LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • tp kgao. 15 ts. 163-174
  • O Itshwenyetsang ka Batho ba Bangwe?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O Itshwenyetsang ka Batho ba Bangwe?
  • Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang?
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tlotla Motho le Thoto ya ba Bangwe
  • Go Fenya Kgethololo ya Lotso, Bomorafe, Leago
  • Kamego e e Lorato ka Katlego ya Bosakhutleng ya ba Bangwe
  • Go Tshwenyega ka se se Diragalelang Lelapa la Gago
  • Rata Modimo ka Gonne O a Go Rata
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • “Mo Godimo ga Dilo Tsotlhe, Ratanang ka Lorato lo Logolo”
    Nnang Lo Disitse!
  • “Tswelelang Lo na Le Lorato”
    Atamalana le Jehofa
  • Nonotshiwa ke Lorato
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang?
tp kgao. 15 ts. 163-174

Kgaolo 15

O Itshwenyetsang ka Batho ba Bangwe?

1. (a) Ke eng se se baketseng batho ba bantsi go itlhokomela mme ba se amege thata kaga batho ba bangwe? (b) Diphelelo e nnile dife?

KAMEGO e e senang bogagapa kaga batho ba bangwe ke ya sewelo gompieno. Lemororo mongwe le mongwe a tsetswe ka nonofo ya lorato, fa ba bangwe ka tshiamololo ba ipatlela molemo kana fa maiteko a motho a go bontsha lorato a sa tlhaloganngwe, motho o ka konela ka gore tsela e e botoka ke go itlhokomela. Ba bangwe, ka go bona gore bangwe ba ba siamololelang batho ka bone ba huma dilo tse di bonalang, ba ka gopola gore e ke yone tsela e e yang katlegong. Diphelelo ke gore batho ba bantsi ga ba ikanye ba bangwe mme ebile ba na le ditsala tsa nnete di sekae, fa tota di sa le gone. Lebaka la seemo se se sa itumediseng seno ke eng?

2. (a) Bibela e kgetholola jang motswe wa bothata? (b) Go rayang go itse Modimo?

2 Se se tlhaelang ke lorato, mofuta wa lorato lo lo iponatsang ka kamego e e peloephepa ya katlego ya go ya go ile ka molemo wa batho ba bangwe. Mme ke ka ntlha yang fa lo tlhaela? Fa e namela tlase motsweng wa bothata, Bibela e tlhalosa jaana: “Eo o sa rateñ ga a itse Modimo; gonne Modimo o loratō.” (1 Yohane 4:8) Mme kana, batho ba le bantsi ba ba ikgopolang ke ba ba ipolelang go dumela mo Modimong le eleng go tsamaya kereke. Mme bonnete ke gore ruri ga ba itse Modimo. Go itse Modimo go raya go tlwaelana thata le botho jwa ona, go lemoga taolo ya ona, mme go tswa foo go dira tumalanong le seo re se itseng kaga ene. (Yeremia 22:16; Tito 1:16) Jalo, he, go nna le boipelo jwa boammaaruri jwa botshelo jo bo ka kgonagalang fela fa motho a bontsha lorato le go le amogela, re tlamegile go itse Modimo sentle le go dirisa se re se ithutang.

3. Ke ka mokgwa ofe Modimo a bontshitseng lorato lwa ona lo logolo mo sethong?

3 “Loratō loa Modimo lo bōnatshedicwe rona ka gōna mo, ka Modimo o romile Morwa ōna eo o tsecweñ a le esi mo lehatshiñ, gore re tshelè ka èna,” go kwadile moaposetoloi Johane. “Loratō lo mo, e señ go re, re ratile Modimo [pele], ha e se go re, o ratile rona, me oa roma Morwa ōna go tla a nna seletlanyō se se ntshedicweñ dibe tsa rona. Baratwa, ha Modimo o re ratile mo go kalo, le rona re chwanetse go ratana.” (1 Yohane 4:9-11) Modimo ga wa ka wa letlelela boitshwaro jo bo tlhokang lorato jwa setho go hupetsa lorato lwa ona. Jaaka go tlhalositswe go Baroma 5:8: “Modimo ōna, o re tlhōmamiseditse loratō loa ōna, ka e rile re sa nntse re le baleohi, Keresete a re shwèla.”

