Botshelo Mo Lefatsheng le Lesha Le le Nang le Kagiso
Fa o leba setshwantsho se se mo pampitshaneng eno, o nna le maikutlo afe? A pelo ya gago ga e tlhologelelwe kagiso, boitumelo, le katlego tseo di bonwang fano? Kwantle ga pelaelo e dira jalo. Mme a ke toro fela, kana go ijesa dijo tsa ditoro, go dumela gore maemo ano a tla tsamaya a nna gone mo lefatsheng?
Gongwe batho ba le bantsi ba akanya jalo. Dilo tse di diragalang gompieno ke ntwa, bokebekwa, tlala, bolwetse, botsofe—fa re umaka di se kae fela. Lefa go ntse jalo go na le lebaka la go nna le tsholofelo. Fa e lebelela kwa isagweng, Bibela e re bolelela gore “kaha poleloñ ea ōna [Modimo] ea choloheco, re lebeletse magodimo a masha, le lehatshe ye lesha, a go tla agañ tshiamō mo go aōna.”—2 Petere 3:13; Isaia 65:17.
“Magodimo a masha” ano le “lehatshe ye lesha,” go ya ka Bibela ga se magodimo a a bonalang a masha kana lefatshe la mmatota le lesha. Lefatshe la mmatota le magodimo a mmatota a ne a dirwa a itekanetse, mme Bibela e bontsha gore a tla nnela ruri. (Pesalema 89:36, 37; 104:5) “Lehatshe ye lesha” e tla nna mokgatlho o o siameng wa batho ba ba tshelang mo lefatsheng, mme “magodimo a masha” e tla nna bogosi jo bo itekanetseng jwa legodimo, kana puso, jo bo tla busang mo godimo ga mokgatlho ono wa batho wa mo lefatsheng. A mme go a utlwala go dumela gore “lehatshe ye lesha,” le lefatshe le le galalelang, le a kgonagala?
Mme, a o ke o sekaseke lebaka la gore maemo a a ntseng jalo a a rategang e ne e le bontlhanngwe jwa maikaelelo a kwa tshimologong a Modimo ka lefatshe leno. O ne a baya batho ba ntlha ba babedi mo Paradaiseng ya mo lefatsheng ya Edene a bo a ba naya kabelo e e molemo eno: “Atañ, lo ntsihalè lo tlalè ka lehatse, lo le henyè.” (Genesise 1:28) Ee, boikaelelo jwa Modimo e ne e le gore ba nne le bana mme e re kgabagare ba bo ba atolosetsa Paradaise eo ya bone mo lefatsheng lotlhe. Lemororo e ne ya re moragonyana ga moo ba itlhophela go se utlwe Modimo ka gone ba itshupa ba sa tshwanelegele go tshelela ruri, boikaelelo jwa Modimo jwa kwa tshimologong ga bo a ka jwa fetoga. Mme bo tshwanetse jwa diragadiwa mo lefatsheng le lesha!—Isaia 55:11.
Tota, fa o rapela Thapelo ya Morena, kana Rraetsho yo o kwa legodimong, o kopa gore Bogosi jwa Modimo bo tle, o rapelela gore puso ya gagwe ya selegodimo e fedise boikepo mo lefatsheng le gore e buse mo godimo ga lefatshe le lesha. (Mathaio 6:9, 10) Mme re ka nna le tsholofelo ya gore Modimo o tla araba thapelo eo, ereka Lefoko la gagwe le solofetsa jaana: “Basiami ba tla rua lehatshe, ba tla aga mo go yeōna ka bosakhutleñ.”—Pesalema 37:29.
Botshelo mo Lefatsheng le Lesha la Modimo
Bogosi jwa Modimo bo tla tlisa melemo e e seng kana ka sepe mo lefatsheng, bo fitlhelela sengwe le sengwe se se molemo seo Modimo a neng a se ikaeletse kwa tshimologong gore batho ba gagwe ba se ipelele mo lefatsheng. Matlhoo le dikilano di tla khutla go nna gone, mme kgabagare mongwe le mongwe mo lefatsheng e tla nna tsala ya boammaaruri ya mongwe le mongwe o sele. Mo Bibeleng, Modimo o solofetsa gore o tla ‘khutlisa dintwa go ya kwa dikhutlong tsa lefatshe.’ “Morahe ga o ketla o ekèla morahe chaka; le gōna ga ba ketla ba tlhōla ba ithuta tlhabanō gopè.”—Pesalema 46:9; Isaia 2:4.
