Diphuthego tsa go Agelela ka Lorato le ka Kutlwano
O ka nna wa bo o ile wa nna gone mo go dingwe tsa dipokano tsa phuthego tsa Basupi ba ga Jehofa gautshwane le fa o nnang teng. Batho go tswa mefuteng e e farologaneng ya botshelo—ditlhopha tsa malapa, batho ba ba sa nyalang, bagolo le bannye—ba ne ba le gone. Botlhe ba ne ba kopanetse kobamelo ya bone mme ba kgatlhegela go thusa ba bangwe.
Mo thulaganyong nngwe le nngwe koo go nang le palo e kgolo ya batho ba ba eletsang go dira mmogo ka kutlwano, go tshwanetse ga nna le ketelelo pele ya mofuta mongwe. Modimo ke Modimo wa thulaganyo; ka jalo, thulaganyo eo e tshwanetse go bontshiwa mo phuthegong ya batho ba gagwe. Jaaka go ne go ntse mo lekgolong la ntlha la dingwaga, go ntse fela jalo le gompieno, banna ba Bakeresete ba ba tshwanelegang, ba ba godileng, le ba ba nang le maitemogelo ba tlhophiwa jaaka bagolwane, kana balebedi. Bano ba etelela phuthego pele le go tlhokomela ditlhokafalo tsa yone tsa yone tsa semoya. Ba thusiwa ke banna ba bangwe ba ba ikanyegang ba ba itsiweng jaaka batlhanka ba bodihedi. Banna bano ga ba amogele tuelo epe kana go bapala madi ka tsela nngwe mme ba dira fela ka boithatelo, ba tlhokomela ditshenyegelo tsa bone ka mmereko wa boitshediso.—1 Bakorintha 14:33, 40; Bafilipi 1:1; 1 Timotheo 3:8, 9.
Bano ba tlhophiwa jang? Ba tshwanetse ba bo ba le batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo bao ba bontshang ditshwanelego dingwe tsa Dikwalo. Dingwe tsa tseno ke tse: ‘a le mogopolo o lekalekaneng, a le mokgwa montle, e le yo o tsholang batho sentle, a itse go ruta; a le bonolo; a se morati wa go huma madi; a itse go laola ntlo ya gagwe sentle, a se mosha, a bolelwa ka molemo ke ba ba kwa ntle’; ‘a ngaparetse lefoko le le ikanyegang le le leng kafa thutong.’—1 Timotheo 3:1-15; Tito 1:7-9.
Banna bano ga ba newe maemo ano ka go a tlhophelwa ke phuthego ka ditlhopho, koo gantsi e ka nnang ya bo e le Bakeresete ba ba sa leng basha. Go na le moo, ba hakiwa ke banna ba ba godileng le ba ba nang le maitemogelo bao eleng bagolwane ebile ba na le temogo ya gore bao ba akanyediwang ba ka ne ba fitlhelela dipatlafalo tsa Dikwalo go le kana kang. Go tswa foo ditlhopho tsa bagolwane le batlhanka ba bodihedi di dirwa ka kaelo ya Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa, seno se latela motlhala o o neng wa tlhongwa ke phuthego ya Bakeresete mo lekgolong la ntlha la dingwaga.
Bagolwane bao, kana balebedi, ga ba bope setlhopha sa baruti; ga se barena mo go ba bangwe. Fela jaaka Jesu a boletse, botlhe ba ba etelelang pele ba tshwanetse ba nna batlhanka ba botlhe. Mo phuthegong ya Basupi ba ga Jehofa, bagolwane ruri ke badiri mmogo mo Bogosing jwa Modimo.—Mathaio 20:26, 27; 23:8-11; Baroma 12:8; 1 Bakorintha 3:5; 4:1, 2; Bakolosa 4:11; 1 Bathesalonia 5:12-14.
Jaaka balebedi, ba tsamaisa tao e e baakanyediwang mo dipokanong le go etelela pele mo tirong ya go rera. Go rera mafoko a a molemo a Bogosi mo tshimong yotlhe e ba e abetsweng ke gona selo se se kwa pele mo phuthegong. Balebedi gape ba direla jaaka badisa, ba etela maloko a phuthego go ba kgothatsa kafa go tlhokafalang ka gone.—Mathaio 24:14; Ditihō 1:8; 1 Bathesalonia 2:11, 12; 5:14, 15; 2 Timotheo 2:24-26; Bahebera 13:17; Yakobe 5:13-16; 1 Petere 5:1-4.
Bagolwane gape ba na le boikarabelo jwa go kgalemela le go otlhaya bafe le bafe fela ba ba latelang tsela e e phoso mme ba ka nna kotsi mo bomoyeng le mo boitsholong jo bontle le mo kutlwanong ya phuthego.—1 Bakorintha 5:4, 5, 7, 11-13; Tito 1:9; 2:15; 3:10, 11.
Go kopanela ka metlha le phuthego go tla go fa botsalano jo bontle le melemo e mentsi ya semoya.—Pesalema 35:18; 84:10.
• Ke bomang ba ba tsamaisang dikgang tsa phuthego nngwe le nngwe?
• Balebedi bano ba tlhophiwa mo motheong ofe?
• Maikarabelo a bone ke afe?
[Ditshwantsho mo go tsebe 13]
Balebedi ba laya phuthego, ba etelela pele mo go rereng ka ntlo le ntlo, ba kgothatsa ka maeto a bodisa, ba neela kgakololo le kgalemelo fa go tlhokafala