Kgaolo 9
Ke Mang Yo O Gogelang Tseleng ya Kgololo?
1. (a) Re tshwanetse ra ineela mo go eng e le gore re tle re gololwe ka polokesego go ralala “sepitla se segolo”? (b) Seno se ne sa tshwantshediwa jang ke tsela eo Modimo a neng a dirisa Moshe ka yone?
KE FELA fa re amogela boeteledipele jwa ga Jesu Keresete le go neela bosupi jo bo tlhatswang pelo jwa gore ruri re a mo reetsa le go tsamaya mo dikgatong tsa gagwe re ka bolokiwang mo lefatsheng jeno je le boikepo le go falodiwa re tshela mo ‘sepitleng se segolo’ se se tlang. (Ditihō 4:12) Seno se ne sa tshwantshediwa sentle mo ditiragalong tseo di dikologileng go gololwa ga Iseraele wa tlholego mo Egepeto ka 1513 B.C.E. Jehofa ka kgakgamatso o ne a fetisa Iseraele ka polokesego go ralala Lewatle je Lehibidu mme a senya batlhabani ba Egepeto ba ba neng ba ba lelekile. Mo go seno sotlhe, Modimo o ne a dirisa Moshe go goga batho ba gagwe.—Yoshue 24:5-7; Ekesodo 3:10.
2. (a) “Bontsi yoa batho yo bo tlhakanyeñ” joo bo neng jwa tlogela Egepeto le Iseraele e ne e le bomang? (b) Ke eng seo kwa ntle ga pelaelo se neng sa oka ba le bantsi ba bone? (c) Ke kgang efe eo e neng ya re ka bonakonyana ya tloga ya ba baya mo tekong?
2 Fa Baiseraele ba ne ba tloga mo Egepeto ka tebelelo ya go tsena mo Lefatsheng ja Tsholofetso, ba bangwe ba ne ba ikopanya nabo. Fela jaaka e ne ya re moragonyana Moshe a kwala: “Me ga tlhatloga nabō gapè bontsi yoa batho yo bo tlhakanyeñ.” (Ekesodo 12:38) Bano e ne e le bomang? E ne e le Baegepeto kana baeng ba bangwe bao ba neng ba ipataganya le Iseraele. Ba ne ba ile ba bona dipetso tse di boifisang tse Jehofa a neng a di lerile mo morafeng o o gatelelang wa Egepeto go bontsha gore o ne a le Modimo o o osi wa boammaaruri le gore medimo ya Egepeto e ne e le ya maaka mme ebile e ka se ka ya golola bao ba e obamelang. Kwa ntle ga pelaelo gape, seo ba neng ba se utlwa mo Baiseraeleng kaga tebelelo ya botshelo mo “lehatshiñ ye le èlañ mashi le dinotshe” se ne sa utlwala se le molemo mo go bone. (Ekesodo 3:7, 8; 12:12) A mme gape ba ne ba tsaya Moshe jaaka ene yo o tlhophilweng ke Modimo go nna mmusi le mogolodi wa batho ba Gagwe? Ba ne ba tloga ba bewa mo tekong.—Ditihō 7:34, 35.
3. (a) Ke ka ntlha yang fa go ne go le botlhokwa-tlhokwa go latela dikaelo tsa ga Moshe? (b) Ke eng seo se neng se kaiwa ke ‘go kolobediwa mo go Moshe’? (c) Ke ka ntlha yang fa seo se le botlhokwa go Baiseraele ba semoya?
