Kgaolo 25
Go Itshwaratshwara Dirwe tsa Tlhakanelo-Dikobo—Go Masisi Go Le Kana Kang?
“Ke a tle ke ipotse gore a go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelo-dikobo go phoso mo matlhong a Modimo. A go tla ama botsogo jwa me jwa mmele le/kana jwa tlhaloganyo mo isagweng lefa ke nyalwa?”—Melissa wa dingwaga tse 15.
BASHA ba le bantsi ba imelwa ke dikakanyo tsa go nna jalo. Ka baka lang go ntse jalo? Ka gonne go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelo-dikobo go aname fela thata. Go begwa gore, 97 lekgolong ya banna le go feta 90 lekgolong ya basadi ba ne ba ile ba itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelo-dikobo fa ba nna dingwaga tse 21. Mo godimo ga moo, go ile ga bolelwa fa tlwaelo ya go nna jalo e baka makoa a mefuta yotlhe—go simolola ka dikakana le dintshi tse dikhubidu go ya go leebana le bolwetse jwa tlhaloganyo.
Batlhatlhobisi ba bongaka ba lekgolo leno la bo-20 la dingwaga ga ba sa tlhole ba tlhagisa jalo. Ebile tota, gompieno dingaka di dumela gore ga go na bolwetse bope jwa mmele jo bo bakiwang ke go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelo-dikobo. Babatlisisi William Masters le Virginia Johnson ba oketsa ka go re “ga go na bosupi bope jo bo tlhomameng jwa bongaka jwa gore go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelo-dikobo, go sa kgathalesege gore motho o go dira ga kae, go ka lwatsa motho tlhaloganyo.” Lefa go ntse jalo, tota go na le diphelelo tse dingwe tse di lwatsang! Mme basha ba bantsi ba Bakeresete ba tshwenyegile ka tshwanelo kaga tlwaelo eo. “Fa ke ne ke ineela mo [go itshwaratshwareng dirwe tsa tlhakanelo-dikobo], ke ne ke ikutlwa jaaka ekete ke ne ke swabisitse Jehofa Modimo,” ga kwala jalo mosha mongwe. “Ka dinako tse dingwe ke ne ke nna pelo e botlhoko fela thata.”
Tota go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelo-dikobo ke eng? Go masisi go le kana kang, mme ke ka ntlhayang fa basha ba le bantsi ba fitlhela e le tlwaelo e go leng thata go e tlogela?
Lebaka la go bo go Diragalela Basha Thata
Go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelo-dikobo ke go ikgotetsa ka boomo go tsosa kgotelo ya tlhakanelo-dikobo. Fa motho a santse a le mosha, dikeletso tsa tlhakanelo-dikobo di nna maatla thata. Go tswa meedi ya tsalo e e maatla eo e amang dirwe tsa tsalo. Ka gone mosha a lemoge gore dirwe tseno di ka kgona go jesa monate. Mme fa gongwe mosha o ka nna a nna le kgotelo ya tlhakanelo-dikobo a sa akanye lefa e le sepe ka tlhakanelo-dikobo.
Ka sekai, kgatelelo ya mogopolo e e bakiwang ke matshwenyego a a farologaneng a mogopolo, dipoifo tse di farologaneng, kana dikhidiego go ka ama ditshikana tsa mosimane tse di amegang motlhofo mme ga dira gore a nne le keletso ya tlhakanelo-dikobo. Fa peo e ntse e oketsega go ka nna ga diragala gore a thantshiwe ke go ikutlwa a na le keletso e kgolo ya tlhakanelo-dikobo. Kana go ka nna ga diragala gore peo e tswe bosigo, gantsi go diragala jalo ka nako eo motho a lorang toro ya lorato ka yone. Ka go tshwana, basetsana bangwe ba babotlana ba ka nna ba ikutlwa ba gotetse ba sa ikaelela. Ba le bantsi ba nna le keletso e kgolo ya tlhakanelo-dikobo pele fela kana morago ga ba bona kgwedi.
Jalo fa o kile wa itemogelela kgotelo ya go nna jalo, ga go sepe se se phoso ka wena. Seno ke karabelo e e tlwaelesegileng fela ya mmele wa mosha. Maikutlo a a ntseng jalo, lefa a ka tswa a le magolo go le kana kang, ga a tshwane le go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelo-dikobo, ereka one e le a a itlelang fela. Mme fa o ntse o gola, maikutlo ao a masha a tla kokobela.
Lefa go le jalo, go batla go itse le ka baka la go sa tlwaelesegang ga maikutlo ano a masha, go dira gore basha bangwe ka boomo fela ba tsose, kana ba tshameke ka, dirwe tsa bone tsa tlhakanelo-dikobo.