4. Seo se go dira gore wena ka bowena o ikutlwe jang kaga Modimo?

4 Ke batho ba le kae ba o ba ratang thata mo eleng gore o ka ba ntshetsa botshelo jwa gago—batho ba ba iseng ba go direle sepe? Fa o le motsadi, ke mang yo o ka ratang gore ngwana wa gago a mo swele? Ke mofuta wa lorato o Modimo o re bontshitseng ona. (Yohane 3:16) Go itse seno go go dira gore o ikutlwe jang tebang le Modimo? Fa ruri re anaanela seo o se dirileng, re tla fitlhela gore ga go tlhokofatse go utlwa ditaolo tsa ona.—1 Yohane 5:3.

5. (a) “Taolō e ncha” ke eng eo Jesu a e neileng barutwa ba gagwe? (b) Boineelo jwa rona mo Modimong jaaka mmusi bo kopanyelediwa jang mo go yone? (c) Ke eng, he, se go utlwa “taolō e ncha” eno go se tlhokang?

5 Mo bosigong pele ga loso lwa gagwe Jesu o ne a neela barutwa ba gagwe nngwe ya ditaolo tseo. E ne e tla ba kgetholola jaaka ba ba fapaaneng mo lefatsheng lotlhe. O ne a re: “Ke lo naea taolō e ncha, ea go re, Lo ratanè.” Taolo ya ga Jesu e ne e le “ncha” ka go bo ba ne ba bolelelwa go rata ba bangwe, e seng fela jaaka ba ne ba ithata, mme “hèla yaka ke lo ratile”—gore ba ikemisetse go ntshetsana matshelo a bone. (Yohane 13:34, 35; 1 Yohane 3:16) Mofuta ono wa lorato o bontsha boineelo jwa rona mo Modimong ka go supa gore Diabolo ke moaki ka go bolela gore ga go motho ope yo o tla utlwang Modimo fa botshelo jwa gagwe bo le mo kotsing. (Yobe 2:1-10) Ka phepafalo, kutlo go “taolō e ncha” e tlhoka kamego e e boteng ya mongwe mo go yo mongwe.—Yakobe 1:27; 2:15, 16; 1 Bathesalonia 2:8.

6. Ke tebang le bomang gape lorato lo tshwanetseng go bontshiwa, mme ka ntlha yang?

6 Mme Keresete o swetse lefatshe la setho, e seng fela barutwa ba gagwe. Ka gone Dikwalo di a re kgothatsa: “Ha re bōna lobaka, a re kè re diheñ se se molemō mo bathuñ botlhe, me bogolo mo go ba e leñ ba ntlo ea tumèlō.” (Bagalatia 6:10) Dipaka tsa ‘go dira se se molemo mo bathong botlhe’ di nna gone letsatsi le letsatsi. Fa lorato lwa rona lo sa tlhaele, mme re bulegile pelo le go nna pelotshweu, re tla bo re etsa Modimo, ‘gonne ena o tlhabisetsa ba ba molemo le ba ba bosula letsatsi ja gagwe, a nesetse basiami le basiamolodi pula.’—Mathaio 5:43-48.

Go Tlotla Motho le Thoto ya ba Bangwe

7. Ke eng seo gongwe se ka tlhotlheletsang ka moo re tshwarang motho le thoto ya batho ba bangwe ka gone?

7 Re tshela mo teng ga lefatshe le le tlhokang lorato. Motlhamongwe o lemogile gore o ne o sa akanyetse ba bangwe jaaka o ne o tshwanetse. Mme fa e le gore motho o tla nna modiredi wa Modimo, go na le tlhokafalo ya boiteko jwa ka metlha go ‘shahatsa mogopolo wa gagwe.’ (Baroma 12:1, 2) O tshwanetse go fetola boikutlo jwa gagwe tebang le motho le thoto ya ba bangwe.

8. (a) Ke eng se se bontshang tlhokomologo e e anameng thata ya thoto ya ba bangwe? (b) Ke kgakololo efe mo Bibeleng, e e reng fa e latelwa, e tla kganelang motho mo go direng dilo tse di ntseng jalo?

8 Mo mafelong mangwe go na le tlhokomologo e e tshosang ya dilo tsa ba bangwe. E le go ijesa monate fela, basha ba senya ka bobedi thoto ya batho ka bosi le ya batho botlhe. Kana ba tladika ka boomo dilo tse ba bangwe ba di diretseng ka natla go di bapala. Batho bangwe ba ka nna ba bontsha kotlomano mo bosenying jo bo ntseng jalo, mme ba tlatseletsa go jone ka go latlha matlakala mo diparakeng, mo mebileng, kana mo dikagong tsa batho botlhe. A ditiro tseno di utlwana le tlhagiso ya ga Jesu e e reng: “Ke gōna, cotlhe tse lo ratañ batho ba di lo dihèla, le lona lo ba diheleñ hèla yalo”? (Mathaio 7:12) Boitshwaro jo bo ntseng jalo jo bo senang lorato ga bo utlwane ka botlalo le boikaelelo jwa Modimo ka lefatshe leno go nna paradaise.

9. (a) Go utswa go ama jang matshelo a mongwe le mongwe? (b) Ke eng fa go utswa go le phoso mo matlhong a Modimo?

9 Mo mafelong a le mantsi, kamego ka botshelo jwa motho le dithoto e dira gore gongwe le gongwe go bo go lotletswe mejako, difensetere di tsentswe ditshipi, le go nna le dintša tse di disang. Mabentlele a tlhatlosa ditlhotlhwa gore a duelele se se utswilweng. Mme go utswa ga go kitla go nna le sebaka mo Thulaganyong e Ntšha ya Modimo. Ka gone, bafe le bafe ba ba solofelang go nna gone moo ba tshwanetse go ithuta gone jaanong go tshela ka tsela eo e tla tlatseletsang polokesegong ya batho ka bone. Bibela e bontsha gore “nèō ea Modimo” ke gore motho a kgone go ‘bona molemo wa letsapa lotlhe la gagwe.’ Jalo go phoso go leka go mo amoga maungo a tiro ya gagwe. (Moreri 3:13; 5:18) Batho ba le bantsi ba mo nakong e e fetileng ba neng ba sa ikanyege ba fetogile. Ga ba ithibe fela mo go utsweng mme gape ba ithutile boipelo jwa go abela ba bangwe. (Ditihō 20:35) Ka keletso ya go kgatlha Modimo, ba ile ba utlwisisa se se kwadilweng go Baefesia 4:28: “Eo o ucwileñ a a se tlhole a ucwa: me bogolo a a dihè, a dihè se se molemō ka diatla tsa gagwè, gore a tlè a dihanè le se o ka se naeañ eo o tlhōkañ.”

10. (a) Ke jang, ka tsela e re buang le ba bangwe ka yone, re ka bontshang go ba akanyetsa? (b) Ke eng se se ka thusang motho go ithuta go bontsha lorato ka tsela e?

10 Gantsi, segolo bogolo fa dilo di senyega, se batho ba bangwe ba se tlhokang ga se sengwe se se bonalang, mme ba tlhoka bopelonomi. Lefa go ntse jalo, go diragalang fa ditlhaelo tsa motho di tla go senoga? Go ka nna ga nna le dikomang, dikgalo, kana dipolelo tse di tlhabang. E sita le bangwe ba ba dumelang gore tsela eno e phoso ba palelwa ke go laola loleme lwa bone. Motho o ka fenya jang mokgwa o o ntseng jalo? Ka motheo, se se tlhaelang ke lorato, mme seo se supa gore go na le tlhokafalo ya go itse Modimo. Fa motho ruri a tla go lemoga tsela eo Modimo o dirisaneng le ene ka kutlwelo botlhoko ka gone, ga a kitla a go fitlhela go le boima go itshwarela ba bangwe. O ka nna a bo a simolola go bona ditsela tsa go thusa mokgopisi, a neelana ka thuso e e pelonomi ka pono ya tokafatso.—Mathaio 18:21-35; Baefesia 4:31-5:2.

11. Ke eng fa re sa tshwanela go nna matlhapa mo puong ya rona, lefa ebile ba bangwe ba sa re tseye sentle?

11 Ke boammaaruri gore batho ba bangwe gongwe ga ba kitla ba dirisa kgakololo e e molemo e go tswa Lefokong la Modimo mo go dirisaneng ga bone le rona. Go sa tlhokomelege ditlhotlheletso tsa rona tse di phepa, ka dinako tse dingwe re ka fitlhela gore re lebagana le kgobololo ya bone. Re tla dirang he? Bibela e gakolola jaana: “Lo se ka loa heñwa ke boshula, me henyañ boshula ka molemō.” (Baroma 12:17-21; 1 Petere 2:21-23) Bopelonomi jo bo sa kgaotseng jwa rona e ka nna ya re morago ga lobakanyana jwa nolofatsa boikutlo jwa bone mme bo ntshe dinonofo tsa bone tse di molemo. E ka ne boitshwaro jwa bone ke bofe, fa re tswelela go bontsha bopelonomi, re bontsha gore re tshegetsa tsela ya Modimo ya go busa, eo e theilweng mo loratong.

Go Fenya Kgethololo ya Lotso, Bomorafe, Leago

12, 13. Bibela e thusa jang motho go leleka maikutlo afe le afe a kgethololo ya lotso, bomorafe, kana leago?

12 Motho yo o nang le lorato lwa nnete ga a tlhotlhelediwe ke lotso, mmala wa letlalo, bomorafe, kana maemo a leago. Ka ntlha yang go se jalo? Ka go bo o lemoga boammaaruri jwa Bibela jwa go re “[Modimo] o dihile dichaba cotlhe tsa batho ba cwa mothuñ a le moñwe hèla.” (Ditihō 17:26) Batho botlhe ka jalo ba a tsalana. Ga go na lotso lope lo ka tlhago lo leng logolo go feta lo longwe.

13 Ga go na ope yo o nang le lebaka lepe la go belafala ntateng ya losika lwa ga bone, lotso, mmala, bomorafe kana kemo mo botshelong. “Botlhe ba leohile, ba tlhaetse kgalaleco ea Modimo.” (Baroma 3:23) Ka jalo mongwe le mongwe o ikaegile ka setlhabelo sa thekololo sa ga Keresete. Mme Bibela e bontsha gore ba ba tla bolokwang go kgabaganya “sepitla se segolo” se se tlang ba tswa go “morahe moñwe le moñwe, le . . . dicō cotlhe, le batho, le dipuō.”—Tshenolō 7:9, 14-17.

14. Ke eng fa boitemogelo jwa botho jo bo bosula e se motheo o o utlwalang wa maikutlo a go kgetholola batho ba lotso lo lo rileng kana morafe?

14 A leka go tshwanelegisa kgethololo ya gagwe, motho a ka gopola boitemogelo jo bo bosula jo a kileng a nna le jone le mongwe wa lotso kana wa morafe o o rileng. A mme motho mongwe le mongwe wa lotso loo kana morafe oo o ne a kopanyelediwa mo go direng phoso? Mme ebile a batho ba lotso lwa motho kana morafe ga ba a ka ba nna le molato wa tsone dilo tse di tshwanang tseo? Fa re solofela go tshela mo Thulaganyong e Ntšha ya kagiso ya Modimo, re tshwanelwa ke go phepafatsa dipelo tsa rona mo boikgodisong bofe le bofe jo bo sekamelang mo go re lomologanyeng mo bathong ba bangwe.

15. Fa ditlhaloso tsa motho ka lotso kana morafe di ne di ka kgopisa modumedi ka ene, seo se ne se ka ama jang kemo ya gagwe fa pele ga Modimo le Keresete?

15 Se se moteng ga dipelo tsa rona ka bonako kana moragonyana se bonala mo puong ya rona. Jaaka Keresete Jesu a boletse: “Go bua ga molomo . . . go tlo go cwe mo go se se tletseñ mo peduñ.” (Luke 6:45) Go ne go ka tweng fa puo e e bontshang kgethololo e ne e ka kgopisa mongwe yo a neng a bontsha kgatlhego mo phuthegong ya ga Jehofa? Kgang ke e e masisi thata mo Jesu a bileng a tlhagisa: “Leha e le mañ eo o tla kgopañ moñwe oa ba babōtlana ba, ba ba dumèlañ mo go nna, go ka nna molemō bogolo mo go èna ha lolwala lo logolo lo ka gokèlèlwa mo thamuñ ea gagwè, me a thabuediwa mo lewatleñ.”—Mareko 9:42.

