba le bantsi a mo gae ga a kgotsofatse le eseng; dibofo tsa lorato tse di tshwanetseng go bofaganya malapa mmogo gantsi ga di gone. Gongwe le gongwe boikutlo jwa batho ke “A e nne nna pele!”
6 Ke kae he ko motho a ka bonang motheo o o utlwalang wa go lebelela go ka ipelela botshelo jwa polokesego? Fa isagwe ya rona jaaka baagi ba lefatshe e ne e ikaegile ka mo go feletseng mo go seo batho le merafe bao ba nang le boikarabelo mo mathateng ano ba ikemiseditseng go se dira ebile ba ka kgonang go se dira, bokamoso ruri bo tla bo bo le lotobo. A mme go ntse jalo?
MABAKA AO A SA TSHWANELWANG GO TLHOKOMOLOGIWA
7. (a) Ke bosupi bofe jo bo bontshang gore Bibela ke Lefoko la Modimo? (b) Ke ka baka lang fa go le botlhokwa ka batho go itse seo Bibela e se bolelang?
7 Mo megopolong ya bone, batho gantsi ba itlhokomolosa Mmopi wa lefatshe le wa batho. Mme re ka itse jang gore boikaelelo jwa Gagwe ke bofe? Bibela e a re bolelela. Gangwe le gape Buka eno e tlhalosa gore seo e se tshotseng ke sa bomodimo, ke se se tlhotlheleditsweng ke Modimo. A boiphako jono bo boammaaruri? Fa bo ntse jalo, botshelo jwa gago bo ikaegile mo go direng tumalanong le yone. Ka ntlha ya botlhokwa jwa kgang eno, re go kgothaletsa gore o tlhatlhobe Bibela ka sebele sa gago. O tla fitlhela dipolelelo pele tsa yone tse dintsi tse di supang kitso e e rulagantsweng sentle ka isagwe e le tse di tlhomologileng. Botlhale jwa yone ke jo bo sa lekanngweng le sepe fa e bua ka dikgang tseo di leng botlhokwa jo bogolo mo boitumelong jwa gago jwa go ya go ile. Re ikutlwa re tlhomamisa gore, fa ka kelotlhoko o ka akanyetsa bosupi joo, o tla lemoga gore Bibela ga gona kwa e tswang teng fa e se kwa motsweding o o fetang motho ka nonofo, go tswa Modimong yo ka boammaaruri a ratang batho.a Bibela e tshotse boikitsiso jo bo leng botlhokwa-tlhokwa mo go faloleng ga rona mo motlheng ono o o diphatsa mo ditiragalong tsa motho. Ka mo go tshwanelang, ke buka eo e anamisitsweng thata mo lefatsheng.—Bona 2 Petere 1:20, 21; 3:11-14; 2 Timotheo 3:1-5, 14-17.
8. Bibela e kgetholola Mmopi wa polanete e go tweng Lefatshe ka leina lefe?
8 Temana e e simololang ya Bibela e tlhalosa e le boammaaruri jwa motheo gore “Modimo oa tlhōla legodimo le lehatshe.” (Genesise 1:1)b Lemororo batho bangwe ba ikgethela go sa bitse Modimo ka leina, Bibela ga e dire jalo. Fa e kgetholola Mmopi ka leina, Genesise 2:4 e re itsise gore ‘Jehofa Modimo o dirile lefatshe le legodimo.’ (Bona gape Genesise 14:22; Ekesodo 6:3; 20:11.) Bogolo jwa Bibela pele pele bo ne bo kwadilwe ka Sehebera, mme mo mokwalong wa Bibela wa Sehebera leina la sebele la Modimo le bonala mo e ka nnang makgetlo a le 7 000 jaaka ditlhaka tse nne tse di boitshepo (יהזה). Baranodi bangwe ba le kwala jaaka Yahweh, mme mo Setswaneng sebopego se se dirisiwang thata sa leina leo ke Jehofa.