3 Jaaka Iseraele, ga mmogo le “bontsi yoa batho yo bo tlhakanyeñ,” ba atamela dintshi tsa Lewatle je Lehibidu, kgosi ya Egepeto le masole a gagwe a batlhabani ba ba leleka go ba busetsa gape mo bokgobeng. Gore ba gololwe, ba ne ba tshwanetse go nna mmogo le go latela dikaelo tsa ga Moshe, ka jaana Jehofa a ne a dirisa Moshe go ba goga. Ka leru je le sa tlwaelegang Jehofa o ne a kganelela baba kwa morago fa a ne a kgaoganya metsi a lewatle le go le dira komelelo. Mo phapaanong e kgolo le seo se ileng sa diragalela Baegepeto moragonyana, Iseraele yotlhe le “bontsi yoa batho yo bo tlhakanyeñ” ba ne ba falola le Moshe go kgabaganya lewatle je le omeletseng. (Ekesodo 14:9, 19-31) Jaaka ba kgabaganya, dipotana tsa metsi tsone di le kafa mojeng le molemeng wa bone le leru la go nna gone ga Modimo le ba okametse, sengwe se se botlhokwa se ne sa diragala. Bibela e bua ka sone jaaka kolobetso—eseng kolobetso ya sebele ya metsi, mme e leng ya tshwantshetso mo go Moshe jaaka moperofeti wa ga Jehofa, ene yo o rometsweng ke Modimo go nna Mogolodi wa bone. (1 Bakorintha 10:1, 2) Ka mo go tshwanang, Baiseraele botlhe ba semoya bao ba tla falolang tshenyego ya lefatshe jeno le le boikepo ba tshwanetse go tsenelela kolobetso e e tshwanang mo go Keresete jaaka mogolodi le go neela bosupi jo bo tlhatswang pelo jwa gore ba dirisana thata-thata le boeteledipele jwa gagwe. “Bontsi yoa batho yo bo tlhakanyeñ” jwa motlha wa segompieno bo tshwanetse jwa ba pata.
4. Taolo eo Jehofa a e neetseng Keresete e bogolo bo kana kang?
4 Jehofa o neetse Morwawe, Jesu Keresete, thata e kgolo. Ka ene Modimo o dirile gore go kgonege ka rona go ‘gololwa mo tsamaisong e e boikepo ya jaanong ya dilo,’ gore re se ka ra tlhakanela mo bofelong jo bo swabisang jwa yone. (Bagalatia 1:3-5; 1 Bathesalonia 1:9, 10) Ka Moshe, Jehofa o ne a neela Iseraele melao eo e neng e ama ditebelelo tsa gone foo tsa botshelo mo bathong. Fa ba ne ba utlwa melao eo ba ne ba solegelwa molemo thata. Mme melao mengwe e ne e le ya katlholelo ya loso fa motho a tlhoka kutlo. Moragonyana, Jesu o ne a nna moperofeti yo mogolo go Moshe. Seo a neng a se ruta e ne e le “mahoko a botshelō yo bo sa khutleñ,” mme go palelwa ke go utlwa mafoko ano ka bomo go gogela mo losong leo go senang kgololo mo go lone. Ka gone, abo go le botlhokwa jang he, gore re tsenye se a se bolelang mo pelong!—Yohane 6:66-69; 3:36; Ditihō 3:19-23.
5. Ke eng se se dirang gore go ineela go Jesu go ikuele thata?
5 Go batho bangwe, mogopolo wa go ineela mo moeteleding pele ga o bonale o eletsega. Ba bonye kgobololo e ntsi thata mo taolong. Mme mafoko a ga Jesu ka sebele a bontsha moya o o kgothatsang. O re laletsa jaana ka bothitho: “Tlañ kwano go nna lotlhe ba lo lapileñ, ba lo imèlwañ, me ke tla lo lapolosa. Ipeleseñ yokwe oa me, lo ithutè ga me; gonne ke bonōlō le boiñōtlō mo peduñ: me lo tla bōnèla meōea ea lona tapologō. Gonne yokwe oa me o monate, le morwalō oa me o motlhoho.” (Mathaio 11:28-30) Abo e le tebelelo e e ikuelang jang ne! Bao ba reetsang taletso eo e e bothitho, ba baya ikanyo ya bone e e tletseng mo go ene, ga ba ketla ba swabisiwa. (Baroma 10:11) Ba tla itemogela polokesego jaaka e e bonwang ke dinku mo letsomaneng la modisa yo o lorato.
MODISA YO O MOLEMO WA MMAANETE
6. (a) Ke jang morafe wa Iseraele o neng o tshwana le dinku mo lesakeng la dinku? (b) Ke tsholofetso efe eo Jehofa a neng a e dira malebana le modisa wa “dinku” tseno, mme e ne ya diragadiwa jang?
6 Morafe wa Iseraele o ne o tshwana le letsomane la dinku tse e leng tsa ga Jehofa. O ne a neelana ka kgolagano ya Molao, eo e neng e direla jaaka dithako tsa tshireletso tsa lesaka la dinku, le ba kgaogantse le tsela ya botshelo ya merafe ya Baditšhaba e e sa boifeng Modimo. O no o bile gape o lebisa ba ba arabelang kwa go Mesia. (Baefesia 2:14-16; Bagalatia 3:24) Malebana le Kgosi eo ya Modisa ya Bomesia, Jehofa o ne a bolelela pele: “Ke tla di [dinku tsa me] tlhōmèla modisa a le moñwe hèla, me o tla di hudisa, eboñ motlhanka oa me Dafide.” (Esekiele 34:23, 31) Seno se ne se sa reye gore Dafide, yo ka nako eo a neng a sule, o ne a tla boa gape ka sebele sa gagwe a busa gape jaaka kgosi mo bathong ba Modimo. Go na le moo, go tswa moleng wa segosi wa ga Dafide Jehofa o ne a tla tsosa modisa wa kgosi yo ka ene Modimo a neng a tla baakanyetsa ka polokesego. (Yeremia 23:5, 6) Ka dinako tse di farologaneng banna bangwe ka maaka ba ne ba ipolela fa ba le mogolodi wa Bomesia, mme e ne ya re ka ngwaga wa 29 C.E., Jehofa a dirisa Johane Mokolobetsi go bega Jesu Keresete mo ‘dinkung’ tsa Iseraele jaaka yo ka boammaaruri a rometsweng ke Modimo, Mesia yo o neng a na le ditshwanelego tsa boammaaruri. Yono e ne e le Morwa wa selegodimo wa Modimo, yo botshelo jwa gagwe bo neng bo fetiseditswe sebopelong sa kgarebana ya Mojuda e le gore a tle a tsalelwe mo moleng wa segosi wa ga Dafide. Leina Dafide le raya “moratiwa,” jalo, ka mo go tshwanelang, morago ga go kolobediwa ga ga Jesu mo metsing, Jehofa o ne a buela kwa godimo go tswa legodimong: “U morwaake eo o ratègañ, [moratiwa] ke itumèla thata mo go wèna.”—Mareko 1:11.
7. (a) Jaaka “modisa eo o molemō,” Jesu o ne a bontsha jang boteng jwa kamego ya gagwe e e lorato ka “dinku”? (b) Seo se ne sa fapaana jang le boitshwaro jwa bo-mesia ba maaka ba pelenyana?
7 Dikgwedi di ise di nne supa pele ga loso lwa gagwe, Jesu o ne a kile a re: “Ke nna modisa eo o molemō; modisa eo o molemō o beèla dinku botshelō yoa gagwè.” (Yohane 10:11) O ne a farologanya seabe sa gagwe le seo sa bo-mesia ba maaka bao ba neng ba tsile go le pelenyana, ka go re: “Eo o sa tseneñ ka kgōrō mo sakeñ ya dinku, me a pagama ka go sele, ke èna legodu le senokwane. Me eo o tsènañ ka kgōrō, ke modisa oa dinku. Me èna, molebedi oa kgōrō oa tla a mmulèle; me dinku di utlwe lencwe ya gagwè: me a bitse tse e leñ dinku tsa gagwè ka maina, a di gōgèle kwa ntlè. Me e re a sena go bolotsa tse e leñ tsa gagwè cotlhe, a di ètèlèle pele, me dinku di mo sale moragō; gonne di itse lencwe ya gagwè. Me moeñ èna, ga di ketla di mo sala moragō, me di tla mo tshaba: gonne ga di itse lencwe ya baeñ.”—Yohane 10:1-5, 8.
8. (a) Ke mo ‘lesakeng la dinku’ lefe le lesha leo Jesu a neng a gogela Bajuda bao ba neng ba mo sala morago mo go lone? (b) O lerile ba le kae mo lesakeng leno?
8 Bao ba neng ba le mo lesakeng la dinku la Sejuda mme ebile ba ile ba arabela ketelelong pele ya kgolagano ya Molao ba ne ba amogela Jesu jaaka Mesia fa Johane Mokolobetsi jaaka “molebedi oa kgōrō” a ne a mmega. Ba ne ba itshupa e le ‘dinku tsa ga’ Jesu, mme o ne a ba gogela kwa lesakeng je lesha ja tshwantshetso, kana bohulo, jwa ga Jehofa. Lesaka leno le ne le emela kamano e e amogelegang le Jehofa mo motheong wa kgolagano e ntšha, eo e neng ya dirwa le Iseraele wa semoya mme ya tshwanelegisiwa ke madi a ga Jesu ka sebele. Ka kgolagano eno go ne ga kgonega mo go bone gore ba bone botshelo jwa selegodimo ka Keresete e le “losika” lwa ga Aberahame yoo masego ao a neng a tla tlela batho ba merafe yotlhe ka ene. (Bahebera 8:6; 9:24; 10:19-22; Genesise 22:18) Jesu Keresete, yoo Modimo a neng a mo tsosa mo baswing le go mmusetsa mo botshelong jwa selegodimo, ke “kgōrō” ya lesaka leno la dinku la kgolagano e ntšha. Tumalanong le boikaelelo jwa ga Rraagwe, o lerile mo lesakeng leno bao fela ba lekanyeditsweng ka palo—ba ba 144 000 fela—sa ntlha go tswa Bajudeng, mme ya re moragonyana go tswa go Basamaria le Baditšhaba. Jaaka Modisa yo o Molemo, Jesu o itse nku nngwe le nngwe ya gagwe ka leina mme o ba neela tlamelo e e lorato ya botho le tlhokomelo.—Yohane 10:7, 9; Tshenolō 14:1-3.
9. “Dinku di sele” tseo Jesu a lebisitseng go tsone ke dife, mme di phuthiwa leng?
9 Lefa go ntse jalo, Jesu ga a lekanyetse bodisa jwa gagwe fela go “lecomanyane” leo le bonang Bogosi jwa selegodimo. (Luke 12:32) O ne a re gape: “Ke bile ke na le dinku di sele, tse e señ tsa saka ye; le cōna ke na le go di lere, me di tla utlwa lencwe ya me; me di tla nna lecomane le le leñwe hèla, le modisa a le moñwe hèla.” (Yohane 10:16) Bano ke bomang? Ke batho bao ba seng mo kgolaganong e ntšha; ga se Baiseraele ba semoya. Mme ba atamediwa gautshwane bokopanong le maloko a Iseraele wa semoya fa bano ba sa ntse ba le mo lefatsheng mme ebile ba tlhoka mofuta wa bodisa oo Jesu a o tlhalosang. “Dinku di sele” ke batho bao, mo metlheng eno ya bofelo, ba ntseng ba phuthelwa paakanyetsong ya ga Jehofa ya botshelo jo bosakhutleng mo motheong wa tumelo ya bone mo molemong wa setlhabelo sa madi a ga Jesu. Ba tshwana fela le “boidiidi yo bogolo” jwa Tshenolō 7:9, 10, 14, mme jalo ba na le tebelelo ya go falola sepitla se segolo se se tlang.
10. Go nna mongwe wa “dinku di sele” tseo, ke eng se se tlhokwang?
10 Go tshwanela tlhaloso ya Bibela ya “dinku di sele” tse di ntseng jalo tseo di sirelediwang le go bolokiwa ke Modisa yo o Molemo, motho o tshwanetse go “utlwa” lentswe ja Gagwe le go neela bosupi jwa gore ruri ke bontlhanngwe jwa “lecomane le le leñwe hèla” leo le akaretsang baruaboswa ba mmaanete ba Bogosi jwa selegodimo. A o dira seo? O reetsa lentswe ja gagwe ka kelotlhoko e e kana kang?
