Kgaolo 24
Ke Ka Kgona Jang go Gana Tlhakanelo-Dikobo Pele ga Lenyalo?
PATLISISO e e neng ya dirwa mo morafeng otlhe ke makasine wa ’Teen e ne ya senola gore bontsi jwa babadi ba yone ba babotlana ba ne ba batla tshedimosetso ya potso eno e e latelang: “Ba ne ba ka ganana jang le kgatelelo ya tlhakanelo-dikobo.”
Mo go Pesalema 119:9, mopesalema o ne a tsosa potso e e tshwanang e e reng: “Ana, motho oa lekau o tla ntlahatsa tsela ea gagwè ka eñ?” Karabo ke gore: “Ka go e tlhōkōmèla kaha lehokuñ ya gago [Modimo].” Mme go tlhokega mo go fetang fela gore motho a nne le kitso. “Wa bo o itse sentle mo mogopolong wa gago seo Bibela e se buang ka boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelo-dikobo,” go ipolela jalo lekgarebe lengwe. “Mme pelo ya gago e nnela go itlhokomolosa mabaka ao.” Ka tshwanelo, mopesalema o ne a tswelela jaana: “Ke beile lehoko ya gago mo peduñ ea me, gore ke se ka ka gu leohèla.”—Pesalema 119:11.
Dibela Pelo ya Gago
Santlha motho o tlhoka gore a bale a bo a ithuta Dikwalo le dibuka tse di theilweng mo Bibeleng e le gore mafoko a Modimo e nne selo sa botlhokwa mo pelong ya gagwe. Seno se ka go thusa gore o tlhatswege pelo gore melao ya Modimo e na le mosola. Mo letlhakoreng je lengwe, go bala, go reetsa, kana go leba dilo tse di tlhotlheletsang tlhakanelo-dikobo go tsosa “dithatō.” (Bakolosa 3:5) Jalo tila dilo tse di ntseng jalo gotlhelele. Go na le moo nna le megopolo e e itshekileng le e e phepa.
Gape dipatlisiso di bontshitse gore ditsala tsa motho tse dikgolo di ka nna le tlhotlheletso e kgolo mo goreng a motho yoo o tla nna a itshekile kana nnyaa. Mopesalema o ne a bolela jaana: “Ke monkana oa botlhe ba ba gu boihañ, le oa ba ba tlhōkōmèlañ dikaèlō tsa gago.”—Pesalema 119:63.
A ditsala tsa gago ke batho bao eleruri ba lekelang go ‘boloka dikaelo tsa Modimo’? Mosadi mongwe yo mmotlana yo o bidiwang Joanna o lemotsha jaana mabapi le go kgetha ditsala: “Fa o na le batho ba ba ratang Jehofa, o fitlhela gore, fa lo bua ka maitsholo a mantle, o simolola go ikutlwa kafa ba ikutlwang ka gone. Ka sekai, fa o utlwa ba bolela gore boitsholo jo bo sa siamang bo ferosa sebete, o simolola go ikutlwa ka tsela e e tshwanang le wena. Mo letlhakoreng le lengwe, fa o na le motho yo o sa kgathaleng, go ise go e kae fela o simolola go tshwana nae.”—Diane 13:20.
Lefa go ntse jalo, gantsi thatano le lefereo ke tsone tseo di lereng kgwetlho e kgolo mo goreng motho a nne a itshekile. Akanyetsa patlisiso e e dirilweng mo morafeng otlhe ke Robert Sorensen. O ile a fitlhela gore 56 lekgolong ya makawana le 82 lekgolong ya basadi bao ba neng ba botsolotsiwa bao ba ileng ba tlhakanela dikobo ba ne ba dira jalo e le lantlha le motho yo ba neng ba na le lobaka ba ntse ba ratana nae fela—kana bobotlana yo ba neng ba mo itse sentle ebile ba mo rata thata. Go tweng he, fa e le gore o setse o godile sentle mo o ka nyalang/nyalwang ebile o fereana le mongwe? O ka tsalana botoka jang le motho yoo o ntse o itshekile?
Go Tila Mamena fa o Ratana
Bibela e tlhagisa jaana: “Pelo e boherehere bogolo go dilō cotlhe, e botlhoko thata: emañ eo o ka e itseñ?” (Yeremia 17:9) Motho o ka nna a ikutlwa a na le kgatlhego e e tlwaelesegileng fela mo mothong wa bong bo sele. Mme fa le bonana ka metlha, kgatlhego e nna e kgolo. Mme keletso eno e e tlwaelesegileng e ka timetsa pelo ya gago. “Mo peduñ go tswa megopolō e e boshula, . . . le dikgokahalō,” ga bolela jalo Jesu Keresete.—Mathaio 15:19.