Lefatshe lotlhe e tlaa re kgabagare le bo le tlisiwa mo boemong jo bo tshwanang le jwa paradaise ya seka-tshingwana. Bibela e bolela jaana: “E leñ naga hèla e tla ipela le lehatshe ya lokgèrè; le sekaka se tla itumèla se nyakalala yaka sesheshe . . . gonne metse a tla phunyèga mo nageñ, le dinokana mo sekakèñ. Meenene e tla cwa mogobe oa metse, le mbu o o nyorilweñ metlhodi ea metse.”—Isaia 35:1, 6, 7.
Go tlaa bo go na le lebaka lengwe le lengwe la go itumela mo lefatsheng la Paradaise. Batho ga ba ketla ba tlhola ba bolawa ke tlala ka ntlha ya go tlhaela ga dijo. “Lehatshe le ntshitse totahalō ea yeōna,” Bibela e bolela jalo. (Pesalema 67:6; 72:16) Botlhe ba tla ipelela maungo a diatla tsa bone, jaaka Mmopi wa rona a solofetsa ka go re: “Ba tla tlhōma masimo a mafine, ba ya mauño a aōna. . . . ga ba ketla ba tlhōma mme go ye o sele.”—Isaia 65:21, 22.
Mo lefatsheng le lesha la Modimo, batho ga ba ketla ba tlhola ba betagana mo dikago-bonnong tse di boitshegang kana mo megwafatsheng e e onetseng ka gonne Modimo o ikaeletse gore: “Ba tla aga matlo, ba nna mo go aōna . . . ga ba ketla ba aga, me go nne o sele.” Bibela gape e solofetsa jaana: “Ga ba ketla ba kgokgolèla lehèla.” (Isaia 65:21-23) Ka gone batho ba tla nna le tiro e e ungwang, e e kgotsofatsang. Botshelo ga bo kitla bo nna bosula.
Fa nako e ntse e tsamaya, Bogosi jwa Modimo bo tla tsosolosa le eleng dikamano tse di nang le kagiso tseo di neng di le gone mo tshimong ya Edene magareng a diphologolo ka botsone, le magareng a diphologolo le batho. Bibela e bolela gore: “Phiri e tla aga le kwanyana, nkwè e tla botha le potsane; le namane le ledumedi le e e amuleñ mmōgō: me ñwanyana eo monnye o tla di gōga.”—Isaia 11:6-9; Hosea 2:18.
A o ke o akanye fela, mo lefatsheng la Paradaise malwetse otlhe le bogole jotlhe jwa mmele le tsone di tla bo di fodisitswe! Lefoko la Modimo le re tlhomamisetsa jaana: “Me monni oa gōna ga a ketla a re, Kea bobola.” (Isaia 33:24) “Me [Modimo] o tla phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a bōnè; me ga go ketla go tlhōla go le losho; le gōna ga go ketla go tlhōla go le bohutsana, leha e le selelō, leha e le botlhoko: dilō tsa pele di hetetse rure.”—Tshenolō 21:4.
Ka Moo Bo ka Kgonagalang ka Gone mo go Wena
Kwantle ga pelaelo pelo ya gago e tshwanetse ya tlhotlhelediwa ke ditsholofetso tsa Modimo malebana le botshelo mo lefatsheng la gagwe le lesha la tshiamo. Lemororo ba bangwe ba ka kaya gore go diragadiwa ga masego a a ntseng jalo go thata go ka go dumela, ga go thata gore a tle go tswa mo seatleng sa Mmopi wa rona yo o lorato.—Pesalema 145:16; Mika 4:4.
Tota gone, go na le dipatlafalo tseo di tshwanetseng go fitlhelelwa gore re tshelele ruri mo lefatsheng le le tlang la Paradaise. Jesu o bontshitse ya konokono, fa a ne a bolela jaana fa a rapela Modimo: “Me botshelō yo bo sa khutleñ ke yo, gore ba gu itse, wèna, Modimo o o osi, o o boamarure, le èna eo u mo romileñ, eboñ Yesu Keresete.”—Yohane 17:3.
Ka gone fa ruri re batla go tshela mo lefatsheng le lesha la Modimo, santlha re tshwanetse go ithuta thato ya Modimo re bo re e dira. Gonne ntlha ke gore: “Lehatshe lea heta, le thatō ea yeōna: me eo o dihañ go rata ga Modimo o nnetse rure ka bosakhutleñ,” gore re ipelele masego ao a tla tshololwang ke Mmopi wa rona yo o lorato ka bosakhutleng.—1 Yohane 2:17.
Kwantle ga fa go bontshitswe ka tsela nngwe, ditsopolo tsotlhe tsa Bibela di tswa go Bibela e e Boitshèpō.