‘Tlhotlheletso ya Mogopolo’
Bibela e tlhalosa lekawana lengwe leo le kopanang le mosadi wa seaka. Mosadi yono o a mo atla a bo a mo raya a re: “Ntlo, . . . a re ikgomotsè ka maratō.” Go tswa foo go diragala eng? “A mo sala moragō ka bonakō, yaka kgomo e ea go tlhaywa.” (Diane 7:7-22) Ka phepafalo, dikgotelo tsa mosha yono di ne di sa tsosiwa fela ka go bo meedi ya gagwe ya tsalo e ne e bereka mme e le ka baka la seo a neng a se bone le seo a neng a se utlwile.
Ka go tshwana, lekawana lengwe le ipolela jaana: ‘Bothata jwa me jotlhe jwa go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelo-dikobo bo ne bo bakiwa fela ke seo ke neng ke se tsenya mo mogopolong wa me. Ke ne ke lebelela dithulaganyo tsa TV tseo di neng di akareletsa boitsholo jo bo sa siamang mme mo makgetlong a mangwe ke ne ke lebelela dithulaganyo tsa TV tse di neng di bontsha batho ba sa tswala. Dipono tse di ntseng jalo di gogomosa maikutlo fela thata mo eleng gore ga di tswe mo mogopolong wa motho. Ke ne ke a tle ke di gakologelwe gape, seo se neng se tlhotlheletsa mogopolo wa me gore ke itshwaratshware dirwe tsa tlhakanelo-dikobo.’
Ee, gantsi dilo tseo tota di go dirang gore o itshwaratshware dirwe tsa tlhakanelo-dikobo ke seo motho a se balang, a se lebelelang, kana a se reetsang, gammogo le seo a buang ka sone kana a tlhatlhanyang ka sone. Fela jaaka mosadi mongwe wa dingwaga tse 25 a ne a ipolela: “Ke ne ke sa kgone gotlhelele go tlogela mokgwa oo. Lefa go ntse jalo, ke ne ke bala dibuka tsa ditlhamane tsa marato, mme seno se ne se nkgakaletsa bothata.”
“Seokobatsi”
Boitemogelo jwa mosadi yono yo mmotlana bo lemotsha seo tota kwantle ga pelaelo eleng lebaka le legolo la go bo go le thata jaana go tlogela mokgwa oo. O tswelela jaana: “Gantsi ke ne ke itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelo-dikobo go kokobetsa kgatelelo, kgagamalo ya mogopolo, kana tlhodiego. Monate o wa nakwana o ne o tshwana le bojalwa joo matagwa a bo hupang go kokobetsa pelo ya bone.”
Babatlisisi Suzanne le Irving Sarnoff ba kwala jaana: “Mo bathong bangwe go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelo-dikobo go ka nna mokgwa oo ba ikgomotsang ka one fa ba nyadiwa ka tsela nngwe kana ba ikutlwa ba boifa sengwe. Lefa go ntse jalo, ba bangwe ba dira seno ka nako e e rileng fela, fa ba gateletswe thata mo mogopolong.” Ka phepafalo, ba bangwe ka go tshwana ba tshabela mo tlwaelong eno fa ba kgopisegile, ba le pelo e botlhoko, ba jewa ke bodutu, kana ba gateletswe thata mo mogopolong; go nna jaaka “seokobatsi” seo se ba lebatsang mathata a bone.
Bibela e Reng?
Mosha mongwe o ne a botsa ka go re: “A go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelo-dikobo ke sebe se se sa itshwarelweng?” Go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelo-dikobo ga go umakiwe gotlhelele mo Bibeleng.a Mokgwa ono e ne e le selo se se tlwaelesegileng mo bathong ba ba neng ba bua Segerika ba metlha ya Bibela, mme go ne go dirisiwa mafoko a Segerika a le mmalwa go tlhalosa tlwaelo eno. Mme ga go lepe la mafoko ano leo le dirisiwang mo Bibeleng.
Ereka go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelo-dikobo go sa kgalwe ka tlhamalalo mo Bibeleng, a seno se raya gore ga go gobatse ka gope? Legoka! Lemororo go sa buiwe gore go maswe jaaka dibe tse di masisi tse di tshwanang le kgokafalo, go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelo-dikobo eleruri ke tlwaelo e e maswe. (Baefesia 4:19) Ka gone melao-metheo ya Lefoko la Modimo e bontsha gore o tla bo o “itemohalèla” fa o ganana gotlhelele le tlwaelo e e maswe eno.—Isaia 48:17.
Go Tsosa ‘Keletso ya Tlhakanelo-Dikobo’
“Me ke gōna, bolaeañ ditokololō tsa lona,” go kgothatsa jalo Bibela, “ke raea . . . dithatō, [“keletso ya tlhakanelo-dikobo,” NW].” (Bakolosa 3:5) “Keletso ya tlhakanelo-dikobo” e raya eseng maikutlo a a tlwaelesegileng fela a tlhakanelo-dikobo mme kgotelo eo e sa laolesegeng. Ka gone “keletso ya tlhakanelo-dikobo” ya go nna jalo e ka gogela motho kwa go reng a dire ditiro tse di maswe thata, tse di tshwanang le tse di tlhalosiwang ke Paulo mo go Baroma 1:26, 27.
A mme go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelo-dikobo ga go ‘bolae’ dikeletso tseno? Nnyaa, phapaanong le seo, jaaka mosha mongwe a ne a ipolela: “Fa o itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelo-dikobo o nnela go akanya dikeletso tse di maswe, mme seo se oketsa fela keletso ya gago ya go di dira.” Gantsi batho ba oketsa monate wa tlhakanelo-dikobo ka kakanyo nngwe ya boitsholo jo bo sa siamang. (Mathaio 5:27, 28) Ka jalo, go ka diragala gore fa motho a nna mo maemong a a mo letlang, go ka nna motlhofo fela gore a dire boitsholo jo bo sa siamang. Seno se ne sa diragalela mosha mongwe, yo o ipolelang jaana: “Ka nako nngwe, ke ne ke ikutlwa gore go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelo-dikobo go ne go ka nkokobetsa maikutlo kwantle ga go amana le motho wa mosadi. Lefa go le jalo ke ne ka nna le keletso e e seng kana ka sepe ya go dira jalo.” O ne a gokafala. Ka mo go sa gakgamatseng, patlisiso e e neng ya dirwa mo morafeng otlhe e ne ya senola gore bontsi jwa makau le makgarebe bao ba neng ba itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelo-dikobo gape ba ne ba gokafala. Ba ne ba feta bao ba neng ba le makgarebana ka 50 lekgolong!
Go Kgotlela Mogopolo wa Motho le Maikutlo
Go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelo-dikobo gape go tsenya motho maikutlo mangwe ao a bodisang mogopolo. (Bapisa 2 Bakorintha 11:3.) Fa motho a itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelo-dikobo, o a bo a nweditse mogopolo mo maikutlong a mmele wa gagwe—a le motho yo o ithatang fela thata. Tlhakanelo-dikobo jaanong e dirwa kwantle ga lorato mme e tsewa fela jaaka tlwaelo ya go kokobetsa kgatelelo ya mogopolo. Mme boikaelelo jwa Modimo e ne e le gore dikeletso tsa tlhakanelo-dikobo di kgotsofadiwe mo dikamanong tsa tlhakanelo-dikobo—eleng go bontshana lorato ga monna le mosadi wa gagwe.—Diane 5:15-19.
Gape motho yo o itshwaratshwarang dirwe tsa tlhakanelo-dikobo o ka nna a nna le go leba batho ba bong bo sele jaaka didirisiwa fela tsa tlhakanelo-dikobo—didirisiwa tseo a ka kgotsofatsang tlhakanelo-dikobo ya gagwe ka tsone. Ka gone maikutlo a a sa siamang ao motho a a ithutang ka go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelo-dikobo a leswefatsa “moya,” kana tshekamelo e kgolo ya mogopolo. Mo mabakeng a mangwe, mathata ao a bakiwang ke go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelo-dikobo a nna a nna teng le eleng morago ga lenyalo! Ka mo go utlwalang, Lefoko la Modimo le kgothatsa jaana: “Baratwa, . . . a re itshekiseñ mo maitshekologoñ aotlhe a nama le a mōea.”—2 Bakorintha 7:1.
Pono e e Lekalekaneng ya Molato
Lefa ka kakaretso basha ba le bantsi ba atlega mo go fenyeng tlwaelo eno e e maswe, ba na le go ineela mo go yone gangwe le gape. Ka lesego, Modimo o kutlwelobotlhoko fela thata. “Gonne wèna, Yehofa, u molemō, u iketleeditse go ichwarèla,” ga bolela jalo mopesalema. (Pesalema 86:5) Fa Mokeresete a ineela mo go itshwaratshwareng, dirwe tsa tlhakanelo-dikobo, gantsi pelo ya gagwe e a mo atlhola. Lefa go le jalo, Bibela e tlhalosa gore “Modimo o . . . mogolo go heta dipelo tsa rona, me o itse dilō cotlhe.” (1 Yohane 3:20) Modimo ga o a leba dibe tsa rona fela. Ka go bo a na le kitso e kgolo seo se mo kgonisa gore a utlwe ka bopelotlhomogi fa re ikuela mo go ene ka bopeloephepa gore a re itshwarele. Fela jaaka mosadi mongwe yo mmotlana a ne a kwala: “Ke ile ka ikutlwa ke na le molato go ya bokgakaleng jo bo rileng, mme ka go bo ke ne ke itse gore Jehofa Modimo o lorato go le kana kang le gore o kgona go bala pelo ya me a bile a itse maiteko otlhe a me le maikemisetso seno se nthusa gore ke seka ka ikutlwa ke le pelo e botlhoko thata fa ka dinako tse dingwe ke tlhaela.” Fa e le gore o lwantsha keletso ya go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelo-dikobo, ga go bonale fa go ka diragala gore o dire boleo jo bo masisi jwa kgokafalo.