16. Jesu o ne a supa jang kafa re tshwanetseng go bontsha go sa tlhaole batho ba bangwe?

16 Bakeresete ba tlamega go bontsha kgatlhego e e lorato mo go ba bangwe go sa kgathalesege lotso lwa bone, morafe wa bone, kana boemo mo botshelong. (Yakobe 2:1-9) Ke fela jaaka Jesu a kgothaleditse: “Me e re ha u diha modihō, laletsa bahumanegi, le digōlè, le batlhotsi, le dihohu; Me u tla nna segō; gonne bōnè ga ba na se ba ka gu duèlañ ka shōna.” (Luke 14:13, 14) Ka go bontsha gore re itshwenya thata ka batho ba bangwe, re bontsha dinonofo tse di lorato tsa Rraarona wa selegodimo.

Kamego e e Lorato ka Katlego ya Bosakhutleng ya ba Bangwe

17. (a) Selo se se tlhokegang thata ke eng se re ka se abalanang le ba bangwe? (b) Ke eng fa re tshwanetse go ikutlwa re sutelediwa go dira jalo?

17 Kamego ya rona ka ba bangwe ga e ya tshwanela go lekanyediwa fela mo ditlhokafalong tsa nama. Le fa e le gore lorato lwa rona lo tla bo lo itekanetse ka gonne fela re le pelonomi mo bathong ba mefuta yotlhe. Gore botshelo bo nne le boikaelelo jwa nnete, batho ba tlhoka go itse Jehofa le maikaelelo a gagwe. Fa a ne a rapela Rraagwe, Jesu o ne a re: “Me botshelō yo bo sa khutleñ ke yo, gore ba gu itse, wèna, Modimo o o osi, o o boamarure, le èna eo u mo romileñ, eboñ Yesu Keresete.” (Yohane 17:3) Fa e le gore o badile buka e go tswa tshimologong, o itse ka moo o ka tshwarang mokgele oo ka teng. O iponetse ka bowena se Dikwalo di se bolelelang pele ka ga “sepitla se segolo,” le ditshupo tse di bonalang tse di tlhomamisang bogaufi jwa sone. O itse gore Bogosi jwa Modimo ke tsholofelo fela mo sethong. A mme lorato lwa gago mo go Jehofa le mo go wa gaeno le go tlhotlheletsa gore o abalane kitso eno e e botlhokwa-tlhokwa le ba bangwe?

18. (a) Go Mathaio 24:14, ke tiro efe e Jesu a e boleletseng pele ka motlha wa rona? (b) Re tshwanetse go leba tlhakanelo go yone jang?

18 Fa a ne a bua ka “bofelo jwa tsamaiso ya dilo,” Jesu o ne a bolelela pele a re: “Mme mafoko a a molemo a bogosi a tla rerwa mo lefatsheng jotlhe je le agilweng gore e tle e nne bosupi mo merafeng yotlhe; mme bokhutlo ke gona bo tla tlang.” (Mathaio 24:3, 14, NW) Abo e le lesego jang ne go emela Molaodi yo Mogolo wa lobopo, Jehofa ka boene, jaaka mongwe a tlhakanela mo ‘bosuping’ jono! Sebaka sa go arola mo tirong eno e e kgethegileng se sa ntse se bulegile, mme e seng ka lobaka lo loleele thata.

19. Ke eng fa re sa tshwanela go letla boikutlo bope jwa tlhaelo mo kgonong ya botho go re kganela mo go aroleng mo tirong e?

19 Mo go akanyeng kaga tebelelo ya go arola mo go neeleng “bosupi mo merafeng yotlhe,” go ka nna molemo go lemoga gore, ga se ka kgono ya botho, mme ke Modimo yo o dirang gore molaetsa o tlhagise matswela. (Ditihō 16:14; 1 Bakorintha 3:6) Fa o sutelediwa ke pelo e e ratang, Jehofa a ka go dirisa go diragatsa thato ya gagwe. Jaaka moaposetoloi Paulo a ile a bolela: “Me re na le boikanyō yo bo nntseñ yalo ntlheñ ea Modimo ka Keresete: E señ go re, re lekanye ka rosi go kaea sepè yaka ekete se cwa mo go rona; me go lekana ga rona go cwa mo Modimoñ.”—2 Bakorintha 3:4-6.

20. (a) A mongwe le mongwe o tla arabela sentle mafokong a a molemo? (b) Go fitlhelelwa molemo ofe ka go rerela batho ba ba tlhokomologang kana e sita le ba ba ganetsang?

20 Legale, ga re a tshwanela go lebelela gore mongwe le mongwe o tla arabela sentle. Ba bantsi ba tla tlhokomologa. Ba bangwe ba tla ganetsa. Lefa go le jalo ba ka fetoga. Saulo wa Tareso, yo pele a neng a le mmogisi wa Bakeresete, o ne a fetoga moaposetoloi yo o tlhoafetseng wa ga Jesu. (1 Timotheo 1:12, 13) E ka ne ba bangwe ba a go itse kana nnyaa, ba tlhoka molaetsa wa Bogosi. Jalo re tshwanetse go amega kaga bone, re ikemiseditse go ipolaisa letsapa go tsweletsa katlego ya go ya go ile ya bone. (1 Bathesalonia 2:7, 8) E sita lefa ba sa batle molaetsa wa Bogosi, go sa ntse go fitlhelelwa molemo. Go neelwa bosupi, leina la ga Jehofa le a godisiwa, go ‘kgaoganngwa’ ga batho go a dirwa, mme re bontsha boikanyegi jwa rona go Jehofa.—Mathaio 25:31-33.

Go Tshwenyega ka se se Diragalelang Lelapa la Gago

21. Tlhogo ya lelapa e na le boikarabelo bofe mabapi le katlego ya semoya ya bantlo ya gagwe?

21 Boiteko jwa gago go thusa ba bangwe go solegelwa molemo ke dipaakanyetso tse di lorato tsa ga Jehofa le jone bo tshwanetse jwa lebisiwa lelapeng la gago. Ka sekai, tlhogo ya lelapa, e na le boikarabelo jwa go godisa lelapa kafa semoyeng. Seno ka tlhamalalo se tlhotlhelediwa ke go rulaganya ga ka metlha puisano ya lelapa ya Lefoko la Modimo. Mme fa dithapelo tsa ga rre mo boemong jwa lelapa di bontsha boteng jwa boineelo le tebogo, seno se ka bopa boikutlo jwa lelapa lotlhe.

22. Ke eng fa go tlhokafala ka rre go kgalemela bana ba gagwe, mme o tshwanetse go tlhotlhelediwa ke eng?

22 Boikarabelo jwa gagwe gape bo akaretsa go diragadiwa ga kgalemelo. Fa mathata a tsoga, go ka bonala go le motlhofo go a tlhokomologa. Mme fa kgalemelo e diragadiwa fela fa rre a galefile, kana fa mathata a tshwarwa fela fa a bonala a le masisi, go na le sengwe se se tlhaelang. Diane 13:24 e re: ‘Rre yo o ratang morwawe o tla a mo otlhae go sa le gale.’ Jalo he rre yo o lorato o diragatsa kgalemelo ka tlhomamo. O tlhalosetsa bana ba gagwe dilo tsotlhe ka bopelotelele a bo a akanyetsa ditlhaelo tsa tlhaloganyo, boikutlo, le mmele tsa mongwe le mongwe. (Baefesia 6:4; Bakolosa 3:21) Fa o le rre, a o na le mofuta o wa lorato mo baneng ba gago? A o ikemiseditse go sikara boikarabelo jono, o beile leitlho, e seng fela godimo ga nako ya jaanong mme gape le godimo ga katlego ya isagwe ya lelapa la gago?.—Diane 23:13, 14; 29:17.

23. Mmè o ka tlatseletsa jang tebang le katlego ya semoya ya lelapa la gagwe?

23 Mosadi, le ene, o ka tlatseletsa thata mo lapeng. Go dirisana le monna wa gagwe le go dirisa ga gagwe nako ka botlhale mo go bopeng matshelo a bana ba bone ka tsela ya poihomodimo gantsi go sedihadiwa mo boitshwarong le mo boikutlong jwa bana. (Diane 29:15) E sita le moo go senang rre mo legaeng, thuto e e kelotlhoko go tswa Bibeleng e patilwe ke sekai se se molemo e tlhagisa diphelelo tse di molemo.

24. (a) Fa motho a lebane le kganetso go tswa molekaneng wa lenyalo, modumedi o tshwanetse go boloka kganetsano efe mo ponong? (b) Tlase ga maemo a a ntseng jalo, lorato lwa nnete lo ka bontshiwa jang go molekane yo o sa dumeleng?

24 Me go ka tweng fa rre yo o mo legaeng a sa amogele Lefoko la Modimo, kana gongwe a bogisa mosadi wa gagwe? O tshwanetse go dirang? Fa a rata Jehofa, eleruri ga a kitla a Mo tlhanogela. Ke Satane yo o boletseng gore batho ba ka latlha Modimo fa ba ka tsenngwa mo mathateng. Eleruri ga a batle go iphitlhela a dira taelo ya ga Satane. (Yobe 2:1-5; Diane 27:11) Ka nako e e tshwanang, Bibela e mo kgothaletsa go batla katlego ya go ya go ile ya monna wa gagwe. Go latlha se a se itseng go nna boammaaruri go tla raya tatlhegelo ya botshelo jo bosakhutleng mo go bone boo babedi. Mme fa a nitama mo tumelong ya gagwe, gongwe a ka mo thusa go bona poloko. (1 Bakorintha 7:10-16; 1 Petere 3:1, 2) Gape, ka go tswelela a tlotla maikano a lenyalo la gagwe, e sita le tlase ga bothata, o bontsha tlotlo e e boteng ya Mosimolodi wa lenyalo, Jehofa Modimo.

25. Phetso ya motsadi e ama jang ditebelelo tsa botshelo tsa bana?

25 Lebaka le lengwe le le maatla la gore motsadi yo o dumelang a boloke boikanyegi mo Modimong lefa ebile a lebane le kganetso ke bana. Modimo o neela tlhomamiso ya gore bana ba bannye ba batlhanka ba ba ineetseng ba gagwe ba tla bolokwa go kgabaganya “sepitla se segolo” se se tlang. Lemororo motsadi a le mongwe fela e le motlhanka wa ga Jehofa, O balela bana ba ba ntseng jalo ba babotlana jaaka ba “itshepile.” (1 Bakorintha 7:14) Mme go ka tweng fa motsadi a ne a ka “gana” go dira thato ya Modimo? Motsadi yo o ntseng jalo o tla bo a latlha, e seng kemo ya gagwe e e amogelesegang fa pele ga Modimo e le yosi, mme gape le ya bana ba babotlana. (Bahebera 12:25) Abo e tla nna tatlhegelo e e boitshegang jang!

26. Go dira ka go itsholegela molemo tota le ba bangwe, re tshwanetse go dira eng?

26 Go sa kgathalesege gore re na le pono efe ya botshelo, he, go phepafetse gore ga re a tshwanela go ikakanyetsa re le nosi fela mme re tshwanetse ra dira jalo le mo go ba bangwe gape. Re tla amogela lorato fa re itlwaetsa go bontsha ba bangwe lorato. (Luke 6:38) Mme go bontsha lorato lwa mmatota le go sa tsiediwe ke kakanyo ya botho ya pono-khutshwane, re tlhoka go itse Jehofa le go ipelela kamano e e molemo le ene. Lefa go ntse jalo, go dira ga rona jalo, go kopanyeletsa tlhopho e rona ka borona re tshwanetseng go e dira.

[Setshwantsho mo go tsebe 171]

Mofuta wa lorato o batlhanka ba ga Jehofa ba tshwanetseng go nna le one o ba tlama gore ba bontshe kakanyetso ya mmatota go ba bangwe go sa kgathalesege lotso,

morafe, kana maemo

mo botshelong

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela