LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • yp kgao. 20 ts. 158-165
  • Ke Ka Dirisana Sentle Jang le Morutabana wa Me?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Ka Dirisana Sentle Jang le Morutabana wa Me?
  • Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Barutabana le Bana bao ba ba Ratang
  • Ntwa ya mo Ntlwaneng ya Borutelo
  • ‘Morutabana wa Me ga a Nthate’
  • ‘Ke ne ke Tshwanetse go Bona Maduo a a Botoka a Ditlhatlhobo’
  • Itsise Batsadi ba Gago
  • Nka Dira Eng Gore ke Utlwane le Morutabana wa Me?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo 1
  • Barutabana—Ke ka Ntlha Yang Fa re Ba Tlhoka?
    Tsogang!—2002
  • Go Ruta—Mathata le Dikotsi Tsa Gone
    Tsogang!—2002
  • Ke ka Ntlha Yang fa o Nna Morutabana?
    Tsogang!—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo
yp kgao. 20 ts. 158-165

Kgaolo 20

Ke Ka Dirisana Sentle Jang le Morutabana wa Me?

“GA KE rate morutabana yo o ditshele,” go bolela jalo Vicky yo mmotlana. Kwantle ga pelaelo le wena o ikutlwa ka tsela e e tshwanang. Lefa go le jalo, mo patlisisong ya 1981 ya basha ba le 160 000 ba Amerika, 76 lekgolong ya bone ba ne ba baya barutabana ba bone molato wa gore ba na le go nna ditshele!

Basha ba kgopisega fa maduo a bone a ditlhatlhobo a le kwa tlase ntswa ba ikutlwa gore ba dirile tiro eo e neng e tshwanelwa ke maduo a a kwa godimo. Ba a ngala fa go lebega ba otlhaiwa go feta selekanyo kana ba sa tshwanela ba bo ba otlhaiwa kana fa go lebega ba otlhaiwa ka baka la tlhaolele ya lotso le mmala. Ba tenwa ke fa moratwa mongwe wa morutabana wa bone a bontshiwa lorato lo lo kgethegileng kana a tshwarwa sentle go gaisa ba bangwe.

Ke boammaaruri, ga se gore barutabana ga ba ke ba dira phoso. Le bone ba kile ba nna ba tlhabiwa ka mafoko, ba nna le mathata, mme, ee, ba tlhaolwa ka baka la lotso le mmala wa bone. Lefa go ntse jalo, Bibela e tlhagisa jaana: “U se ka ua potlaka mo moeeñ oa gago go nna bogale.” (Moreri 7:9) Barutabana le bone ba tle ba “kgocwe . . . mo diloñ di le dintsi. Ha moñwe a sa kgocwe mo puoñ, eouō e be e le motho eo o itekanetseñ, eo o nonohileñ go kganèla le ōna mmele otlhe.” (Yakobe 3:2) Jalo, a o ka nna pelotelele le morutabana wa gago?

Mosha mongwe yo o bidiwang Freddy o ne a lemoga gore morutabana wa gagwe o ne a “kgomogela mongwe le mongwe fela.” Ka botlhale Freddy o ne a atamela morutabana yoo mme a batla go itse seo se neng se mo tenne. “Ke fela ka gonne kara ya me e ne ya nna le bothata mosong ono,” morutabana a tlhalosa jalo. “E ne ya gotela fa ke ne ke tla sekolong mme ka tla morago ga nako mo tirong.”

Barutabana le Bana bao ba ba Ratang

Go tweng ka lorato lo lo kgethegileng lo barutabana ba lo bontshang bana bao ba ba ratang? Gakologelwa gore ditlhokafalo le dikgatelelo tseo morutabana a lebaneng natso ke tsa mofuta wa tsone fela. Buka ya Being Adolescent e tlhalosa fa barutabana ba lebane le “bothata jo bogolo” joo ba tshwanetseng go leka go reediwa ke setlhopha sa basha “bao gantsi megopolo ya bone e a bong e le kgakala . . . Ba lebane le basha ba maikutlo a bone a fetofetogang fela thata, bao ba iteegang tsebe, bao ka kakaretso ba sa tlwaelang go tlhonama mo selong ka nako e e fetang metsotso e le 15.”

A go a gakgamatsa, he, go bo morutabana mongwe a ka rata thata moithuti yo o ithutang ka tlhoafalo, yo o reetsang, kana yo o mmontshang tlotlo? Ke boammaaruri, o ka nna wa tenwa ke fa ngwana mongwe yo go lebegang a le ‘lelope’ a bontshiwa lorato go gaisa wena. Mme ke ka ntlhayang fa o tenega kana o fufega fa moithuti mongwe yo o senatla a ratwa ke morutabana thata fa fela wena o rutwa sentle? Kwantle ga moo, e ka tswa e le selo se se molemo gore le wena o tsenye marapo dinameng.

Ntwa ya mo Ntlwaneng ya Borutelo

Moithuti mongwe o ne a bua jaana kaga morutabana wa gagwe: “O ne a nnela go akanya gore rotlhe re ne re ikaeletse go lwantshana nae mme a fetsa ka gore ke ene yo o neng a tla e simolola. O ne a le motho yo o belaelang batho tota.” Lefa go ntse jalo, barutabana ba le bantsi ba ikutlwa gore ba na le tshwanelo ya go “belaela batho” go sekae. Jaaka Bibela e ne ya bolelelapele, dipaka tseno ke “dipaka tse di tlhokohatsañ,” mme gantsi baithuti ga ba na ‘boithibo, ba bogale, ga se barati ba molemo gope.’ (2 Timotheo 3:1-3) Ka gone U.S.News & World Report e ne ya re: “Barutabana ba dikolo di le dintsi tse di mo ditoropong ba nna ba tshogile gore ba ka nna ba tsogelwa ke thubakanyo.”

Roland Betts yo o kileng a bo a le morutabana o bua jaana malebana le barutabana: “Bana ba bona fa e le boikarabelo jwa bone jo bo tshwanetseng go . . . ba kgorometsa le go ba kgotla [ka tshwantshetso] go bona fela gore ba tla ineela kana ba itshoka go le kana kang pele ga kgabagare ba ba gakalela . . . Fa bana ba ikutlwa gore ba kgarameditse morutabana wa bone yo mosha mo go setseng go sekae fela gore a ba gakalele, ba mo kgarametsa gape.” A wena kana balekane ba gago lo kile lwa kopanela mo go tlhorontsheng morutabana mongwe? He o seka wa gakgamala fa morutabana yoo a itshwara ka tsela e e rileng.

Bibela ya re: “Boikgagapèlèlō bo hetola motho eo o botlhale seeleele.” (Moreri 7:7) Fa barutabana bangwe ba le mo poifong ebile ba sa tlotlwe seo gantsi se diragalang mo dikolong dingwe, ka mo go tlhaloganyesegang ba nna pelokhutshwane mme ba otlhaye bana ka bogale. The Family Handbook of Adolescence e lemotsha jaana: “Baithuti bao . . . ba lebegang go ya ka boitshwaro jwa bone fa ba sa tlotle ditumelo tsa barutabana ba bone gantsi kwa morago ke bone ba ba sa tlotliweng.” Ee, fa morutabana a le bogale gantsi wa bo a dirilwe jalo ke baithuti ba gagwe!

Gape, akanyetsa diphelelo tsa go tshameka ka batho ba bangwe ka bosetlhogo. Valerie yo mmotlana o bua a feteletsa go sekae fa a bua ka “tlhokofatso, pogiso,” eo basha ba e leretseng barutabana bao ba tshwarelelang. Roland Betts o oketsa ka go re: “Barutabana ba ba tshwarelelang ba tlhaselwa kwantle ga kutlwelo botlhoko ke bana bao ba ba rutang, gantsi ba kgaramediwa go fitlhela ba phatloga le go thubega.” Ka go bo ba tlhomamisega gore ga ba kake ba twe sepe, baithuti ba ipelela gore ka tshoganyetso fela ba bo ba itshwara jaaka diramatla—botlhe ba latlhela dibuka tsa bone le dipensele fa fatshe mo bodilong ka nako e le nngwe fela. Kana ba ka leka go katla morutabana wa bone tlhogo ka go ‘itira dieleele’ ba bo ba itshwara jaaka ekete ga ba tlhaloganye lefa e le sepe seo a se buang. “Re a bo re mo utlwisa botlhoko go ijesa monate fela,” go tlhalosa jalo Bobby yo mmotlana.

Lefa go ntse jalo, fa o jala bosetlhogo mo ntlwaneng ya borutelo, o seka wa gakgamala fa o roba morutabana yo o setlhogo, yo o bogale. (Bapisa Bagalatia 6:7.) Gakologelwa molao ono o mogolo: “Cotlhe tse lo ratañ batho ba lo di dihèla, le lona lo ba diheleñ hèla yalo.” (Mathaio 7:12) Gana go tsenelela mo go tshamekeng mo go utlwisang ba bangwe botlhoko mo ntlwaneng ya borutelo. Reetsa seo morutabana wa gago a se buang ka kelotlhoko. Dirisanang sentle le ene. Gongwe fa nako e ntse e ya o tla ikutlwa a sa galefa thata—bobotlana a sa galefela wena.

