LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ws kgao. 11 ts. 90-97
  • Pharologanyo ya Jerusalema wa Selefatshe le Jerusalema wa Selegodimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Pharologanyo ya Jerusalema wa Selefatshe le Jerusalema wa Selegodimo
  • Polokesego Mo Lefatsheng Lotlhe Tlase ga “Kgōsana ea Kagishō”
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Yerusalema o o kwa Godimo” o Nna Motse wa Segosi
  • Morwadia “Yerusalema o o kwa Godimo”
  • Nako ya Boitumelo
  • Jerusalema—“Motse wa Kgosi E Kgolo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Jerusalema yo Mosha ke Eng?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Motse o o Galalelang
    Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
  • Itumeleng—Bogosi jwa ga Jehofa jwa Bomesia Bo A Busa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
Polokesego Mo Lefatsheng Lotlhe Tlase ga “Kgōsana ea Kagishō”
ws kgao. 11 ts. 90-97

Kgaolo 11

Pharologanyo ya Jerusalema wa Selefatshe le Jerusalema wa Selegodimo

1. (a) A tshenyego ya Jerusalema e tla bo e le sengwe se sesha? (b) Ke ka ntlhayang fa e tla bo e se kotsi mo sethong sotlhe fa Jerusalema a ne a ka senngwa gape?

BAO gompieno eleng Bajuda go ya kafa nameng ba ikemiseditse gore Jerusalema yo o mo Botlhaba Gare a nnele ruri. Le eleng batho ba La-Bodumedi ba santse ba tlotla thata-thata motse oo koo Jesu a neng a digela bodihedi jwa gagwe gone. A mme seno sotlhe se tlhomamisetsa gore motse oo o tla nnela ruri o ntse o le gone? O ne wa senngwa pele, ka 607 B.C.E. ke Bababelona mme ka 70 C.E. ke Baroma. A go ne go tla raya kotsi mo sethong sotlhe fa o ne o ka senngwa gape? Nnyaa, motse oo ga o tlhokafale go ka lere masego a kgolagano ya ga Aberahame mo sethong. Le eleng ka Aberahame go kwadilwe jaana: “O na a lebèlèla motse o e leñ ōna o o nañ le methèō tōta, o moagi le modihi oa ōna e leñ Modimo.”—Bahebera 11:10.

2. (a) Moaposetoloi Paulo o bontsha jang gore go na le Jerusalema yo o kwa godimo? (b) Ke mang yo o leng Monna wa Jerusalema yoo, mme bomorwawe ke bafe ka ene?

2 Moaposetoloi Paulo o ne a kwala a re: “Me Yerusalema o o kwa godimo, o e leñ mma echo, ke mogololesegi hèla.” (Bagalatia 4:26) Moo o ne a bontsha gore Jerusalema wa selegodimo, kana wa kwa legodimong, o ne a emelwa ke Sara mme e ne e le phuthego ya seka-mosadi wa ga Aberahame yo Mogolwane, ebong Jehofa Modimo. Ka jalo, bana ba “Yerusalema o o kwa godimo” ke Bakeresete ba ba tsetsweng ka moya, jaaka Paulo.

“Yerusalema o o kwa Godimo” o Nna Motse wa Segosi

3. (a) Jehofa Modimo ka boene o ne a simolola leng go busa? (b) Jesu Keresete o ne a tlhongwa mo setulong sa bogosi kae, mme seno se ne sa nna le phelelo efe mo bogosing jwa ga Jehofa ka sebele?

3 “Yerusalema o o kwa godimo” o ne wa nna mo boemong jwa segosi fa esale “metlha ea badichaba” e khutla ka 1914. (Luke 21:24) Go tloga nakong eo go ya pele, Pesalema 97:1 e a dira: “Yehofa oa busa; a lehatshe le ipelè.” Ka mo go tshwanang Pesalema 99:1, 2 le yone ea dira: “Yehofa oa busa; . . . Yehofa o mogolo mo Siona; me o kwa godimo, godimo ga dichaba cotlhe.” Ka 1914 nako e ne ya tla gore a emise go gatakiwa ga Bogosi jwa moralo wa segosi wa ga Dafide, o o neng o emetswe ke motse o pele e neng e le wa segosi wa Jerusalema. Ka gone, o ne a tlhoma Morwawe mo setulong sa bogosi, ebong Jesu Keresete, jaaka Kgosi e e kafa letsogong le legolo la Gagwe mo “Yerusalema o o kwa godimo,” ebong Jerusalema wa selegodimo, ka tsela eno a o dira motse wa segosi. Go nna kgosi ga ga Jehofa go tiisediwa kana go tlhomamisiwa ke go tlhongwa mo setulong sa bogosi ga ga Jesu Keresete jaaka Kgosi.

