Kgaolo 20
‘Yo Mmotlana o Nna Morafe O O Thata’
1. (a) Malebana le bogolo jwa koketsego ya baobamedi ba boammaaruri, ke eng seo Jehofa a neng a se bolelela pele? (b) Ke mang yo tota-tota a lereng seno, mme jang?
BAO eleng baobamedi ba ga Jehofa ba tswa kgakala ba le palo e potlana fa ba bapisiwa le palo ya batho. Mme mo motlheng wa rona palo ya bone e ntse e oketsega ka selekanyo seo se itumedisang barati ba tshiamo. Malebana le bogolo jwa koketsego eno, Jehofa ka boene o ne a bolelela pele a re: “Eo monnye o tla tla a nna makgolo a le shomè, le eo mmōtlana a nna morahe o o thata: Nna Yehofa ke tla go akohisa mo motlheñ oa gōna.” (Isaia 60:22) Jaaka fa lokwalo loo lo tlhalosa, Jehofa ka boene o diragatsa seno. Jang? Ka go dira gore gareng ga batlhanka ba gagwe go nne le boemo jo bo ba farologanyang ka phepafalo le ditlhopha tsa merafe e e ba dikologileng ebile bo gogela ba dipelo tse di ikanyegang thata.
2. (a) Isaia 60:1, 2 e lebisitswe go bomang? (b) Ke ka tsela efe “kgalalèlō ea ga Yehofa” e neng ya dirwa gore e mo phatsimele? (c) Ke jang masalela a neng a dirwa gore a “phatsimè”?
2 Seno se ne sa bolelelwa pele go Isaia 60:1, 2, koo Jehofa a lebisang go “mosadi” wa gagwe, ebong phuthego ya gagwe e e dirilweng ka dibopiwa tse di ikanyegang tsa semoya ga mmogo le bana ba ba itshenketsweng ba semoya mo lefatsheng, e re: “Coga, u phatsimè; gonne lesedi ya gago le hitlhile, le kgalalèlō ea ga Yehofa e gu tlhabetse. Gonne, bōna, lehihi le tla bipa lehatshe, le lehihi ye lenchoncho le tla bipa dichaba: me wèna, Yehofa o tla gu tlhabèla, le kgalalèlō ea gagwè e tla bōnala mo go wèna.” Motheo wa phapaang eno ke botsalo jwa Bogosi jwa Bomesia jwa ga Jesu Keresete ka 1914. E ne ya nna he fa “kgalalèlō ea ga Yehofa” e neng ya phatsimela phuthego ya gagwe ya selegodimo, eo e neng ya lere botsalo jwa Bogosi. Go ne ga nna le lebaka la boipelo jo bogolo gareng ga bone. (Tshenolō 12:1, 2, 5, 10-12) Mme mo lefatsheng masalela a a tloditsweng a baruaboswa ba Bogosi ba ne ba tlhakanela mo boipelong joo. Go simolola ka 1919, ba ne ba ‘phatsima’ jaaka fa ba bolela ka Bogosi jwa Modimo mo lefatsheng lotlhe gore ke jone tsholofelo ya mmaanete le gore ke jone tsholofelo fela mo sethong.—1 Petere 2:9; Mathaio 5:14-16.
3. (a) Ke ka ntlha yang, segolo bogolo fa e sale 1914, ‘lefifi le ileng la bipa lefatshe’? (b) Tharabololo e le yosi fela ya mmaanete ke efe?
3 Mo phapaanong le seo, ka 1914 ditlhopha tsa merafe, tsa lefatshe, tseo di neng di lwela go tshegetsa bolaodi jwa tsone, di ne tsa tsena mo motlheng wa thubakanyo le tlhoka-polokesego tseo di iseng di ke di tlhole di tokafala mo go tsone. Go tlhoka go itsetsepela fa e sale nakong eo go dirile gore ba le bantsi ba lemoge gore, go sa kgathalesege “kgatelo-pele ya boitseanape,” ga ba na isagwe e e bolokesegileng eo ba ka lebang go yone. Ruri, ‘lefifi le bipile lefatshe.’ Ke ka ntlha yang fa ba sa bone kgoro ya botso? Ka go bo merafe e latlhile Jehofa jaaka Molaodi. Gantsi, ke babusi ba se kae fela bao ba ileng ba bua tirelo “Modimo” ka molomo fela bao ebileng ba se ke ba dirisa leina la gagwe. Ba ikemiseditse gore ba tla itsamaisetsa dilo, mme mathata ao ba lebaneng le one a fetile nonofo ya motho go ka a rarabolola. (Yeremia 8:9; Pesalema 146:3-6) Lefatshe la jaanong, ka bogagapa jwa lone le go bola, le fitlhile mo ‘metlheng ya bofelo ya lone.’ Ga go na kafa le ka falolang tshenyego eo e le emetseng ka gone. Ke batho fela ba ba bayang tumelo ya bone e e tletseng mo Bogosing jwa Modimo ba ka lebang isagwe ka ikanyo. Ka dipalo tse di ntseng di gola, batho ba dipelo tse di ikanyegang ba ntse ba lemoga seno mme ba ntse ba tlhakanela ka tlhagafalo le Basupi ba ga Jehofa, bao ba sa bueng fela kaga Bogosi mme ba lekela ka tlhagafalo go tshela tumalanong le seo ba se rerang.
