Kgaolo 9
Kgolagano ya Modimo le “Tsala” ya Gagwe e Setse e Solegela Didikadike Molemo
1, 2. (a) Ke kamano efe e e botsalano e e setseng e simolotse go solegela didikadike molemo? (b) Ke ka ntlhayang fa Aberahame a ne a kgona go nna tsala ya Modimo?
GO FETA dingwaga di le 1 950 tse di fetileng tsala ya boammaaruri ya setho sotlhe e ne ya re: “Ga go opè eo o nañ le loratō lo lo hetañ lo, ha motho a ka beèla ditsala tsa gagwè botshèlō yoa gagwè.” (Yohane 15:13) Sebui, ebong Jesu, e ne e le setlogolwana sa monna mongwe yo o neng a bidiwa tsala ya Ene yo o tlhomologileng thata mo lobopong lotlhe, ebong Jehofa Modimo. Kamano eno e e lorato, lemororo e ne e ka bonala e sa lekalekane, e setse e bile e simolotse go dira go solegela didikadike molemo.
2 Ke monna ofe wa metlha ya bogologolo yo o neng a re direla go le gontsi thata ka ntlha ya botsalano jwa gagwe le Modimo? E ne e le Aberahame, setlogolwana sa monna yo o neng a bidiwa Sheme, yo o neng a le mongwe wa bafalodi ba Morwalela wa kgolokwe yotlhe wa motlha wa ga Noa. Aberahame o ne a tsena mo kamanong le Modimo, a supa dinonofo tsa tsala ya boammaaruri. Ka go tlhotlhelediwa ke lorato le tumelo, Aberahame o ne a dira tumalanong le thato ya Modimo, mme ka lebaka leno mokwadi wa Bibela ebong Jakobe o tlhalosa jaana: “Lokwalō loa dihahala lo lo reñ, Aberahame a dumèla Modimo, me a go balèlwa e le tshiamō; me a bidiwa tsala ea Modimo.”—Yakobe 2:23.
3, 4. (a) Ke eng se se bontshang kafa Jehofa a neng a leba ka masisi thata ka teng tumelo le ikanyo tseo Aberahame a neng a di baya mo go ene? (b) Ke mafoko afe ao ka one Jehofa a neng a digela sentle thata tlhaloso ya gagwe go Isaia 41:8?
3 Monna yono wa tumelo le ditiro o ne a tswa motseng wa Ura wa Bakaladia, mme e ne e le ene wa ntlha go bidiwa Mohebera. (Genesise 14:13) Lereo leno le ne la dirisiwa mo ditlogolwaneng tsa gagwe tsa morafe wa Iseraele. (Bafilipi 3:5) Ka go dira Aberahame tsala ya gagwe, Jehofa Modimo o ne gape a mo rerisa dingwe tsa dikgang tsa Gagwe tsa sephiri. Seno se kaiwa ke se se kwadilweng mo go Genesise 18:17-19.
4 Seo se tshwantshetsa kafa Jehofa Modimo a neng a leba ka masisi ka gone tumelo le ikanyo eo Aberahame a neng a na natso mo go ene, go felela ka kutlo e e sa belaetseng ya ga Aberahame. Jalo kwantle ga ditlhong dipe kana pelaelo, Jehofa o ne a digela tlhaloso ya gagwe go morafe wa Iseraele ka go re: “Me wèna Iseraele, motlhanka oa me, Yakoba eo ke gu ipatletseñ, losika loa ga Aberahame tsala ea me.”—Isaia 41:8.
Kgolagano ya ga Aberahame e a Dira
5, 6. (a) Ke kgolagano efe e Jehofa a neng a e dira le tsala ya gagwe ebong Aberahame? (b) Ke maemong afe a a ganetsang ao Modimo a neng a dira tsholofetso mo tsaleng ya gagwe malebana le “losika”?
