Kgaolo 19
Ke Ka Ntlhayang Fa Bana Ba Bangwe Ba Sa Lese go Ntshwenya?
Tsela eo mosimane yono a gatang ka yone e mmaya mo kotsing. Ka go bo a tshogile ebile a sa wela dibete, ka phepafalo o akabaditswe ke lefelo le lesha leo a leng mo go lone. Ka bokhutshwane fela baithuti ba bagolwane ba mo lemoga fa e le ngwana yo mosha mo sekolong. Mo metsotswaneng e se kae fela o faraferwe ke basha bao ba simololang go mo tlhapatsa! O tshabela kwa lefelong le le gaufi—eleng ntlwana ya boithomelo, a fufutse sefatlhego. O utlwa setshego ka kwantle ga dipotana.
GO TLHORONTSHA ba bangwe, go tlaopa, le go roga ba bangwe ke bosetlhogo joo basha ba le bantsi ba itlosang bodutu ka jone. Le eleng mo metlheng ya Bibela, basha bangwe ba ne ba bontsha fa ba na le bopeloemaswe. Ka sekai, ka nako nngwe setlhopha sa basimane bangwe ba basha ba ne ba tlhorontsha moperofeti Elisha. Ka go bontsha fa ba ne ba nyatsa maemo a gagwe, basha bano ka go tlhoka tlotlo ba ne ba goa ba re: “Tlhatloga logatadima! tlhatloga logatadima!” (2 Dikgosi 2:23-25) Gompieno, basha ba le bantsi ka go tshwana ba na le go raya ba bangwe mafoko a tlhapatso, a a utlwisang botlhoko.
“Ke ne ke le mokhutshwane go feta bana botlhe ba tlelase ya me,” go gakologelwa jalo mokwadi mongwe wa bakwadi ba Growing Pains in the Classroom. “Ka go bo ke ne ke le ngwana yo o itlhokomelang go gaisa botlhe ebile ke le mokhutshwane go feta botlhe seo e ne e le kudumedi e e menaganeng sebedi mo go nna mo baneng ba sekolo se sebotlana: bao ba neng ba sa batle go nkiteela go bo ke ne ke le mokhutshwane thata ba ne ba nkiteela go bo ke ne ke le mosimane yo o itlhokomelang. Mo godimo ga go bidiwa ‘ramatlho-mane,’ ke ne ke bidiwa ‘buka-mantswe e e tsamayang ka dinao,’ gammogo le maina a mangwe a le 800 a a kgobang.” Mokwadi wa The Loneliness of Children o oketsa jaana: “Bana ba ba nang le bogole jwa mmele, ba ba nang le bothata jwa go bua, kana ba ba nang le dipopego kana maitseo tseo go phepafetseng gore ga di a tlwaelesega ke botshamekelo jwa bana ba bangwe.”
Ka dinako tse dingwe basha ba iphemela ka go tsenelela mo go se se tshwanang fela le tshukatshukano e e setlhogo: ba nnela go tlhapatsana (gantsi ba tlhapatsa motsadi wa yo mongwe) ka matlhapa a a utlwisang botlhoko. Mme basha ba le bantsi ga ba itse go iphemela fa ba tshwenngwa ke balekane ba bone. Mosha mongwe o gakologelwa gore mo malatsing mangwe, ka gonne a ne a tlaopiwa ebile a tshwenngwa ke balekane ba tlelase ya gagwe, o ne a tshogile ebile a sa itumela mo eleng gore o ne ‘a ikutlwa ekete o tla tlhatsa.’ O ne a sa kgone go ithuta ka tlhonamo ka gonne o ne a tshwenyegile ka se baithuti ba bangwe ba ka se mo dirang.