9. (a) Leina leo la Modimo le simolotswe ke mang? (b) Leina la Modimo le botlhokwa go le kana kang go rona? (Yoele 2:32; Mika 4:5)
9 Leina leno ga le a ka la rulaganyediwa ke batho ba ba ineetseng. Le ne la ikgethelwa ke Mmopi ka boene. (Ekesodo 3:13-15; Isaia 42:8) Ga se leina leo le ka hapaakanngwang le Buddha, Brahma, Allah kana Jesu. Ka mo go tshwanelang moporofeti Moshe o ne a gakolola morafe wa bogologolo wa Iseraele a re: “Itse gompiyeno, me u go tsenyè mo peduñ, go re, Yehofa [Sehebera: יהזה] ke èna Modimo kwa legodimoñ kwa godimo, le mo lehatshiñ ha tlhatse: ga go na opè o sele.” (Duteronome 4:39) Yono ke Modimo yo Jesu Keresete a neng a mo rapela, Ene yo o neng a mo lebisa jaaka “Modimo o o osi, o o boamarure.” Gompieno O obamelwa ke batho ba ba itseng ka ene go tswa morafeng mongwe le mongwe wa lefatshe.—Yohane 17:3; Mathaio 4:8-10; 26:39; Baroma 3:29.
10. Ke ka baka lang fa matshosetsi a ntwa ya nuclear le tshenyo eo e dirwang ke kgotlelo a sena go kgoreletsa boikaelelo jwa Modimo ka lefatshe?
10 Ka lebaka la go bo Jehofa e le Mmopi wa lefatshe, polanete e yotlhe ke ya gagwe, mme ebile isagwe ya yone e ikaegile ka ene. (Duteronome 10:14; Pesalema 89:11) Mathata a batho ga se a a fetileng kgono ya Modimo go ka dirisana le one. Tebelelo ya ntwa ya nuclear e tsenya batho mo tsietsing. Mme ke melao ya ga mang eo e laolang kgabaotlolego eo e ntseng e diragala moteng ga nuclear ka selekanyo se segolo mo dibilioneng tse di senang palo tsa dinaledi? A Modimo ga o na kitso le nonofo tseo di tlhokafalang go sireletsa botshelo mo polaneteng e go tweng Lefatshe? Ka mo go tshwanang, mathata ao a ileng a tlhagoga ka ntlha ya go bo batho ka go tlhoka kitso le bobelotshetlha ba ile ba kgotlela ditikologo tsa bone ga a ketla a ema boikaelelo jwa Modimo Mothatayotlhe pele. Ene yo o neng a nna le botlhale le thata tseo di neng di tlhokafalela go bopa lefatshe le mefuta ya botshelo jo bo gakgamatsang jwa lone o ntse a ka di simolodisa di phepafetse jaanong fa seo e le thato ya gagwe. (Isaia 40:26; Pesalema 104:24) Boikaelelo jwa ga Jehofa ke bofe he jaanong malebana le legae la rona la polanete?
LEFATSHE LE TLA NNA GONE GOLEELE GO LE KAE?
11. (a) Ke eng seo baitseanape bangwe ba dumelang gore e tla re kgabagare se diragalele lefatshe? (b) Ke mang yo o itseng mo go oketsegileng kaga dikgang tseno go na le bone, mme ka baka lang?
11 A ke boikaelelo jwa Modimo go senya lefatshe le dilo tsotlhe tse di tshelang mo go lone? Balepa dinaledi bangwe ba hopholetsa ka gore e tla re kgabagare letsatsi la rona le phanyege fa le sena go buduloga mme le apese lefatshe. Go na le bao ba akanyang ka gore, ka ntlha ya sone sebopego sa lobopo lo lo bonalang lwa tlholego, nako e tla tla fa letsatsi le tla bong le sa tlhole le phatsima mme lefatshe le seke le tshegetse botshelo. A mme ba bolelela ruri? Mmopi ena a reng—Ene yo o lerileng go nna gone ga maatla le tlholego, Ene yo o tlhodileng melao eo go nna gone ga rona go ikaegileng ka yone?—Yobe 38:1-6, 21; Pesalema 146:3-6.
12. Ke jang mafoko a ga Moreri 1:4 a itshupileng a le boammaaruri?
12 Jehofa o ne a tlhotlheletsa Kgosi Solomone yo o botlhale go kwala kaga boleele jwa botshelo jwa motho fa bo bapisiwa le go nna gone ga lefatshe ka bolone. Go Moreri 1:4 Solomone o ne a kwala mafoko ano: “Kokomana e ñwe e hetèla koñ, me go tle e ñwe; me lehatshe le nnetse rure ka bosakhutleñ.” Hisitori ya motho e supela boammaaruri jwa seno. Lemororo, kokomana e nngwe ya batho e ile ya tseelwa sebaka ke e nngwe, lefatshe, kgolokwe eo re tshelang mo go yone, e ntse e le gone. Mme go ya boleeleng jo bo kae? Go ya kafa New World Translation of the Holy Scriptures e tlhalosang ka gone, e tla bo e le “go ya nakong e e sa tlhomamisegeng.” Seo se raya goreng?
13. (a) Ke eng seo se ka bolelwang ke “nako e e sa tlhomamisegeng”? (b) Re ka tlhomamisega jang he, gore lefatshe le tla nnela ruri?
13 Lefoko la Sehebera ‘oh·lamʹ, le fano le kwadilweng ka gore “nako nngwe e e sa tlhomamisegeng,” tota le raya lobaka lwa nako leo, kafa go leng ka gone jaanong, le sa tlhomamisegeng kana le sa bonaleng matlhong mme le le loleele. Seo se ka raya ka bosaengkae. A mme go ntse jalo mo kgannyeng eno? Kana a tlhaloso eno e supa gore gongwe mo nakong nngwe ya isagwe e e sa tlhomamisegeng, eo e re fitlhegetseng, lefatshe le tla tlelwa ke bokhutlo? Dingwe tsa dilo tse Bibela e reng di tla tswelela “go ya nakong e e sa tlhomamisegeng” e ne ya re kgabagare tsa khutla. (Bapisa Dipalō 25:13; Bahebera 7:12.) Mme Dikwalo gape di amanya ‘oh·lamʹ le selo sa bosakhutleng—ka sekai, Mmopi ka boene. (Bapisa Pesalema 90:2 le 1 Timotheo 1:17.) Gore tlhaloso eno e raya goreng malebana le lefatshe, ga re a tlogelwa ka pelaelo. Go Pesalema 104:5 re bolelelwa ka gore: “Eo o beileñ methèō ea lehatshe, gore le tlè le se ka ya tshikiñwa ka bosakhutleñ.”c—Bona gape Pesalema 119:90.
14. Re itse jang gore kgolokwe ga e na gore ka letsatsi lengwe e bo e le sekaka se se omeletseng?
14 Seo se tla nnelang ruri ga se kgolokwe fela e e sekaka, e e sa ungweng. Go Yeremia 10:10-12 re itsisiwe ka gore: “Yehofa ke èna Modimo oa boamarure; . . . Ōna o dihile lehatshe ka nonohō ea ōna, o tlhōmamisitse lobopō ka botlhale yoa ōna, o tsharolotse magodimo ka tlhaloganyō ea ōna.” Ela tlhoko gore ga a a dira fela “lehatshe” mme gape o tlhomamisitse “lobopō [lo lo ungwang, NW].” Mo boemong jwa tlhaloso eno ya morago, baranodi ba le bantsi ba kwala lefoko leno la Sehebera ebong te·velʹ ba re fela “lehatshe.” Lefa go ntse jalo, go ya ka Old Testament Word Studies ka William Wilson, te·velʹ e raya “lefatshe, jaaka e le le le nonneng le go agiwa, lefatshe la kgolokwe le le nniwang.” Fa e le ka boikaelelo jwa ga Jehofa mabapi le lefatshe jeno je le nonneng, je le agiwang, Pesalema 96:10 e bua jaana ka go tlhomamisetsa: “Yehofa oa busa; lobopō le lōna lo nitame, ga lo kake loa tshikiñwa.”—Bona gape Isaia 45:18.
15. Mabaka ano a dumalana jang le thapelo eo Jesu a neng a e ruta balatedi ba gagwe?
15 Ka gone ke mabapi le polanete e go tweng Lefatshe e re nnang mo go yone go bo Jesu Keresete a ile a ruta balatedi ba gagwe go rapela Modimo ba re: “Bogosi yoa gago a bo tlè. Go rata ga gago a go dihwè mo lehatshiñ yaka kwa legodimoñ.”—Mathaio 6:9, 10.
16. (a) Ke batho ba mofuta ofe he jaanong ba ba tla nnang mo lefatsheng? (b) “Lehatshe ye lesha” leo Bibela e buang ka lone ke lefe?
16 Thato ya ga Jehofa ga se gore lefatshe le nniwe ke batho bao ba senang sepe le Mong wa lone ba bile ba sa ratane thata. Bogologolo tala o ne a solofetsa a re: “Badiha boshula ba tla kgaolwa; me ba ba lebeletseñ mo go Yehofa, ba tla rua lehatshe. Basiami ba tla rua lehatshe, ba tla aga mo go yeōna ka bosakhutleñ.” (Pesalema 37:9, 29) “Lobopō lo lo tlañ,” loo Bibela e buang ka lone, lo tla tladiwa ka batho bao ba boifang Modimo mme ebile ba rata ba ga bone ka bopeloephepa. (Bahebera 2:5; bapisa Luke 10:25-28.) Diphetogo tse di tla diragalang di tla nna dikgolo fela thata tlase ga Bogosi jwa selegodimo jwa Modimo mo Bibela e buang ka “lehatshe ye lesha”—eseng kgolokwe e e farologaneng, mme eleng mokgatlho o mosha wa batho o o tla tshelang gareng ga maemo a separadaise ao Mmopi wa motho o neng a sale a a rulaganyetsa go tloga nakong eo fa a ne a simolola go bopa popo ya gagwe ya lefatshe.—Tshenolō 21:1-5; Genesise 2:7-9, 15.
17. Ke ka baka lang fa go le botlhokwa go ithuta kaga dipatlafalo tsa Modimo tsa poloko gone jaanong?
17 Go tlhomiwa ga “lehatshe ye lesha” leo, e le ka tshwanelo, go tla etelelwa pele ke tshenyego e kgolo—e e fetang lefa e ka nna eng fela seo batho ba kileng ba se bona. E le molemong wa lefatshe ka bolone le botlhe bao ba lebogang Mmopi wa lone, o tla “senya ba ba senyañ lehatshe.” (Tshenolō 11:17, 18) Nako ya Modimo ya go dira seno e gaufi fela thata! Fa go sena go digelwa, a o tla fitlhelwa o le gareng ga bafalodi?—1 Yohane 2:17; Diane 2:21, 22.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bona buka ya Is the Bible Really the Word of God? E e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
b Kwantle lefa go supilwe ka tsela nngwe, ditsopolo tsa Dikwalo mo bukeng eno di ntshitswe go Bibela e e Boitshèpō ya Setswana. Koo go supiwang NW morago ga temana, go kaiwa gore thanolelo e tswa go New World Translation of the Holy Scriptures, ya puo ya Sekgoa.
c Bakwadi bangwe ba dibuka-mantswe ka gone ba tlhaloganya ‘oh·lamʹ jaaka fa a dirisitswe go Moreri 1:4 go kaya “ka bosakhutleng.” The New English Bible, Revised Standard Version, The Jerusalem Bible, The Bible in Living English, King James Version le tse dingwe di le kwala ka tsela eo.
[Setshwantsho se se tletseng ka tsebe 5]