Tokololo ya The Watchtower ya September 1, 1959, e ne ya tlhalosa jaana: “Re [ka nna] ra iphitlhela re kgotšwa re bile re tlhaela ka dinako tse dintsi ka baka la tlwaelo nngwe e e maswe eo re ileng ra tsenelela thata mo go yone mo botshelong jwa rona jwa pele go feta kafa re neng re lemoga ka gone. . . . O seka wa itlhoboga. O seka wa digela ka gore o dirile boleo jo bo sa kakeng jwa itshwarelwa. Ke gone kafa Satane a tla batlang o akanya ka gone. Lebaka la go bo o ikutlwa o hutsafetse o bile o tshwenyegile kaga gago ke bosupi jwa gore ga o ise o ye kgakala. Ka metlha o seka wa lapisiwa ke go retologela ka boikokobetso le ka tlhoafalo kwa Modimong, o kopa gore a go itshwarele a go phepafatse a bo a go thuse. Ya kwa go ene jaaka ngwana a ya kwa go rraagwe fa a le mo bothateng, go sa kgathalesege gore o ya kwa go ene ga kae ka bokoa jo bo tshwanang, mme Jehofa ka bopelotshweu o tla go naya thuso eo ka baka la bopelonomi jwa gagwe jo bo sa tshwanelang mme, fa o le peloephepa, o tla go naya segakolodi se se phepa.”
“Segakolodi se se phepa” seo se ka bonwa jang?
[ntlha e e kwa tlase]
a Modimo o ne wa bolaela Onane go ‘tshololela peo ya gagwe fa fatshe.’ Lefa go ntse jalo, fano e ne e le tlhakanelo-dikobo eo e neng e kgaupediwa, eseng go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelo-dikobo. Mo godimo ga moo, Onane o ne a bolaelwa go bo ka bopelotshetlha a ne a reteletswe ke go ya seyantlo e le gore a tle a tsweledise losika lwa ga morwarraagwe yo o neng a tlhokafetse. (Genesise 38:1-10) Go tweng ka ‘go tswa ga peo’ mo go umakiwang mo go Lefitiko 15:16-18? Seno ka phepafalo se lebisitswe, eseng mo go itshwaratshwareng dirwe tsa tlhakanelo-dikobo, mme eleng mo go tsweng ga peo bosigo gammogo le go tlhakanela-dikobo ga banyalani.
Dipotso tsa Puisano Kgaolo 25
◻ Go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelo-dikobo ke eng, mme dikgopolo dingwe tseo di tlwaelesegileng kaga gone ke dife?
◻ Ke ka ntlhayang fa gantsi basha ba ikutlwa ba na le keletso e kgolo ya tlhakanelo-dikobo? A o akanya gore seno se phoso?
◻ Ke dilo dife tse di ka gotetsang keletso ya go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelo-dikobo?
◻ A go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelo-dikobo go gobatsa mosha ka tsela nngwe?
◻ O akanya gore go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelo-dikobo ke boleo jo bo masisi go le kana kang? Jehofa o leba jang mosha yo o lwantshanang le gone, lefa gongwe a ka tswa a na le mathata a go go fenya?
[Mafoko a a mo go tsebe 200]
Ba bangwe ba ikutlwa ba tlhotlheletsega go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelo-dikobo fa ba le tlase ga kgatelelo kana ba tshogile, ba jewa ke bodutu, kana ba le pelo e botlhoko
[Mafoko a a mo go tsebe 202]
‘Bothata jotlhe jwa me jwa go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelo-dikobo bo bakiwa fela ke seo ke se tsenyang mo mogopolong wa me’
[Mafoko a a mo go tsebe 204]
“Fa ke ne ke ineela mo [go itshwaratshwareng dirwe tsa tlhakanelo-dikobo], ke ne ke ikutlwa jaaka ekete ke ne ke swabisitse Jehofa Modimo”
[Setshwantsho mo go tsebe 198]
Lefa go itshwara-tshwara dirwe tsa tlhakanelo-dikobo go ka dira gore motho a ikutlwe a le molato fela thata, fa motho a rapela Modimo ka bopeloephepa gore o mo itshwarele a bo a dira ka natla go ganana le tlwaelo eo seo se ka mo naya segakolodi se se molemo
[Setshwantsho mo go tsebe 203]
Dibaesekopo tsa lorato, dibuka, le dipontsho tsa TV gantsi ke tsone di ‘tlhotlheletsang mogopolo’ wa go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelo-dikobo