Kgaolo 14
Morago ga Kgolagano e Ntšha—Bogosi jwa Dingwaga tse di Sekete
1, 2. (a) Didikadike tseo di tla solegelwang molemo ke go dira ga kgolagano e ntšha di ka bapisiwa le bomang gompieno? (b) Ke eng seo ditekanyetso tsa kgolagano e ntšha di neng tsa se bolela?
DIMILIONE tsa batho go dikologa lefatshe di setse di amogetse melemo e megolo ka ntlha ya go dira ga kgolagano e ntšha, lemororo ba se mo go yone. Ba tshwana le baagi bao e neng e se Baiseraele bao ba neng ba nna mo Iseraela mo metlheng ya fa kgolagano ya Molao wa ga Moshe e santse e dira. (Ekesodo 20:10) Seno se ile sa nna jalo jang mo kgannyeng ya didikadike tseo di ntseng di oketsega tsa ba ba solegelwang molemo bao ba kopanelang le masalela a Baiseraela ba semoya gompieno?
2 Mo polelelong pele ya Yeremia 31:31-34, Ene yo o tlhomileng ditekanyetso tsa kgolagano e ntšha o ne a re: “Ke tla tsenya molaō oa me mo teñ ga bōnè, ke o kwala mo peduñ tsa bōnè; ke tla nna Modimo oa bōnè le bōnè ba tla nna batho ba me.”
3. (a) Molao wa kgolagano e kgologolo ya ga Moshe e e neng ya neelwa Iseraele o ne o le ka sebopego sefe? (b) Pele ga Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika di simololwa go kwalwa, ke kae koo Modimo a neng a dira gore go kwalwe gone melao ya kgolagano e ntšha?
3 Mo kgannyeng ya kgolagano ya Molao, Jehofa Modimo, ka moperofeti Moshe jaaka motseriganyi, o ne a neela Iseraele wa tlholego “lokwalō . . . lo lo kwadilweñ mo melaoñ.” (Bakolosa 2:14) Lefa go ntse jalo, go tweng kaga molao wa kgolagano e ntšha? Motseriganyi wa yone o ne a se kitla a e kwala mo letlapeng, kana go e kwala mo lekwalong. Motseriganyi wa yone o ne a seka a tlogela mekwalo epe e a e kwadileng. Re tlhomamisa seo eleng molao wa kgolagano e ntšha go tswa Dikwalong tsa Segerika tsa Bokeresete tse di tlhotlheleditsweng. (2 Timotheo 3:16) Mme le eleng pele ga Dikwalo tseo tsa Segerika di simololwa go kwalwa, mo e ka nnang ka 41 C.E., Jehofa Modimo o ne a simolola go kwala molao wa gagwe wa kgolagano e ntšha. Leng? Mo letsatsing la Pentekosete, ka 33 C.E. Kae? Gone fela koo a neng a sale a solofeditse gore o tla e kwala gone: “Ke tla tsenya melaō ea me mo mogopoloñ oa bōnè, ke e kwala le mo peduñ tsa bōnè.”—Bahebera 8:10.
4. Go bo Modimo a kwadile melao ya gagwe mo dipelong le go e tsenya mo megopolong ya batlhanka ba gagwe go ne go tla nna le diphelelo dife tse di molemo?
4 E kwadilwe mo pelong, go bonala sentle fa melao eo e ne e ka se khutlele go ratwa ke bao ba neng ba e utlwa. Fa e le gore melao eo e ne e tsentswe mo “mogopoloñ oa bōnè,” go ne go sa bonale fa ba ne ba ka e lebala. Ka jalo, baboloki ba melao eo ba re, go ya kafa mafokong a Pesalema 119:97: “Ana ke rata molaō oa gago yañ! Ko ōna go tlhatlhanya ga me ka letsatsi yeotlhe.” Go tswa mo botennyeng jwa bone, ba tlhoma dikeletso tsa bone mo melaong ya ga Jehofa eo e neng e neetswe ka Motseriganyi wa gagwe, ebong Jesu Keresete. Ka gone, ka tlhotlheletso e e tshwanetseng, ba tlhomamisa gore ba tla boloka melao eo e e tlhokegang thata. Seno se dira go “lecomanyane” mo kgolaganong e ntšha le go “boidiidi yo bogolo” jwa “dinku di sele” bao, ba seng mo kgolaganong e ntšha, mme ba leng kafa tlase ga yone.—Bapisa 1 Yohane 5:3; Yohane 14:15.
Kganetsano ya Bogosi Kwa Pele!