‘Morutabana wa Me ga a Nthate’

Ka dinako tse dingwe go sa tshwaneng ga botho jwa lona kana go sa utlwisisaneng ka tsela nngwe go ka dira gore morutabana wa gago a seka a go rata; go rata go itse dilo ga gago go ka nna ga tsewa e le botsuolodi kana selo sengwe se se tshegisang seo o ka se buang se ka nna sa tsewa e le sa boeleele. Mme fa morutabana wa gago a sa go rate, o ka nna a nna le go rata go go tlhabisa ditlhong kana go go isa kwa tlase. Go ka nna ga tsoga kilano gareng ga lona.

Bibela ya re: “Se dueleñ boshula yoa ga opè ka boshula. . . . Ha go ka nna yalo, lo nnè kagishō le batho botlhe, kaha nonohoñ ea lona.” (Baroma 12:17, 18) Leka go sa ganetsane le morutabana wa gago. Tila go thulana le ene ka mo go sa tlhokafaleng. Dira gore morutabana wa gago a seka a nna le lebaka le le utlwalang la go ngongorega. Ebile tota, leka go nna botsalano. ‘Ga twe go nna botsalano? Le ene?’ o botsa jalo. Ee, bontsha morutabana wa gago maitseo ka go mo dumedisa ka tlotlo fa o tsena mo tlelaseng. Fa o bontsha maitseo ka metlha—le eleng go nyenya nako le nako—go ka nna ga fetola kafa a go lebang ka gone.—Bapisa Baroma 12:20, 21.

Ke boammaaruri, ga o kake wa kgona go itlhokomolosa seemo sengwe le sengwe ka go nyenya. Mme Moreri 10:4 e gakolola jaana: “Ha mōea oa molaodi [kana motho yo o mo maemong a bolaodi] o gu cogologèla [a go itaya], u se ka ua tlogèla hèlō ga gago; gonne boinèlō bo ñōtla ditlolō tse dikgolo.” Gape, gakologelwa gore “phetolō e e bonōlō e thibosa bogale.”—Diane 15:1.

‘Ke ne ke Tshwanetse go Bona Maduo a a Botoka a Ditlhatlhobo’

Seno ke ngongorego e e tlwaelesegileng. Leka go buisana bothata joo le morutabana wa gago. Bibela e bolela kafa Nathane a neng a dirisana ka gone le namane e tona ya bothata jwa go bipolola phoso e e masisi ya ga Kgosi Dafide. Nathane o ne a seka a phomesegela fela mo ntlong eo ya segosi a mmolelela melato ya gagwe ka lentswe le le kwa godimo, mme o ne a atamela Dafide ka botlhale.—2 Samuele 12:1-7.

Le wena ka go tshwana o ka nna wa atamela morutabana wa gago ka boikokobetso, ebile o wetse dibete. Bruce Weber yo o kileng a bo a le morutabana wa sekolo o re gakolola jaana: “Fa moithuti a tsuolola o dira gore morutabana a nne tlhogo e thata. Fa o bua ka leratla o sotla kana o bolela fa o diretswe tshiamololo e kgolo o bo o ikana gore o tlile go ipusolosetsa, seo ga sena se go thusa ka gope.” Leka go dira dilo ka tsela ya segolo. Gongwe o ka nna wa simolola go kopa morutabana wa gago gore a go thuse go tlhaloganya tsela ya gagwe ya go tlhatlhoba. Weber o bolela gore go tswa foo o ka “leka go supa gore maduo a gago ga a dirwa sentle kana gore ga a tlhakanngwa sentle go na le gore o bolele gore dilo ga di a atlholwa sentle. Dirisa tsamaiso ya morutabana wa gago ya go tlhatlhoba; mmontshe fa o bonang gore phoso e diragetse gone mo maduong a gago a ditlhatlhobo.” Le eleng fa maduo a gago a ditlhatlhobo a sa fetolwe, lebaka la go bo o dirile dilo ka tsela ya segolo le ka nna la kgatlha morutabana wa gago fela thata.

Itsise Batsadi ba Gago

Lefa go le jalo, ka dinako tse dingwe go bua ga gago go ka se nne le mosola ope. Tsaya boitemogelo jwa ga Susan. Jaaka moithuti yo o botlhale thata, o ne a gakgamala fela thata fa mongwe wa barutabana ba gagwe a ne a simolola go mo naya maduo a thetelelo mo ditlhatlhobong. Bothata e ne e le eng? Susan e ne e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, mme morutabana wa gagwe o ne a bile a ipoletse gore o ne a sa mo rate ka baka la seo. “Go ne go nkhidia eleruri,” go bolela jalo Susan, “mme ke ne ke sa itse seo ke neng ke ka se dira.”

Susan o gakologelwa jaana: “Ke ne ka nna pelokgale mme ka bolelela mmè [motsadi yo o mongwefela] kaga morutabana wa me. O ne a re, ‘Ebu, gongwe ke ka kgona go buisana le morutabana wa gago.’ Mme ka nako eo batho ba neng ba letlelelwa go etela kwa sekolong o ne a ya kwa go morutabana wa me mme a mmotsa gore bothata e ne e le eng. Ke ne ka akanya gore mmè o ne a tla tenega fela thata, mme o ne a seka a tenega. O ne a buisana le ene fela a wetse dibete.” Morutabana yoo o ne a rulaganyetsa gore Susan a rutwe ke morutabana o sele.

Ka mo go dumelesegang, ga se dikgang tsotlhe tse di raraaneng tseo di felelang sentle jalo, mme ka dinako tse dingwe go tla tshwanela fela gore o itshoke. Mme fa o ka kgona go dirisana ka kagiso le morutabana wa gago mo pakeng eno, dilo di ka nna tsa fetoga mo ngwageng o o latelang, mo o ka simololang dilo sesha, gongwe o na le balekane ba basha mo tlelaseng—mme ebile gongwe o rutwa ke morutabana yo mosha yo o ka ithutang go dirisana le ene sentle.

Dipotso tsa Puisano Kgaolo 20

◻ O ka leba jang morutabana yo o ditshele mo go wena?

◻ Ke ka ntlhayang fa gantsi barutabana ba bontsha lorato thata go bana bao go tweng ba ba rata thata?

◻ O ka ithuta eng mo morutabaneng yo go lebegang a sa itse go ruta?

◻ Ke ka ntlhayang fa barutabana bangwe ba lebega ba le bogale mo baithuting ba bone?

◻ O ka dirisa jang molao o mogolo mo ntlwaneng ya boithutelo?

◻ O ka dira jang fa o ikutlwa gore maduo a gago a ditlhatlhobo ga a dirwa ka tshwanelo kana gore ga o tshwarwe sentle?

[Mafoko a a mo go tsebe 158]

Gantsi lorato lo barutabana ba lo bontshang bana ba ba ba ratang thata lo dira gore ba bangwe ba ngale

[Mafoko a a mo go tsebe 163]

“Barutabana ba dikolo di le dintsi tse di mo ditoropong ba nna ba tshogile gore ba ka nna ba tsogelwa ke thubakanyo.”—U.S.News & World Report

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 160, 161]

‘Morutabana Wa Me O Lapisa Pelo!’

The Family Handbook of Adolescence ya re: “Dipatlisiso dingwe di bontsha gore bontsi jwa baithuti ba eleng makau le makgarebe ba nyatsa barutabana ba bone, ba ngongoregela gore ba lapisa pelo ebile ga ba natefisi dilo.” Mo nakong e khutshwane wena le wena, o ka nna wa nna le morutabana yo o lapisang pelo mo a bileng a go ‘letsa ka dikeledi.’ O ka dira eng?

Tekeletso nngwe ya bosheng e senola gore tekanyetso ya go reetsa ka tlhonamo ga mosha e kwa godimo thata mo dithutong tse di tshwanang le ya didirisiwa, thuto ya mmele wa motho, le mmino. Lefa go ntse jalo, tekanyetso ya go reetsa ka tlhonamo e ya kwa tlase fela thata mo dithutong tse di dirisanang le dipuo le ditiragalo.

A barutisi ba thuto ya didirisiwa le ba mmino ba ditswerere go na le barutabana ba dithuto tsa botlhalefi? Ga go lebege jalo. Ka phepafalo, baithuti ba le bantsi ba na le boikutlo jo bo sa siamang malebana le dithuto tsa kitso. Mme fa baithuti ba dira phetso go sa le gale gore thuto nngwe e e rileng ga e ba natefele, le eleng morutabana yo o setswerere fela thata mo go ruteng o tla ketefalelwa ke go ba dira gore ba mo reetse ka tlhonamo! A he, e ka tswa e le gore boikutlo jwa gago tebang le dithuto dingwe bo tlhoka go fetolwa? Go kgatlhegela ga gago seo o se ithutang ka mo go oketsegileng go ka nna ga go thusa gore o seka wa sulafalelwa ke sekolo.