‘YO MONNYE O NNA MAKGOLO A SOME’
4. Tiragatsong ya ga Isaia 60:4, ke tiro efe ya go phuthiwa eo e neng ya bona tlhokomelo ya ntlha?
4 E ne ya re fa Ntwa ya Lefatshe I e fela, go phuthiwa ga baruaboswa ba Bogosi ga bo go ise go wediwe. Go ne go sa ntse go na le ‘bomorwa’ le ‘bomorwadi’ ba ba oketsegileng ba Jerusalema wa selegodimo bao ba neng ba tlhokwa go tlatsa ba ba 144 000 ba ba boleletsweng pele ba ba tla busang le Keresete mo legodimong. Lefa go ntse jalo, Jehofa o ne a bolelela pele ka go wela ga tiro eno, fa a re: “Choletsa matlhō a gago u lebè, u kōbakōbè: ba phuthèga botlhe mmōgō, baa tla kwa go wèna: bomorwao baa tla, ba cwa kgakala, le bomorwadio ba tla cholwa ka mabōgō.” (Isaia 60:4) Ka ntlha ya go bolelwa ga Bogosi mo go neng ga dirwa go tloga ka 1919 le morago, diketekete tse di oketsegileng di ne tsa ineela mo go Jehofa, tsa kolobediwa le go tlodiwa ka moya o o boitshepo. Lefa go ntse jalo, Jesu o ne a bua ka setlhopha sotlhe ka kakaretso sa baruaboswa ba Bogosi a re ke “lecomanyane.” (Luke 12:32) Go diragatsa seo se neng sa bolelelwa pele go Isaia 60:22, ruri go ne go tshwanetse ga nna le ba ba oketsegileng go phuthelwa mo kobamelong ya boammaaruri. Ruri seo se nnile jalo!
5. Ke jang motswedi wa koketsego e nngwe o tlhalositsweng ka gone go Isaia 55:5?
5 Go buiwa jaana ka bone mo go Isaia 55:5: “Bōna, u tla bitsa morahe o u sa o itseñ, le morahe o o noñ o sa gu itse o tla chologèla kwa go wèna, ka ntlha ea ga Yehofa, Modimo oa gago, le ka ntlha ea Moitshepi oa Iseraela, gonne o gu galaleditse.” Bano ke batho ba ba tswang ka kwa ntle ga Iseraele wa semoya. Ba tswa merafeng e le mentsi mme ba nna batho ba ba utlwanang, botlhe ba tshegetsa Bogosi jwa Modimo ka boikanyegi. Ke “morahe” oo masalela a Iseraele wa semoya a neng a ‘sa o itse’ go ya ka kutlwisiso ya bone ya Dikwalo, mme le bone batho bano pele ba ne ba ise ba ke ba itshwenye ka go tsaya-tsia batlhanka ba Modimo. Mme ka ntlha ya go rerwa ga mafoko a a molemo, ba gapiwa kgatlhego ka jaana ba lemoga gore Baiseraele bano ba semoya ba obamela Modimo wa boammaaruri ka ba lemoga gore ba na le bontle jwa semoya joo bo ka tswang fela mo go segofadiweng ke Modimo.