5. Ke eng seo Motseriganyi wa kgolagano e ntšha a neng a se bolelela pele go Mathaio 24:12-14?
5 Baboloki ba melao ya kgolagano e ntšha ga ba akanye le eseng ka go ineela mo go seo Motseriganyi, ebong Jesu Keresete, a neng a bolelela pele fa e tla nna karolo ya “sesupo . . . sa bofelo jwa tsamaiso ya dilo,” (NW): “Me e tla re ka boikèpō bo tla bo bo ntsihetse, loratō loa bontsi bogolo lo tla tsidihala. Me eo o ichokèlañ bokhutloñ, èna eouō o tla bolokwa. Me Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe.”—Mathaio 24:3, 12-14.
6. (a) A Mathaio 24:14 e ne e le polelelopele fela? (b) Ke bomang ba ba ileng ba e tsaya jaaka se se fetang fela go nna polelelopele, mme ke eng se se ka bolelwang kaga bopelotelele jwa bone?
6 Tlhaloso eno ya bofelo e e amanang le go neela bosupi mo lefatsheng lotlhe kaga Bogosi e ne e se polelelopele fela. E ne e le thomo mo barutweng ba gagwe ba ba tshelang mo ‘bofelong jwa tsamaiso ya dilo.’ E ne e le sengwe sa go ba kaela kgato e e siameng eo ba neng ba tshwanetse go e tsaya go ya fela kwa bokhutlong jwa tsamaiso ya dilo e e senang lorato le e e tletseng boikepo ka kakaretso, eseng fela mo go sa tlotleng molao wa Modimo. Ke bomang bao gompieno ba itshupang e le Bakeresete ba boammaaruri, bao ba tsayang mafoko ao a ga Jesu Keresete jaaka thomo mo go bone? Mabaka a ditiragalo ao a ileng a ntsifala fa e sale ka 1919 a araba sentle ka boammaaruri gore ke, “Basupi ba ga Jehofa”! Tlhabano e kgolo ya bone ya go ruta Bibela kaga Bogosi ke e e di fetileng tsotlhe, mme ba ile ba bontsha bopelotelele mo go yone mo dingwageng tse 67 tse di fetileng. Ngwaga le ngwaga jaanong, e ntse e gola ka selekanyo le ka nonofo.
7, 8. (a) Mo Ntweng ya Lefatshe I, ke eng seo Satane a neng a leka go se dira mo go bao ba leng mo kgolaganong e ntšha? (b) Mo lobakeng lwa morago ga ntwa, kganetsano ya Bogosi e ne ya nna jang kwa pele?
7 Satane Diabolo o ne a leka go kganela tlhabano eno e e sa tlwaelegang ya go ruta Bibela ka go dira gore masalela a mabotlana a Baiseraele ba semoya a nyelediwe mo Ntweng ya Lefatshe I. O ne a palelwa! Ka bofefo fela, morago ga go tsosolosiwa ga bone mo boemong jwa seka-loso mo selemong sa 1919, ba ne ba tshwara kopano ya bone ya ntlha ya morago ga ntwa mo Cedar Point, Ohio, ka Lwetse wa ngwaga oo. Mo kopanong ya bobedi mo Cedar Point ka Lwetse 1922, kganetsano ya Bogosi e ne ya nna kwa pele. Mo letsatsing la bone la kopano eo, e e neng e na le setlhogo se se reng “Letsatsi,” mookamedi wa Mokgatlho wa Watch Tower o ne a digela puo ya gagwe e e kgatlhisang thata ka go bua a re:
8 “A he re boeleng kwa tshimong, Lona bana ba Modimo Mogodimodimo! Aparang diaparo tsa lona tsa phemelo! Thanyang, nnang matlhagatlhaga, tlhoafalang, nnang pelokgale. Nnang basupi ba ba ikanyegang le ba boammaaruri ba Morena. Tswelelang pele mo ntweng go fitlhelela masalela otlhe a Babelona a swafala. Bolelang molaetsa gaufi le kgakala. Lefatshe le tshwanetse go itse gore Jehofa ke Modimo le gore Jesu Keresete ke Kgosi ya dikgosi le Morena wa barena. Leno ke letsatsi le le a fetang otlhe. Bonang, Kgosi ea busa! Lo baemedi ba gagwe ba ba anamisang. Jalo he, itsiseng, itsiseng, itsiseng Kgosi le Bogosi jwa gagwe.”
Go Itse Jehofa ka Temogo e e Oketsegileng
9. (a) Ka ntlha ya go oketsega ga bosupi jo bo amanang le goromente yoo wa tshiamo, batho ba tshwanetse go tsaya boemo bofe? (b) Bao ba emang kafa letlhakoreng le le siameng ba neelwa kitso efe?