4. “Yerusalema o o kwa godimo” o ne a nna motse wa segosi ka ditiragalo dife fa esale ka 1914?

4 Jalo morago ga go tsalwa ga Bogosi jwa selegodimo ka 1914 le morago ga gore Satane le badimona ba gagwe ba tlosiwe mo legodimong, go ne go tshwanetse go ntsha kitsiso e e reng: “Gompiyeno go tsile poloka, le thata, le bogosi yoa Modimo oa rona, le taolō ea ga Keresete oa ōna: gonne mopateletsi oa bakauleñwe ba rona, eo o nntseñ a ba pateletsa ha pele ga Modimo oa rona motshegare le bosigo, o piriganyedicwe kwa tlhatse.” (Tshenolō 12:1-10) “Taolō ea ga Keresete oa ōna” e ne e le ya gore Yono a buse jaaka Kgosi mo “Yerusalema o o kwa godimo.” Tota ruri, o ne a nna motse wa segosi mo ngwageng o o tlhogonolofetseng oo wa 1914.

Morwadia “Yerusalema o o kwa Godimo”

5, 6. (a) Go Tshenolō 21:1, 2, Johane o bona motse ofe o mosha wa tshwantshetso? (b) Ke mang yo o neelwang kamogelo ya segosi jaaka e tlhalositswe go Sekaria 9:9, 10, mme e le ka mafoko afe?

5 Mo go ka fetang kwatara ya lekgolo la dingwaga morago ga go senngwa ga Jerusalema ke mephato ya Baroma ka 70 C.E., moaposetoloi Johane o ne a neelwa diponatshegelo tse di gakgamatsang mo bukeng ya Tshenolō. Mo go Tshenolō 21:1, 2, Johane o bua ka “Yerusalema o mosha.” Ke bao ba bopang “Yerusalema o mosha” yono bao ka boipelo ba amogelang Kgosi e e sa tswang go tlhongwa bosheng e e tlang mo leineng la ga Jehofa, fela jaaka go twe ba dire go Sekaria 9:9, 10, ka mafoko ano:

6 “Itumèla thata, wèna morwadia Siona; thèla loshalaba, wèna morwadia Siona; thèla loshalaba, wèna morwadia Yerusalema: bōna, kgosi ea gago ee tla kwa go wèna: o tshiamō, o na le poloka; o boikokobeco, o palame esela, . . . Me ke tla kgaola kara ea tlhabanō mo Eferaima, le pitse mo Yerusalema, le bora yoa tlhabanō bo tla kgaolwa; o tla bua kagishō le merahe me pushō ea gagwè e tla cwa lewatleñ ye leñwe e ea lewatleñ ye leñwe, e tla cwa Nokeñ e ee go hitlha kwa dikhutloñ tsa lehatshe.”

7. Polelelopele eo e ne ya diragadiwa ke bomang mo ‘bofelong jono jwa tsamaiso ya dilo,’ mme ka tsela efe?

7 Polelelopele eno e ne ya diragadiwa ka bontlhanngwe fa Jesu Keresete a ne a tla a pagame jaaka mofenyi mo Jerusalema ka 33 C.E. E ile ya diragadiwa ka botlalo mo masaleleng a Iseraele wa semoya fa esale ka 1919. Ga go na kgaogano epe magareng ga maloko a masalela ao a a tloditsweng, jaaka eo e neng ya diragala fa gare ga ditso tsa Eferaima tsa bogologolo le Jerusalema, motse-mogolo wa ditso tse pedi tsa Juda. Ka go direla dikgatlhego tsa Bogosi jwa Bomesia ka bongwe fela ka boikaelelo jwa go diragatsa polelelopele ya ga Jesu go Mathaio 24:14 le Mareko 13:10, ba tswelela ka go galaletsa Kgosi e e fentseng, Jesu Keresete. Ka kutlwano e e sa kgaogeng ba ineela ka boikanyegi pusong ya gagwe ya segosi mo ‘bofelong jono jwa tsamaiso ya dilo.’—Mathaio 24:3.

8. (a) Ke bomang ba ba tla palelwang ke go amogela Kgosi e e fentseng? (b) Bano ba gwantela kae le go eng?

8 Tshwabong ya bone, gammogo le Jerusalema wa Repaboliki ya Iseraela, merafe e e tlotlegang ya Bokeresete e e bopang La-Bodumedi ga e amogele Kgosi e e fentseng e e tlang mo leineng la ga Jehofa. Ka mo go tshwanang, go na le bao e leng basupi ba Ene yo o tlang ka leina la gagwe, ka boitumelo jo bogolo ba Mo direla mo tempeleng ya Gagwe. (Isaia 43:10-12) Matlho a bone a semoya a ile a budulolwa go bona fa Repaboliki ya Iseraele le merafe yotlhe e mengwe e e mo teng le e e ka kwa ntle ga UN jaanong e tsamaetse kgakala mo kgwantong ya yone go ya kwa “heloñ ha go bidiwañ Hara-Magedona, mo puoñ ya Sehebera.” (Tshenolō 16:16) Ntwa ya Modimo Mothatayotlhe e atametse!

9. Isagwe ya Jerusalema wa selefatshe e fapaana jang thata-thata le ya Jerusalema yo Mosha?

9 Bokamoso jwa Jerusalema wa selefatshe ke jo bo kotsi, mme jwa Jerusalema yo mosha ke jo bo galalelang. Mo lobakeng lo lo tshwanetseng, “dinaka tse shomè” tsa “sebatana” sa sepolotiki, gammogo le “sebatana” ka bosone, di simolola go tlhoa tsamaiso ya seaka, ebong Babelona o Mogolo, mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka. Di tla bontsha letlhoo la tsone le le thubakanyang kgatlhanong le Jerusalema yo o sisimogiwang kafa bodumeding wa selefatshe mme di tla mo senya jaaka ekete ka molelo. (Tshenolō 17:16) Mme ga di kitla di kgona gotlhelele go ama Jerusalema yo Mosha wa selegodimo.

10. Jerusalema wa selefatshe o tsaya jang tsela e e farologaneng le ya Bakeresete ba ba tsetsweng ka moya le balekane ba bone ba “boidiidi yo bogolo”?

10 Masalela a Bakeresete ba ba tsetsweng ka moya bao ba lebeletseng go nna karolo ya Jerusalema yo Mosha wa selegodimo a tswelela ka go galaletsa Kgosi ya Monyadi, ebong Jesu Keresete, gammogo le “boidiidi yo bogolo” jwa basupi ba bangwe ba ga Jehofa. Mo tseleng eno ya tiro ya boikanyego, ba nna ba ba farologaneng thata-thata le Jerusalema yo mogologolo. Fa esale go tlhongwa Repaboliki ya Iseraele, motse o jaanong o leng wa Sejuda ka mo go feletseng wa Jerusalema o tsamaya fela mo dikgatong tsa baagi ba Jerusalema wa lekgolo la ntlha la dingwaga. Kafa tlase ga tlhotlheletso e e foufatsang ya bodumedi, o tswelela pele ka go gana Jesu Keresete, Ene yo o nang le tshwanelo le nonofo ya go busa mo Bogosing jwa selegodimo.

11, 12. (a) Tiragatso e e tshwaegang ya polelelopele ya ga Jesu go Mathaio 24:14 e ile ya dirwa ke bomang thata-thata? (b) Ke eng seo Mokgatlho o ba dirang le one o nang le sone mo Repaboliking ya Iseraele gompieno?

11 Ke boammaaruri, fa esale bokhutlo jwa Metlha ya Baditšhaba ka 1914, “Kgōsana ea Kagishō” e ile ya busa kwa legodimong, e sa bonale mo matlhong a batho. Lefa go le jalo, fa e sale Jerusalema a gapiwa ke Maesemane mo Ntweng ya Lefatshe I le Britane a neelwa thata mo go ene ke Kgolagano ya Merafe, mafoko a a molemo a Bogosi jwa selegodimo go busa Morwa wa Bomesia wa ga Kgosi Dafide a ile a “rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe,” fela jaaka Jesu Keresete ka boene a ne a bolelela pele.—Mathaio 24:14.

12 Tiragatso eno e e tshwaegang ya polelelopele e ile ya diragadiwa ke Basupi ba ga Jehofa ba eteletswe pele ke Watch Tower Bible and Tract Society. Mokgatlho ono ebile o na le ofisi ya lekala mo Tel Aviv, eo mo go yona ditiro tsa Basupi ba ga Jehofa go ralala naga yotlhe ya Iseraela di tsamaisiwang gone. Gape go na le diphuthego tse di tlhagafetseng tsa Basupi ba ga Jehofa ba jaanong ba bolelang mafoko a Bogosi mo lefatsheng leo.

13. (a) Ke eng se se tla latelang morago ga go rerwa ga mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo go sena go fitlhelelwa? (b) A go tla bo go tlhokafale gore go nne le Jerusalema yo mongwe gape wa selefatshe, le eleng go amogela Dafide gape mo tsogong?

13 Jesu Keresete o ne a bolelelapele gore morago ga go rerwa ga “Mahoko a a Molemō a, a bogosi,” go sena go dirwa ka botlalo, “bokhutlō” bo tla tlela tsamaiso eno ya dilo ya lefatshe. (Mathaio 24:14) Jalo he bokhutlo jwa Jerusalema wa selefatshe bo atametse. Mo nakong eno, go bonala go sa tlhokafale Jerusalema ope yo mongwe go ka agiwa sesha mo setsheng sa yo mogologolo, le eleng go amogela yo pele e neng e le kgosi ya Jerusalema, ebong Dafide, ka go tsosiwa mo baswing mo Bogosing jwa Dingwaga tse di Sekete jwa setlogolwana sa gagwe sa segosi, ebong Jesu Keresete. (Yohane 5:28, 29) Lefa go le jalo, go bonala sentle fa Dafide a tla tsosediwa mo lefelong leo pele a neng a direla Jehofa Modimo mo go lone.

Nako ya Boitumelo

14, 15. (a) Moaposetoloi Johane o tlhalosa jang Jerusalema yo Mosha yo o galalelang le go fologa ga gagwe kwa legodimong go tla go segofatsa setho? (b) Ke ka ntlhayang fa nako ya rona e le ya boitumelo, mme ke paka efe ya boitumelo jwa lobopo lotlhe e e atamelang?

14 Jerusalema o mosha o amanngwa le tsamaiso e ntšha ya dilo e e galalelang. Moaposetoloi Johane o re: “Me ka bōna legodimo ye lesha le lehatshe ye lesha; gonne legodimo ya ntlha le hetile, le lehatshe ya pele; le lewatlè ga le tlhole le leeō. Me ka bōna motse o o boitshèpō, Yerusalema o mosha, o hologa mo legodimoñ o cwa kwa Modimoñ, o etleedicwe yaka monyadwi eo o kgabetseñ monna oa gagwè. Me ka utlwa lencwe ye legolo le cwa mo setuloñ sa bogosi, le re, Bōnañ, boagō yoa Modimo bo mo bathuñ, me o tla aga nabō, me ba tla nna batho ba ōna, le Modimo ka osi o tla nna nabō, me o tla nna Modimo oa bōnè.” (Tshenolō 21:1-3) Ka gone, Jerusalema yo Mosha o tshwanetse go nna lesego mo losikeng lotlhe lwa motho.

15 Seno se dira gore nako ya rona e nne e e itumedisang. Go oketsa boitumelo jono, paka e e kgatlhisang mo lobopong lotlhe le boipelo jwa lobopo lotlhe ea atamela. Ke lenyalo la setlhopha sa monyadwi se palo ya sone e wetseng, ebong Jerusalema o Mosha, go Jesu Keresete Kgosi. Jaaka fa go kwadilwe mo go Tshenolō 19:6-9: “Me ka [moaposetoloi Johane] utlwa ekete loshalaba loa boidiidi yo bogolo yoa batho, lo bile lo nntse yaka moshumō oa metse a le mantsi, lo bile lo nntse yaka ditumō tse dikgolo tsa maru, lo re, Haleloya! gonne Morèna Modimo oa rona, Mothataeotlhe, oa busa. A re itumeleñ, a re ipeleñ thata, a re o galaletseñ: gonne nyalō ea Kwana [Jesu Keresete] e hitlhile, le mosadi oa gagwè o ipaakantse. Me mosadi a neèlwa gore a ikapesè ka leloba ye le bolèta, ye le phatsimañ, ye lentlè: gonne leloba ye le bolèta ke ditihō tse di siameñ tsa baitshepi. Me a nthaea, a re, Kwala, u re, Go segō ba ba lalelediwañ selalèlo sa nyalō ea Kwana.”

16. (a) Ka lenyalo la gagwe la selegodimo go Kwana, Jerusalema yo Mosha o nna mmagwe bomang? (b) Jerusalema yo Mosha o tla itshupa a le tshegofatso tumalanong e e tletseng le eng?

16 Go kopanela lenyalo gono le Kwana Jesu Keresete go tla raya boitumelo jo bogolo thata go Jerusalema yo Mosha wa tshwantshetso mo legodimong. Ka gone o tla nna “mma bana eo o itumèlañ.” (Pesalema 113:9) Ee, o tla nna mme wa selegodimo wa batho botlhe, ba ba tshelang le ba ba suleng, bao monna wa gagwe yo o lorato a ileng a ba golola ka setlhabelo sa gagwe se se itekanetseng sa motho makgolo a dingwaga a le 19 a a fetileng. E le tumalanong e e tletseng le kgolagano ya ga Jehofa le Aberahame ya dikete-kete tsa dingwaga tse di fetileng, Jerusalema yo Mosha o tla itshupa a le sego mo ditshikeng tsotlhe tse di mo lefatsheng.

[Setshwantsho mo go tsebe 96]

Mo tsamaisong e ntšha, Jerusalema o Mosha o tla segofatsa setho sotlhe

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela