Phuthego ya Lekgolo la Ntlha la Dingwaga ya Bakeresete
Ka Pentekosete 33 C.E., moya o o boitshepo o ne wa tshololelwa mo setlhopheng sa barutwa ba ga Jesu ba le 120, mme ba simolola go bua kaga dilo tse di gakgamatsang tsa Modimo ka dipuo di le dintsi. Seno e ne e le tshimologo ya phuthego ya Bokeresete. Barutwa ba basha ba ba ka nnang 3 000 ba ne ba kolobediwa mo letsatsing leo.—Ditihō, kgaolo 2.
Diphuthego tse di neng di le mo mafelong a a farologaneng di ne tsa gola ka palo fa baaposetoloi le ba bangwe ba ntse ba tsweletse go bua Lefoko la Modimo ka bopelokgale. Jaaka go kwadilwe mo bukeng ya Ditihō, thero e ne ya akofa ya anama le kgaolo ya Mediterranean, go tloga kwa Babelona le kwa Bokone jwa Afrika go ya kwa Roma mme gongwe le kwa Spain.—Baroma 15:18-29; Bakolosa 1:23; 1 Petere 5:13.
Gongwe le gongwe kwa batho ba neng ba fetoga barutwa gone, ba ne ba bopa diphuthego. Banna ba ba tshwanelegang le ba ba godileng, ba ne ba tlhophiwa jaaka bagolwane, kana balebedi, go tshegetsa tekanyetso ya thuto e e tshwanetseng le boitshwaro mo diphuthegong. Mme ba ne ba sa bope setlhopha sa baruti; e ne e le badihedi le badiri mmogo ba Bogosi jwa Modimo.—Ditihō 14:23; 20:28; 1 Bakorintha 3:5; 5:13; Bakolosa 4:11; 1 Timotheo 3:1-15; Bahebera 13:17; 1 Petere 5:1-4.
Baaposetoloi le badiri mmogo ba bangwe ba ba tshwaraganyeng le bone ba ne ba direla jaaka setlhopha se se laolang. Ba ne ba etelela pele mo tirong ya go rera. Ba ne ba rarabolola mathata mo phuthegong ya Jerusalema. Ba ne ba romela bakaulengwe ba ba tshwanelegang kwa Samaria le Antioka go nonotsha badumedi ba basha koo. Ba ne ba atlhola kgang kaga bogwera, ba bo ba romela phetso ya bone mo diphuthegong tsotlhe gore ba e dirise. Lefa go ntse jalo banna bano e ne e se barena mo go ba bangwe mme e ne e le batlhanka le badiri mmogo le phuthego yotlhe.—Ditihō 4:33; 6:1-7; 8:14-25; 11:22-24; 15:1-32; 16:4, 5; 1 Bakorintha 3:5-9; 4:1, 2; 2 Bakorintha 1:24.
Barutwa ba pele ba ne ba itsiwe jaaka Bakeresete, ba biditswe jalo ka tlamelo ya bomodimo. Ba ne ba bile ba na le dithuto tseo di ba farologanyang; tseno di ne di bidiwa dithuto tsa baaposetoloi, kana mokgwa wa mafoko a a itekanetseng. Thuto eno ya kafa Dikwalong e ne e itsiwe gape jaaka boammaaruri.—Yohane 17:17; Ditihō 2:42; 11:26; Baroma 6:17; 1 Timotheo 4:6; 6:1, 3; 2 Timotheo 1:13; 2 Petere 2:2; 2 Yohane 1, 4, 9.
Ba ne ba le bokopano jwa lefatshe lotlhe jwa bakaulengwe ba ba kitlaneng mo loratong. Ba ne ba bontsha kgatlhego mo badumeding ka bone mo dinageng tse dingwe. Fa ba etetse kgakala, badumedi ba bangwe ba ne ba ba amogela mo magaeng a bone. Ba ne ba boloka boemo jo bo kwa godimo jwa boitshwaro jo bo siameng, e le batho ba ba itshepileng ba ba farologaneng le lefatshe. Ba ne ba tlhologelelwa thata nako ya letsatsi la go nna gone ga ga Jehofa mme ka tlhagafalo ba bolela tumelo ya bone phatlalatsa.—Yohane 13:34, 35; 15:17-19; Ditihō 5:42; 11:28, 29; Baroma 10:9, 10, 13-15; Tito 2:11-14; Bahebera 10:23; 13:15; 1 Petere 1:14-16; 2:9-12; 5:9; 2 Petere 3:11-14; 3 Yohane 5-8.
Lefa go ntse jalo, jaaka go boleletswe pele, go ne ga simologa botenegi jo bogolo, mo lekgolong la dingwaga la bobedi le la boraro. Seno se ne sa felela ka gore go nne le tsamaiso e kgolo ya bokereke eo e neng ya seka ya tshegetsa boitsheko jwa phuthego ya ntlha ya Bokeresete mabapi le dithuto, boitshwaro, tsamaiso, le boemo tebang le lefatshe.—Mathaio 13:24-30, 37-43; 2 Bathesalonia, kgaolo 2.
Lefa go le jalo, Jesu o ne a bolelela pele gore go ne go tla nna le tsosoloso ya kobamelo ya boammaaruri kwa bofelong jwa tsamaiso ya dilo. Basupi ba ga Jehofa ba dumela gore tsosoloso eno e ka bonwa mo ditirong tse ba di dirang mo lefatsheng lotlhe mo motlheng wa rona, mo e ka nnang dingwaga tse 1 900 morago ga polelelopele ya ga Jesu. Ditsebe tse di latelang di tla tlhalosa gore ke ka ntlhayang.
• Phuthego ya Bokeresete e ne ya thaiwa jang, mme e ne ya gola jang?
• Phuthego eo e ne e tsamaisiwa jang?
• Ke dilo dife tseo di neng di tlhomolola ka phepafalo Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga?
[Mmapa mo go tsebe 7]
(For fully formatted text, see publication)
Black Sea
Caspian Sea
Great Sea
Lewatle le Lehibidu
Persian Gulf
Mafelo ao a neng a fitlhelelwa ka mafoko a a molemo mo lekgolong la ntlha la dingwaga
ITALI
Roma
GERIKA
MELETO
KERETA
KUPERO
BITHUNIA
GALATIA
ASIA
KAPADOKIA
KILIKIA
SIRIA
ISERAELE
Jerusalema
MESOPOTAMIA
Babelona
Bangwe ba ne ba fetoga badumedi mo mafelong ano
ILIRIKOMO
MEDIA
PARATHIA
ELAMA
ARABIA
LIBIA
EGEPETO
ETHIOPIA
[Ditshwantsho mo go tsebe 7]
Bakeresete ba pele ba ne ba rera Lefoko la Modimo ka bopelokgale
Bakeresete ba ne ba amogelwa mo magaeng a badumedi ka bone nako le nako fa ba etile