6. Molaetsa wa Bogosi o isiwa bokgakaleng jo bo kae, mme ka matswela afe a a itumedisang?
6 Go sa kgathalesege sotlhe se se dirilweng ke Satane go kganela go rerwa ga molaetsa wa Bogosi le go faposetsa tlhokomelo ya batho ditelekisong tse dingwe, lesedi la boammaaruri le ntse le tsweletse ka go fitlhelela le eleng mo dikarolong tse di kgakala tsa lefatshe. Matswela a ile a nna fela jaaka Modimo o sa le o ile wa bolelela “mosadi” wa gagwe ka seperofeti a re: “Hoñ u tla bōna, u sa matlhō, me pelo ea gago e tla hohoma, e nna tamutamu; ka gonne letlōtlō ya lewatlè le tla bosediwa kwa go wèna, mahumō a merahe a tla tla kwa go wèna. . . . Me ba tla bolèla dipakō tsa ga Yehofa.” (Isaia 60:5, 6) Ee, “boidiidi yo bogolo” jwa batho bao pele e neng e le bontlhanngwe jwa “lewatlè” la batho ba ba kgaoganeng le Modimo, batho ba matshelo a bone a neng a fifaditswe ke “lehihi ye lenchoncho” leo le bipileng merafe, ba ile ba ikopanya le Iseraele wa semoya. Mo matlhong a Modimo, bano ruri ke ba ba tlhokegang thata go tswa merafeng yotlhe.
7. Ka tsela eo koketsego e bolelelwang pele ka yone, Jehofa o bontsha jang seo tota-tota se eletsegang mo matlhong a gagwe?
7 Ka nako ya fa go agiwa tempele ya ga Jehofa sesha mo Jerusalema, o ne a tlhotlheletsa moperofeti wa gagwe Hagai go itsise ka gore: “Ke tla reketlisa merahe eotlhe, me dilō tse di elètsègañ tsa merahe eotlhe di tla tla, me ke tla tlatsa ntlo e ka kgalalèlō, go bua Yehofa oa mashomōshomō.” (Hagai 2:7) Go reketlisiwa le go tshikinngwa moo ga merafe e tla re kgabagare go gogele mo go reng e senngwe, mme pele ga seo se ka diragala “dilō tse di elètsègañ tsa merahe eotlhe” di tshwanetse tsa phuthiwa gareng ga yone mme tsa leriwe mo tempeleng e kgolo ya semoya ya ga Jehofa, ntlo ya gagwe ya kobamelo ya lobopo lotlhe. Fano ba tla bona polokesego fa lefatshe le kgautlhana. Ke baobamedi ba ba ntseng jalo ba ba tshelang bao ba eletsegang go Jehofa. Ga a batle mahumo a bone a dilo tse di bonalang. (Mika 6:6-8) Selo se se mosola thata seo ba ka se fang Jehofa ke kobamelo ya bone ya moya otlhe. Ba tla ka ditshupelo tsa boineelo jwa pelo le tirelo e e tlhagafetseng, botlhe ba “bolèla dipakō tsa ga Yehofa.” Abo ponalo ya bone e lereditse batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa kwa legodimong le mo lefatsheng boipelo!
8. Ke ditshupo dife tseo Bibela e di neelang ka ga bokgakala jwa go phutha bao e tla nnang baruaboswa ba lefatshe ba Bogosi?
8 Ke ba le kae go baobamedi bano ba ga Jehofa bao ba itumelelang tsholofelo ya botshelo mo lefatsheng la Paradaise ba ba tla nnang teng? Bibela ga e tlhome palo. E reboletswe batho ba ka nna bontsi jo bo ka kgonegang go tswa merafeng yotlhe gore ba ikamogelele dipaakanyetso tsotlhe tse di lorato tsa ga Jehofa. Lefa go ntse jalo, sengwe seo re ka se lebelelang, se fitlhelwa go Isaia 60:8, eo e ba tlhalosang jaaka maphoi “a a hohañ yaka leru”—leru jeo le khurumetsang lefatshe kwa tlase. Seno se kaya go ketemetsega ga palo e kgolo ya batho ka nako e khutshwane. Ka bontsi-ntsi jo bo kana kana jwa baobamedi ba ba tsenang ba ga Jehofa, go ne ga bolelelwa pele gore, “Eo monnye” wa Iseraele wa semoya o “tla tla a nna makgolo a le shomè, le eo mmōtlana a nna morahe o o thata,” mme Jehofa o ne a bolela gore o ne a “tla go akohisa mo motlheñ oa gōna.” (Isaia 60:22) A seo se tshwanelana le seo tota-tota se ileng sa diragala?
