Kgaolo 21
Ke Ka Kgona Jang go Bona Tiro (le go E Tshegetsa!)?
MO PATLISISONG nngwe, eo e gatisitsweng mo makasineng wa Senior Scholastic go ne ga bodiwa baithuti bangwe ba ba godileng ba sekolo se segolwane mo Amerika gore ke mekgele efe mo botshelong eo ba neng ba tsaya gore e ne e le ya “botlhokwa thata.” Ba le 84 lekgolong ba ne ba arabela ka go re: “Ke go kgona go bona tiro e e tlhomameng.”
Gongwe o batla tiro eo o ka e dirang morago ga sekolo gore o kgone go thusa mo ditshenyegelong tsa botho kana tsa kwa lelapeng. Kana gongwe o ka tswa o batla tiro eo o ka berekang mo sephatlong sa letsatsi e le gore o tle o kgone go itlamela jaaka moefangele wa nako e e tletseng. (Bona Kgaolo 22.) Lefa e ka tswa mabaka a gago e le afe fela, kwelotlase ya itsholelo mo lefatsheng lotlhe le go bo babereki ba ba sa rutelwang tiro ba sa tlhokege thata go dirile gore go nne bokete gore o bone tiro fa o santse o le mosha. He, o ka kgona jang gore go nne motlhofo gore o bone tiro?
Sekolo—Lefelo la Borutelo-Ditiro
Cleveland Jones, mothapela-ditiro yo o nang le boitemogelo jwa dingwaga tse dintsi, o neela kgakololo eno: “Nna le thutego e e kwa godimo ya sekolo. Ga go na kafa ke ka gatelelang ka gone botlhokwa jwa go ithuta go itse go bala le go kwala le go bua ka tshwanelo. Gape ithute go nna le maitseo a a tshwanetseng, e le gore o tle o kgone go dirisana sentle le batho bao o tla kopanang nabo kwa tirong.”
Mokgweetsi wa bese o tshwanetse go itse go bala dinako tsa go goroga le tsa go emelela. Badiri ba difeketeri ba tshwanetse ba itse go tlatsa dipego tsa tiro e e weditsweng kana dipego tse di tshwanang. Go lebelelwa gore barekisi ba tshwanetse go bo ba itse go dirisana le dipalo. Mo e ka nnang mo tirong ya mofuta mongwe le mongwe, go tlhokega gore o bo o na le bokgoni jwa go buisana le batho sentle. Bokgoni jono ke jo o ka kgonang go bo ithuta kwa sekolong.
Go sa Ipone Tsapa go a Thusa
“Le ka motlha o seka wa kgobega marapo fa o batla tiro morago ga o sena go fetsa sekolo,” go bolela jalo Jones. “O seka wa ya go tlhatlhobelwa ditiro di le pedi kana di le tharo fela, o bo o ya go itulela kwa gae o letetse. Ga o kitla o bona tiro ka tsela eo.” Sal yo mmotlana o ne a batla tiro ka dikgwedi tse supa pele ga a ka hirwa. “Ke ne ka ipolelela gore: ‘Tiro ya me ke go batla tiro,’” Sal o tlhalosa jalo. “Ke ne ke senya dioura di le robedi letsatsi le letsatsi mo gare ga beke ka dikgwedi tse supa ke batla tiro. Ke simolola go sa le moso letsatsi lengwe le lengwe mme ‘ke bereke’ go fitlha ka nako ya bone thapama. Ke ne ke lala ke thuntshiwa ke dinao bosigo bongwe le bongwe. Mo mosong o o latelang ke ne ke tshwanelwa ke go ‘semelela’ ke ya go batla tiro gape.”
Ke eng seo se neng se dira gore Sal a seka a lesa go batla tiro? “Nako le nako fa ke ne ke le mo ofising ya mohiri,” o araba jalo, “ke ne ke gakologelwa seo Jesu a neng a se bolela: ‘Itekeng ka natla.’ Ke ne ka nnela go akanya gore letsatsi lengwe ke tla bo ke bereka mme nako eno e e boima e ne e tla feta.”—Luke 13:24.