5 Bokgakala jo go bofagana ga tsala e e lorato le yo mongwe bo ka gogelang motho go sone bo tshwantshediwa ke lebaka la gore Molaodi wa lobopo lotlhe, ebong Jehofa, o ne a dira kgolagano le mothonyana fela yono, ebong Aberahame. Go Genesise 15:18 re bala jaana: “Ka letsatsi yeuō Yehofa a diha kgōlaganō le Aberame [Aberahame], a re, Lehatshe ye, ke le neile losika loa gago, go cwa nokeñ ea Egepeto go hitlha kwa nokeñ e kgolo, noka ea Euferatese.”
6 Euferatese e ne e le noka eo Aberahame le ba ntlo ya gagwe ba neng ba e kgabaganya go tsena mo Lefatsheng la Tsholofetso. Ka nako ya fa ba kgabaganya, Aberahame o ne a sena ngwana, lemororo ka nako eo a ne a setse a fitlhile dingwageng tse 75, le mosadi wa gagwe a ne a fetile dingwaga tsa go ka tshola bana. (Genesise 12:1-5) Lefa go le jalo, gareng ga maemo a a ntseng jalo a a ganetsang, Modimo o ne a raya Aberahame yo o kutlo a re: “A ko u lebè yana kwa legodimoñ, me u balè dinaledi, ha u ka di bala: . . . Losika loa gago lo tla nna kalo.”—Genesise 15:2-5.
7. (a) Kgolagano eno e bidiwang? (b) E ne ya simolola go dira ka ngwaga ofe mme e le ka tiragalo efe mo botshelong jwa ga Aberahame? (c) Seo e ne e le dingwaga di le kae pele ga kgolagano ya Molao e dirwa le morafe wa Iseraele?
7 Kgolagano eo Jehofa a neng a e dira le “tsala” ya gagwe re e bitsa kgolagano ya ga Aberahame. Kgolagano eo e ne ya simolola go dira ka 1943 B.C.E. fa Aberahame a sena go dira tumalanong le dipatlafalo tsa kgolagano ya Modimo mme a kgabaganya Euferatese a le mo tseleng ya go ya Lefatsheng la Tsholofetso. Ka ngwaga oo Jehofa Modimo o ne a tlamega go segofatsa Aberahame yo o senang ngwana ka “losika.” Molao o o neng o le wa kgolagano e e neng ya dirwa le morafe wa Iseraele kwa Thabeng ya Sinai o ne wa nna gone dingwaga di le 430 moragonyana, ka 1513 B.C.E.—Genesise 12:1-7; Ekesodo 24:3-8.
Kgolagano ya Molao e ne ya Oketsa Kgolagano ya ga Aberahame
8. (a) Boikaelelo jwa kgolagano ya Molao e ne e le bofe? (b) A kgolagano ya Molao e ne ya fedisa kgolagano ya ga Aberahame?
8 Ka nako eo, ditlogolwana tsa ga Aberahame ka morwawe ebong Isake di ne di fetogile batho ba ba gololesegileng. Morafe wa Iseraele o ne o golotswe mo Egepeto mme o gogetswe kwa Thabeng ya Sinai mo Arabia. Ka Moshe jaaka motsireganyi, ba ne ba tsentswe mo kgolaganong ya Molao le Jehofa Modimo. Ereka Baiseraele bao ba ne ba setse e le ditlogolwana tsa tlholego tsa “tsala” ya ga Jehofa ebong Aberahame, boikaelelo tota jwa kgolagano e e ntseng jalo ya Molao e ne e le bofe? E ne e le go direla jaaka tshireletso mo bathong ba ba ikgethetsweng ke Jehofa. Kgolagano ya Molao e ne ya seka ya fedisa kgolagano ya ga Aberahame, lemororo e ne ya supa fa morafe wa Iseraele o le molato go ya kafa molaong o o itekanetseng wa Modimo.—Bagalatia 3:19-23.
9, 10. (a) Gantsi ditlogolwana tsa ga Aberahame di ne di ikutlwa jang kaga “losika” loo ka lone merafe e neng e ka itshegofatsa? (b) A go akanya ga bone go ne ga itshupa e le mo go utlwalang?
9 Go ya kafa tshwantshetsong, Baiseraele ba ne ba nna ‘barwa’ ba kgolagano eo ya Molao. Ba ne ba ikutlwa gore ereka ba ne ba le ditlogolwana tsa tlholego tsa ga Aberahame, seo fela se ne se ba dira “losika” loo ka lone merafe yotlhe e neng e tla itshegofatsa. A seno se ne sa itshupa se ntse jalo? Nnyaa! Gompieno, mo e ka nnang dingwaga tse 3 500 moragonyana, re bona Repaboliki ya Iseraele e e ipusang ya selefatshe, mme e ntse e lwela gore e seka ya nyelediwa ke merafe e le mentsi ya baba.
10 Jalo fa motho a nna mosokologela-Sejudeng gompieno ka mogopolo wa go nna bontlhabongwe jwa “losika” lwa ga Aberahame go segofatsa setho sotlhe ga se tsela ya ga Jehofa Modimo. Ke eng, he, se se diragetseng?
11. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa jang se se neng sa diragalela ditlogolwana tsa tlholego tsa ga Aberahame?
11 Moaposetoloi Paulo o re tlhalosetsa kgang eno, ka go re: “Go kwadilwe, ga twe, Aberahame o ne a na le bana ba le babedi ba basimane, moñwe e le oa lelata [Hagare], eo moñwe e le wa mosadi eo e leñ ñwana oa motse [Sara]. Leha go nntse yalo ñwana oa lelata a bèlègwa kaha nameñ; me ñwana oa mosadi eo e leñ ñwana oa motse a bèlègwa ka polèlō ea choloheco. Me dilō tse, di na le sechwanchō: gonne basadi ba, ke dikgōlaganō di le pedi; e ñwe e cwa thabeñ ea Sinai, me bana e ba tsalèla kgolegoñ; ke eōna Hagare. Me yana Hagare eo, ke thaba ea Sinai mo lehatshiñ ya Arabia, me o mo chwanoñ ea Yerusalema oa gompiyeno: gonne o mo kgolegoñ le bana ba gagwè. Me Yerusalema o o kwa godimo, o e leñ mma echo, ke mogololesegi hèla.”—Bagalatia 4:22-26.
12. Mosetsana wa lelata Hagare o ne a emela eng?
12 Jerusalema yo mosetsana wa lelata Hagare a neng a mo emela e ne e le wa selefatshe, a nniwa ke Bajuda ba nama. Mo metlheng ya ga Jesu Keresete, e ne e le motse mogolo wa morafe wa Iseraele mme o le kafa tlase ga kgolagano ya Molao. (Mathaio 23:37, 38) Erile fa kgolagano ya Molao e e neng e tsereganngwa ke Moshe e santse e dira, Iseraele wa tlholego a bo a le karolo e e bonalang ya phuthego ya ga Jehofa. Ka gone o ne a ka tshwantshiwa le mosadi, ke Hagare mosetsana wa lelata wa ga Sara.
Bana ba Boammaaruri ba Kgolagano ya ga Aberahame
13. (a) Ke eng se se neng se emelwa ke mosadi wa ga Aberahame, ebong Sara? (b) Ke ka ntlhayang fa “Yerusalema o o kwa godimo” a ka bidiwa “mogololesegi”?
13 Mo letlhakoreng le lengwe, “Yerusalema o o kwa godimo” e ne e le phuthego e e sa bonaleng ya ga Jehofa ya selegodimo. Ka mo go tshwanang, e ka tshwantshiwa le mosadi, le Sara, mosadi wa boammaaruri wa ga Aberahame. Kgolagano ya Molao e ne ya seka ya dirwa le phuthego eno, mme jalo “Yerusalema o o kwa godimo” o ne a gololesegile, jaaka Sara wa bogologolo. Eno ke phuthego e e tlhagisang “losika” lo lo solofeditsweng, mme ke sone se moaposetoloi Paulo a neng a ka e bitsa “mma echo.”
14. A kgolagano ya ga Aberahame ea dira go “Yerusalema o o kwa godimo,” mme ka gone ke eng seo barutwa ba ba tsetsweng ka moya ba ga Jesu Keresete ba ka bidiwang sone?
14 Tota ruri, kgolagano ya ga Aberahame e dira mo go ene jaaka mosadi wa tshwantshetso wa ga Aberahame yo Mogolwane, ee, go phuthego ya lobopo lotlhe ya ga Jehofa kwa legodimong. Se se raya gore barutwa ba ba tsetsweng ka moya ba ga Jesu Keresete, jaaka moaposetoloi Paulo, ke barwa, kana bana, ba kgolagano ya ga Aberahame. Paulo o tswelela pele ka go tlhalosa ka tsela eo, ka go re:
15. Ke eng seo moaposetoloi Paulo a neng a se bua go Bagalatia 4:27-31 mabapi le “bana” ba kgolagano ya ga Aberahame?
15 “Gonne go kwadilwe, ga twe, Itumèlè, wèna moopa eo u sa belegeñ; ponyèga u thomeletsè, wèna eo u sa boneñ pèlègō: gonne bana ba eo o lore ba heta ba eo o nañ le monna ka bontsi. Me yana ba ga echo, rona re nntse yaka Isake a na a nntse, re bana ba polèlō ea choloheco. Me yaka mo motlheñ ole, eo o na a bonywe kaha nameñ a bogisa eo o na a bonywe kaha Moeeñ, go nntse hèla yalo le gompiyeno. Me lokwalō loa reñ? Loa re, Lèlèka lelata le ñwana oa yeōna: gonne ñwana oa lelata ga a ketla a tlhakanèla boshwa le ñwana oa mosadi eo e leñ ñwana oa motse. Ke gōna, ba ga echo, ga re bana ba lelata, me re ba mosadi eo e leñ ñwana oa motse.”—Bagalatia 4:27-31; Isaia 54:1.
16. Ke eng seo tiragalo ya tshwantshetso ya metlha ya bogologolo e neng ya se bolelela pele mabapi le kgolagano ya Molao, seno se sadisa eng?
16 Ka gone tiragalo eo ya tshwantshetso ya metlha ya bogologolo e ne ya bolelelapele gore Jehofa Modimo, ebong Aberahame yo Mogolwane, o ne a tla tlogela kgolagano ya Molao eo e neng e tla dirwa le Iseraele kwa Thabeng ya Sinai. Ka tsela eno koketso (kgolagano ya Molao) ya kgolagano ya ga Aberahame e ne e tla ntshiwa, kana go tlosiwa, go sala fela kgolagano ya ga Aberahame ka tsholofetso ya yone ya “losika” loo ka lone ditshika tsotlhe tsa lefatshe di neng di tla itshegofatsa.
17. (a) Kgolagano ya Molao e ne e tshwanetse go tswelela ka lobaka lo lo kae? (b) Ke ka ntlhayang fa Jesu Keresete e ne e le setlogolwana sa konokono sa ga Aberahame? (c) Go nna ga ga Jesu Moemedi yo Mogolo wa Modimo mo go segofatseng ditshika tsotlhe tsa lefatshe go ne go ikaegile ka eng?
17 Jalo kgolagano ya Molao e e okeditsweng e ne e tshwanetse go tswelelapele go fitlhela “losika” lwa ntlha lo lo solofeditsweng lo goroga, mme lono lo ne lwa itshupa fa e le Jesu Keresete. Ka kgakgamatso ya bomodimo, o ne a nna setlogolwana sa nama sa ga Aberahame. O ne a nna setlogolwana sa konokono sa tlhogo eo ya lotso. O ne a se fela setlogolwana sa ga Aberahame sa nama mme gape o ne a le Morwa Modimo, mme jalo e le motho yo o itekanetseng, yo o neng “a le boitshèpō, a sena boleo, a sena leshwè, a lomologanye le baleohi.” (Bahebera 7:26) Lefa go ntse jalo, go nna ga gagwe Moemedi yo Mogolo wa Modimo mo go segofatseng ditshika tsotlhe tse di mo lefatsheng go ne go ikaegile ka go ntsha ga gagwe botshelo jwa gagwe jwa motho jo bo itekanetseng setlhabelo mme a dirisetsa setho sotlhe molemo wa sone. Ka go intsha setlhabelo mo go ntseng jalo, o ne a tla direla jaaka Moperesiti yo Mogolo wa ga Jehofa, a ntsha setlhabelo seo se neng se tla fitlhelela dipatlafalo tsotlhe tsa bomodimo.
Kgolagano ya Molao e ne ya Kokotelwa mo Thupeng ya Tlhokofatso ya ga Jesu
18. (a) Melemo ya setlhabelo sa thekololo e ne e tshwanetse go isiwa kwa go bomang pele, mme ka ntlhayang? (b) Jesu o ne a fetoga eng?
18 Melemo ya setlhabelo seno sa thekololo e ne e tla ntshediwa morafe wa Bajuda pele, oo Jesu a neng a ile a nna leloko la one ka go tsalwa ga gagwe ka kgakgamatso ke kgarebane Maria. Seno se ne se tlhokafala thata-thata, ka go bo Bajuda ba ne ba atlholetswe loso sebedi. Jang? Santlha, ba ne ba le lotsalo lwa ga moleofi Adame, mme sa bobedi, ka ntlha ya bosaitekanelang jwa bone, ba ne ba hutsegile ka go palelwa ke go tshelela kgolagano ya Molao le Modimo. Lefa go ntse jalo, Jesu o ne a nna phutso ya bone. Ka go bapolelwa mo thupeng ya tlhokofatso go fitlhelela a swa, o ne a kgona go tlosa phutso mo “dinkuñ tse di timetseñ tsa ntlo ea Iseraela.” Ka 33 C.E., kgolagano ya Molao e ne ya kokotelwa mo thupeng ya ga Jesu ya tlhokofatso, mme lesaka la dinku la Bajuda tlase ga kgolagano eo ya nakwana ya Molao le ne la tswalwa, lwa nyelediwa.—Mathaio 15:24; Bagalatia 3:10-13; Bakolosa 2:14.
19. (a) Ke lesaka lefe le lesha la dinku le le neng le tshwanetse go bulwa, mme le ne le tshwanetse go tshola eng? (b) Jalo he ba ba tlisiwang mo lesakeng le lesha ba fetoga eng?
19 Jalo lesaka le lesha le ne le tshwanetse go bulwa go tsenya dinku tsa semoya tsa Modisa yo o Molemo yo o tsositsweng, ebong Jesu Keresete. Modisa yo o Molemo yo o intshang setlhabelo le ene ke kgoro ya tshwantshetso ya lesaka leno le lesha. (Yohane 10:7) Bao ba tsentsweng mo lesakeng leno le lesha kafa tlase ga Modisa yo o Molemo ba nna bana ba ba tsetsweng ka moya ba ga Aberahame yo Mogolwane mme ka gone ba nna bontlhanngwe jwa “losika” lwa Gagwe. (Baroma 2:28, 29) Ka go dumalana le lebaka leno, mo metlheng eno ya bofelo masalela a “losika” loo lwa semoya a ile a direla jaaka tshegofatso mo didikadikeng tsa batho tse di oketsegang mo mafatsheng a a fetang 200.
[Setshwantsho mo go tsebe 80, 81]
Kgolagano ya Molao wa ga Moshe kwa Thabeng ya Sinai e ne ya khutla fa e ne e kokothelwa mo thupeng ya tlhokofatso le Jesu