Kgaolo 22
Se Tlhologelelwe Se O Se Tlogetseng!
1. (a) Ke masego afe ao a leng kwa pele ga batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo? (b) Lefa go le jalo, ke eng seo batho bangwe ba se dirileng?
TIRAGATSO ya polelelo pele ya Bibela kwa ntle ga go fosa e bontsha gore gone gompieno jaana re gaufi fela thata le tsamaiso e ntšha ya dilo ya Modimo e e galalelang. Ka bonakonyana lefatshe le le boikepo le tla bo le ile, mme ga mmogo le lone go ile pelo e e botlhoko, mahuma-pelo le botlhoko joo a bo tlisang. Lefatshe le tla fetolelwa mo Paradaiseng eo baobamedi ba Modimo wa boammaaruri ba tla kgonang go itumelela botshelo jo bo itekanetseng jwa botho ka bosakhutleng. Mabapi le go tlhomamisega ga ditsholofetso tsa gagwe kaga dilo tseno, Jehofa o ne a raya moaposetoloi Johane a re: “Kwala: gonne mahoko a, a boikañō, le boamarure.” (Tshenolō 21:1-5) Lefa go le jalo, lefa go ka bonala ekete go a gakgamatsa, batho bangwe bao ba itseng boammaaruri jono ba boela tseleng ya botshelo ya lefatshe leo Modimo a reng o tla le senya. Abo go utlwisa botlhoko! Ke ka ntlha yang fa ba dira jalo?
2. (a) Go tila phelelo e e ntseng jalo, ke eng seo motho a tshwanetseng go se dira morago ga go ithuta boammaaruri? (b) Fa a palelwa ke go dira seno, ke eng seo se ka apesang go akanya ga gagwe, mme ka matswela afe?
2 E ne ya re fa e le lwantlha ba utlwa mafoko a a molemo kaga Bogosi jwa Modimo le gore bo tla dira eng, ba ne ba a amogela ka boitumelo. Mme e bile go botlhokwa gore go gatelwe pele go ya kgolong ya Bokeresete, motho a oketsa kutlwisiso ya gagwe ya Lefoko la Modimo le go senka ditsela tsa go le dirisa ka botlalo mo botshelong jwa gagwe. (Bahebera 6:1, 11, 12) Fa tlhaelo ya kanaanelo e dira gore mongwe a tlhokomologe go dira jalo, ga a ne a tswelela a tsaya tshiamelo ya go direla Modimo jaaka e e eletsegang. Motho yo o ntseng jalo o ka nna a felela pelo masego ao a bonalang ao Modimo a a solofeditseng, fa ka ntlha e nngwe a tlholega go lemoga kafa a tlhokang ka teng gore a gole mo semoyeng le botlhokwa jwa go abalana ka botlalo kafa go ka kgonegang ka teng mo tirong ya go rera le go dira barutwa eo Modimo a e re neetseng go e dira jaanong. Go kgorisa dikeletso tsa dilo tse di bonalang le seo mo go ene se bonalang e le menate di ka nna tsa simolola go tsaya nako e e oketsegileng ya gagwe. O sutisetsa dikgatlhego tsa semoya kwa morago. A sa dire jalo mo kgannyeng ya ntlha fela, mme ka bonya ka bonya, a simolola go katela kwa morago mo lefatsheng.—1 Timotheo 6:9, 10.
3. (a) Ke ka ntlha yang fa go le kotsi go tlhopha ditsala tsa batho bao ba sa obameleng Jehofa? (b) Motho o ka iphitlhela leng a le mo bokopanong jo bo iketlileng le batho ba ba ntseng jalo?
3 Motho o ka nna a re o batla go falolela mo ‘lefatsheng je lesha,’ go tshela mo lefatsheng le go renang tshiamo fela. A mme go kgetha ga gagwe balekane go tshegetsa se a se bolelang? Gone ee, ga go kafa motho o ka tilang kamano ya malatsi otlhe le batho ba ba sa direleng Jehofa—kwa tirong, kwa sekolong, kwa mabenkeleng, le eleng mo gae. Mme ka maitapoloso kwa tirong, pele le morago ga sekolo, a founa kana a etetse ditsala, ka dinako tsa boitloso-bodutu, o tlhopha go nna le bomang? A tota-tota go na le pharologano? Bibela e a tlhagisa: “Lo se ka loa tsietsèga: Go ikōpanya le ba ba boshula, go tlo go bodise mekgwa e mentlè.” (1 Bakorintha 15:33) Mme “ba ba boshula” ke bomang? A go na le pharologanyo nngwe fa batho bangwe ba sa obamele Jehofa, ba dira fela se se lebegang e kete se siame mo matlhong a bone? Mo motheong wa seo re setseng re se ithutile gale, re itse gore batho ba mofuta oo ga ba ketla ba falolela mo ‘lefatsheng je lesha.’ Botlhe bao ba nyenyefatsang ditekanyetso tsa ga Jehofa fa ba tlhopha ditsala ba ka tloga ba iphitlhela ba setse ba boetse mo lefatsheng leo pele ba neng ba gopola gore ba le tlogetse. Mme dikai tsa tlhagiso tse di kwadilweng mo Dikwalong di ka re sireletsa kgatlhanong le tsela e e ntseng jalo fa re di tsenya mo pelong.—1 Bakorintha 10:11.
‘DI KWALETSWE GO NNA TLHAGISO MO GO RONA’
4. (a) Ke botshelo jwa mofuta ofe joo Iseraele a neng a bo tshela kwa Egepeto morago ga loso lwa ga Josefa? (b) Ke ka ntlha yang fa “bontsi yoa batho yo bo tlhakanyeñ” bo ne jwa kopanela le Iseraela fa ba ne ba gololwa mo Egepeto? (c) Tiragalo eo ya seperofeti e ile ya diragadiwa jang mo motlheng wa rona?
4 Fa Jehofa a ne a golola Iseraele mo bokgobeng mo Egepeto, abo e tshwanetse ya bo e ile ya nna kgololo jang mo go bone! Kgatelelo e e setlhogo eo ba neng ba e bona morago ga loso lwa ga Josefa e ne ya dira gore Egepeto a tshwane le leubelo le le fisang leo ba neng ba latlhetswe mo go lone. (Ekesodo 1:13, 14; Duteronome 4:20) Mme go tswa foo Jehofa a lere dititeo tse some, kana dipetso, mo Egepeto. Phapaang magareng a Modimo wa boammaaruri le medimo ya Egepeto e ne ya phepafala. Jalo, fa Iseraele a tloga mo lefatsheng leo, “bontsi yoa batho yo bo tlhakanyeñ” jwa ba eseng Baiseraele ba tsamaya le bone, fela jaaka gompieno “boidiidi yo bogolo” bo ikgaoganya le lefatshe mme bo kopanela le masalela a Iseraele wa semoya. (Ekesodo 12:38) Mme ke eng seo se neng sa akofa sa diragala mo bothibelelong morago fela ga Khuduga?
5. (a) Ka bokhutshwanyane fela morago ga fa ba sena go gololwa, ba ne ba ‘boela kwa Egepeto’ jang? (b) Ke ka ntlha yang fa go ne ga diragala?
5 Morutwa wa Mokeresete Setefane o ne a tlhalosa: “Mo peduñ tsa bōnè ba boèla kwa Egepeto.” Seno e ne e le dikgwedi di se kaenyana fela morago ga ba sena go gololwa. (Ditihō 7:39, 40) Ke eng seo se neng sa neela bosupi jwa seno? Ba ne ba dira namane ya gouta—selo seo ba neng ba se tlwaetse kwa Egepeto—ba bo ba bolela gore ke “modihō oa ga Yehofa.” Mme ba ne ba etsa Baegepeto. (Ekesodo 32:1-6) Jehofa o ne a ba itumologela mo go botlhoko. Boitshwaro jwa bone bo ne bo thulana ka tlhamalalo le Molao oo ba neng ba o neetswe kwa Thabeng ya Sinai. Dikete-kete di ne tsa latlhegelwa ke matshelo a bone. Ke ka ntlha yang fa go ne ga diragala? Lemororo ba ne ba itse ditaolo tsa ga Jehofa, ka phepafalo ba ne ba sa nna le kanaanelo ya mo pelong ya tseno le lebaka la gore Modimo wa boammaaruri e ne e le ene tota a neng a ba goga.