Koo O Ka Batlang Ditiro Gone
Fa o nna mo lefelong la motse-selegae, o ka batla tiro mo masimong a lefelo leo kana masimo a ditlhare tsa maungo, kana o ka batla tiro nngwe ya go bereka mo lelapeng. Fa o nna mo toropong e kgolo kana motse-mogolo, leka go leba mo dikoranteng fa kanamisong ya bathusi ba ba batlegang. Dikanamiso tseno di ka go thusa go itse gore motho yo o batlelwang tiro e e rileng o tshwanetse a bo a na le ditlhokafalo dife ebile di ka go thusa go tlhalosetsa mohiri gore ke ka ntlhayang o ka kgona go tlatsa ditlhokafalo tseo. Batho ba bangwe bao ba ka go thusang go bona tiro ke batsadi, barutabana, baemedi ba bahiri, bahiri, ditsala, le baagelani ba gago.
Go Tshegetsa Tiro
Ka maswabi, fa mathata a itsholelo a baka letlhoko la tiro, gantsi basha ba ba hirilweng ke bangwe ba batho bao ba lelekiwang lantlha. Mme seno ga se a tshwanela go go diragalela. “Batho ba ba sa lelekiweng mo tirong ke batho bao ba iketleeleditseng go bereka le bao ba bontshang boikutlo jwa go iketleeletsa go dira sengwe le sengwe se mohiri wa bone a ba kopang go se dira,” go bolela jalo Mr. Jones.
Boikutlo jwa gago bo tla laolwa ke kafa o itshwarang ka teng—kafa o ikutlwang ka teng kaga tiro ya gago gammogo le batho bao o ba berekelang le bao o berekang nabo. Boikutlo jwa gago bo tla supiwa ke boleng jwa tiro eo o e dirang. Mookamedi wa gago o tla bona gore o motho yo o botlhokwa go le kana kang a lebile eseng fela bogolo jwa tiro eo o e dirang mme gape le boikutlo jwa gago.
“Dira gore mohiri wa gago a bone gore ga o dire kafa o laolelwang ka gone fela mme gape o ka kgona go dira mo go oketsegileng kwantle ga gore o bo o ntse o setswe morago,” Jones o tswelela jalo. “Ka gonne mo tirong eo badiri ba yone ba lekanyediwang thata, babereki bao ba sa lelekiweng ga se fela bao ba sa bolong go bereka lobaka lo loleele, mme ke bao ba nang le matswela.”
Sal o ne a bona fa seno se le boammaaruri. O bolela jaana: “Ka metlha ke ne ke leka go dira tumalanong le mohiri wa me. Ke ne ke iketleeleditse go fetola thulaganyo ya me fa go ne go tlhokafala, go latela ditaelo le go tlotla baeteledipele ba me.” Seno se re gakolola kgothatso ya Bibela ya go “[utlwa] mo diloñ cotlhe ba e leñ beñ ba lona kaha nameñ; e señ ka go ba bona matlhō yaka bakgatlhi ba batho ha e se ka boñwehèla yoa pelo, ka go boiha Morèna.”—Bakolosa 3:22.
Go Fenya Poifo
Fa o le mosha mo tirong, ke selo se se tlwaelesegileng gore o nne le poifo mo malatsing a ntlha a sekae. O ka nna wa ipotsa ka go re: ‘A ba tla nthata? A ke tla kgona go dira tiro eno? A ba tla rata tiro ya me? Ke solofela gore ga ke na go lebega jaaka seeleele.’ Fano o tshwanetse go nna kelotlhoko, eseng jalo dipoifo tsa gago di nyeletsa pono ya gago e e siameng ka bonya.
O ka dira diphetogo ka bonako mme wa kokobetsa letshogo la gago ka go ithuta mo go oketsegileng kaga khampani eo. Leba, reetsa, o bo o bale. Botsa moeteledipele wa gago dipotso tse di utlwalang kaga tiro ya gago le kafa o dirang ka teng ka nako e e tshwanetseng—ga o na go lebega o le seeleele. Ipotse jaana, ‘Tiro ya me e amana jang le lephata leo ke leng mo go lone, le boikaelelo jwa khampani eno ka kakaretso?’ Dikarabo tsa dipotso tseno di ka go thusa go tlhagolela mekgwa e mentle ya go bereka le gore o kgotsofalele tiro ya gago.
Dirisana ka Kutlwano le Badiri-ka-Wena
Kgabagare ditiro tsotlhe di kopanyeletsa go dirisana le batho ba bangwe. Ka gone go botlhokwa gore o itse kafa o ka dirisanang sentle le ba bangwe ka gone e le gore o seka wa latlhegelwa ke tiro ya gago. “Ha go ka nna yalo, lo nnè kagishō le batho botlhe kaha nonohoñ ea lona.” (Baroma 12:18) Go dira jalo go tla go thusa go tila dikgang tse e seng tsa sepe kana go tlhola o thulane le ba bangwe mo tirong.