9 Jaanong e setse e ile ya nna dingwaga tse 70 fa esale Keresete a tlhongwa mo setulong sa bogosi ka nonofo ya Bogosi ka 1914. Fa esale, bosupi kaga goromente wa tshiamo wa Modimo bo ile jwa oketsega ka mo go boitshegang. Setho sotlhe se tshwanetse go emela kganetsano ya Bogosi ka go tia, e kane e le kafa letlhakoreng la Bogosi kana kgatlhanong le jone. Mme ba ba emelang goromente yoo wa bomodimo ba diragalelwa ke mafoko ano a a botlhokwatlhokwa a kgolagano e ntšha: “Ga ba ketla ba tlhōla ba ruta moñwe le moñwe oa ga gabō, le moñwe le moñwe ñwana a rragwè, ba re, Itse Yehofa: gonne ba tla nkitse botlhe hèla, go simolola ka eo mmōtlana go ea go eo mogolo mo go bōnè.”—Yeremia 31:34.
10. (a) Jalo ke leina lefe leo masalela a Baiseraele ba semoya a neng a itsiwe ka lone fa a ne a simolola go amogela “dinku di sele”? (b) Ke kitso efe eo “dinku di sele” di neng tsa e bapala?
10 Ka 1935 masalela a Baiseraele ba semoya a ne a simolola go amogela “dinku di sele” tsa Modisa yo o Molemo go tlhakanela le bone ka tlhoafalo mo ‘letsomaneng le le lengwe fela’ tlase ga ga Jesu Keresete, botlhe e le Basupi ba ga Jehofa. Go tswa foo “dinku di sele,” tseo di neng tsa simolola go kokoana go nna “boidiidi yo bogolo” kwantle ga palo epe e e beilweng gale, di ile tsa tsenelela, gammogo le masalela a a itshenketsweng ka moya, mo go ‘bolokeng ditaolo tsa Modimo’ le mo go neeleng “chupō ea ga Yesu.” (Tshenolō 7:9-17; 12:17) Jalo he go simologa ka 1935, “dinku di sele” tseno le tsone di ne tsa itse Jehofa “go simolola ka eo mmōtlana go ea go eo mogolo mo go bōnè.”
11. Kitso ya Bokeresete ya go itse Jehofa e farologane jang le go nna molemo bogolo jang go na le ya Bajuda bao ba neng ba le tlase ga kgolagano ya Molao?
11 Lefa go ntse jalo, ke ka tsela efe, kitso ya go itse Jehofa e farologaneng ka gone e bile e le molemo bogolo go na le kitso eo Bajuda ba neng ba na le yone tlase ga kgolagano e kgologolo ya Molao wa ga Moshe? Modiri wa selegodimo wa kgolagano e ntšha o tswelela ka go re raya a re: “Gonne ke tla ba ichwarèla boikèpō yoa bōnè, le boleo yoa bōnè ga nketla ke tlhōla ke bo gakologèlwa gopè.” (Yeremia 31:34; Bahebera 8:12) Seno ke ka go bo kgolagano e ntšha e thailwe mo setlhabelong se se molemo bogolo ka Motseriganyi yo o molemo bogolo. (Bahebera 8:6; 9:11, 12, 22, 23) Setlhabelo se se molemo bogolo sa Motseriganyi yo o molemo bogolo ga se tlhoke go boelediwa, jaaka go ne go ntse ka Letsatsi la Tetlanyo la ngwaga le ngwaga tlase ga kgolagano e kgologolo ya Molao wa ga Moshe. (Bahebera 10:15-18) Ponong ya seno sotlhe, kitso ya go itse Jehofa eo ba ba leng mo teng le kafa tlase ga kgolagano e ntšha ba nang le yone ruri ke e e molemo bogolo, ke e e humisang go feta, e e neelang temogo e kgolwane, e e feletseng thata, go na le kitso ya go itse Modimo eo Bajuda ba neng ba na le yone tlase ga kgolagano ya Molao.
12. Mo godimo ga tsotlhe, ke boemo bofe joo Jehofa a leng mo go jone tebang le bao ba tsenngwang mo kgolaganong e ntšha le bao ba leng mo go yone?
12 Se segolo go feta, ke gore, Jehofa Modimo, ebong Modiri wa Kgolagano, ke Kgosi mo go bao ba tsenngwang mo kgolaganong e ntšha le mo go bao a ba tsenyang kafa tlase ga yone. (Mathaio 5:34, 35; Yeremia 10:7) Dingwaga tse 1 850 pele ga Jesu a ka tlhomiwa mo setulong sa bogosi jaaka Kgosi kwa legodimong ka 1914, moaposetoloi Paulo, o ne a supa kaga go busa ga ga Jehofa mo go bao ba utlwang melao ya kgolagano e ntšha, ka go re: “Me yana a Kgosi e e nntseñ hèla e sena tshimologō leha e le bokhutlō, e e se keñ e shwa, e e se keñ e bōnwa, e e leñ Modimo o o osi, e nèwè tlotlō le kgalalèlō ka bosakhutleñ le ka bosaeeñkae. Amen.”—1 Timotheo 1:17.