Ga se gantsi balekane ba basha ba rulaganyetsa go tlhakanela dikobo.a Mo mabakeng a mantsi, seno se ne sa diragala ka go bo balekane bao ba ne ba tshwarega mo go phoraphoraneng, kana go tshwarwa ka mo go tsosang dikgotelo, ga dikarolo tsa mmele tsa sephiri. Mmè mongwe yo o sa nyalwang o ne a ipolela jaana: “Mo go nna le mo baneng ba bantsi ba ke ba itseng, dilo di ne tsa nna tsa eteegela nako le nako, mme kgabagare o bo o sa tlhole o le kgarebane. Lo simolola ka go phoraphorana fela go sekae, mme pele ga le lemoga seo se diragalang, lo bo lo sa kgone go emisa dilo.”
Go re wena ka bowena o tile go wela mo boitsholong jo bo sa siamang jwa tlhakanelo-dikobo, o tshwanetse go laola pelo ya gago, go na le gore o e letlelele gore e go laole. (Diane 23:19) O ka dira seno jang?
Tlhoma ditekanyetso: Lekawana lengwe le ka nna la ikutlwa gore lekgarebe leo a ratanang nalo le lebeletse gore a simolole go mo atla le go mo phoraphora, fa tota a ka tswa a sa lebelela jalo. “Go tla kōmanō hèla ka boikgodishō: mo go eo o amogetseñ kgakololō sentlè go na le botlhale.” (Diane 13:10) Jalo fa o fereana le mongwe, itsise motho yoo kafa o ikutlwang ka teng kaga kgang eo ka ‘go gakololana’ nae. Ka botlhale tlhoma ditekanyetso tsa go bontshanya lorato. Ka nako e e tshwanang, o seka wa dira ditshupo tse di ka tsietsang yo mongwe. Fa o apara diaparo tse di gagamatsang, tse di letsatsa, tse di akantshang tlhakanelo-dikobo seo se ka nna sa naya molekane wa gago molaetsa o o sa siamang.
Tila maemo a a raelang: Bibela e bolela kaga lekgarejana lengwe leo le neng la lalediwa ke mosimane yo a neng a ratana nalo go tsamaya le ene ka sepalamo go ya kwa lefelong lengwe le le kwa thoko kwa dithabeng. Boitlhomo jwa gagwe e ne e le eng? E ne e le gore ba tle ba ipelele bontle jwa tshimologo ya dikgakologo. Lefa go ntse jalo, bokgaitsadia mosetsana yoo ba ne ba utlwalela ka loeto loo lo lo neng lo rulaganyeditswe mme ka bogale ba ba kganela. A e ne e le ka gonne ba ne ba bona gore o ne a na le tshekamelo ya boitsholo jo bo sa siamang? Le eseng! Mme ba ne ba itse sentle ka maatla a go raelesega mo maemong a a ntseng jalo. (Sehela sa Dihela 1:6; 2:8-15) Ka go tshwana, o tshwanetse go tila maemo a a ka go gogelang mo thaelong, a a tshwanang le go nna le le nosi mo ntlong, mo kamoreng, kana mo kareng e e emisitsweng o na le motho yo o ratanang nae.
Itse ditekanyetso tsa gago: Go na le dinako tseo go ka nnang motlhofo fela gore o ineele mo diphepisong tsa tlhakanelo-dikobo go gaisa tse dingwe. Ka sekai, o ka tswa o kgobegile marapo ka gonne o reteletswe mo sengweng kana o sa dumalana le batsadi ba gago ka sengwe. E ka tswa kgang e le efe fela, mo dinakong tseo o tla tshwanelwa ke go nna podimatseba ka mo go kgethegileng. (Diane 24:10) Gape, nna kelotlhoko ka go dirisa dino tsa tagi. Ka baka la tlhotlheletso ya tsone, o ka nna wa seka wa itsetsepela sentle. “Boyalwa yoa mofine le boyalwa yo bosha di tlosa tlhaloganyō.”—Hosea 4:11.
Gana mme ebile o tiisitse: Balekane ba ka dira eng fa maikutlo a bone a gotela mme ba ikutlwa ba atamalana mo go diphatsa? Mongwe wa bone o tshwanetse go bua sengwe kana a dira sengwe seo se ka kgaosetsang boikutlo joo. Debra o ne a iphitlhela a na le mosimane yo a neng a fereana nae fela, yo a neng a emisa kara mo lefelong lengwe le le senang batho gore ba “buisane.” Fa maikutlo a bone a ne a simolola go gotela, Debra o ne a raya mosimane yo a neng a ratana nae a re: “A seno ga se go atlana mo go feteletseng? A ga re a tshwanela go emisa?” Seo se ne sa kgaosetsa maikutlo a bone. Ka bokhutshwane fela o ne a mo isa kwa gagabo. Go gana fa o le mo maemong a a ntseng jalo e ka nna selo se se boima go gaisa dilo tsotlhe tse o kileng wa tshwanela go di dira. Mme jaaka mosadi mongwe wa dingwaga tse 20 yo o neng a ineela mo tlhakanelong-dikobo a ne a bua: “Fa o sa tsamaye, o tla ikutlwela botlhoko!”
Nnang le mopati: Lemororo go lejwa ke batho jaaka selo sa bogologolo, go patiwa ke mongwe fa o na le mongwe yo o fereanang nae e santse e le selo se se molemo. “Go lebega jaaka ekete ga re kake ra tshepiwa,” balekane bangwe ba ngongorega jalo. Gongwe. A mme ke selo se se botlhale go itshepa? Diane 28:26 e tlhalosa jaana ka papamalo: “Eo o ikanyañ pelo ea gagwè ka esi ke seeleele; me eo o tsamaeañ ka botlhale, o tla gololwa.” Tsamaya ka botlhale ka gore o patiwe ke mongwe fa o na le motho yo o fereanang nae. “Tota ke tlotla lekau le le tlang le mopati. Ke itse gore o a bo a kgatlhegela boitsheko fela jaaka le nna ke bo kgatlhegela,” ga tlhalosa jalo Debra. “Ga go re direle bothata bope, ka gonne fa re batla go bua sengwe sa sephiri, re nnela kwa thoko gore re seka ra utlwiwa ke batho. Ka go bo go sireletsa fela thata seno se dira gore kgoreletso epe fela e go e bakang e seka ya nna ya sepe.”
Botsalano le Modimo
Mo godimo ga tsotlhe, fa o tlhagolela go tsalana le Modimo thata, o mo itse jaaka motho wa mmatota yo o nang le maikutlo, seno se tla go thusa go tila boitshwaro jo bo mo kgopisang. Fa o mo tshololela pelo ya gago kaga mathata mangwe a a rileng seno se tla go atamalanya le ene. Balekane ba le bantsi bao ba eletsang go nna ba itshekile ba bile ba bo ba rapela Modimo mmogo fa ba ne ba le mo maemong ao a neng a gotetsa maikutlo a bone, ba mo kopa gore a ba neye nonofo e e tlhokegang.
Jehofa ka bopelotshweu o arabela ka go naya batho ba go nna jalo “nonofo eo e fetang e e tlwaelesegileng.” (2 Bakorintha 7:1, NW) Legale, le wena o tshwanetse go dira karolo ya gago. Lefa go le jalo, tlhomamisega gore ka thuso ya Modimo le tshegofatso, go ka kgonega gore o gane go dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelo-dikobo.
[ntlha e e kwa tlase]
a Go ya ka patlisiso nngwe, 60 lekgolong ya basadi ba ba neng ba botsolotsiwa ba ne ba bolela gore tiragalo eo e ne ya diragala ka tshoganyetso ebile e sa rulaganyediwa.
Dipotso tsa Puisano Kgaolo 24
◻ Dilo dingwe tse o ka di dirang tseo di tla go thusang go tseela kwa godimo melao ya ga Jehofa malebana le tlhakanelo-dikobo ke dife?
◻ Ditsala tsa gago di ka ama jang pono ya gago ya tlhakanelo-dikobo pele ga lenyalo?
◻ Ke ka ntlhayang fa o ikutlwa gore motho o tshwanetse go nna podimatseba fa a fereana le mongwe?
◻ Dilo dingwe tseo baratani ba ba fereanang ba ka kgonang go di dira go itshireletsa mo go tseneleleng mo boitsholong jo bo sa siamang jwa tlhakanelo-dikobo ke dife?
[Mafoko a a mo go tsebe 193]
“Lo simolola go phoraphorana fela go sekae . . . ”
[Mafoko a a mo go tsebe 194]
Fa le fereana, tilang go dira boitsholo jo bo sa siamang ka go itomolola mo go ba bangwe
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 196]
Go Nna O Itshekile Fa O Fereana le Mongwe
Tila maemo ao a ka lo gogelang mo goreng lo atlane ka mo go feteletseng le go phoraphorana
Nna mo ditlhopheng fa lo fereana kana lo nne le mopati
Boloka puisano e le e e agang
Kwa tshimologong fela, itsise molekane wa gago boikutlo jwa gago malebana le ditekanyetso tsa go bontsha lorato
Apara ka bori o bo o tile ditiro tseo di ka hepisang
Kopa gore o isiwe gae fa o ikutlwa gore o ka nna wa kgotlela boitsheko jwa gago
Tilang go “ipelelana bosigo” ka nako e telele
Boela gae go santse go bonala nako le nako
[Ditshwantsho]
Balekane ba ba fereanang ba ka dira ditiro tseo di sa ba aroganyeng le batho ba bangwe
[Setshwantsho mo go tsebe 196]
Fa maemo e nna a a “gotetsang maikutlo” thata, nna le boikutlo jwa gore Nnyaa!—mme o tiisitse!