Ka dinako tse dingwe batho bao o berekang nabo ba ka tswa ba tshedile matshelo ebile ba na le botho jo bo farologaneng fela thata le jwa gago. Mme o seka wa tsaya gore motho yo mongwe o kwa tlase ga gago fela ka go bo a farologane le wena. Mo tlotle fela ka go bo go tshwanela gore a farologane nao. Ga go na motho ope yo o batlang go tshwarwa ka go sa tlotlwe; go mo dira gore a ikutlwe jaaka ekete ga se motho wa sepe. Mongwe le mongwe o batla go ikutlwa a batlwa ebile a tlhokega—gore ke motho. Dira gore badiri-ka-wena le mohiri wa gago ba go tlotle ka gore le wena o dirisana nabo ka tlotlo.
Tila go Seba ba Bangwe
“Ke tlhaelo e e maswe fela thata,” go bolela jalo Sal, “ka gonne go seba ba bangwe go ka nna ga dira gore o tseye gore mookamedi wa gago kana babereki ba bangwe ke batho ba ba sa siamang.” Go utlwalela dikgang ka ditshebo ga se yone tsela e e molemo ya go bona tshedimosetso, mme ebile e ka felela ka gore dilo di seka tsa go tsamaela sentle. Magatwe ao o a utlwalelang ka ditshebo gantsi ke dilo tseo di feteleditsweng fela thata mme ebile a ka senya leina le lentle la batho ba bangwe—gammogo le leina la gago le lentle. Jalo, itshware gore o seka wa seba ba bangwe.
Gape, gakologelwa gore ga go na ope yo o ratang mongongoregi. Fa go na le sengwe seo se go tshwentseng mo mogopolong mo tirong, o seka wa se anamisa ka go se sebela mongwe le mongwe. Bua le mookamedi wa gago kaga gone. Lefa go ntse jalo, o seka wa phomesegela fela mo ofising ya gagwe o tenegile mme o bo o ikotlhaela mafoko a o a buileng ka go sa akanye moragonyana. Gape, tila seru sa go mo tlhapatsa. Bua seo o se ngongoregelang fela. Bua ka tsela e e utlwalang le ka go ikanyega kafa o ka kgonang ka gone fa o tlhalosa bothata joo. Gongwe o ka simolola ka mafoko a a tshwanang le, ‘Ke tlhoka thuso ya gago . . . ’ kana, ‘Ke ka nna ka tswa ke le phoso, mme ke ikutlwa jaana kaga . . . ’
Go Tla ka Nako Ke Selo sa Botlhokwa
Mabaka a magolo a mabedi a go bo batho ba retelelwa ke go tshegetsa ditiro tsa bone ke go tla morago ga nako kwa tirong le go sa tleng tirong ka malatsi a a rileng. Mokaedi mongwe wa khiro le thapiso ya babereki wa motse-mogolo mongwe yo o nang le madirelo a le mantsi o ne a bua jaana kaga babereki ba basha: “Ba tshwanetse go ithuta go tsoga go sale gale mo mosong, go ithuta go tsaya ditaolo. Fa e le gore ba bo ba se kile ba ithuta dilo tseno, seno se tsweledisa bothata jo bo sa feleng jwa letlhoko la ditiro fela.”
Sal o ne a ithuta botlhokwa jwa go tla tirong ka nako ka tsela e e utlwisang botlhoko. “Ke ne ka latlhegelwa ke tiro ya me ya ntlha morago ga dikgwedi tse tharo fela ka go bo ke ne ke sa tle ka nako,” o khutsa jalo, “mme seno se ne sa dira gore go nne bokete gore ke bone ditiro tse dingwe.”
Botlhokwa jwa go Ikanyega
Jones yo o leng mohirela-ditiro o bolela jaana: “Go ikanyega go tla thusa motho gore a seka a latlhegelwa ke tiro.” Go ikanyega go akareletsa go tila eseng fela go utswa dilo tse di bonalang mme gape go utswa nako ka go ikhutsa ka lobaka lo loleele. Mohiriwa yo o ikanyegang o tsewa e le wa botlhokwa ebile o a ikanngwa. Ka sekai, mosupi mongwe yo mmotlana wa ga Jehofa yo o neng a bereka mo lebentleleng la diaparo leo le kgethegileng o ne a itsege gore ke motho yo o ikanyegang.