Ga se Selo se se Tshegisang
A o kile wa tlhorontshiwa ke balekane ba gago ka bosetlhogo? He o ka gomodiwa ke go itse gore Modimo ga o lebe selo seo e le se se tshegisang. Akanyetsa pego ya Bibela ya moletlo o o neng o rulaganyeditswe go keteka go kgwesiwa ga morwa wa ga Aberahame ebong Isake. Go lebega erile ka baka la go fufegela boswa jo Isake a neng a tla bo newa, morwa wa ga Aberahame yo mogolwane, ebong Ishemaele, a simolola go “shotla” Isake. Lefa go ntse jalo, go na le go itshamekela fela ga bopelontle, tlaopo eo e ne e tshwana fela le ‘pogiso.’ (Bagalatia 4:29) Ka gone, mmaagwe Isake, ebong Sara a lemoga fa go ne go na le kilo mo tlaopong eo. A e bona fa e le selo seo se neng se tla thibela boikaelelo jwa ga Jehofa jwa go tlhagisa “losika,” kana Mesia, ka morwawe, ebong Isake. Tumalanong le kopo ya ga Sara, Ishemaele le mmaagwe ba ne ba lelekwa mo lelapeng la ga Aberahame.—Genesise 21:8-14.
Ka mo go tshwanang, ga se selo se se tshegisang fa basha ba go tlhorontsha ka bopeloetlhoi—segolo bogolo fa ba dira jalo ka gonne o leka go tshela tumalanong le ditekanyetso tsa Bibela. Ka sekai, basha ba Bakeresete ba itsege ka go abalana le ba bangwe tumelo ya bone. Mme, jaaka ba setlhopha sengwe sa basha ba babotlana ba Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bolela: “Kwa sekolong re tshegwa ke bana ba bangwe ka gonne re rera ka ntlo le ntlo mme ba re kgoba marapo.” Ee, fela jaaka batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo ba motlha wa bogologolo, basha ba le bantsi ba Bakeresete ba “lekwa ka dichotlō.” (Bahebera 11:36) Ba tshwanetse go akgolelwa bopelokgale jo ba bo bontshang ka go itshokela dikgobo tseo!
Lebaka la go bo Ba Dira Jalo
Lefa go ntse jalo, o ka nna wa ipotsa gore o ka dira jang gore babogisi ba gago ba seka ba go tshwenya. Santlha, akanyetsa gore ke ka ntlhayang fa ba go tlaopa. “Le mo setshegoñ pelo e tle e nne bohutsana,” go bolela jalo Bibela mo go Diane 14:13. Fa setlhopha sa basha bangwe ba tshwenya yo mongwe ba bangwe ba a mo tshega. Mme ba bo ba sa ‘thama ka gonne pelo ya bone e itumetse.’ (Isaia 65:14) Gantsi setshego e a bo fela e le tsela ya go bipa khuduego e e mo teng. Kafa tlase ga boiketsiso joo, tota babogisi ba gago ba ka nna ba tswa ba re: ‘Ga re ithate, mme go kgoba yo mongwe marapo go re dira gore re ikutlwe botoka.’
Selo se sengwe gape se se tsosang ditlhaselo tseno ke lefufa. Gakologelwa polelo ya Bibela kaga mosha yo o neng a bidiwa Josefa, yoo barwarragwe ba neng ba mo tlhanogela ka gonne a ne a ratwa ke rraagwe. Lefufa le legolo leo ba neng ba na nalo le ne la seka la ba gogela fela mo go reng ba mo kgobe ka mafoko mme gape le go akanyetsa go mmolaya! (Genesise 37:4, 11, 20) Ka go tshwana gompieno, mosha mongwe yo o botlhale go gaisa ba bangwe kana yo o ratwang ke barutabana ba gagwe thata a ka nna a dira gore balekane ba gagwe ba mo fufegele. Go mo tlhapatsa go ka nna ga lebega go ‘mo ntsha mabela.’
Ka gone mabaka a gore bana ba sotle yo mongwe ke go sa weleng dibete, lefufa, le go sa itlotle. Ke ka ntlhayang, he, fa o tshwanetse go sa itlotle ka gonne mosha yo mongwe yo o sa itshepeng a sa itlotle?
Go Thibela go Tlhorontshiwa
‘Go sego monna yo o sa duleng mo setulong sa basotli,’ go bolela jalo mopesalema. (Pesalema 1:1) Go iphetolela yo mongwe ka go mo sotla e le gore o intshe matlho a batho go dira fela gore lo nnele go tlhapatsana. “Se dueleñ boshula yoa ga opè ka boshula. . . . Henyañ boshula ka molemō” ke kgakololo ya bomodimo.—Baroma 12:17-21.
Gape Moreri 7:9 ya re: “U se ka ua potlaka mo mōeeñ oa gago go nna bogale: gonne bogale bo nna mo sehubeñ sa dieleele.” Ee, ke ka ntlhayang fa o itesa go kgopisiwa ke go tlaopiwa? Ke boammaaruri gore go utlwisa botlhoko fa motho mongwe a go sotla ka ntlha ya popego ya mmele wa gago kana a go tshega ka baka la dipadi tse di mo sefatlhegong sa gago. Lefa go ntse jalo, lemororo mafoko ao a ka tswa a sa itumedise, ga go reye gore ke a bopelompe. Jalo fa motho mongwe ka go itshamekela fela—kana gongwe a sa tshameke—a go kgoba ka dilo dingwe tse di utlwisang botlhoko, ke ka ntlhayang fa o kgopisega? Fa e le gore se a se buang ga se sa tshotlo kana sa lonyatso, leka gore le wena o tshege. Go na le “motlha oa go tshèga,” mme fa o kgopisiwa ke tlaopo ya go tshameka fela, e ka nna ya bo e le gore o pelokhutshwane.—Moreri 3:4.
Mme go tweng fa e le gore tlaopo ke ya bosetlhogo, kana e dirwa ka bogale? Gakologelwa gore motho yo o go sotlang o batla go itumelela go bona kafa o tla itshwarang ka gone, a ipelela go bona o hutsafetse. Go mo itlhapaletsa, go iphemela kana go thunya ka selelo go ka nna ga mo kgothaletsa gore a tswelele ka go go tshwenya. Ke ka ntlhayang fa o kgotsofatsa motho wa go nna jalo ka go dira gore a go bone o tenegile? Gantsi tsela e e molemo ya go lwantshana le matlhapa ke go a itlhokomolosa fela.
Gape Kgosi Solomone o ne a re: “Gape o seka wa tlhōkōmèla mahoko aotlhe a a buiwañ [“O seka wa tlhokomela sengwe le sengwe seo batho ba se buang”—Today’s English Version], u ka tla ua utlwa motlhanka oa gago a gu roga: Gonne le eōna pelo ea gago ea itse ha le wèna ka wesi o rogile batho bañwe gantsi.” (Moreri 7:21, 22) Fa “o tlhōkōmèla” mafoko a a tlhabang ao a buiwang ke basotli go tla raya gore o tshwenyegile fela thata kaga kafa ba go atlholang ka gone. A katlholo ya bone e na le mosola? Moaposetoloi Paulo o ne a tlhaselwa ka mo go sa tshwanelang ke balekane ba gagwe ba ba neng ba mo fufegela mme o ne a fetola ka go re: “Me mo go nna ke selō se sennyennye ha ke ka sekasekwa ke lona, leha e le ka tshekasekō ea motho; . . . Eo o ntshekasekañ ke Morèna [Jehofa, NW].” (1 Bakorintha 4:3, 4) Botsalano jwa ga Paulo le Modimo bo ne bo nonofile mo e leng gore o ne a nna le tshepo le nonofo e kgolo tse di neng tsa mo kgonisa go emelelana le ditlhaselo tse di neng di sa tshwanela.
A Lesedi la Gago le Phatsime
Ka dinako tse dingwe o ka nna wa sotliwa ka ntlha ya tsela ya gago ya botshelo jaaka Mokeresete. Jesu Keresete ka boene o ne a tshwanelwa ke go itshokela ‘go kgalwa’ moo. (Bahebera 12:3) Jeremia le ene o ne a nna “setshègō sa motshegare otlhe” ka baka la go bo a ne a bua molaetsa wa ga Jehofa ka bopelokgale. Jeremia o ne a tshwenyeditswe ruri mo a bileng a bo a lebala boitlhomo jwa gagwe ka nakwana. “Ga nketla ke mo [Jehofa] umaka, leha e le go tlhōla ke bua mo ineñ ya gagwè,” a dira phetso eo. Lefa go ntse jalo, lorato lwa gagwe mo Modimong le boammaaruri kgabagare di ne tsa mo kgothaletsa go fenya poifo ya gagwe.—Yeremia 20:7-9.
Basha bangwe ba Bakeresete gompieno ka go tshwana ba kile ba ikutlwa ba kgobegile marapo. Ka go bo ba tshwenyegile ka go thibela gore ba seka ba tlaopiwa, bangwe ba ile ba leka go bipa ntlha ya gore ke Bakeresete. Mme kgabagare lorato lwa bone go Modimo gantsi lo kgoromeletsa basha ba ba ntseng jalo go fenya poifo ya bone le go ‘phatsimisa lesedi la bone’! (Mathaio 5:16) Ka sekai, mosimane mongwe yo mosha o ne a re: “Boikutlo jwa me bo ne jwa fetoga. Ke ne ka seka ka tlhola ke leba go nna Mokeresete jaaka mokgweleo o ke neng ke o rwele mme ka simolola go go leba jaaka sengwe se ke tshwanetseng go ikgantsha ka sone.” Wena le wena o ka ‘ikgantsha’ ka tshiamelo ya go itse Modimo le go dirisiwa ke ene go thusa ba bangwe.—1 Bakorintha 1:31.
Lefa go ntse jalo, o seka wa dira gore ba bangwe ba go ile ka go tlhola o ba nyaleditse ruri kana ka go dira gore ba bangwe ba ikutlwe gore o ikutlwa fa o le botoka go na le bone. Fa go nna le tshono ya gore o abalane le bone tumelo ya gago, dira jalo, mme e le ka “boikokobeco le poihō.” (1 Petere 3:15) Fa o santse o tsena sekolo o ka nna wa sirelediwa fela thata ke go tuma ga gago jaaka motho wa boitshwaro jo bo molemo. Lemororo ba bangwe ba ka tswa ba sa rate seemo sa gago sa bopelokgale, gantsi ba tla ikutlwa ba patelesega go go tlotla ka baka la sone.
Mosetsana mongwe yo o bidiwang Vanessa o ne a tshwenngwa ke setlhopha sa basetsana bao ba neng ba tle ba mo iteye, ba mo kgorometse, ba mo latlhise dibuka tseo a neng a di tshotse—e le fela gore ba leke go tsosa ntwa. Ba bile ba bo ba mo tshela mashi a a tlhakantsweng le tšhokolete mo tlhogong le mo moseseng wa gagwe o o neng o le phepa o mosweu. Lefa go le jalo o ne a seka a ba a itetla go kgopisega. Nako nngwe moragonyana, Vanessa o ne a kopana le moeteledipele wa setlhopha seo kwa kopanong ya Basupi ba ga Jehofa! “Ke ne ke go ila . . . ,” ga bolela jalo motho yo o neng a kile a bo a le seganka. “Ke ne ke batla go bona o kgopisegile gangwe fela fela.” Lefa go ntse jalo, ka go bo a ne a batla go itse gore Vanessa o ne a kgona jang go sa kgopisege go ne ga mo gogela mo go reng a dumele gore Basupi ba ga Jehofa ba ithute Bibela le ene. “Ke ne ka rata seo ke neng ke se ithuta fela thata,” a tswelela jalo, “ebile ke tsoga ke kolobediwa ka moso.”
Jalo o seka wa letla ‘go kgalwa’ ke balekane ba gago go go sulafatsa pelo. Fa go tshwanela, itshegele fela. Arabela bosula ka bopelonomi. Gana go kgotetsa molelo, mme fa nako e ntse e tsamaya babogisi ba gago ba ka nna ba sulafalelwa ke go go sotla, ka gonne “molelō o tima ka go tlhōka dikgoñ.”—Diane 26:20.
Dipotso tsa Puisano Kgaolo 19
◻ Modimo o leba jang bao ba tlaopang ba bangwe ka bosetlhogo?