6. (a) Ke dipaakanyetso dife tse Jehofa a neng a di ba direla mo nageng? (1 Bakorintha 10:3, 4) (b) Ke ka ntlha yang fa bangwe ba ne ba simolola go tlhologelela seo ba neng ba e tle ba nne naso kwa Egepeto?
6 Fa ba tloga mo Egepeto, Iseraele le “bontsi yoa batho yo bo tlhakanyeñ” joo bo neng jwa tsamaya le bone ba ne ba itse gore e ne e le selo se se tshwanetseng go se dira. Mme morago ga ngwaga o sena go feta ba bo ba ise ba tsene mo Lefatsheng ja Tsholofetso; ba ne ba ise ba nne le magae mo ‘lefatsheng je le elang mashi le dinotshe.’ Botlhe ba ne ba na le dijo tsa nama tse di lekaneng sentle, mme ebile segolo go na le letlotlo la semoya. Mosipuri wa leru le wa molelo o ne o ntse o neela bosupi jo bo tlhomameng jwa gore Jehofa o ne a ba eteletse pele. Kwa Lewatleng je Lehibidu le kwa Thabeng ya Sinai ba ne ba bonye bosupi jo bo gamarisang jwa nonofo ya ga Jehofa. Kgolagano ya Molao e ne ya ba neela dikotla tsa semoya le tapoloso. Mme ebile e ne ya ba baakanyetsa mo gontsi mo ba neng ba ka go dira ka bobone, e ba bontsha koo ba neng ba tshwanetse go siamisa boitshwaro jwa bone gone, go akanya ga bone, maikutlo a bone, e le gore ba tle ba itumedise Jehofa. Mme mo boemong jwa gore ba anaanele sotlhe se Jehofa a neng a se ba direla, ba ne ba simolola go eletsa dilo tsa nama tseo ba neng ba na natso kwa Egepeto. Keletso ya bogagapa e ne ya leretse ba le bantsi tshenyego.—Dipalō 11:4-6, 31-34.
7. (a) Fa ditlhola di tla ka dipego tsa tsone, ke ka ntlha yang fa batho ba ne ba bua ka gore ba tla boela Egepeto? (b) Phelelo e ne ya nna eng? (Bahebera 3:17, 19)
7 Ka bokhutshwanyane fela morago ga seno, Moshe o ne a romela banna bangwe go ya go tlhola Lefatshe la Tsholofetso. Fa ba boa botlhe ba dumalana gore ruri “le èla mashi le dinotshe.” Mme ba le some ba ditlhola ba ne ba boifa batho ba koo ba bo ba tshosiwa ke metse ya bone e e thekeleditsweng. Ba ne ba seka ba ikanya mo go Jehofa ka dipelo tsotlhe tsa bone mme ba dira gore dipelo tsa ba bangwe di tlole ka ntlha ya poifo. Megopolo ya bone gape ya boela kwa Egepeto, mme ba bo ba bua ka dithulaganyo tsa go boela koo. Ka go tlhaela ga tumelo ya bone, kokomana eo yotlhe ya dingwaga tse 20 go ya kwa godimo kgabagare ya swela mo nageng, ba se ka ba tsena mo Lefatsheng ja Tsholofetso.—Dipalō 13:27-33; 14:1-4, 29.
8. (a) Gore Lote le lelapa la gagwe ba falodiwe fa Sodoma a ne a senngwa, ke eng seo ba neng ba tshwanelwa ke go se dira? (b) Ke ka ntlha yang fa mosadi wa ga Lote a ne a fetoga pilara ya letswai? (c) Ke molaetsa ofe wa tlhagiso oo re o tsholetsweng ke seo?
8 Mo e ka nnang go feta dingwaga tse 400 go le pelenyana, kgang e e tshwanang le eo e ne ya supiwa ka sebopego se sele. Setlogolo sa ga Aberahame ebong Lote se ne se agile mo Sodoma, motse o o neng o bodile kafa boitsholong mme o na le letlotlo la dilo tse di bonalang. Boitsholo bo ne bo le bosula thata mo Sodoma le mo kgaolong ya yone mo Jehofa a neng a ikemisetsa gore o tla o senya, gore o se tlhole o agiwa gape. Baengele ba ne ba romelwa go ya go golola Lote le lelapa la gagwe. Fa Lote a ne a tlhagisa bao e neng e tla nna bagwe ba gagwe, mo matlhong a bone “ea ne ekete ke motho eo o shotlañ.” Mme e ne e se tshotlo. Fa masa aa sa baengele ba ntshetsa Lote le lelapa la gagwe kwa ntle ga motse ba bo ba ba bolelela gore ba tshabe mme ba se ka ba leba kwa morago. Matshelo a bone a ne a ikaegile ka kutlo. Lote le bomorwadie ba babedi ba ne ba dira seo ba neng ba se bolelelwa mme ba falodiwa. Mme mosadi wa ga Lote ka phepafalo o ne a oka-oka go ikgaoganya le dilo tse di bonalang tseo ba neng ba di tlogela kwa morago. Fa a sena go retologa le go leba kwa morago, o ne a latlhegelwa ke botshelo jwa gagwe, a nna pilara ya letswai. A rona ka borona re tsentse mo pelong se se kaiwang ke seno? E le gore re se ka ra latlhegelwa ke ntlha, Jesu o ne a e akaretsa mo tlhagisong kaga potlako ya go tshabela tsamaiso e kgologolo ya dilo mo motlheng wa rona. E ne e le fa a tlhagisa kgatlhanong le go tshwenyega mo go feteletseng kaga dithoto tse di bonalang fa a ne a bua ka papamalo a re: “Gakologèlwañ mosadi oa ga Lote.” (Genesise 19:12-26; Luke 17:31, 32) Ke eng seo se ka re sireletsang kgatlhanong le mamena ao a neng a raela Baiseraele le mosadi wa ga Lote?
‘GO ELETSA LEFATSHE JE LE MOLEMO BOGOLO’
9. Tumelo ke eng, mme re ka e tlhagolela jang?
9 Go tila gore re se tlhotlhelediwe go leba kwa morago, re tlhoka go tlhagolela tumelo e e oketsegileng mo go se se kwa pele. Bahebera 11:1 e tlhalosa tumelo jaaka “go ikanya kaga dilō tse di sholohèlwañ, ke tlhōmamishō kaga dilō tse di sa bonweñ.” Ke tiisetso kana tlhomamisetso, jaaka sesa-motho, gore re tla nna le go rua seo Modimo a se solofeditseng. Tumelo e thaetswe mo bosuping jo bo nonofileng, mme ka ntlha ya gone moo re na le mabaka a a nonofileng go dumela mo go seo se ka se bonweng ka matlho a senama. Ga se tumela-fela, kana go iketleeletsa go dumela fela ka go bo sengwe se utlwala se le molemo. Go nna le tumelo ya mmaanete, re tshwanetse ra tiisa gore re tlwaelana ka sebele le bosupi jwa seo se leng motheo wa yone. Re bile gape re tlhoka go akanyetsa ka kelotlhoko kafa seo re se ithutang se amanang ka gone le matshelo a rona ka sebele le go tlhagolela kanaanelo ya mmaanete e e mo pelong ka sone.
10. (a) Aberahame o ne a itshupa tumelo jang, mme ka lobaka lo lo kae? (b) Re itse jang gore seo a neng a se dira se ne se siame?
10 Aberahame o ne a na le tumelo e e ntseng jalo. Ka ntlha ya gona, ka go kaelwa ke Jehofa Aberahame o ne a tlogela motse o o neng o humile wa Ura wa Kaladea mme a ya kwa lefatsheng le le kgakala la Kanana, lefatshe leo a neng a ise a ke a le bone pele. Koo a feta a nna moeng, a sa ikamanye le magosi ape a metse eo go bona polokesego. “A lebèlèla motse o e leñ ōna o o nañ le mothèō tōta [Bogosi jwa Bomesia jwa ga Jehofa], o moagi le modihi oa ōna e leñ Modimo.” Fa a ka bo a ile a nnela go tlhoafalela botshelo mo Kaladea, kwa ntle ga pelaelo o ka bo a ile a boa. Go na le moo, o ne a “eletsa lehatshe ye le molemō bogolo, ke go re, ya selegodimo.” (Bahebera 11:8-16) E ne e se ka dingwaga di se kaenyana fela, kana le eleng dingwaga tse di lesome kana tse di masome mabedi, fa Aberahame a ne a eletsa “lehatshe ye le molemō bogolo” leo. O ne a tswelela go dira jalo go fitlha fela kwa losong lwa gagwe, dingwaga tse 100 kana go feta fa a sena go tlogela Ura. O ne a se ka a bua fela a re o na le tumelo; o ne a e supa ka ditiro tsa gagwe. Ka ntlha ya gona moo o tlhomamisediwa tuelo. Tebelelo ya tsogo e tlhomamisega thata-thata mo go ene mo e leng gore, jaaka Jesu a buile, ‘o a tshela mo Modimong.’—Luke 20:37, 38; Yakobe 2:18.
11. Isake le Jakobe ba ne ba bontsha jang gore le bone, ba ne ba na le tumelo?
11 Mme go tweng kaga morwawe Aberahame ebong Isake, le morwawe Isake ebong Jakobe? Ba ne ba ise ba ko ba utlwe monate wa tsela ya botshelo jwa Kaladea. Mme ba ne ba se ka ba leba seno jaaka lebaka la gore ba iponele ka bobone gore bo ne bo ntse jang. Fa ba tla go utlwa mo batsading ba bone kaga ditsholofetso tsa ga Jehofa ba ne ba tsenya tseno mo pelong. Ba ne ba tlhagolela tumelo e e tshwanang le ya ga Aberahame. Mme le bone, ba ne ba “eletsa lehatshe ye le molemō bogolo.” Modimo o ne wa se ka wa ba tlhabelwa ke ditlhong.—Bahebera 11:9, 16, 20, 21; Genesise 26:24, 25; 28:20-22.
12. Ke eng seo se neng sa dira gore Esawe le Dina ba tsene mo mathateng a a masisi?
12 Mo letlhakoreng je lengwe, morwa-rra Jakobe ebong Esawe o ne a se ka a anaanela dilo tsa semoya. O ne a nyala basadi bao e neng e se baobamedi ba ga Jehofa. Mo boemong jwa gore a tseele dilo tsa semoya kwa godimo, o ne a rekisa botsalwa-pele jwa gagwe ka dijo. (Genesise 25:29-34; 26:34, 35; Bahebera 12:14-17) E ne e le motho yo o neng a batla go ikgotsofatsa mo mmeleng gone jaanong. Morwadia Jakobe ebong Dina, le ene o ne a tsena mo mathateng a a masisi. Ka ntlha yang? Ka jaana a ne a rata go kopanela le “bomorwadia lehatshe.”—Genesise 34:1, 2.
13. (a) Botshelo jwa batho bao ba leng karolo ya lefatshe le bo ntse jang tota-tota gompieno? (b) Ke eng seo se tla re sireletsang kgatlhanong le go boela gape kwa go lone?
13 Fa, jaaka Aberahame, Isake le Jakobe, tota ruri o “eletsa lehatshe ye le molemō bogolo,” botshelo mo Bogosing jwa Bomesia jwa ga Jehofa, o se itetlelele go boela kwa morago mo lefatsheng. Gakologelwa, lefatshe ga le na isagwe epe e e nnelang ruri e le e tlhagisang. “Me eo o dihañ go rata ga Modimo o nnetse rure ka bosakhutleñ.” Mme abo ruri seo e tla bo e le botshelo jo bo kgotsofatsang!—1 Yohane 2:17.
[Setshwantsho mo go tsebe 172]
Gakologelwang mosadi wa ga Lote!