LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • tp kgao. 9 ts. 94-107
  • Kagiso le Polokesego Lefatshe ka Bophara—Tsholofelo e e Ikanyegang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kagiso le Polokesego Lefatshe ka Bophara—Tsholofelo e e Ikanyegang
  • Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang?
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Motheo o o Kwenneng wa Tsholofelo
  • Lefatshe go Fetoga Legae ja Tshimo
  • Bokhutlo jwa Lehuma le Botlhanka jwa Itsholelo
  • Boitekanelo jwa Go ya Go ile le Botshelo
  • Kgono ya Lefatshe go Tshola Baagi ba ba Ntseng Jalo
  • Motheo wa Tlhomamo wa Boitumelo jwa Go ya go ile
  • “Bōnañ, Dilō Cotlhe Ke Di Diha Sesha”
    “Bōnañ, Dilō Cotlhe Ke Di Diha Sesha”
  • O Ka Bona Isagwe E E Itumedisang!
    Kitso e e Isang botshelong Jo bo Sa Khutleng
  • Modimo ke Mang?
    Modimo o Batla Gore re Direng?
  • Lefatshe la Paradaise le Gaufi!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2021
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang?
tp kgao. 9 ts. 94-107

Kgaolo 9

Kagiso le Polokesego Lefatshe ka Bophara—Tsholofelo e e Ikanyegang

1, 2. Ke maemo afe, a a boleletsweng pele mo Bibeleng, a a tla dirang lefatshe le lefelo le le monate thata go tshela mo go lone?

LEFATSHE le le ne le ka nna lefelo le le monate thata le le le kgatlhisang go tshela mo go lone fa e le gore ruri maemo a kagiso, a a bolokesegileng a ne a le gongwe le gongwe. Lemororo le le kgakala mo go nneng le le jalo jaanong, Bibela e bolelela pele gore lefatshe le tla fetoga legae je le galalelang koo lelapa la motho le tla kgonang go ipelela botshelo ka botlalo go lone.

2 Mme fela ke eng seo Bibela e se solofetsang? Re ka tlhomamisa jang gore e tla diragadiwa?

Motheo o o Kwenneng wa Tsholofelo

3, 4. (a) Re ithuta eng boikanyegong jwa melao ya motheo e e laolang lobopo? (b) Modiri wa melao eo ke mang, mme jalo ke eng gape se re nang le lebaka le le molemo go ikanya mo go sone?

3 Go na le melao ya motheo e e laolang lobopo. E mentsi ya yone ga re e tsenye thata mo tlhogong. Botlhabo jwa letsatsi, bophirimo jwa letsatsi, diponalo tsa kgwedi, le dipaka di a tla le go tsamaya ka mokgwa o o tlatseletsang tlhomamong ya botshelo jwa motho. Batho ba dira dikhalendara le go rulaganyetsa ditiro dingwaga kwa pele. Ba itse gore modikologo wa letsatsi, kgwedi, le dipolanete o a ikanyega. Re ka ithutang mo go se?

4 Modiri wa melao eo o a ikanyega ka mo go feletseng. Re ka ikanya mo go seo a se bolelang le go se dira. Ke ka ntlha ya leina la gagwe, jaaka Mmopi wa legodimo le lefatshe, go bo Bibela e solofetsa thulaganyo e ntšha ya tshiamo. (Isaia 45:18, 19) Mo matshelong a rona a malatsi otlhe, gantsi re ikaega go ya selekanyong se se rileng mo bathong ba bangwe—ba ba tlisang dijo kwa mmarakeng, ba ba tlisang poso, le ditsala tse di gautshwane. A ga go utlwale, he, go ikanya thata-thata mo Modimong le bonneteng jwa tiragatso ya ditsholofetso tsa ona?—Isaia 55:10, 11.

5. Ke jang go sa nneng le tlhotlheletso epe ya bogagapa mo go seo Modimo o se solofeditseng go re neelang tumelo?

5 Lemororo ditsholofetso tsa batho gantsi di itshupa di le boikanyologi, ditsholofetso tsa Modimo ke tse di ikanyegang gotlhelele mme ebile di molemong wa rona, e seng wa gagwe. Lemororo Modimo a sa tlhoke sepe go rona, o ipelela bao ba mo dumelang ntateng ya lorato lwa bone go ene le ditsela tsa ona tsa tshiamo.—Pesalema 50:10-12, 14.