11. Ke eng se se tla neelang bosupi jwa gore ruri re “utlwa” seo Jesu a neng a se bolela go Yohane 15:12?
11 Kwa ntle ga pelaelo o itse gore Jesu o ne a re: “Taolō ea me ke e, gore lo ratanè, hèla yaka le nna ke lo ratile.” (Yohane 15:12) Taolo eo e ama botshelo jwa gago jang? A lorato loo o lo bontshang ke lwa mofuta o o Jesu a neng a o kaya? A ruri-ruri ke lo lo intshang setlhabelo? A ditiro tsa gago le maikutlo di neela bosupi jwa lorato lo lo ntseng jalo tebang le botlhe ba ba mo phuthegong ya Bokeresete le go maloko a ba ntlo ya gago?
12. (a) Fa tota-tota ‘re rutwa ka Jesu,’ seo se tla dira phetogo e e kana kang mo go rona? (b) Jalo, ke eng seo re tshwanetseng ra bo re se dira ka dilo tseo re di ithutang mo Bibeleng?
12 Moaposetoloi Paulo o tlhalosa gore fa ka boammaaruri re ‘utlwa’ Jesu mme ebile re “rutwa mo go èna,” botho jwa rona ka kakaretso bo tla fetoga. Re tla apola motho wa bogologolo yo o tsamaelanang le tsela ya pele ya botshelo mme re apare “motho eo mosha,” yo o supang dinonofo tse di molemo tsa ga Jehofa. (Baefesia 4:17-24; Bakolosa 3:8-14) Jaaka fa o ithuta Bibela, a o akanya ka tlhoafalo kaga mafelo ao wena ka bowena o tlhokang go dira dipaakanyo e le gore o itumedise Modimo? A ka segakolodi sa gago o dira diphetogo tse di ntseng jalo? A o tlhokomela tiro e e botlhokwa-tlhokwa eo Jesu a neng a e laolela motlha wa rona—go rerwa ga mafoko a a molemo a Bogosi jo bo tlhomilweng jwa Modimo—mme ebile a o senka ditsela tseo o ka tlhakanelang moteng ka tsone? A go anaanela bopelonomi jo bo sa tshwanelang jwa Modimo tebang le wena go go tlhotlheletsa go nna le keletso e e mo pelong ya go dira jalo?—Mathaio 24:14.
13. (a) Fa re sa itlhokomele, ke jang dipelo tsa rona di ka re timetsang? (b) Ke go ya bokgakaleng bofe he, re tshwanetseng ra latela dikgato tsa ga Keresete?
13 Re tshwanetse ra itlhokomela gore re se timediwe ke dipelo tsa rona. Dimilione tsa batho di ipolela fa di dumela mo go Jesu Keresete, mme gongwe ebile ba ka tsopola dingwe tsa dilo tseo a di rutileng, mme ba dirisa fela seo ba fitlhelang se ba tlhofofalela. Bangwe ba ka nna ba tila go ithabuetsa mo boitshwarong joo ba bo tsayang bo le phoso ka mo go feteletseng. Tebelelo ya botshelo mo lefatsheng la Paradaise tlaseng ga Bogosi jwa Modimo e ka nna ya utlwala e le molemo mo go bone, mme ebile ba ka ipelela go kopanela jaanong le bao ka bopelo-e-phepa ba lekang go dirisa melao-metheo ya Bokeresete mo matshelong a bone. Mme fa re batla go nna gareng ga bao ba tla falolelang mo ‘lefatsheng je lesha,’ re tshwanetse ra reetsa ka kelotlhoko sengwe le sengwe se Jesu a se bolelang. Go botlhokwa go lemoga gore re ka seka ra tsamaisa dikgato tsa rona ka katlego. Re tshwanetse ra reetsa Morwa Modimo, ene yo o laotsweng ke Jehofa jaaka Mogolodi wa batho ba Gagwe, le go sepela ka kelotlhoko mo dikgatong tsa gagwe.—Yeremia 10:23; Mathaio 7:21-27; 1 Petere 2:21.