“Letsatsi lengwe,” o gakologelwa jalo, “mookamedi wa tiro o ne a bona selwana sengwe mo mabeelong a dilwana, se fitlhilwe kafa tlase ga diaparo tse dingwe. Mongwe wa babereki mo lebentleleng leo o ne a utswa. Fa go ne go sena go tswalwa ke ne ka ya kwa godimo kwa ofising ya mookamedi wa tiro mme ka gakgamadiwa ke go bona bahiriwa botlhe ba le koo. Bahiriwa botlhe ba ne ba beilwe koo gore ba tle ba hukudiwe. E ne e le nna fela mohirwa yo ke neng ke sa bilediwa go hukudiwa.”
Basha ba le bantsi ba Bakeresete ba nnile le maitemogelo a a tshwanang mme ba ile ba nna bahiriwa ba ba tsewang e le ba botlhokwa. He, batla tiro ka tlhoafalo. O seka wa ipona tsapa. O seka wa itlhoboga. Mme fa o bona tiro eo o e batlileng ka tlhoafalo, dira ka natla gore e seka ya go latlhegela!
Dipotso tsa Puisano Kgaolo 21
◻ Tiro ya gago ya sekolo e ka ama kgono ya gago ya go batla tiro jang?
◻ Ke ka ntlhayang fa go le botlhokwa go sa iponeng tsapa fa o batla tiro?
◻ Mafelo mangwe ao o ka batlang tiro mo go one ke afe le batho bao o ka ba botsang fa o batla tiro ke bafe?
◻ Maele mangwe a go dirisana le go tlhatlhobelwa tiro ke afe?
◻ O ka dira jang gore o itshireletse gore o seka wa lelekwa mo tirong?
[Mafoko a a mo go tsebe 166]
“Ga go na kafa ke ka gatelelang ka gone botlhokwa jwa go ithuta go itse go bala le go kwala le go bua ka tshwanelo”
[Mafoko a a mo go tsebe 170]
“Ke ne ka ipolelela gore: ‘Tiro ya me ke go batla tiro’”
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 168, 169]
Kafa O Ka Dirang Ka Gone Fa O Tlhatlhobelwa Tiro
“Pele ga o ya go tlhatlhobelwa tiro, gakologelwa gore, kafa o tla tlang o lebega ka gone ga go na go lebalesega,” go gakolola jalo mogakolodi wa babatla-tiro Cleveland Jones. O tlhagisa gore go seka ga aparwa bomatalanyane le ditlhako tsa metshameko fa motho a ya go batla tiro ebile o gatelela botlhokwa jwa go nna phepa le bothakga. Gantsi bahiri ba dira phetso ya gore kafa motho a aparang ka gone ke kafa a tla berekang ka gone.
Fa o ya go batla tiro ya mo ofising, apara jaaka motho yo o berekang a apara. Fa o ya go batla tiro ya mo feketiring, apara borokgwe le hempe tseo di leng phepa ebile di gatisitswe sentle, gammogo le ditlhako tseo di lebegang sentle. Fa o le mosadi, apara ka bori mme o dirise dinkgisa monate ka tekanyetso. Mme fa o ya go batla tiro ya mo ofising, apara dikaosu le ditlhako tsa mokgabo tseo di tla go okeletsang gore o lebege ka mo go tlwaelesegileng.
Ka metlha tsamaya o le nosi fa o ya go tlhatlhobelwa tiro, go tlhagisa jalo Jones. Fa o tsamaya le mmago, kana le tsala fa o ya go tlhatlhobelwa tiro, mohiri o ka nna a swetsa ka gore ga o a gola mo tlhaloganyong.
‘A re re mohiri o mpotsa gore a ke na le boitemogelo jwa tiro nngwe, ke tla mo araba ke reng?’ o ka nna wa ipotsa jalo. O seka wa bua maaka. Gantsi bahiri ba lemoga fa motho a bua ka go feteletsa dilo. Bua boammaaruri.
O ka nna wa tswa o sa go lemoge, mme e ka nna ya bo e le gore o kile wa nna le boitemogelo jwa tiro nngwe lefa e le gone o batlang tiro “ya mmatota” la ntlha. A o kile wa bereka ka malatsi mangwe a boikhutso? Kana a o kile wa tlhokomela ngwana wa mongwe? A o kile wa abelwa go dira tiro nngwe ka metlha mo legaeng la gaeno o dira ditiro dingwe tsa mo gae tsa balelapa la gaeno? A o kile wa neelwa boikarabelo jwa go tlhokomela ditiro dingwe kwa lefelong la gago la kobamelo? A o kile wa rutintshediwa go nna sebui sa phatlalatsa? Fa go le jalo, he o ka umaka dilo tseno fa o tlhatlhobelwa tiro kana wa di kwala jaaka dingwe tsa ditshwanelego tsa gago o bontsha gore o ka kgona go sikara boikarabelo.
Selo se sengwe seo bahiri ba gago ba tla tshwenyegang ka sone ke gore o kgatlhegela khampani ya bone go le kana kang le tiro eo o e hirelwang. O tshwanetse go ba tlhatswa pelo gore o batla go dira tiro eo ebile o ka kgona go e dira. Fa o na le boikutlo jwa gore “e tla ntsholegela molemo ka eng” seo ka bofefo fela se tla dira gore motlhatlhobi wa gago a seka a go kgatlhegela.
Go ya go batla le go bona tiro ya nako e e tletseng kana ya nakwana ke kgwetlho eo o ka thulanang le yone ka katlego. Mme fa tiro eo e dirisiwa jaaka sedirisiwa sa go thusa ba bangwe, eseng fela go go thusa, mosola wa teng ke gore o tla kgotsofala.
[Lebokoso mo go tsebe 171]
Seo O Ka Se Dirang Fa O Tlhatlhobelwa Tiro
Itshware jaaka mogodi, jaaka mmereki. Dumedisa mohiri wa gago ka tlotlo e e tshwanetseng. Mmitse “Rre”—eseng “Jack,” “Tsala,” kana “Molekane.”
Nna sentle mo setulong o beile maoto sentle mo bodilong; lebega o thantse. Go akanyetsa kwa pele go tla go thusa go nna o wetse dibete, o eme sentle, ebile o sa tshoga.
Akanya pele ga o araba potso. Bua ka maitseo, ka go opa lonaka, ka boikanyego, le ka tlhamalalo. Neela boikitsiso jotlhe. O seka wa ikgantsha.
Tshola pampiri e e ka go kaelang, o kwadile ditiro tsotlhe tse o di dirileng mo go yone, dingwaga tseo o neng o bereka mo go tsone, gore o ne o duelwa bokae, mefuta ya tiro eo o neng o e dira, mabaka a go bo o ne wa di tlogela.
Ipaakanyetse go bontsha kafa thapiso ya gago le boitemogelo jwa gago jwa tiro bo tla go thusang ka gone go tswelelapele mo tirong eo o e kopang.
Fa e le ka batho ba ba ka bodiwang kaga gago, bolela maina (le diaterese ka botlalo) tsa batho ba bararo ba ba ikanyegang bao ba go itseng ebile ba itse tiro ya gago.
Bua ka go itshepa, ka matlhagatlhaga, mme o seka wa bua maaka. Dirisa mokgwa o o molemo wa go bua mme o bue ka phepafalo. O seka wa buela ruri.
Reetsa ka kelotlhoko, bua ka maitseo le ka botswerere. Mo godimo ga tsotlhe o seka wa ngangisana le motho yo o ka nnang a nna mohiri wa gago.
Mohiri o kgatlhegela fela go itse gore o tla tshwanelegela tiro eno sentle go le kana kang. O seka wa umaka mathata a botho, a kwa gae, kana a madi.
Fa go lebega gore ga o na o hirelwa tiro eno, kopa gore mohiri yono a go itsise gore a go tla nna le ditiro tse dingwe tse di tlhagang mo madirelong ao.
Ka bokhutshwane fela morago ga go tlhatlhobelwa tiro romelela mohiri yoo lekwalo la malebogo.a
[ntlha e e kwa tlase]
a Boikitsiso jono bo tswa go: Boroutšhara ya New York State Employment Service e e bidiwang How to “Sell Yourself” to an Employer.
[Ditshwantsho mo go tsebe 167]
Bokgoni jo o bo ithutang kwa sekolong ka letsatsi lengwe bo ka nna jwa itshupa e le jwa mosola mo tirong