6. Ke mofuta ofe wa tumelo o Bibela e re thusang go o bapala?

6 Mme, gape, Bibela e ikuela dinonofong tsa rona tsa go akanya. Ga e ipatlele tumelo e e bofofu kana go dumela ka bonako. Tota, e tlhalosa tumelo ya boammaaruri jaaka “go ikanya kaga dilō tse di sholohèlwañ, ke tlhōmamishō kaga dilō tse di sa bonweñ.” (Bahebera 11:1) Mo Bibeleng, Modimo o re neela motheo o o itekanetseng wa tumelo. Go utlwala ga motheo oo go sedihalela pele jaaka re gola mo kitsong ya Lefoko la Modimo le go bona ka moo le leng boammaaruri ka teng mo matshelong a rona le mo tiragatsong ya dipolelelo pele tsa lone.—Pesalema 34:8-10.

7. Jaaka re tlhatlhoba ditsholofetso tsa Bibela tsa masego a isagwe ga re a tshwanela go solofela gore go dumela mo go tsone go re tlhoke eng?

7 Ditsholofetso tsa Bibela tsa masego a isagwe di a ka kwa go se batho ba ka lekang go se neela. Lefa go le jalo ditsholofetso tseo ga di re tlhoke gore re dumele dilo tse di kgatlhanong le boitemogelo jotlhe jwa motho. Lefa e le go hapaana le se se tlwaelegileng mo keletsong ya motho. Seka-seka a mangwe a masego ano a magolo mme o bone ka moo se e leng boammaaruri ka teng.

Lefatshe go Fetoga Legae ja Tshimo

8, 9. (a) Lereo “paradaise” le tshwanetse go tsenya kgopolo efe mo megopolong ya rona? (b) A selo se se ntseng jalo se kile sa nna gone mo lefatsheng? (c) Ke eng se se bontshang gore ke boikaelelo jwa Modimo gore Paradaise e nne gone lefatshe ka bophara?

8 Lefoko “paradaise” le tswa mafokong a a tshwanang a a dirisitsweng mo metlheng ya bogologolo (Sehebera, pardesʹ; Seperesia, pai·ri·daeʹza; Segerika, pa·raʹdei·sos), mafoko a a ne a dirisediwa go tlhalosa dilo tse ka nako eo di neng di le gone mo lefatsheng ka nnete. Mafoko ano otlhe a na le mogopolo wa motheo wa paraka e ntle kana tshimo e e tshwanang le paraka. Jaaka mo metlheng ya bogologolo, jalo gompieno go na le mafelo a mantsi a a ntseng jalo, a mangwe ke diparaka tse ditona. Mme motho ka tlholego o hohomela bontle jwa tsona. Bibela e solofetsa gore letsatsi le tla tla fa polanete eno yotlhe e tla bong e le tshimo e e ntseng jalo e e tshwanang le paraka kana paradaise!

9 Fa Modimo o ne o bopa batho ba babedi ba ntlha o ba neile jaaka legae ja bone tshimo ya Edena, leina le le rayang “Paradaise ya Boipelo.” Mme Paradaise e ne e sa tshwanela go felela mo lefelong leo fela le le lengwe. Modimo o ne wa ba raya wa re: “Atañ, lo ntsihalè lo tlalè ka lehatshe, lo le henyè.” (Genesise 1:28; 2:8, 9) Seno se ne se tla kopanyeletsa go anamisa melelwane ya Paradaise go ya kwa dikhutlong tsa lefatshe, boikaelelo jo bo tlhalositsweng jwa bomodimo joo bo neng jwa se ka jwa khutlisiwa ke tsela ya botlhoka kutlo ya ga Adame le Efa. Jesu Keresete ka boene o ne a bontsha ikanyo mo boikaelelong jono fa a ne a solofetsa monna yo o neng a swa a bapile nae gore o tla nna le sebaka sa go tshela mo lefatsheng je le ntseng jalo ja Paradaise. (Luke 23:39-43) Seno se tla nna jalo jang?

10. Go ya ka Tshenolō 11:18, ke dikgoreletsi dife Paradaiseng tse Modimo o solofetsang go di tlosa?

10 Mo ‘sepitleng se segolo’ se se tlang Modimo o tla tlosa dikgoreletsi tsotlhe tsa Paradaise ya gagwe ya selefatshe e e tlang ka go “senya ba ba senyañ lehatshe.” (Tshenolō 11:18) Modimo ka gone o tla dira se mebuso ya batho e se kitlang e se dira. O tla tlosa botlhe bao ka bogagapa ba kgotlelang lefatshe go kgotsofatsa bohula jwa bone jwa kgwebo, botlhe ba ba tlhabanang dintwa tse di senyakang, le botlhe ba ba dirisang lefatshe ka mo go sa tshwanelang ka go bo ba tlhaela tebogo le tlotlo ya dineo tse dintsi-ntsi tse Modimo o di baakanyeditseng.