◻ Ke eng seo gantsi se dirang gore basha ba sotle ba bangwe?
◻ O ka kokobetsa le eleng go thibela go sotliwa jang?
◻ Ke ka ntlhayang fa go le botlhokwa gore o ‘phatsimise lesedi la gago’ kwa sekolong, le eleng fa ba bangwe ba go tlaopa?
◻ O ka tsaya dikgato dife go itshireletsa mo bothubaking jwa kwa sekolong?
[Mafoko a a mo go tsebe 155]
Kafa tlase ga boiketsiso joo, tota babogisi ba gago ba ka nna ba tswa ba re: ‘Ga re ithate, mme go kgoba yo mongwe marapo go re dira gore re ikutlwe botoka’
[Lebokoso mo go tsebe 152]
Ke Ka Tila Jang go Itewa?
‘O baya botshelo jwa gago mo kotsing fa o ya sekolong.’ Baithuti ba le bantsi ba bolela jalo. Mme go tsamaya o tshotse seiphemelo ke boeleele ebile o ipakela bothata. (Diane 11:27) He, o ka itshireletsa jang?
Itse mafelo a a kotsi o bo o a tile. Matseno a diholo, maitshwarelelo a ditepise, le mabeelo a dilwana ke mafelo a a kotsi tota mo dikolong dingwe. Mme matlwana a boithomelo a itsege ka bomaswe jaaka mafelo a go lwelwang mo go one le ao go gogelwang diokobatsi mo go one mo eleng gore basha ba le bantsi ba bona go le botoka gore ba itshoke fela go na le go a dirisa.
Elatlhoko ditsala tsa gago. Go le gantsi mosha o ka nna a iphitlhela a tseneletse mo ntweng e le fela ka go bo a le tsala le batho ba ba sa siamang. (Bona Diane 22:24, 25.) Legale, go sa kgathaleleng balekane ba gago ba sekolo go ka nna ga ba dira gore ba go ile. Fa o le botsalano ebile o le maitseo mo go bone, ba ka nna ba sekamela mo go reng ba seka ba go tshwenya.
Intshe mo dintweng. Tila go “rumolana.” (Bagalatia 5:26) Lefa o ka nna wa felela o fentse mo ntweng, mmaba wa gago o ka nna a emela fela nako eo a tla bang a go lwantsha gape. Jalo leka fela kwa tshimologong go bua nae o intsha mo ntweng. (Diane 15:1) Fa go buisana le ene go sa bereke, itsamaele—kana le eleng go tshaba—go lwantshanngwa. Gakologelwa, “Nca e e tshedileñ e molemō bogolo go tau e e shuleñ.” (Moreri 9:4) Fa go sena sepe seo o ka tlholang o se dira, dira ka tsela epe fela e e nang le tlhaloganyo eo e tlhokegang go ka itshireletsa le go iphemela.—Baroma 12:18.
Buisana le batsadi ba gago. Basha “ga se gantsi ba begela batsadi ba bone dilo tseo ba di tshabang kwa sekolong, ka gonne ba tshaba gore batsadi ba bone ba ka nna ba akanya gore ke magatlapa kana ba ba omanyetsa gore ga baa ka ba itwela le diganka tseo.” (The Loneliness of Children) Lefa go le jalo, gantsi bothata joo bo ka emisiwa fela fa batsadi ba ka thusa.
Rapela Modimo. Ga se gore Modimo o tiisetsa gore ga o na o gobadiwa mo mmeleng. Mme o ka go naya bopelokgale jwa go emelelana le ditlhaselo tseo le botlhale joo o bo tlhokang go kokobetsa seemo.—Yakobe 1:5.
[Setshwantsho mo go tsebe 151]
Basha ba le bantsi ba tshwenngwa ke balekane ba bone
[Setshwantsho mo go tsebe 154]
Motho yo o go sotlang o batla go ipelela go bona o hutsafetse. Go mo itlhapaletsa kana go thubega ka selelo go ka nna ga mo kgothaletsa gore a tswelele ka go go tshwenya
[Setshwantsho mo go tsebe 156]
Leka go itshegela fela fa o tlaopiwa