Bogosi jwa Dingwaga tse di Sekete Morago ga ‘Sepitla se Segolo’
13. (a) Ke leng le tlase ga maemo afe ao “boidiidi yo bogolo” ba tla tsenang ka selekanyo se se tletseng mo masegong ao a tla bong a elela go tswa mo kgolaganong e ntšha? (b) Ke boikaelelo bofe jo bo molemo thata joo kgolagano e ntšha e tla bong e bo fitlheletse?
13 “Boidiidi yo bogolo” jwa “dinku di sele,” bao ba seng mo kgolaganong e ntšha mme ba leng kafa tlase ga yone, ba lebeletse go falola ba tshedile mo “sepitleñ se segolo.” Morago ga tsamaiso eno ya dilo ya jaanong e e atlhotsweng e sena go senngwa, ba tla itumelela, ka dingwaga tse di sekete, puso ya ga Jesu Keresete le barua-boswa mmogo le ene mo lefatsheng le le phepafaditsweng. (Tshenolō 7:9-14) Go tswa foo boikaelelo jwa kgolagano e ntšha bo tla bo bo diragaditswe, jwa go tlhagisa “chaba e e ruilweñ ke Modimo sebele” go nna barua-boswa ba Bogosi jwa selegodimo. (1 Petere 2:9; Ditihō 15:14) Ka Bogosi jwa Modimo, masego a tla tlela “boidiidi yo bogolo” jwa “dinku di sele” tsa bafalodi ka selekanyo se segolo. Satane Diabolo le phuthego ya gagwe e e sa bonaleng ya badimona ba tla bo ba tsentswe mo moleting mme ba sa kgone go tshwenya.—Tshenolō 21:1-4; 20:1-3.
14. Ke boipaakanyetso bofe jo bo molemo joo “boidiidi yo bogolo” jo bo falotseng bo tla bong bo bo dirile?
14 “Boidiidi yo bogolo” jwa bafalodi ba “dinku di sele” ba tla bo ba ile ba ipaakanyetsa ka botlalo go tshela mo tsamaisong e ntšha ya dilo. Mme jaaka masalela a Baiseraele ba semoya, ba tla bo ba itsile Modimo “go simolola ka eo mmōtlana go ea go eo mogolo mo go bōnè.” (Yeremia 31:34) Fa a ne a rapela Modimo, Kgosi e e busang o kile a re: “Me botshelō yo bo sa khutleñ ke yo, gore ba gu itse, wèna, Modimo o o osi, o o boamarure, le èna eo u mo romileñ, eboñ Yesu Keresete.” (Yohane 17:3) Jalo kitso eno ya lobopo lotlhe ya go itse Jehofa Modimo e tla tlhagisa poloko ya bosakhutleng. Seno se tla nna jalo eseng fela go “motho” yo o tla bolokwang a tshedile mo ‘sepitleng se segolo’ mme gape le mo dibilioneng tsa batho ba ba suleng bao ba tla utlwang lentswe la ga Kgosi mme ba tswe mo mabitleng a bone. Kitso yotlhe e e tlhokafalang gore ba itse Jehofa e tla neelwa ba ba tsositsweng bao.—Mathaio 24:21, 22; Yohane 5:28, 29; Tshenolō 20:11-15.
15. Ke ka ntlhayang fa go diragadiwa ga kgolagano e ntšha go se kitla go felela ka tatlhegelo epe go “boidiidi yo bogolo” jwa “dinku di sele”?
15 Ka boitumelo, go diragadiwa ga kgolagano e ntšha ya Modimo gore e atlege thata ga go ne go felela ka tatlhegelo go “boidiidi yo bogolo” jwa ba seka-dinku bao ba falolang tshenyego ya tsamaiso eno ya dilo e e atlhotsweng. Go na le moo, go tla tlisa masego a magolo gone mono mo lefatsheng le le phepafaditsweng leo ba tla le ruang le leo ba tla nnang le seabe sa ntlha mo go le fetoleleng mo paradaiseng ya kgolokwe. (Mathaio 25:34; Luke 23:43) Ka bokhutshwanyane jaanong, bao ba senyang lefatshe ba tla bo ba ile, “me ba ba lebeletseñ mo go Yehofa, ba tla rua lehatshe. . . . bapelonomi ba tla rua lehatshe; ba tla inatehisa mo letlotloñ ya kagishō.” (Pesalema 37:9-11) Pako yotlhe e ya mo Bogosing jwa Dingwaga tse di Sekete jwa ga Jehofa Modimo ka “Kgōsana ea Kagishō” joo bo latelang go diragadiwa ga kgolagano e ntšha!
[Setshwantsho mo go tsebe 119]
Mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo a tla rerwa mo lefatsheng lotlhe pele ga tsamaiso eno e fela