11. (a) Ke tiragalo efe ya ditiragalo e e bontshang gore go tsosolosetsa lefatshe Paradaiseng ga go a hapaana le boitemogelo jwa motho? (b) Se se nonotsha tumelo ya rona lesegong lefe le le solofeditsweng?

11 Lefatshe lotlhe ka nako eo le tla thunya ka bontle. Bosha le bophepa ka nako eo di tla tla mo moyeng wa tsone, metsi, le lefatshe. Tsosoloso e ya Paradaise ga se selo se se ka kwa ga go se dumela, kana gore se phapaanong le boitemogelo jwa motho. Makgolo a dingwaga a a fetileng, fa morafe wa Iseraele o ne o tswa botshwarong mo Babelona, Jehofa Modimo o ne a ba busetsa nagagaeng ya bone, eo e neng e swahetse. Lefa go le jalo, ka ntlha ya lesego ja Modimo go bone le tiro ya bone, lefatshe ka bonakonyana la fetoga go nna lentle thata mo e leng gore batho ba ba bapileng ba ne ba bo ba buela godimo ba re: ‘Le fetogile le ntse jaaka tshimo ya Edena!’ Le ne le bile gape le tlhogile, le tlositse tshoso efe le efe ya tlala le leuba. (Esekiele 36:29, 30, 35; Isaia 35:1, 2; 55:13) Seo Modimo o se dirileng ka nako eo se ne se kaya ka tsela e potlana seo a neng a tla se dira ka selekanyo sa kgolokwe go diragatsa ditsholofetso tsa gagwe. Batho botlhe ba ba tla kaiwang fa ba tshwanelegela go tshela ka nako eo ba tla ipelela menate ya bomodimo e e baakanyeditsweng ya botshelo mo Paradaiseng.—Pesalema 67:6, 7; Isaia 25:6.

Bokhutlo jwa Lehuma le Botlhanka jwa Itsholelo

12. Ke maemo afe a itsholelo le a go dira a a tlamegileng go alafiwa fa re tla nna le boipelo jwa sebele mo botshelong?

12 Lehuma le botlhanka jwa ditsamaiso tsa itsholelo ya morafe di fitlhelwa mo lefatsheng ka bophara. Go ne go se kitla go nna le boipelo jwa sebele mo Paradaiseng fa dimilione di ne di ka dira tiro eo e neng e baakanyetsa fela dilo tsa botshelo kana di dira tiro e e tshwanang eo e dirang motho karolo fela mo motšhineng o mogolo.

13-15. (a) Re bona kae sekai sa ditiragalo se se re bontshang se thato ya Modimo ka motho e leng sone mo ntlheng e? (b) Thulaganyo eo e tlatseleditse jang polokesegong le boipelong jwa botshelo jwa motho ka esi le lelapa?

13 Thato ya Modimo ka motho mo ntlheng e e bonwa ka tsela eo a tsamaisitseng dikgang le Iseraele wa bogologolo ka teng. Koo, lelapa lengwe le lengwe le ne le amogela boswa jwa lefatshe. (Baatlhodi 2:6) Lefa ebile le ne le ka rekisiwa, mme lefa ebile batho ba ne ba ka ithekisa botlhankeng fa ba ne ba na le molato, Jehofa o ile a dira dipaakanyetso tsa go lebela kgatlhanong le go nna le dinaga tse dintsi kana botlhanka bofe le bofe jwa lobaka lo loleele jwa batho. Jang?

14 Ka dipaakanyetso tsa itsholelo mo Molaong o a neng a o neela batho ba gagwe. Ngwaga wa bosupa wa botlhanka e ne e le ‘ngwaga wa kgololo’ fa Moiseraele ofe le ofe yo a neng a le mo botlhankeng a neng a tlamegile go gololwa. Gape, ngwaga mongwe le mongwe wa bo-50 e ne e le ngwaga wa “Yubile” wa morafe otlhe, eleng ngwaga wa gore ba “bolèlè kgololègō mo lehatshiñ yeotlhe” mo banning ba lone. (Duteronome 15:1-9; Lefitiko 25:10) He boswa bofe le bofe jo bo neng bo rekisitswe bo ne bo busediwa mong wa bone wa ntlha. Botlhe ba ba neng ba le mo botlhankeng ba ne ba gololwa, lefa ebile dingwaga di supa di ise di fele. E ne e le nako ya boipelo ya go kopana gape ka boitumelo ga lelapa le tshimololo e ntšha mo botshelong kafa itsholelong. Ka gone, go ne go se na lefatshe le le ka rekisediwang ruri. Go rekisiwa ga lone, ka mantswe a mangwe, e ne e le tumalano fela e e neng e tla khutla, moragonyana, ka ngwaga wa Jubile.—Lefitiko 25:8-24.

15 Seno sotlhe se ne sa tlatseletsa mo tlhomamong ya itsholelo ya morafe le polokesegong le kagiso ya lelapa lengwe le lengwe. Fa melao eno e ne e tlhokomelwa, morafe o ne o bolokwa mo go weleng mo seemong se se utlwisang botlhoko se re se bonang gompieno mo mafatsheng a le mantsi koo go nang le khumo e e feteletseng gammogo le lehuma le le feteletseng golo go le gongwe. Melemo mothong ka esi e ne ya nonotsha morafe, gonne go ne go se na ope yo o tlhokileng go nna kwa tlase ditshiamelong le go patikwa ke maemo a a bosula a itsholelo. Jaaka go begilwe mo pusong ya ga Kgosi Solomone, “Ba Yuda le ba Iseraela ba ne ba agile ka thagamō, moñwe le moñwe ha tlhatse ga mofine oa gagwè le ha tlhatse ga mofeige oa gagwè.” (1 Dikgosi 4:25) Gompieno batho ba bantsi ga ba kgone go dirisa botswerere jwa bone le kitso ka botlalo ka jaana ba tshwerwe mo tsamaisong ya itsholelo e e ba patelelang go direla dikeletso tsa setlhotshwana kana le eleng motho a le mongwe. Tlase ga melao ya Modimo motho yo o senatla o ne a thusiwa go tlatseletsa dikgono tsa gagwe tsotlhe katlegong le boipelong jwa botlhe. Seno se re neela bobotlana tlhaloganyo ya tshwanelo ya botho le tlotlego tseo ba ba tla bonang botshelo mo Thulaganyong e Ntšha ya Modimo ba tla di ipelelang.

16. Mabapi le maemo a botshelo le seemo sa motho sa itsholelo, Bogosi jwa Modimo bo tla baakanyetsa babusiwa botlhe ba jone eng?

16 Lefatshe ka bophara polelelo pele ya Mika 4:3, 4 e tla bona tiragatso ya yone e kgolo. Batho ba ba ratang kagiso ba ba tshelang tlase ga puso ya tshiamo ya Modimo “moñwe le moñwe oa bōnè o tla dula ha tlhatse ga mofine oa gagwè le ha tlhatse ga mofeige oa gagwè; me opè ga a ketla a ba boihisa: gonne molomo oa ga Yehofa oa mashomōshomō o se buile.” Ga go ope wa babusiwa ba Bogosi jwa Modimo yo o tla nnang mo dikarolong tse di tletseng tse di leswe kana dikagong tsa matlo tse di kgotlhaganeng. Ba tla nna le lefatshe le matlo a bone. (Isaia 65:21, 22) Kgosi, ebong Keresete Jesu, o ne a solofetsa bogologolo gore ‘ba ba pelonomi ba tla rua lefatshe,’ le gore o na le ‘taolo yotlhe kwa legodimong le mo lefatsheng’ go diragatsa seo.—Mathaio 5:5; 28:18.

Boitekanelo jwa Go ya Go ile le Botshelo

17-19. (a) Ke eng se se bontshang gore boitekanelo jo bo molemo le botshelo jo boleele ke dikeletso tsa tlholego tsa setho? (b) Ke dinnete dife ka botshelo jwa motho le jwa dimedi tse di dirang gore lobaka lo lokhutshwane lwa botshelo jwa motho le bonale le gakgamatsa? (c) Ke eng se se gone ka boboko jwa motho se se bontshang gore go a utlwala tota go dumela gore motho o ne a baakanyeditswe go tshela ka bosakhutleng?