9. Koketsego e e ntseng jalo e ile ya ya bokgakaleng jo bo kae fa e sale 1935?
9 Morago ga Ntwa ya Lefatshe I go ne go le dikete di se kaenyana fela tseo di neng di tshwaregile ka tlhagafalo mo go neeleng bosupi phatlalatsa ka ga Bogosi. Ka 1935 ba ne ba akaretsa palonyana ya ba ba 60 000 lefatshe ka bophara. Ka 1941 palo ya baboledi ba Bogosi e ne ya tlhatlogela go 100 000. Ka 1953, go ne go na le ba ba fetang 500 000. Dingwaga tse di lesome moragonyana ba ne ba tshwara sedikadike. Tshimologong ya 1984, go ne go na le ba le 2 652 323. Mo palogareng, ba senya dioura tse di ka fetang sedikadike ka letsatsi ba bontsha ba bangwe gore ke ka ntlha yang fa e le Bogosi jwa Modimo fela bo tla lereng tsholofelo ya mmatota ya isagwe. Fa go bapisiwa le palo ya bao, jaaka Basupi ba ga Jehofa, ba neelang bosupi jwa go re ke babusiwa ba Bogosi jwa ga Jehofa jwa Bomesia, go ya go lemosega gore merafe mengwe e e ka tshwarang 60 ya lefatshe gompieno e na le palo ya batho eo e leng kwa tlase ga palo ya “morahe” ono o o golang. Lefa go ntse jalo, “morahe” ono o eleng one fela wa mofuta wa ona, ga o na karolo epe mo dipolotiking tsa lefatshe mme o ineetse ka mo go feletseng mo tirelong ya Modimo wa boammaaruri.
10. (a) Ke maemo afe ao a dirang kgolo eno go nna e e kgatlhisang mo matlhong a rona? (b) Ke eng seo se supang gore go sa ntse go tla se se oketsegileng?
10 A seno ke selekanyo se se tletseng seo ka sone polelelo pele eno e tla diragadiwang? Seo se setseng se diragetse se tshwanelana sentle le tlhaloso ya Bibela. Mme ebile ke mo go kgatlhisang gape, fa re akanyetsa maemo ao tiro eno e direlwang mo go one—dikgoreletsi tse di nang le go fenngwa, bosupi jwa kaelo ya bomodimo go e atlegisa, boineelo joo bo bontshiwang ke bao ba tlhakanelang mo go yone. Se sengwe gape se se kgatlhisang thata, ke diphetogo tseo e di tlhagisitseng mo matshelong a batho. Mme koketsego ya batho bao ba emang phatlalatsa kafa go Jehofa ga e eme, lefa e le go nyafala. Mo dingwageng tsa bosheng jaana go ile ga nna mo palong gareng, bao ba ka fetang 10 000 bao ba ntseng ba itlhagisa go kolobediwa mo metsing kgweding nngwe le nngwe, mme palo-kakaretso e ile ya nna ya tlhatlogela godimo ngwaga le ngwaga. Bano botlhe, ka go tshelela seo se supiwang ke kolobetso ya bone, ba ka nna ba nna le tebelelo e e tlhomamisetsang ya go falolela mo ‘lefatsheng je lesha.’
11. (a) Bibela e supa jang gore dimilione tseno tsotlhe di nna karolo ya phuthego? (b) Boikaelelo-bogolo jwa phuthego eo ke bofe?
11 Dimilione tseno tsa batho ga se baithuti fela ba Bibela ba ba ikgaogantseng, mongwe le mongwe a direla Modimo ka tsela e e leng ya gagwe. Ke batho bao ka boikobo ba nnang bontlhanngwe jwa phuthego e e bonalang ya ga Jehofa. Jaaka fa re bonye, e ne ya re lwantlha baruaboswa ba Bogosi ba “phuthèga botlhe mmōgō.” Mme jaanong ba bangwe gape go tswa merafeng, ba ba nang le tsholofelo ya botshelo jwa selefatshe, ‘ba tla kwa go bone.’ (Isaia 60:4, 5) Ba ile ba nna “lecomane le le leñwe hèla” tlaseng ga “modisa a le moñwe hèla,” ebong Jesu Keresete. (Yohane 10:16) Moaposetoloi Petere o ne a tlhalosa Bakeresete ba boammaaruri jaaka ‘bakaulengwe ba ba mo lefatsheng,’ mme le Paulo o ne a ba kgothaletsa gore ba se ka ba itomolola mme ba ‘phuthege mmogo,’ segolo bogolo jaaka motlha wa go diragatsa katlholo ya bomodimo o ntse o atamela. (1 Petere 5:9; Bahebera 10:23-25) Ka tsela eo ba thatafadiwa le go siamisediwa go abalana mo boikaelelong jo bo molemo joo phuthego eno e bo nnetseng. Mme joo ke bofe? Go goletsa leina la ga Jehofa.—1 Petere 2:9; Isaia 12:4, 5.
TIRO E E NANG LE GO DIRWA
12. (a) Jesu o ne a supa jang tiro e rotlhe re tshwanetseng ra abalana mo go yone? (b) E botlhokwa go le kana kang, mme ka ntlha yang?
12 Botlhe bao ba kopanelang le phuthego ya ga Jehofa ka bonakonyana ba lemoga gore bao ba leng mo teng ga yone ke badiri. Ka go etsa Jesu Keresete botlhe ke bareri ba ba tlhagafetseng ba Bogosi jwa Modimo, joo leina la ga Jehofa le tla galalediwang ka jone. Jesu ka boene o ne a re: “Ke na le go rèrèla le metse e meñwe Mahoko a a Molemō a bogosi yoa Modimo: gonne ke romilwe go diha yalo.” (Luke 4:43) O ne a bua ka tlhoafalo kafa go tlhokafalang ka teng gore ba bangwe ba agele matshelo a bone go dikologa go dira thato ya Modimo. O ne a ruta balatedi ba gagwe go dira tiro e e tshwanang le e a neng a e dira. Mo nakong eo re tshelang mo go yone, o ne a bolelela pele gore “Mahoko a a Molemō a, a bogosi,” a tla “rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe.” (Mathaio 24:14) Eno ke tiro e e botlhokwa-tlhokwa eo mongwe le mongwe wa rona a ka e dirang gompieno. Ka ntlha yang? Ka go bo ka yone re a bo re tshegetsa bolaodi jo bo tshwanetseng jwa ga Jehofa Modimo, joo molemo otlhe wa lobopo lotlhe o ikaegileng ka jone. Ka go abalana ka pelo yotlhe mo tirong eno, re a bo re bontsha kanaanelo ya rona ya bopelonomi jo bo sa tshwanelang jo bogolo jwa ga Jehofa. Re bile gape re thusa batho ka rona go inaakanya le tsela eo ka yone ba ka kgonang go falola sepitla se segolo se se tlang.—Bapisa 1 Timotheo 4:15, 16.
13. (a) Go Isaia 60:17, ke boemo bofe jo bo neng jwa bolelelwa pele ka phuthego ya ga Jehofa? (b) Ke eng seo re tshwanetseng go se dira gore re bo itumelele ka botlalo? (c) Ke tebelelo efe e e kwa pele ga ba ba dirang jalo?
13 Maemo a ba a fitlhelang moteng ga phuthego ya ga Jehofa a omosa dipelo tsa bone. Jaaka Jehofa a ile a bolelela pele ka Isaia: “Ke tla diha maōtlana a gago kagishō, le badihisi ba gago tshiamō.” (Isaia 60:17) Kagiso eo e tla nnang gone ga se ya molomo fela mme ke ya mmatota, loungo lwa moya o o boitshepo wa Modimo. Seno ga se reye gore motho o tla itemogela kagiso eo ka botlalo ka go bo fela a kopanela le phuthego. Ene ka boene o tshwanetse a ithuta go “[latela] dilō tse di dihanañ le kagishō, le dilō tse re ka agèlèlanañ ka cōna.” (Baroma 14:19) O tshwanetse a ithuta go bontsha botlhale jwa bomodimo fa a ntse a dirisanya le go sa itekanelang ga ba bangwe, go neela bosupi jwa gore o pelotelele ebile o boikgapo, a itshwarela ba bangwe fela jaaka le ene a batla gore Modimo a mo itshwarele. Ee, o tshwanetse gape a ‘dira kagiso.’ (Yakobe 3:17, 18; Bagalatia 5:22, 23; Bakolosa 3:12-14) Ba ba dirang jalo ba bona boitumelo jo bogolo mo go nneng bontlhanngwe jwa “morahe o o thata” o o ntseng jaanong o bopega ebile o ineetse mo tirelong ya ga Jehofa, “Modimo o o itumetseng.” (1 Timotheo 1:11, NW) Ke maloko a “morahe” ono a a tla bolokiwang fa Jehofa a diragatsa katlholo kgatlhanong le lefatshe lotlhe leo le ineelang go Satane jaaka mmusi wa lone.