Kgaolo 2
Dikganetsano Tseo Di Tlhomamisang Isagwe ya Rona
1. (a) Ke dikganetsano dife tsa jaanong tseo di okameng go akanya ga batho ba le bantsi, mme ba leba kae go bona ditharabololo? (b) Ke eng seo gantsi ba palelwang ke go se akanyetsa?
MO DINGWAGENG tsa bosheng jaana dikganetsano tse di gotetseng tse di kopanyeletsang isagwe ya rona di ile tsa lebaganngwa le rona ka go fapaakana ka bofefo jo bogolo. Maemo a ka tsela ya gore batho gongwe le gongwe ba ntse ba tlabatlaba ka mo go tlhomolang pelo ba batla kgololo. Gongwe ba ka ne ba dumela mo Modimong mme gone, mo go bone, go bonala ekete fa e le gore boemo mo lefatsheng leno bo ka tokafala, batho ba tla tshwanelwa ke go dira seo. Bangwe ba leka go go dira ka bogoromente ba ba gone kana ka dikokoano tsa kganano kgatlhanong le diphetso tsa bogoromente bano. Ba bangwe ba dumela gore tsogologelo-mmuso ke yone tsela fela. Ba ikutlwa gore go fetola melao, go tseela babusi sebaka kana le eleng bogoromente ka kakaretso ruri go tla tokafatsa maemo. Mme mabaka a bontshang? Morago ga go leka ka diketekete tsa dingwaga, batho ga ba a kgona go tlhagisa le eleng goromente a le mongwe fela yo o lerileng tshiamiso e e sa tlhaoleng, polokesego ya boammaaruri le boitumelo jo bo nnelang ruri mo babusiweng botlhe ba gagwe. Ke eng seo se tsalang seno?
2. Ke ka baka lang fa maemo mo lefatsheng a le bosula mo go kana-kana?
2 Go sa kgathalege gore maitlhomo a batho ba ba laolang a ka ne a tlotlega jang, bogoromente botlhe ba batho ba tsamaisiwa ke bathata bao ba ka se laolweng ke batho ba ba mo pusong. Ke bomang? Ke meya e e fetang motho ka nonofo, Satane Diabolo le badimona ba gagwe. Ke boammaaruri, batho ba le bantsi ba sotla ka yo o dumelang mo bathong ba ba ntseng jalo ba semoya. Mme Jesu Keresete o ne a se ka. Ene ka sebele o ne a itse tlholego ya ga Satane a bo a bua ka ene jaaka “kgōsana ea lehatshe yeno.” (Yohane 12:31) Ka puo ya tshwantshetso, Bibela e tshwantsha tsamaiso ya lefatshe lotlhe ya sepolotiki le sebatana sa naga e bo e senola gore “kgōgèla [Satane] ea se naea thata ea eōna, le setulō sa eōna sa bogosi, le taolō e kgolo.” (Tshenolō 13:1, 2; bapisa le Daniele 7:2-8, 12, 23-26.) Mme ka motlha wa rona Bibela e ne ya bolelela pele ka go oketsega ga go “latlhèga ga lehatshe . . . ka diabolo a hologetse kwa go lona.” (Tshenolō 12:12) Ga go sepe se sengwe se se ka kaiwang ka mo go kgotsofatsang e le sone se se lereng kgoberego eo batho ba latlhetsweng mo go yone. Mme e nnile gone jang? Re ka dirang go bona kgololo?
KGANG-KGOLO YA BOLAODI
3. Ke eng seo Genesise 2:16, 17 e se bontshang malebana le kamano e e tshwanetseng ya batho le Modimo?
3 Dikgaolo tse di simololang tsa Bibela di re itsise gore e ne ya re fa Jehofa Modimo a bopa batho ba ntlha ba babedi, Adame le Efa, mme a ba baya mo tshimong ya Edena o ne a ba laela kaga kamano ya bone le ene. O ne a le Rraabo, Mmaakanyetsi wa bone yo o pelotshweu, gape a le Molaodi wa Lobopo Lotlhe wa bone. Molemong wa bone, ba ne ba tlhoka go lemoga gore go tswelela ga botshelo jwa bone go ne go ikaegile ka go utlwa Modimo.—Genesise 2:16, 17; bapisa Ditihō 17:24, 25.
4. (a) Satane o dule kae? (b) Ke keletso efe e e phoso eo a neng a e dumelela go gola mo go ene?
4 Ka nako eo popo yotlhe e ne e itekanetse. Ka go sa tshwane le diphologolo, baengele le batho ba ne ba na le boemo jwa kgololesego. Mme e ne ya re ka bonakonyana fela morago ga go bopiwa ga motho, mongwe wa baengele, ka go gobolola kgono ya gagwe e e gakgamatsang ya go itirela diphetso tsa botho, o ne a tsuologela bolaodi jwa ga Jehofa. Ka gone a itira mmaba, kana moganetsi, moo tota-tota go kaiwang ke leina Satane. (Bapisa Yakobe 1:14, 15; Tshenolō 12:9.) A tlhotlhelediwa ke magalamasuke, Satane o ne a senka go hepisetsa batho ba ntlha ba babedi kgakala le Jehofa Modimo le go ba lere tlaseng ga tlhotlheletso ya gagwe. Mo go bone o ne a bona fa e tla re kgabagare lefatshe le bo le tletse ka batho bao ba tla bong ba mo tlotla jaaka modimo wa bone. (Bapisa Isaia 14:12-14; Luke 4:5-7.) Pego ya seo se ileng sa diragala mo Edena ga se tlhamane fela. Jesu Keresete o ne a lebisa go yone jaaka selo se se kileng sa diragala.—Mathaio 19:4, 5.
5. (a) Ke dikganetsano dife tseo di neng tsa tsosiwa mo Edena? (b) Ke mang yo di mo amang?
5 Jesu o ne a re ka Diabolo: “A se ka a èma mo boamarureñ . . . Ke moaki, le rra aōna maaka.” (Yohane 8:44) Maaka a ntlha a a kwadilweng a ga Diabolo e ne e le fa a ne a aketsa Efa fa a ne a lere pelaelo ka ga boammaaruri jwa Modimo. O ne a kgothaletsa gore molao wa Modimo o ganwe a bo a tatalalela gore go tla nna le mosola fa mongwe le mongwe a ne a ka itlhomela maemo a e leng a gagwe a botshelo. (Genesise 3:1-5; bapisa Yeremia 10:23.) Ka gone bolaodi jwa ga Jehofa bo ne jwa gwetlhiwa koo mo Edena. Jaaka ditiragalo tsa moragonyana di ne tsa bontsha, boikanyegi jwa dibopiwa tsotlhe tse di botlhale mo Modimong le jone bo ne jwa tlisediwa dipelaelo. A ba ne ba direla Modimo ka go bo ruri ba mo rata, kana ba ka tlhotlhelediwa go mo huralela? (Yobe 1:7-12; 2:3-5; Luke 22:31) Dikganetsano tseno di ne di tla ama mongwe le mongwe mo legodimong le mo lefatsheng. Ke kgato efe e Molaodi wa Lobopo Lotlhe a neng a e tsaya?
6. Ke ka baka lang fa Jehofa a se ka a senya batsuolodi gone fela foo?
6 Mo boemong jwa gore gone fela foo a senye diganana, Jehofa ka botlhale o ne a letlelela lobaka lo lo rileng lwa nako gore dikganetsano tseo di rarabololelwe ruri-ruri. Modimo o ne wa dira seno, eseng go supa sepe ka ga gagwe, mme e leng go dumelela dibopiwa tse di nang le kgololesego gore di iponele ka botsone maungo a a bosula ao a tlhagisitsweng ke botsuolodi kgatlhanong le bolaodi jwa gagwe, le gore ba nne le sebaka sa go bontsha gore bone ba eme kae mo dikgannyeng tseno tse di botlhokwa-tlhokwa. Fa dikganetsano di sena go rarabololwa, ga go na ope gape yo o tla tlholang a dumelelwa go senya kagiso gape.
7. (a) Mebuso ya batho e simologile jang? (b) E itiretse rekoto ya mofuta ofe?
7 Jehofa Modimo, ka go bo a le Mmopi wa setho, o ne a bile gape a le Mmusi wa bone yo o tshwanetseng. (Tshenolō 4:11) Lefa go ntse jalo, fa go ntse go ya, Satane le badimona ba gagwe ba ne ba simolola go kgobera keletso ya batho gore ba se ka ba itlhomela ditekanyetso tsa bone go le gosi tsa se se molemo le se se bosula mme gape gore ba buse batho ka bone. Nimerode o ne a nna wa ntlha go itlhoma jaaka kgosi, a busa metse mengwe mo Mesopotamia. O ne a le “mocumi eo o nonohileñ [wa diphologolo le wa batho] ha pele ga Yehofa.” (Genesise 10:8-12) Go tloga metlheng ya ga Nimerode go tla go fitlha jaanong, go ile ga lekwa mofuta mongwe le mongwe o o ka kgonegang wa goromente wa batho. Mme rekoto ka kakaretso, fela jaaka moithuti mongwe le mongwe wa hisitori a itse, e ile ya nna ya go bola le tshololo ya madi.—Moreri 8:9.
8. Ke ka baka lang fa Jesu a ile a gana go kopanyelediwa mo tsamaisong ya sepolotiki ya lefatshe?
8 E ne ya re fa Jesu Keresete a sa le mo lefatsheng, Satane a leka le e leng ene tota go mo tlhotlheletsa. O ne a baya pele ga ga Jesu “magosi aotlhe a lehatshe” gore a mo obamele gangwe fela. Jesu a gana. (Luke 4:1-13) Moragonyana batho ba ne ba batla go mo dira kgosi, mme Jesu a tshaba. (Yohane 6:15) O ne a itse seo tsamaiso ya lefatshe ya sepolotiki e leng sone, mme o ne a lemoga gore e ne e se thato ya Modimo gore a leke go e tokafatsa.
9. (a) Go rarabolola mathata a batho, ke eng seo se tshwanetsweng go dirwa mme e le seo se ka dirwang fela ke Bogosi jwa Modimo? (b) Bogosi joo ke eng?
9 Jesu o ne a bontsha boikanyegi jo bo feletseng go Jehofa, Modimo wa gagwe le Rraagwe. O ne a rata ditsela tsa ga Rraagwe mme ka metlha a dira dilo tseo di neng di mo itumedisa. (Yohane 8:29) O ne a itse gore ditharabololo tsa mathata a setho di tla tla fela ka Bogosi jwa Modimo, puso ya mmatota eo e tla busang go tswa legodimong mme ebile e tla baakanyetsa ka kaelo e e tshiamo le e e lorato eo e tlhokwang ke setho. Bogosi joo ke jone fela bo ka tlosang tlhotlheletso ya ga Satane le badimona ba gagwe. Ke jone fela jo bo ka kopanyang batho ba ditso tsotlhe le ditšhaba go nna lelapa le le lengwe la kgolokwe le le tshelang ka kagiso. Ke jone fela jo bo ka gololang setho mo bokgobeng jwa boleo le loso. Ke jone fela jo bo ka tlisang boitumelo jwa senna foo mo sethong. Bogosi jono ga se thulaganyo nngwe eo e tlhomilweng ke mapolotiki le go segofadiwa ke baruti. Bakeresete ba boammaaruri ga ba ineele mo ditlhabaning tsa nama gore ba diragatse dikgatlhego tsa jone. Ke goromente o eleng wa Modimo, ka Kgosi ya selegodimo e e itekanetseng e e tlhomilweng ke Modimo ka boene. Jono ke Bogosi joo Jesu a neng a rera ka ga jone le joo a neng a ruta balatedi ba gagwe go bo rapelela.—Daniele 2:44; Tshenolō 20:1, 2; 21:3, 4.
O TLA IKGETHELA LETLHAKORE LEFE?
10. (a) Namane e tona ya kganetsano eo mongwe le mongwe wa rona a nang le go lebana le yone ke efe? (b) Ke eng seo re tshwanetseng ra bo re se dira ka ga gone?
10 Kganetsano e o tshwanetseng go lebana le yone ke e: A o lemoga gore Jehofa Modimo, Mmopi wa lobopo lotlhe, ebile gape ke ene Molaodi yo o tshwanetseng wa lone, Mmusi Mogolo wa lone? A o iphile nako go ithuta ka boikaelelo jwa gagwe le dipatlafalo tsa gagwe jaaka fa di tlhomilwe mo Bibeleng? Ka go tlotla boemo jwa gagwe le go lemoga ditsela tsa gagwe, a o itshupa ka lorato o le kutlo go ene?—Pesalema 24:1, 10; Yohane 17:3; 1 Yohane 5:3.
11. Ke ka baka lang fa go kgetha tsela e e farologaneng go sa lere boitumelo?
11 A batho bao ba ikgethelang tsela e nngwe e sele ba itumetse go feta? Ke eng seo se ileng sa nna gone ka tatalalo ya ga Satane ya gore batho ba tla solegelwa molemo ka go ipagololela mogodu ba itaola mo boemong jwa go reetsa Modimo? Go gana go dumalana gore lefatshe ke la Modimo le gore setho sotlhe, jaaka ditlogolwana tsa batho ba ntlha ba babedi, ba ne ba bopetswe go nna barwa-rraa-motho go feletse ka kgatlampolo ya banna, basadi le bana ba ba ka nnang dimilione tse 99 mo dintweng tsa lekgolo leno la dingwaga fela. Go palelwa ke go dirisa ditekanyetso tsa boitsholo tsa Bibela go tlhagisitse malapa a a thubegileng, tlhagogo ya malwetse a dikobo, go senngwa ga boitekanelo ke tshwakgolo ya diokobatsi, le bokebekwa jo bo thubakanyang. Le eleng batho bao ba falolang loso lo lo setlhogo ba ntse ba lebanwe ke loso ka ntlha ya boleo jo bo ruilweng mo go Adame. Bosupi jotlhe bo bontsha gore batho ba nnela fela go ikutlwisa botlhoko le bao ba ba dikologileng fa ba tlhokomologa dipatlafalo tse di botlhale le tse di lorato tsa Mmopi. (Baroma 5:12; bapisa Isaia 48:17, 18.) Tota ruri ga o batle botshelo jwa mofuta oo. O ka ikgethela sengwe se se leng botoka fela thata.
12. (a) Ke taletso efe e e bothitho eo Bibela e re e bayang pele? (b) Jaaka fa re tswelela ka go dirisa Lefoko la Modimo mo matshelong a rona, ke eng seo re tla se itemogelang?
12 Ka boikuelo jo bo bothitho, Bibela e ntsha taletso: “A lo ko lo lekeñ lo bōnè ha Yehofa a le molemō; go segō monna eo o mo ikanyañ.” (Pesalema 34:8) Go dira seo, o tshwanetse wa nna le go itse Jehofa o bo o dirisa kgakololo ya gagwe. Jaaka fa o dira jalo, botshelo jwa gago bo tla raya sengwe. Go na le go gwalalela metsotswana e se kae ya monate oo o ka go thusang ka nakwana go lebala mathata mme e le oo gantsi e reng moragonyana o tlhagise pelo e e botlhoko, o tla ithuta kafa o ka dirisanang ka katlego ka gone le mathata a botshelo le kafa o ka nnang ka gone le boipelo jo bo nnelang ruri. (Diane 3:5, 6; 4:10-13; 1:30-33) O tla nna gape le tebelelo ya go abalana mo masegong a a gakgamatsang ao a tla nnang gone ka Bogosi jwa Modimo. Fa mofuta ono wa botshelo e le o oo eletsang, go botlhokwa-tlhokwa go tsaya kgato gone jaanong. Ka baka lang?
MERAFE YOTLHE E LEBILE KWA ARAMAGEDONA
13. Ke ka baka lang fa go le botlhokwa go tsaya kemo e e nitameng mo letlhakoreng la ga Jehofa jaanong?
13 Jehofa ga a na a nnela ruri a itshokela batho le ditsamaiso tseo di ka neng di latela kgogo ya ga Satane ka bomo kana ka bopelo-e-tlhoi. Ga di na di dumelelwa go tswelela di ntse di itlhokomolosa molao wa Modimo, di senyaka lefatshe le go sulafaletsa ba bangwe botshelo. Di lebanye le letsatsi la go ikarabela mo go seo Bibela e se bitsang “letsatsi ye legolo ya ga Yehofa.”—Sefania 1:2, 3, 14-18.
14. Merafe yotlhe e phuthelwa kae jaanong?
14 Fa a ne a senola ditiragalo tseo di neng di tla diragala mo malatsing a bokhutlo a tsamaiso ya jaanong ya dilo, Jesu Keresete o ne a kaya gore “meōea ea badimo” e ne e tla “[tswela] kwa dikgosiñ tsa lehatshe yeotlhe, e ea go di phuthèla kwa ntweñ ea letsatsi ye legolo ya Modimo; Mothataeotlhe.” Jaaka tshenolo eo e bontshitse, “ea di phuthèla mo heloñ ha go bidiwañ Hara-Magedona [kana, Aramagedona], mo puoñ ea Sehebera.” Phutho eo e tsweletse pele gone jaanong!—Tshenolō 16:14, 16, Authorized Version.
15, 16. (a) Aramagedona ke eng? (b) Ke ka baka lang fa e tlhokafala?
15 Aramagedona eo Bibela e buang ka yone ga se sengwe seo se ka tilwang ka iphokoletso dibetsa tsa nuclear. Ditumalano tsa merafe-rafe ga di na go ka e kganela. Ka phepafalo leina le tserwe mo motseng wa bogologolo wa Megido, mme go na le mo gontsi thata mo go kopanyelediwang go na le lefelo lengwe le le mo Middle East. E kgaramediwa ke “kgōsana ea lehatshe yeno” e e sa bonaleng, merafe yotlhe, go sa kgathalege megopolo ya yone e e farologaneng ya sepolotiki, e phuthelwa mo boemong jwa lefatshe ka bophara joo bo supang kganetso ya bone kgatlhanong le Jehofa Modimo. “Dikgosi tsa lehatshe,” ga mmogo le balatedi ba tsone, di dirwa gore di ikgethele letlhakore. Ka bofefo fela pele ga Aramagedona kganetso ya tsone mo Bogosing jwa Modimo le mo go botlhe ba ba bo bolelang e tla gakala thata lefatshe ka bophara. E ka ne ba dumela gore Satane o gone kana nnyaa, “lehatshe yeotlhe le namaletse ha tlhatse ga eo o boshula,” jaaka Lefoko la Modimo le bolela. Lefatshe lotlhe le le boikepo le botlhe ba ba le ikanyang, ee, botlhe ba ba etsang ditsela tsa lone, di tshwanetse go feta.—1 Yohane 5:19; 2:15-17.
16 Go tswa fela kwa setlhoeng go ya kwa tlase, lefatshe leno le mathilwe ke go bola. Ga se dikebekwa fela tse di tlhobogilweng mme le eleng moagi mongwe le mongwe ba bontsha tlhokomologo e e senang ditlhong ya molao le go tlhaela kamego ka motho yo mongwe le dithoto tsa batho ka bone. Go feta gotlhe moo, ba gana go sekegela tsebe seo Modimo ka boene a se bolelang mo Lefokong la gagwe, ebong, Bibela. Ga ba tlotle bolaodi jwa gagwe. Go a tlhokafala ka Modimo go tsaya kgato e le gore a phepafatse leina la gagwe mo kgobong e e lerilweng mo go lone, ga mmogo le go siamisa tsela ya go dira lefatshe Paradaise koo barati ba tshiamo ba tla kgonang go ipelela kagiso ya mmatota le polokesego.
17. (a) Tshenyego e tla nna bogolo jo bo kae? (b) Ke mang yo o tla bong a tsamaisa dilo?
17 Fa tshenyego e tla, ga go na go nna le pelaelo epe ya gore e tswa kwa go Jehofa. Tshwafalo e tla apesa kgolokwe yotlhe. Merafe e tla itse gore Jehofa o tsaya kgato jaaka fa mephato ya gagwe e e bolayang e simolola go dira. Jaaka thata ya bogoromente e simolola go kgautlhana, seatla sa motho mongwe le mongwe se tla tsholelediwa mogagabo. Go tswa kwa magodimong, Morwa Modimo ka sebele o tla tsamaisa dilo.—Tshenolō 6:16, 17; 19:11-13; Sekaria 14:13.
18. Bafalodi e tla nna bomang?
18 Ka go sa tshwane le matswela a ntwa ya nuclear eo e lowang ke batho, tshenyego eno ga e na go sa tlhaole. Mme bafalodi e tla nna bomang? A e tla bo e le botlhe bao ba iphakang sebopego sengwe sa bodumedi, kana gongwe botlhe bao ba ipolelang gore ke Bakeresete? Jesu o kaya fa “ba le bantsi” ba ba ba ntseng jalo e le “[ba ba] dihañ tshiamololō.” (Mathaio 7:21-23) Ba ba tla falolelang mo ‘lefatsheng je lesha’ e tla bo e le fela bao ba setseng ba ile ba tlhagolela kamano e e atamalaneng le Jehofa le Morwawe wa kgosi, Keresete Jesu. Ka tsela ya bone ya go tshela le go neela bosupi malebana le Bogosi, ba tla bo ba bontshitse gore tota ruri ‘ba itse Modimo’ le gore ba “utlwa Mahoko a a Molemō a Morèna oa rona Yesu.” A o itshupa o le motho yo o ntseng jalo?—2 Bathesalonia 1:8; Yohane 17:3; Sefania 2:2, 3.