17 Lefa go ntse jalo, ga go na maemo ape ano a mantle, a a tla dirang botshelo go nna jo bo itumedisang eleruri le go bolokesega fa fela bolwetsi, botsofe, le loso di akareditse isagwe. A ga go utlwale kana go fapaane le boitemogelo jwa motho go solofela kgololo mo dilong tseno tse di tlhokofatsang? Eleruri ga go hapaane le tlholego ya motho go batla seno, go nne batho ba sentse botshelo jotlhe le madi a a senang palo ba leka go fitlhelela se.

18 Jalo he tsholofelo ya boitekanelo jwa go ya go ile le botshelo ga di nne tse di sa utlwaleng. Tota ruri, se se sa utlwaleng ke seno: Gore fa fela batho ba fitlhelela bogolo jwa gore ba simolole go nna le kitso, boitemogelo, le kgono ya go dira dilo tse di mosola, ba simolola go tsofala mme e re kgabagare ba swe. Lefa go le jalo, go na le ditlhare tse di tshelang ka dikete tsa dingwaga! Ke ka ntlha yang fa motho, yo o dirilweng mo tshwanong ya Modimo, a tshela palo-phatlo fela ya nako eo dingwe tsa dimedi tse di seng botlhale di e tshelang? A ga go utlwale gore o tshwanetse go tshela ka lobaka lo loleele thata?

19 Go batlhotlhomise ba ba ithutang kaga botsofe, tswelelo e sa ntse e le leoma. Se se akabatsang gape, ke bonnete jwa gore boboko jwa motho ka phepafalo bo baakanyeditswe go sikara dilekanyo tse di batlileng di se na selekanyo tsa boikitsiso. Jaaka mokwadi mongwe wa moitseanape a ile a re, boboko bo “kgona go tshwara sentle morwalo ofe le ofe wa go ithuta le kgakologelo tse motho o ka di tsenyang mo go jone—mme ka makgetlo a le bilione go feta selekanyo seo, gape.”55 Seo se raya gore boboko jwa gago bo kgona go tshwara e seng fela morwalo ofe le ofe o o ka o tsenyang mo go jone mo lobakeng lwa botshelo lwa dingwaga di le 70 kana 80 mme gape di le makgetlo a a dimilione di le diketekete go feta! Ga go gakgamatse go bo motho a na le lenyora le le kana kana la kitso, keletso e e kana kana ya go ithuta go dira le go fitlhelela dilo. Lefa go le jalo o kganelwa ke bokhutshwane jwa botshelo jwa gagwe. A go a utlwala ka motho go nna le serwe se se tshwarisang kgakge jaana jaaka boboko jwa motho mme a retelelwe ke go dirisa go feta palo-phatlo e nnyennyane ya maatla a sone? A ga go utlwale go konela thata gore, jaaka Bibela e bontsha, Jehofa o ile a baakanyetsa motho go tshela ka bosakhutleng mo lefatsheng le go mo naya boboko jo ka tlotlego bo tshwanelang boikaelelo joo?

20. Bibela e reng tebang le se Modimo o solofeditseng go se direla setho malebana le diphelelo tsa sebe, go akareletsa le loso ka bolone?

20 Bibela e bontsha gore motho kwa tshimologong o ne a na le sebaka sa go tshela ka bosakhutleng mme se ne sa mo latlhegela ka ntlha ya botsuolodi: “boleo bo tsenye mo lehatshiñ ka motho [Adame] a le moñwe hèla, le losho ka boleo; me yalo losho loa hetèla mo bathuñ botlhe, ka botlhe ba leohile.” (Baroma 5:12) Mme Bibela gape e tshotse tsholofetso ya Modimo gore mo Paradaiseng e e tsosolositsweng, “ga go ketla go tlhōla go le losho; le gōna ga go ketla go tlhōla go le bohutsana, leha e le selelō, leha e le botlhoko.” (Tshenolō 21:3, 4; bapisa 7:16, 17.) E tlhalosa gore botshelo jo bosakhutleng, jo bo gololesegileng mo diphelelong tsa sebe, ke boikaelelo jwa Modimo ka setho. (Baroma 5:21; 6:23) Go feta se, e solofetsa gore masego a Thulaganyo e Ntšha ya Modimo a tla bulelwa didikadike tse dintsi tsa ba ba suleng mo nakong e e fetileng. Jang? Ka tsogo e e tla leafatsang lebitla le le tlwaelegileng la setho sotlhe. Jesu ka tsholofelo o ne a bolelela pele: “Lobaka lo e tla lo bao ba leng mabitleng a kgakologelo ba tlang go utlwa lentswe la gagwe ka lone mme ba tla tswa.”—Yohane 5:28, 29, NW.