Ka dinako tse dingwe le eleng baithuti bao ba kgatlhegelang go ithuta ba ngongoregela gore barutabana ba bone ga ba “itse go ruta.” Mme tota morutabana yo o “itseng go ruta” ke ofe? Mosetsanyana mongwe o ne a re: “Ke rata morutabana wa me wa dipalo ka gonne o itse go natefisa dilo fela thata.” Mosimanyana mongwe o ne a baka morutabana wa gagwe wa Seesemane ka go bo a ne a ‘tshegisa fela thata.’

Mme lemororo go ratega kana go natefisa dilo go ka nna ga dira gore morutabana a nne yo o ratiwang, seo ga se a tshwanela go tseela sebaka gore o tshwanetse ‘go tshwanelega sentle go ka ruta.’ (2 Timotheo 2:2) Lemororo fano Bibela e lebisitse mo dipatlafalong tsa semoya, e tlotlomatsa lebaka la gore morutabana yo o molemo o tshwanetse go itse thuto eo a e rutang.

Ka maswabi, ga se gantsi motho a nnang le kitso a bo a nna le botho jo bo kgatlhang. Ka sekai, moaposetoloi Paulo o ne a tshwanelega fela thata jaaka morutisi wa Lefoko la Modimo. Lefa go le jalo Bakeresete bangwe ba motlha wa ga Paulo ba ne ba ngongoregela gore “ha a le ha sebele sa gagwè, [o a bo a le] bokoa, le puō ea gagwè e bo e se epè.” Paulo o ne a fetola ka go re: “Me leha ke sa itse go bua sentlè, ga ke tlhaele mo kicoñ.” (2 Bakorintha 10:10; 11:6) Fa e le gore batho bangwe ba ne ba itlhokomolosa seo Paulo a neng a se bua mme ba bona fela bokoa jwa gagwe jwa go sa itseng go bua sentle, ba ne ba latlhegelwa ke go bapala kitso e e nang le mosola. O seka wa ba wa dira phoso e e tshwanang fa go tla mo sekolong! Pele ga o tlhobosa gore morutabana mongwe “ga a itse go ruta,” ipotse jaana, ‘A o itse seo a buang ka ga sone? A ke ka ithuta mo go ene?’

O ka nna wa tshwanelwa ke go reetsa morutabana yo go bua ga gagwe go sa natefeleleng ka kelotlhoko e kgolo. Leka go kwala dintlha e le gore o tle o kgone go reetsa seo a se buang o sa iteege tsebe. Tokafatsa dipuisano tse di bosula tsa mo ntlwaneng ya borutelo ka go ithuta ka mo go oketsegileng kwa gae.

Barbara Mayer, yo ka boene e leng morutabana, o oketsa ka go re: “Barutabana, bao gongwe ba rutileng dithuto tse di tshwanang ka makgetlo a le mantsi mo ba bileng ba sa gakologelwe, go ruta ga bone e ka nna ya nna seo-modiro fela.” Ke eng seo o ka se dirang go tlhabola dilo? “A o ke o tsholetse seatla mme o mmotse boikitsiso jo bo oketsegileng . . . Dira gore a go bolelele seo tota a se itseng.” A morutabana wa gago o tla ngala ka ntlha ya seno? Eseng fa e le gore o dirile jalo ka tlotlo. (Bakolosa 4:6) Mayer a re: “O tla lemoga gore morutabana wa gago o tla tla mo tlelaseng a ipaakanyeditse ka mo go oketsegileng, mme a sa tshola boikitsiso jo bobotlana fela.”

Go nna matlhagatlhaga go a tshelanwa, mme go eletsa go ithuta ga gago go ka nna ga tlhabola morutabana wa gago. Legale, o seka wa lebelela phetogo ka bonako. Mme go ka nna ga nna le dithuto tseo o ka nnang wa tshwanelwa fela ke gore o di itshokele. Mme fa e le gore o moreetsi yo o molemo ebile o kgatlhegela ka bopelo-e-phepa seo se diragalang, o santse o ka ithuta—le eleng mo morutabaneng yo o lapisang pelo.

[Setshwantsho mo go tsebe 162]

Go oketsega ga bothubaki kwa sekolong go dirile gore tiro ya borutabana e nne e e bokete

[Setshwantsho mo go tsebe 164]

Fa o ikutlwa gore ga wa dire-lwa ka tshiamo, atamela moru-tabana wa gago ka tlotlo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela