Diphuthego tse di Rulaganyeditsweng go Rera ka Bogosi jwa Modimo
Fa a ne a santse a le mo lefatsheng, Jesu Keresete o ne a rera ka Bogosi jwa Modimo, a tsamaya ka ntlo le ntlo kana le ka motse le motsana. O ne a thapisa a bo a romela barutwa ba gagwe go dira tiro e e tshwanang. Pele ga a tlhatlogela kwa legodimong, o ne a laela balatedi ba gagwe go dira barutwa mo bathong ba merafe yotlhe. Go tlogeng fela fa e simologa, phuthego ya pele ya Bakeresete e ne e rulaganyeditswe go rera mafoko a a molemo. Gongwe le gongwe kwa barutwa ba neng ba ya gone, ba ne ba fitlhelwa ba rera kaga Bogosi jwa Modimo koo.—Mathaio 4:17, 23; 10:1-16; 28:19, 20; Luke 4:43, 44; 8:1; 10:1-9; Ditihō 1:8; 4:31; 5:42; 8:12; 19:8; 28:23, 30, 31; Baroma 10:9, 10, 14.
Mo polelelongpele ya ga Jesu kaga bofelo jwa tsamaiso ya dilo, o ne a tlhalosa a re: “Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.” Thero eno ke yone tlamego e e kwa pelepele ya phuthego ya Bokeresete gompieno.—Mathaio 24:14; Mareko 13:10.
Mo lefatsheng lotlhe, diphuthego tsotlhe tsa Basupi ba ga Jehofa di rulaganyeditswe go akaretsa kgaolo ya mafelo a bone ka tsela e e tshwanetseng ka thero ya mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo. Gore e tle e dirwe ka tsela e e rulagantsweng sentle, mo nageng nngwe le nngwe ofisi ya lekala ya Mokgatlho wa Watch Tower e abela phuthego nngwe le nngwe le kgaolo e e tshwanetseng go neela bosupi mo go yone. Phuthego e kgaoganya karolo e e abilweng eo ka dikgaolwana tse dipotlana, tseo di abelwang bao ba fiwang boikarabelo jwa go bona gore batho ba a etelwa mo go tsone.—1 Bakorintha 14:33, 40.
Basupi gantsi ba amana le batho ka go tsamaya ka ntlo le ntlo. Mo dipokanong tsa bone tsa phuthego, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba thapisediwa go neelana ka melaetsa e mekhutshwane ya Bogosi mo matlong, ba dirisa Dibibela tsa bone. Basupi ba tsamaya ba tshotse dibuka tsa Bibela tseo ba di tlogelelang beng ba matlo bao ba eletsang go bona kitso e kgolwane ya Lefoko la Modimo.
Gore mongwe le mongwe yo o mo tshimong a tle a fiwe sebaka sa go utlwa molaetsa o o botlhokwa wa Bogosi, Basupi ba boloka rekoto e e kwadilweng sentle ya fa ba ntse ba tsamaya ka ntlo le ntlo, ba supa koo ba sa fitlhelang batho gone mo gae kana ka mabaka mangwe a a rileng go neng ga seka ga kgonega gore ba neele bosupi jo bo nonofileng. Loeto lo tla dirwa ka nako e nngwe. Koo go supiwang kgatlhego gone, seo se a kwalwa, mme Basupi ba boa gape go baakanyetsa ka tshedimosetso e e oketsegileng ya Dikwalo. Fa motho a eletsa jalo, go tshwarwa le ene thuto ya ka metlha ya Bibela. Seno sotlhe se dirwa fela mahala.
Basupi ba ga Jehofa gape ba neela bafeti ka tsela mo mebileng dimakasine. Ka tsela eno ba kgona go fitlhelela batho ba le bantsi bao ba ka nnang ba seka ba ba fitlhela mo gae. Go dirwa boiteko jo bo tlhoafetseng jwa go fitlhelela mongwe le mongwe yo o batlang go utlwa.—Ditihō 17:17; Tshenolō 14:6, 7; 22:17.
Ke ka ntlhayang fa Basupi ba nnela go etela bontsi jwa batho bao ba sa bontsheng kgatlhego epe? Go ile ga fitlhelwa gore maemo a batho gantsi a a fetoga mme ba arabela sentle mo loetong lo longwe, kana go ka nna ga kopanwa le motho mongwe mo ntlong eo yo o ka bontshang kgatlhego.
Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Batlañ pele bogosi yoa gagwè, le tshiamō ea gagwè.” Go rerwa ga Bogosi jwa Modimo go na le seabe se se botlhokwatlhokwa mo go batleng ga rona Bogosi pele, mme Basupi ba ga Jehofa ba dira seno kgang kgolo mo botshelong jwa bone.—Mathaio 6:33; 2 Timotheo 4:2.
• Ke tiro efe ya ga Jesu le ya Bakeresete ba pele e e neng ya bolelelwa pele gore e tla dirwa gape le mo motlheng wa rona?
• Tiro ya go rera ya Basupi ba ga Jehofa e rulaganyediwa jang?
• Ke ka ntlhayang fa Basupi ba nnela go etela batho lemororo bontsi bo sena kgatlhego?
[Ditshwantsho mo go tsebe 16, 17]
Basupi ba ga Jehofa ba rera Bogosi jwa Modimo mo dinageng tse di farologaneng
Thailand
Mexico
Netherlands
Korea
Curaçao
Ghana
Britain
Australia