21, 22. Ke eng fa tebelelo ya go tsosolosediwa boitekanelong jo bo tletseng e se sengwe sa go solofela mo go golo thata?

21 Baitseanape ba tsa kalafi gompieno ba kgona go tlhagisa “melemo ya kgakgamatso” le go dira ditiro tse ditona tsa karo tse di ne di ka bonala di sa dumelesege masome a dingwaga a se kae a a fetileng. A re tshwanetse go belaela gore Ene yo o bopileng batho ga a kitla a dira mo go golo le dilo tse di jesang kgakge tsa kalafi? Eleruri Mmopi o na le kgono ya go tsosolosetsa batho ba ba dipelo di siameng boitekanelong jo bo kgaphaselang, e sita le go fetola tswelelo ya botsofe. Mme o ka dira seno kwantle ga go ineela mo diokobatsing, loarong, kana mo dirweng tsa maitirelo. Ka go akanyetsa ga ona, Modimo o re baakanyeditse ka bosupi jwa gore masego a a ntseng jalo ga se go solofela mo gontsi thata.

22 Modimo o ne a neela Morwawe nonofo fa a ne a le mo lefatsheng go dira ditiro tse di nonofileng tsa go fodisa. Ditiro tse di re tlhomamisetsa gore ga go na bokoa bope, bogole, kana bolwetsi tse di ka kwa ga nonofo ya Modimo ya go fodisa. Fa monna yo nama ya gagwe e neng e tletse ka lepero a ne a lopa gore Jesu a mo fodise, Jesu ka tlhomogelopelo o amile monna mme a re: “U ntlahalè.” Mme, jaaka pego ya ditiragalo e bolela, “bolepero yoa gagwè yoa akoha yoa ntlahala.” (Mathaio 8:2, 3) Jesu o ne a dira dilo tse di ntseng jaana a bonwa ke batho ba le bantsi, jaaka raditiragalo Mathaio a bega: “Ga tla kwa go èna machutichuti a magolo a batho, ba na le ba ba tlhotsañ, le dihohu, le dimumu, le digōlè, le ba bañwe ba le bantsi, ba ba baea ha hatshe ha dinaoñ tsa gagwè; me a ba hodisa: Bontsi yoa batho yoa ba yoa tla yoa gakgamala, . . . me ba galaletsa Modimo oa Iseraela.” (Mathaio 15:30, 31) Ipalele polelo ka bowena go Yohane 9:1-21 go bona ka moo pego ya ditiragalo ya diphodiso tse di ntseng jalo e leng ya nnete le boammaaruri ka teng mo botshelong. Basupi ba le bantsi ba supa kaga boammaaruri jwa ditiragalo tseno, go akareletsa le ngaka, ngaka Luke.—Mareko 7:32-37; Luke 5:12-14, 17-25; 6:6-11; Bakolosa 4:14.

23, 24. Ke eng fa go utlwala go dumela gore baswi ba tla busediwa mo botshelong tlase ga Bogosi jwa Modimo?

23 Ka mabaka a a tshwanang ga re a tshwanela go e leba jaaka e e ka kwa ga tumelo tsholofetso ya Bibela e e reng “go tla nna cogō” ya baswi. (Ditihō 24:15) Le eleng dingwaga tse dintsi morago ga loso, lentswe la motho, ponalo, le ditiro di ka busediwa gape ka filimi kana videotape. A Ene yo o bopileng motho, yo o itseng sentle ka kago ya diatomo le dikarolonyana tsa motho, o ka se kgone go dira ka mo go oketsegileng thata go feta moo? Dikhomputara tse di itiretsweng ke batho di ka boloka le go kopanya ka sebele dibilione tsa boikitsiso. Mme Modimo o bopile namane e tona ya lobopo ka dibilione (dikete tsa dimilione) tsa lone tsa masomosomo a dinaledi, lesomo lengwe le lengwe le tshotse dibilione tsa dinaledi. Seno se akareletsa ditirilione, dikwatirilione, le eleng go feta! Lefa go le jalo, Pesalema 147:4 e re: “O bolèla palō ea dinaledi; o di raea maina cotlhe hèla”! Tota ruri go ka nna motlhofo fela mo Modimong, yo o nang le nonofo e e kalo kalo ya kgakologelo, go gakologelwa dibopego tsa batho ka bongwe e le gore a ba busetse mo botshelong.—Yobe 14:13.

24 Gape, Jehofa o ile a baakanyetsa ka dikai tse di mo ditiragalong go nonotsha tumelo ya rona mo tsholofelong e e ntseng jalo e e kgatlhisang. O ne a neela Morwawe nonofo go bontsha ka selekanyo se se botlana se o tla se dirang mo selekanyong se segolo mo pusong ya gagwe ya tshiamo godimo ga lefatshe. Jesu o ne a tsosa palo e ntsinyana ya batho ba ba suleng, gantsi a dira jalo mo ponong ya balebi. Lasaro, yo a neng a mo tsosa gautshwane le Jerusalema, o ne a setse a sule ka lobaka lo lo lekaneng gore mmele wa gagwe o bo o ka simolola go bola. Ka gone tsholofelo ya tsogo e na le motheo o o kwenneng.—Luke 7:11-17; 8:40-42, 49-56; Yohane 11:38-44.

Kgono ya Lefatshe go Tshola Baagi ba ba Ntseng Jalo

25, 26. Fa baswi ba tsosiwa, sebaka se tla bonwa kae sa gore mongwe le mongwe a tshele mo go sone?

25 A polanete eno e ka baakanyetsa sebaka sa go tshela sa boiketlo sa baagi ba ba ntseng jalo ba ba tla nnang gone ntateng ya tsogo ya baswi? Go ne ga tsaya lobaka lo lo fetang dingwaga tse 5 000 gore baagi ba lefatshe ba fitlhe go bilione a le mongwe tshimologong ya bo-1800. Gompieno, ke ba ba ka nnang dibilione tse tlhano.

26 Ka jalo, ba ba tshelang gompieno ba emela karolo ya bogolo ya kakaretso ya batho ba ba kileng ba tshela mo lefatsheng. Bangwe ba ile ba hopholetsa gore kakaretso ya baagi go kgabaganya ditiragalo tsotlhe tsa motho e ka lekanyediwa bathong ba ba ka nnang 15 000 000 000. Sebaka sa sephara sa lefatshe se ka nna diekere tse di ka fetang 36 000 000 000 (15 000 000 000 ha). Go tla letla gore motho mongwe le mongwe a nne le go feta akere di le pedi (1 ha). Seno ga se kitla se baakanyetsa fela ka sebaka sa go tlhagisa dijo mme gape se tla letla gore dikgwa, dithaba, le dikarolo tse dingwe tse di kgatlhang—di se ka tsa kgotlhagana thata mo Paradaiseng. Mme, gape, Bibela e bontsha gore ga go ka ke ga diragala gore botlhe ba ba tshelang jaanong ba tla falola le go tshela mo Thulaganyong e Ntšha eo. Tota, Jesu o ne a re, “Tsela le eōna e kgolo e e isañ tshenyegoñ, le ba ba tsènañ ka eōna ba bantsi.” O ne a bo a tlhalosa gore e tla re fa phediso ya lefatshe e tla, bao ba sa direng thato ya ga Jehofa ba tla ya “pecoñ e e sa khutleñ.”—Mathaio 7:13; 25:46.

27. A lefatshe le tla tlhagisetsa batho bao botlhe dijo tse di lekaneng?

27 A mme lefatshe le ka tlhagisetsa batho ba ba kana kana dijo tse di lekaneng? Baitseanape ba bolela gore le ka dira jalo, e sita le tlase ga maemo a jaanong. Pego ya Toronto Star e ne ya tlhalosa jaana: “Go ya ka United Nations Food and Agriculture Organization (FAO) go setse go na le dijo tse di lekaneng mo kgolokweng yotlhe go otla mongwe le mongwe yo o mo lefatsheng ka dikalori di le 3 000 ka letsatsi, mo eleng . . . mo e ka nnang diphesente tse 50 go feta selekanyo se se botlana se se amogelesegang.”56 Fa e le kaga isagwe, e ne ya tlhalosa gore le eleng tlase ga maemo a jaanong, go sa ntse go ka nna le dijo tse di lekaneng go kgorisa ditlhokafalo tsa palo e e menaganeng sebedi ya baagi ba lefatshe ba jaanong. Gape, re tshwanetse go gakologelwa gore Jehofa o tla kaela batho ba gagwe go dirisa ditswa-mmung tsa temo tsa lefatshe kafa tshwanelong, ka jaana Pesalema 72:16 e a re tlhomamisetsa: “Go tla nna letlōtlō ya mabèlè mo lehatshiñ, mo ditlhoeñ tsa dithaba.”

28. Ke eng fa go se na kotsi epe ya gore fa batho ba ka tshelela ruri, lefatshe e tla re kgabagare le tlale thata?

28 Re tlhokomele gore boikaelelo jwa Modimo ke bofe, jaaka fa bo tlhaloseditswe batho ba babedi ba ntlha. Ba ne ba tewa ga twe ba “tlalè ka lehatshe, [ba] le henye,” ba atolose selekanyo sa Edena go ya fela kwa dikhutlong tsa lefatshe. (Genesise 1:28) Ka phepafalo, seno se raya go tlatsa lefatshe go ya bokgakaleng jo bo lekaneng sentle, e seng go le penolola ka batho. Seno se ne se sa ntse se tla dumelela lefatshe le le ‘fentsweng’ go nna paraka ya kgolokwe go tshwana le legae je le tshwanang le paraka ya ntlha ya motho. Jalo, taelo eno ya bomodimo e bontsha gore ka nako e e tshwanetseng ya Modimo le ka tsela, ntsifalo ya baagi e tla laolwa.

Motheo wa Tlhomamo wa Boitumelo jwa Go ya go ile

29. Ke phelelo efe eo dikamano le batho ba bangwe di nang le yone mo boitumelong jwa motho?

29 Lefa go ntse jalo, le e leng ditikologo tse dintle, dilo tse di bonalang tse dintsi, tiro e e kgatlhisang, le boitekanelo jo bo molemo ga di kitla di tlhomamisa boitumelo jwa gago jwa go ya go ile. Ba le bantsi gompieno ba na le dilo tse mme lefa go le jalo ga ba itumele. Ka ntlha yang? Ka jaana batho ba ba ba dikileng ba ka ne gongwe ba le bogagapa, e le ba ba ratang kgotlhang, ba le boitimokanyo, kana ba le letlhoo. Boitumelo jwa go ya go ile mo Thulaganyong e Ntšha ya Modimo bo tla tla ka selekanyo se segolo boikutlong jo bo fetogileng jwa batho mo lefatsheng lotlhe. Lorato lwa bone le tlotlo ya Modimo le go senka ga bone go diragatsa maikaelelo a one go tla tlisa letlotlo la semoya. Kwantle ga seo, letlotlo la dilo tse di bonalang le nna le le sa kgotsofatseng le go nna lefela.

30. Re itse jang gore bao ba tla tshelang mo Thulaganyong ya Modimo e Ntšha e tla bo e le batho bao fela ba tla tlatseletsang mo kagisong le polokesegong ya ba bangwe?

30 Ee, ke boipelo jwa mmannete go nna gareng ga batho ba ba pelonomi, ba ba ikobileng, ba ba botsalano—batho ba tota o ka ba ratang le go ba ikanya, ba ba ikutlwang ka tsela e e tshwanang ka wena. (Pesalema 133:1; Diane 15:17) Lorato lwa Modimo ke sone se se tlhomamisang lorato lwa boammaaruri lwa moagelani, le le tla natefisang botshelo mo Thulaganyong e Ntšha ya One ya tshiamo. Botlhe ba Modimo o tla ba segofatsang ka botshelo jo bosakhutleng e tla bo e le ba ba supileng lorato lwa bone go ene le go ba ga bone. Ka baagelani ba ba ntseng jalo, ditsala, le bankane ba tiro, o tla kgona go ipelela kagiso ya sebele le polokesego le boitumelo jwa go ya go ile.—1 Yohane 4:7, 8, 20, 21.

31. Fa tota ruri re batla botshelo mo Thulaganyong e Ntšha ya Modimo, ke eng se re tshwanetseng go se dira gone jaanong?

31 Ruri, tebelelo e ntle jaana e go bulegetse! Jalo tsela ya botlhale jo bo dirang ke go batla se se tlhokafalang go e amogela. Jaanong ke nako ya go dumalanya botshelo jwa gago le ditlhokafalo tsa Modimo go bao ba tla bolokwang go kgabaganya “sepitla se segolo” se se tlang.—2 Petere 3:11-13.

[Setshwantsho mo go tsebe 98]

Letsatsi le tloga le tla moo lefatshe lotlhe le tla bong le fetoletswe mo paradaiseng

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela