LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • sh kgao. 7 ts. 161-186
  • Bo-Tao le Bo-Confucius Matsapa—A go Batla Tsela Ya go ya Legodimong

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bo-Tao le Bo-Confucius Matsapa—A go Batla Tsela Ya go ya Legodimong
  • Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bo-Tao—Jone Ke Eng?
  • Bo-Tao—Tshimologo ya Jone ya Botlhajana
  • Fa Re Latlhela Matlho mo go “Tao Te Ching”
  • Motlhalefi Wa Bobedi wa Bo-Tao
  • Go Tswa Botlhajaneng go ya Bodumeding
  • Go Thulana le Kgwetlho ya Bobuda
  • Motlhalefi Yo Mongwe Yo O Tumileng mo China
  • Morutisi Confucius
  • “Kwa Legodimong Ke Gone Kwa Ke Itsegeng Gone!”
  • Moko wa Dikgopolo tsa ga Confucius
  • Bo-Confucius bo Fetoga Kobamelo ya Puso
  • Botlhale jwa Batho ba Botlhaba Bo Tswa Bagologolwaneng ba Bone
  • Thuto Eno e Fetela mo Madumeding a Botlhaba
    Go Direga Eng ka Rona fa re Swa?
  • Molao wa Sekagouta Thuto ya Lefatshe Lotlhe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Go Batla Masaitsiweng ka Maselamose le Tirisabadimo
    Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo
sh kgao. 7 ts. 161-186

Kgaolo 7

Bo-Tao le Bo-Confucius Matsapa—A go Batla Tsela Ya go ya Legodimong

Bo-Tao, Bo-Confucius le Bobuda di bopa ditumelo tse tharo tse dikgolo tsa China le Botlhaba jo bo Kgakala. Lefa go ntse jalo, ka go sa tshwane le Bobuda, Bo-Tao le Bo-Confucius ga se bongwe jwa bodumedi jo bogolo jwa lefatshe mme bo ile jwa nna fela kwa China le kwa tlhotlheletso ya tsela ya botshelo ya China e ikepetseng gone. Lemororo go sena dipalo tse di tlhomameng tsa bosheng tsa badumedi ba jone mo China, Bo-Tao le Bo-Confucius ka bobedi bo ile jwa laola botshelo jwa bodumedi jwa batho ba ba ka nnang bongweboneng jwa batho ba lefatshe mo dingwageng tse 2 000 tse di fetileng.

1. (Akaretsa ketapele.) (a) Ke ko kae ko go nang le bodumedi jwa Bo-Tao le Bo-Confucius gone, mme bo bogolo go le kana kang? (b) Jaanong re simolola go sekaseka dithuto tseno mo lobakeng lofe lwa nako?

‘ADITHUNYA di le lekgolo di thunye; a makgotla a le lekgolo a ganane.’ Mafoko ao, ao a neng a tumisiwa ke Mao Tse-tung wa People’s Republic of China mo polelong eo a neng a e neela ka 1956, tota e ne e le mafoko a a tshwanang le a a neng a buiwa ke bakanoki ba Ba-China fa ba ne ba tlhalosa motlha wa China go simologa ka lekgolo la botlhano go ya go la boraro la dingwaga B.C.E., o o neng o bidiwa nako ya Dipuso tse di Lwang. Ka nako eno puso ya boora Chou (c. 1122-256 B.C.E.) e ne e senyegile e fetogile tsamaiso ya dinaga tse di sa utlwaneng tse di sa tshwaraganang mo go kalo tseo di neng di lwetse ruri, se ebileng se ne se imela batho ba ba tlwaelegileng.

2. (a) Ke eng seo se neng sa dira gore go nne le “makgotla a a lekgolo”? (b) Ke eng seo se santseng se setse sa “makgotla a a lekgolo” a a neng a nna gone?

2 Khuduego le go boga moo go neng ga lerwe ke dintwa tseo go ne ga koafatsa bolaodi jwa bajaboswa ba puso fela thata. Batho ba e seng ba maemo ba ne ba sa tlhole ba itumelela go ineela mo go isiweng kwa le kwa ke babusi ba maemo a a kwa godimo mme ba bogisiwa ke gone ba itidimaletse fela. Ka baka leo, dikgopolo le dikeletso tseo ba neng ba sa bolo go itshoka go di bua di ne tsa tswela kwantle jaaka “dithunya di le lekgolo.” Makgotla a a farologaneng a ne a tsenya dikgopolo tsa one mo pusong, mo molaong, mo thulaganyong ya loago, mo boitshwarong, le mo melaometheong ya boitshwaro, mmogo le mo dikgannyeng tse di tshwanang le temothuo, mmino, le dibuka, jaaka tsela ya go busetsa botshelo mo mannong. Di ne tsa simolola go itsiwe jaaka “makgotla a a lekgolo.” Bontsi jwa one bo ne jwa seka jwa nna le phelelo e e nnelang ruri. Lefa go ntse jalo, makgotla mangwe a mabedi ano a ne a tuma mo a kgonneng go tlhotlheletsa botshelo jwa batho ba China mo dingwageng tse di fetang tse 2 000. Kgabagare a ne a itsiwe jaaka Bo-Tao le Bo-Confucius.

Bo-Tao—Jone Ke Eng?

3. (a) Tumelo ya Ba-China kaga Tao ke efe? (b) Go na le gore dilo tsotlhe di dirilwe ke Mmopi, Ba-China ba dumela gore dilo tsotlhe di dirilwe ke eng? (Bapisa Bahebera 3:4.)

3 Go tlhaloganya gore ke ka ntlhayang fa Bo-Tao (leo le bidiwang go twe Bo-dao; leo le nang le modumo o o tshwanang le wa nao) le Bo-Confucius bo ne jwa nna le tlhotlheletso e kgolo e e sa feleng mo go kalokalo mo bathong ba Ba-China, mmogo le mo go Bajapane, Ba-Korea, le merafe e e dikologileng, go botlhokwa gore motho a nne le kutlwisiso ya motheo ya kgopolo ya Se-China kaga Bo-Tao. Lefoko leo ka bolone le raya “tsela, pata, kana tselana.” Fa le atolosiwa, gape le ka raya “mokgwa, molaomotheo, kana thuto ya motheo.” Mo go Ba-China, go tsamaisana sentle le go rulagana sentle ga lobopo e ne e le bosupi jwa Tao, eleng thato nngwe ya bomodimo kana molao o o neng o le gone mo lobopong ebile o lo laola. Ka mafoko a mangwe, go na le go dumela mo Modimong Mmopi, yo o laolang lobopo, ba ne ba dumela mo bomodimong, thato ya legodimo, kana gore sengwe le sengwe se ne se dirwa ke legodimo.

4. Ba-China ba ne ba dirisa kgopolo ya Tao mo mererong ya bone ya batho jang? (Bapisa Diane 3:5, 6.)

4 Fa Ba-China ba ne ba dirisa kgopolo ya Tao mo mererong ya batho, ba ne ba dumela gore go na le tsela ya tlholego le e e siameng ya go dira sengwe le sengwe le gore sengwe le sengwe le mongwe le mongwe o na le boemo jwa gagwe le tiro e e tshwanetseng. Ka sekai, ba ne ba dumela gore fa mmusi a ne a dira tiro ya gagwe sentle ka go dirisana ka tshiamo le batho ebile a tlhokomela dingwaokobamelo tsa go ntsha ditlhabelo tse di amanang le legodimo, morafe oo o ne o tla nna le kagiso o bo o tlhogonolofale. Ka mo go tshwanang, fa e le gore batho ba ne ba ikemiseditse go batla tsela, kana Tao, le go e latela, sengwe le sengwe se ne se tla tsamaisana sentle, ka kagiso, le ka mo go nang le matswela. Mme fa e le gore ba ne ba ka se tsamaisane le yone kana ba ganana nayo, go ne go tla felela ka tobekano fela le masetlapelo.

5. (a) Bo-Tao bo leba Tao jang? (b) Bo-Confucius bo leba Tao jang? (c) Ke dipotso dife tseo di tlhokang go arabiwa?

5 Kgopolo eno ya go tsamaisana le Tao le go sa kgoreletsane le yone ke yone moko wa botlhajana jwa Se-China le go akanya ga bodumedi. Go ka nna ga bolelwa gore Bo-Tao le Bo-Confucius ke mafoko a mabedi a a farologaneng a a tlhalosang kgopolo e le nngwe fela. Bo-Tao ke bodumedi jwa masaitsiweng gape, mo sebopegong sa jone sa ntlha, bo ne bo buelela go sa dire, go didimala, go senang kgatlhego, go bifela batho le go boela mo tlholegong. Kgopolo ya jone ya motheo ke gore sengwe le sengwe se tla siama fela fa batho ba ka nna kwa ga mothakga fela, ba sa dire sepe, mme ba dira gore tlholego e dire ga yone. Mo letlhakoreng le lengwe, Bo-Confucius bo bua ka dilo tsa mmatota. Bo ruta gore tolamo mo loagong e tla bolokiwa fa e le gore mongwe le mongwe a ka dira seabe sa gagwe seo a se ikaeletseng a ba a dira tiro ya gagwe. Ka baka leo, bo baya dikamano tsotlhe tsa batho le tsa loago ka ditlhopha—mmusimmusiwa, rremorwa, monnamosadi, jalo le jalo—mme ebile bo beela mongwe le mongwe wa bone melawana. Ka tlholego, seno se tsosa dipotso tse di latelang: Go diregile jang gore ditsamaiso tse pedi tseno di nne gone? Ke bomang bao ba di simolotseng? Di dirisiwa jang gompieno? Mme ke eng seo di se dirileng malebana le matsapa a a tserweng ke motho go batla Modimo?

Bo-Tao—Tshimologo ya Jone ya Botlhajana

6. (a) Ke eng seo se itsiweng kaga mosimolodi wa Bo-Tao? (b) Go diregile jang gore mosimolodi wa Bo-Tao a bidiwe Lao-tzu?

6 Fa bo simologa, Bo-Tao e ne e le selo sa botlhajana go na le sa bodumedi. Mosimolodi wa jone, ebong Lao-tzu, o ne a sa kgotsofadiwe ke tobekano le khuduego ya metlha ya gagwe mme a batla kgololo ka go bifela batho le go boela kwa tlholegong. Ga go itsiwe go le kalo kaga monna yono, yo go bolelwang fa a ne a tshela mo lekgolong la borataro la dingwaga B.C.E., lemororo le eleng seo se sa tlhomamisege. O ne a itsiwe thata ka Lao-tzu, seo se rayang “Morena wa Bogologolo” kana “Yo Mogologolo,” ka gonne, jaaka kinane e bolela, mmaagwe o ne a mo ima ka lobaka lo loleele mo eleng gore fa a ne a tsholwa, moriri wa gagwe o ne o setse o le mosweu.

7. Ke eng seo re se ithutang kaga Lao-tzu mo “Dipegong tsa Ditiragalo”?

7 Rekoto e le yosi e e dumelwang kaga Lao-tzu ke e e mo go Shih Chi (Seo se rayang Mekwalo ya Ditiragalo), eo e kwadilweng ke Ssu-ma Ch’ien, yo eleng raditiragalo tsa kgotlatshekelo yo o tlotlegang wa lekgolo la bobedi le lantlha la dingwaga B.C.E. Go ya ka mokwalo ono, leina la mmatota la ga Lao-tzu e ne e le Li Erh. O ne a direla jaaka modiri mo mabolokelong a mekwalo ya ditiragalo tsa dikgosi kwa Loyang, kwa bogare jwa China. Mme sa botlhokwa go fetisa, e bega jaana kaga Lao-tzu:

“Lao-tzu o ne a nna kwa Chou ka lobaka lo loleele lwa botshelo jwa gagwe. Fa a sena go bonelapele tshenyego ya Chou, o ne a tloga koo mme a tla go nna gaufi le molelwane. Modiri wa ofisi ya kgethisodithoto ebong Yin Hsi o ne a re: ‘Morena, ka o itumelela go tlogela tiro, ke kopa gore o nkwalele buka nngwe.’ Go tswa foo Lao-tzu o ne a kwala buka e e nang le dikarolo di le pedi e e nang le mafoko a a fetang dikete di le tlhano, eo mo go yone a neng a bua ka dikgopolo tsa Tsela [Tao] le Maatla [Te]. Go tswa foo o ne a tsamaya. Ga go na ope yo o itseng kwa a neng a tlhokafalela gone.”

8. (a) Ke buka efe e go bolelwang fa Lao-tzu a ne a e kwala? (b) Ke ka ntlhayang fa buka eo e ka phuthololwa ka ditsela tse di farologaneng?

8 Bakanoki ba le bantsi ba belaela gore a polelo eno e boammaaruri. Lefa go le jalo, buka eo a neng a e kwala e itsiwe jaaka Tao Te Ching (leina leo ka kakaretso le ranolwang jaaka “Buka ya Bogologolo ya Tsela le Maatla”) mme e tsewa e le buka ya konokono ya Bo-Tao. Ditemana tsa yone di kwadilwe ka botswerere jo bogolo, ka masaitsiweng, dingwe tsa tsone e le mafoko a mararo fela kana a manè. Ka baka la seno mmogo le ka ntlha ya go bo tlhaloso ya ditlhaka dingwe e fetogile fela thata fa e sale ka motlha wa ga Lao-tzu, buka eo e ka nna ya phuthololwa ka ditsela tse dintsi tse di farologaneng.

Fa Re Latlhela Matlho mo go “Tao Te Ching”

9. Lao-tzu o ne a tlhalosa Tao jang mo go Tao Te Ching?

9 Mo go Tao Te Ching, Lao-tzu o ne a tlhalosa Bo-Tao, seo e leng tsela e kgolo ya tlholego, mme a e dirisa mo dikarolong tsotlhe tsa ditiro tsa motho. Fano re tsopola go tswa mo thanolong ya segompieno eo e dirilweng ke Gia-fu Feng le Jane English go latlhela matlho mo go Tao Te Ching. E bolela se se latelang, malebana le Bo-Tao:

“[Go ne go na le] sengwe seo se neng se dirilwe ka masaitsiweng,

Seo se neng se tshotswe pele ga legodimo le lefatshe. . . .

Gongwe ke mmè wa dilo tse di dikete di some.

Ga ke itse leina la sone.

O ka nna wa se bitsa Tao.”—Kgaolo 25.

“Dilo tsotlhe di tswa mo go Tao.

Di otliwa ka Bomolemo [Te].

Di dirwa ka sere.

Di betliwa ke tikologo.

Ka gone dilo tse di dikete di some tsotlhe di tlotla Tao

ebile di tlotla Bomolemo [Te].”—Kgaolo 51.

10. (a) Boitlhomo jwa Bo-Tao ke eng? (b) Pono eno ya Bo-Tao e dirisiwa jang mo boitshwarong jwa batho?

10 Ke eng seo re se tlhalosediwang ke mafoko ano a sekamalepa? Gore mo go Ba-Tao, Tao ke maatla mangwe a a sa itsegeng a magolo ao a dirileng lobopo lotlhe lo lo bonalang. Boitlhomo jwa Bo-Tao ke go batla Tao, go kgaogana le dilo tsa lefatshe, le go nna selo se le sengwe fela le tlholego. Kgopolo eno gape e bonala mo ponong ya Ba-Tao ya boitshwaro jwa batho. Mafoko mangwe a kgopolo eno ke ano jaaka a fitlhelwa mo go Tao Te Ching:

“Go botoka gore o tlhaele go na le go tlatsa go feta selekanyo.

Go lootsa bogale thata, ka gonne bogale joo bo tla pipinega mo nakong e khutshwane.

Go tlatsa mabolokelo ka gouta le maje a mangwe a botlhokwa, ka gonne o tla tlhoka yo o tla di sireletsang.

Go ipolela fa o na le khumo e ntsi ebile o na le direto tse dintsi, ka gonne masetlapelo a tla latela.

Go tlogela tiro fa e setse e dirilwe.

Eno ke tsela ya go ya legodimong.”—Kgaolo 9.

11. Kgopolo ya Bo-Tao e ka tlhalosiwa jang?

11 Dikai tse di mmalwa tseno di bontsha gore bobotlana kwa tshimologong, Bo-Tao e ne e le fela lekgotla la botlhajana. Fa Ba-Tao ba ne ba arabela mo ditshiamololong, go boga, tshenyegelo, le bololea tseo di neng di bakiwa ke puso e e makgwakgwa ya metlha ya tsamaiso ya bogare ya nako eo, ba ne ba dumela gore tsela ya go bona kagiso le kutlwano e ne e le go boela kwa morago kwa ngwaong ya bagologolo pele ga go nna le dikgosi le matona bao ba neng ba gatelela batho ba ba tlwaelegileng. Mogopolo wa bone e ne e le go tshela botshelo jwa thetebalo, jwa selegae, ba tsamaisana le tlholego.—Diane 28:15; 29:2.

Motlhalefi Wa Bobedi wa Bo-Tao

12. (a) Chuang Chou e ne e le mang? (b) O ne a oketsa dithuto tsa ntlha tsa ga Lao-tzu ka eng?

12 Botlhajana jwa ga Lao-tzu bo ne jwa tsweledisiwa gape ke Chuang Chou, kana Chuang-tzu, seo se rayang “Morena Chuang” (369-286 B.C.E.), yo o neng a tsewa fa e le motlhatlhami yo o tumileng fela thata wa ga Lao-tzu. Mo bukeng ya gagwe, ebong Chuang Tzu, ga a atolose Tao fela mme gape o tlhalosa dikgopolo tsa yin le yang, tseo di neng tsa tlhalosiwa lantlha mo go I Ching. (Bona tsebe 83.) Go ya ka pono ya gagwe, tota ga go na sepe seo se nnetseng ruri kana seo se feletseng, mme sengwe le sengwe se mo boemong jwa go ya mo matlhakoreng a mabedi. Mo kgaolong e e reng “Morwalela wa Letlhabula,” o ne a kwala jaana:

“Ga go na sepe seo se nnetseng ruri mo lobopong, ka jaana sengwe le sengwe se tshelela go swa. Ke Tao fela, eo e senang tshimologo kana bokhutlo eo e nnetseng ruri. . . . Botshelo bo ka tshwantshiwa le pitse e e lobelo eo e patakelang ka lobelo lo logolo—bo fetoga nako le nako le ka mo go sa feleng, ka motsotswana mongwe le mongwe. Ke eng seo o tshwanetseng go se dira? Ke eng seo o sa tshwanelang go se dira? Ruri ga go na pharologanyo.”

13. (a) Go ya ka tlhaloso ya ga Chuang-tzu, Mo-Tao o leba botshelo jang? (b) Ke toro efe ya ga Chuang-tzu eo e gakologelwang ke batho ba le bantsi?

13 Ka baka la botlhajana jono jwa gore ga go na sepe seo se ka fetolwang, pono ya Mo-Tao ke gore ga go thuse gore ope fela a dire sepe go kgoreletsana le seo tlholego e se simolotseng. Mo lobakeng lo lokhutshwane, sengwe le sengwe se tla fetoga phapaang ya sone. Go sa kgathalesege gore seemo se ka tswa se le boima go le kana kang, mo nakong e khutshwane se a tokafala. Go sa kgathalesege gore seemo se itumedisa go le kana kang, se nyelela go ise go ye kae. (Phapaanong le seo, bona Moreri 5:18, 19.) Pono eno ya botlhajana jwa botshelo e kaiwa ke toro e e neng ya lorwa ke Chuang-tzu eo batho ba ba tlwaelegileng ba mo gakologelwang thata ka yone e e reng:

“Nako nngwe Chuang Chou o ne a lora a le serurubele, serurubele seo se neng se fofafofaka, a iitumeletse ebile a dira sengwe le sengwe go iitumedisa. O ne a sa itse gore o ne a le Chuang Chou. Ka tshoganetso o ne a tsoga mme a itharabologelwa, a iphitlhela e le ene mme kwantle ga pelaelo a le Chuang Chou. Mme o ne a sa itse gore o ne a le Chuang Chou yo o neng a lora fa a ne a le serurubele, kana serurubele seo se neng se lora fa e ne e le Chuang Chou.”

14. Tlhotlheletso ya Bo-Tao e lemotshega mo dikarolong dife?

14 Tlhotlheletso ya botlhajana jono e bonwa mo tseleng eo ditswerere tsa Ba-China tsa dikokomana tsa moragonyana jaana di ileng tsa kwala maboko tsa ba tsa tshwantsha ditshwantso ka gone. (Bona tsebe 171.) Lefa go ntse jalo, Bo-Tao bo ne bo tla se ke bo nne botlhajana jo bo sa tlhaloganyesegeng ka lobaka lo loleele.

Go Tswa Botlhajaneng go ya Bodumeding

15. (a) Go kgatlhwa ke tlholego ga Ba-Tao go ne ga ba gogela kwa kgopolong efe? (b) Ke mafoko afe a Tao Te Ching ao a neng a tlaleletsa kgopolo eno?

15 Fa Ba-Tao ba ne ba leka go tsamaisana le tlholego, ba ne ba tshwenngwa thata ke go sa tsofaleng ga yone le go ipusetsa ga yone. Ba ne ba akanya gore gongwe fa motho a ne a ka tshela tumalanong le Tao, kana tsela ya tlholego, o ne a ka kgona go bona masaitsiweng a tlholego mme a seke a gobale mo mmeleng, a seke a lwale, le gone a seke a tlhokafale. Lemororo Lao-tzu a ne a seka a dira seno kgang kgolo, ditshetla dingwe tsa Tao Te Ching di lebega di akantsha kgopolo eno. Ka sekai, kgaolo 16 ya re: “Go tsamaisana le Tao ke mo go sa feleng. Gape lemororo mmele o tlhokafala, Tao ga e kitla e nyelela.”a

16. Mekwalo ya ga Chuang-tzu e ne ya oketsa ditumelo tsa maselamose tsa Ba-Tao jang?

16 Chuang-tzu le ene o ne a tlaleletsa mo diphopholetsong tseno. Ka sekai, mo puisanong e e kwadilweng mo go Chuang Tzu, motho mongwe wa tlhamane o ne a botsa yo mongwe a re, “O na le dingwaga tse dintsi, mme lefa go le jalo letlalo la gago ekete ke la ngwana. Ke ka ntlhayang fa go ntse jalo?” Yo o bodiwang o ne a fetola ka go re: “Ke ithutile Tao.” Malebana le rabotlhajana mongwe wa Mo-Tao, Chuang-tzu o ne a kwala jaana: “Jaanong Liehtse o ne a ka kgona go palama phefo. O ne a ka tsamaya malatsi a le lesome le botlhano pele ga a ka boa, a tsamaya mo phefong e e tsiditsana. Gareng ga batho ba ba bonang boitumelo, motho wa go nna jalo o a welwa.”

17. Ke ditlwaelo dife tsa Ba-Tao tseo di neng tsa bakiwa ke dikakanyo tsa bogologolonyana, mme phelelo e ne ya nna eng? (Bapisa Baroma 6:23; 8:6, 13.)

17 Dipolelo tsa go nna jalo di ne tsa tlhotlheletsa go akanya ga Ba-Tao, mme ba ne ba simolola go lekeletsa go tlhatlhanya, go ja dijo tse di rileng, le tsela ya go hema eo go neng go tsewa gore e ne e ka nyahatsa gore mmele o seka wa bola le loso. Mo nakong e khutshwane, go ne ga simolola go bolelwa dikinane kaga batho bao ba sa sweng le bao ba kgonang go fofa mo marung mme ba tlhage ba bo ba nyelele go ya kafa ba ratang ka gone bao ba neng ba tshela mo dithabeng tse di boitshepo kana kwa ditlhaketlhakeng tse di kgakala ka dingwaga tse dintsi, ba tshela ka monyo kana ka maungo a maselamose. Hisitori ya Ba-China e bega gore ka 219 B.C.E., mmusi wa Ch’in, Shih Huang-Ti, o ne a romela lesomo la dikepe tseo di rweleng basimane le basetsana ba le 3 000 go ya go batla setlhaketlhake seo se neng se bolelwa mo dikinaneng sa P’eng-lai, kwa go neng go nna batho ba ba sa sweng gone, go ya go tsaya molemo wa bosasweng. Kwantle ga pelaelo, ba ne ba boa ba sa tshola molemo oo o o fedisang loso, mme ngwao e bolela gore ba ne ba tlala mo ditlhaketlhakeng tseo di neng tsa re kwa morago tsa bidiwa Japane.

18. (a) Kgopolo ya Bo-Tao kaga ‘dipilisi tsa bosasweng’ ke efe? (b) Ke ditlwaelo dife tse dingwe tsa maselamose tseo di neng tsa simololwa ke Bo-Tao?

18 Ka nako ya puso ya boora Han (206 B.C.E.–220 C.E.), ditiro tsa maselamose tsa Bo-Tao di ne tsa fitlha kwa setlhoeng sa tsone se sesha. Go ne ga bolelwa gore Mmusimogolo Wu Ti, lemororo a ne a rotloetsa Bo-Confucius jaaka thuto ya semolao ya Puso eo, o ne a rata kgopolo ya Bo-Tao ya bosasweng jwa mmele. O ne a tseneletse thata mo go direng ‘dipilise tsa bosasweng’ ka go tlhakanya dilo dingwe ka tsela e e sa itsiweng. Go ya ka pono ya Mo-Tao, go ne go nna le botshelo fa maatla ao e leng phapaang ya a mangwe a yin le yang (bonamagadi le botonanyana) a ne a kopana. Ka gone, fa batswakanyi ba molemo ba ne ba tlhakanya loto (e ntsho, kana yin) le mercury (e e phatsimang, kana yang), ba ne ba etsa jaaka go diragala mo tlholegong, mme ba ne ba akanya gore seo se neng se tla tswa e ne e ka nna pilise ya bosasweng. Ba-Tao gape ba ne ba simolola ditlwaelo tsa go itshidila jaaka ka Yoga, maano a go laola go hema, go ikitsa go ja dijo dingwe, le ditlwaelo tsa tlhakanelodikobo tseo go neng go dumelwa gore di ne di ka nonotsha maikatlapelo a botlhokwa a motho le go lelefatsa botshelo jwa gagwe. Dilo tseo ba neng ba di dirisa di ne di akaretsa dipheko tsa maselamose tseo go neng go bolelwa fa di ne di ka dira gore motho a seka a bonala ebile a seka a amiwa ke dibetsa kana gore di ne di ka kgonisa gore motho a tsamaye mo godimo ga metsi kana a fofe mo lefaufaung. Gape ba ne ba na le direto tsa maselamose, tseo gantsi di neng di na le setshwantsho sa yin-yang, tseo ba neng ba di kgomaretsa mo dikagong tsa bone le mo godimo ga ditswalo tsa bone go kganela meya e e bosula le dibatana.

19. Bo-Tao bo ile jwa rulaganngwa jang?

19 Ka lekgolo la bobedi la dingwaga C.E., Bo-Tao bo ne jwa simolola go rulaganngwa sentle. Motho mongwe yo o neng a bidiwa Chang Ling, kana Chang Tao-ling, o ne a tlhoma morafe mongwe wa Ba-Tao bao ba neng ba iphitlhile mo bophirima jwa China bao ba neng ba dirisa kalafi ya maselamose le go tlhakanya melemo ka tsela ya masaitsiweng. Ka gonne mongwe le mongwe wa bone a ne a duelwa ka dikgetsi tse tlhano tsa reise, mokgatlho wa gagwe o ne wa simolola go itsiwe jaaka Bo-Tao jwa Dikgetsi tse Tlhano tsa Reise (wu-tou-mi tao).b Ereka jaana Chang a ne a iphaka fa a ne a bone ponatshegelo ka namana e e tswang kwa go Lao-tzu, e ne ya nna “morena wa selegodimo” wa ntlha. Kwa bokhutlong, go ne ga bolelwa fa a ne a atlega mo go direng molemo o o fedisang loso mme a tlhatlogela kwa legodimong a ntse a tshela, a palame nkwe, a tswa kwa Thabeng ya Lung-hu (ebong Thaba ya Dikgogela le Dinkwe) mo Kgaolong ya Kiangsi. Go simolola ka Chang Tao-ling go ne ga simologa go nna le “barena ba selegodimo,” bao ba tlhomaganeng ba Ba-Tao ka makgolokgolo a dingwaga, mongwe le mongwe go bolelwa fa e le Chang a tsetswe ka mmele o mosha.

Go Thulana le Kgwetlho ya Bobuda

20. Bo-Tao bo ne jwa leka go lepalepana le tlhotlheletso ya Bobuda jang?

20 Ka lekgolo la bosupa la dingwaga, ka puso ya boora T’ang (618-907 C.E.), Bobuda bo ne bo kukunela mo botshelong jwa sedumedi jwa Ba-China. Go lepalepana le seo, Bo-Tao bo ne jwa itlotlomatsa jaaka bodumedi jo bo thailweng ke Ba-China. Lao-tzu o ne a dirwa modimo, mme mekwalo ya Bo-Tao e ne ya dirwa e e tlhomameng. Go ne ga agiwa ditempele, dikago tsa baitlami ba banna, le dikago tsa baitlami ba basadi, mme go ne ga tlhongwa makgotla a baitlami ba banna le ba basadi, e le tseo di sekametseng fela thata mo Bobudeng. Mo godimo ga moo, Bo-Tao gape bo ne jwa oketsa medimo ya jone e mentsi ka medimo e mengwe, medimo ya sesadi, batho ba ditlhamane, le batho bao ba sa sweng ba dikinane tsa Se-China, ba ba tshwanang le Basasweng ba ba Robangbobedi (Pa Hsien), modimo wa leiso (Tsao Shen), medimo ya motse (Ch’eng Huang), le batlhokomedi ba setswalo (Men Shen). Go ne ga felela ka gore go nne le tlhakantshukwe ya dikarolo tsotlhe tsa Bobuda, tumelabotlhodi ya ngwao, tirisabadimo, le kobamelo ya bagologolwane.—1 Bakorintha 8:5.

21. Kgabagare, Bo-Tao bo ne jwa iphetholela go eng, mme jang?

21 Fa nako e ntse e tsamaya, ka bonya Bo-Tao bo ne jwa senyega mme ya nna tsamaiso ya kobamelo ya medimo ya disetwa le tumelabotlhodi. Motho mongwe le mongwe o ne a obamela medimo ya gagwe eo a e ratang fela le medimo ya sesadi kwa ditempeleng tsa mafelo a bone, ba ba kopa gore ba ba sireletse kgatlhanong le bosula le go ba thusa go bona lesego mo lefatsheng. Baperesiti ba ne ba hirelwa go tsamaisa diphitlho; go kgetha ditsha tse di siameng tsa mabitla, matlo, le kgwebo; go buisana le baswi; go thibela meya e e bosula le dipoko; go keteka meletlo; le go tsamaisa dingwaokobamelo tse di farologaneng tse dingwe. Ka gone, seo se simologileng jaaka lekgotla la botlhajana jwa masaitsiweng se ne sa fetoga go nna bodumedi joo bo tshwareletseng thata mo tumelong ya go sa sweng ga moya, dihele tsa molelo, le medingwana—seo eleng dikgopolo tseo di tswang mo pitseng e kgolo ya ditumelo tsa maaka tsa kwa Babelona wa bogologolo.

Motlhalefi Yo Mongwe Yo O Tumileng mo China

22. Ke lekgotla lefe leo le neng la laola Mo-China, mme ke dipotso dife tseo re tlhokang go di sekaseka?

22 Lemororo re ile ra latedisa go thaega, go gola, le go senyega ga Bo-Tao, re tshwanetse go gakologelwa gore e ne e le lengwe la “makgotla a a lekgolo” fela ao a neng a ntsifala mo China mo nakong ya Dinaga tse di Tlhabanang. Lekgotla le lengwe leo kgabagare le neng la tuma, ebile tota, leo le ileng la tlotlomadiwa thata, e ne e le Bo-Confucius. Mme ke ka ntlhayang fa Bo-Confucius bo ne jwa tumisiwa go le kalo? Mo batlhalefing botlhe ba Ba-China, kwantle ga pelaelo Confucius ke ene yo o itsegeng thata mo mafatsheng a sele kwantle ga China, mme tota ene e ne e le mang? Mme ke eng seo a neng a se ruta?

23. Ke dintlha dife kaga botshelo jwa ga Confucius tseo di neelwang mo “Dipegong tsa Ditiragalo”?

23 Malebana le Confucius, re boa re retologela gape go Shih Chi (Dipego tsa Ditiragalo) tsa ga Ssu-ma Ch’ien. Phapaanong le tlhaloso e khutshwane kaga Lao-tzu, re fitlhela polelo e e atologileng kaga botshelo jwa ga Confucius. Dintlha dingwe kaga botshelo jwa gagwe ke tseno tse di tsopotsweng mo thanolong ya ga mokanoki wa Mo-China Lin Yutang:

“Confucius o ne a tsholelwa mo toropong ya Tsou, mo kgaolong ya Ch’angping, mo nageng ya Lu. . . . [Mmaagwe] o ne a rapelela kwa thabeng ya Nich’iu mme a tshola Confucius e le karabo ya thapelo ya gagwe, mo ngwageng wa bomasome a mabedi le bobedi wa ga Duke Hsiang wa Lu (551 B.C.). Go ne go na le kokomuru e e iponatsang thata mo tlhogong ya gagwe fa a ne a tsholwa, mme ke gone ka mo a neng a bidiwa ‘Ch’iu’ (seo se rayang “thotana”). Leina la gagwe leo le kwadilweng mo dibukeng ke Chungni, mme sefane sa gagwe ke K’ung.”c

24. Ke eng seo se ileng sa diragala mo tshimologong ya botshelo jwa ga Confucius?

24 Ka bokhutshwane fela morago ga botsalo jwa gagwe, rraagwe o ne a tlhokafala, mme mmaagwe lemororo a ne a humanegile, o ne a kgona go mo tlamela ka go mo naya thuto e e tshwanetseng. Mosimanyana yoo o ne a tlhagolela kgatlhego e kgolo mo hisitoring, maboko, le mmino. Go ya ka The Analects, eleng nngwe ya Four Books tsa Bo-Confucius, o ne a nwela fela thata mo go ithuteng bokanoki fa a ne a nna dingwaga di le 15. Fa a ne a nna dingwaga di le 17, o ne a abelwa tiro ya maemo a a kwa tlase ya bodirelapuso mo nageng ya gagabo ya Lu.

25. Loso lwa ga mmaagwe Confucius lo ne lwa mo ama jang? (Bapisa Moreri 9:5, 6; Yohane 11:33, 35.)

25 Go bonala fa itsholelo ya gagwe ya madi e ne ya tokafala mo eleng gore o ne a kgona go nyala a le dingwaga di le 19 mme a tshola ngwana wa mosimane mo ngwageng o o latelang. Lefa go ntse jalo, fa a le mo dingwageng tsa magare a bo 20, mmaagwe o ne a tlhokafala. Seo kwantle ga pelaelo se ne sa mo ama fela thata. Ereka e ne e le moelatlhoko yo o matsetseleko wa dingwao tsa bogologolo, Confucius o ne a tlogela bodirelapuso mme a lelela mmaagwe kwa phupung ya gagwe ka dikgwedi di le 27, ka gone a beela Ba-China sekao se se molemo sa go utlwa batsadi ga bana.

Morutisi Confucius

26. Ke tiro efe eo Confucius a ileng a e dira morago ga loso lwa ga mmaagwe?

26 Morago ga moo, o ne a tlogela balelapa la gagwe mme a simolola go dira tiro ya go kgarakgatshega jaaka morutisi. Dithuto tseo a neng a di ruta di ne di akaretsa mmino, maboko, bokwadi, ditshwanelo tsa baagi, melaometheo ya boitsholo, le boitseanape, kana sepe fela seo se neng se le teng ka nako eo. O tshwanetse a bo a ile a itirela leina le lentle fela thata, ka gonne go ne ga bolelwa gore ka nako nngwe o ne a na le baithuti ba ba ka nnang 3 000.

27. Ke eng seo se itsiweng kaga Confucius jaaka morutisi? (Bapisa Mathaio 6:26, 28; 9:16, 17; Luke 12:54-57; Yohane 4:35-38.)

27 Kwa Botlhaba, Confucius o tlotliwa fela jaaka morutisi yo mogolo. Ebile tota mafoko ao a kwadilweng mo lebitleng la gagwe kwa Ch’ü-fou, kwa Kgaolong ya Shantung, a mo bitsa “Morutisi yo Mogolo yo o Boitshepo, wa Bogologolo.” Mokwadi mongwe wa kwa Bophirima o tlhalosa mokgwa wa gagwe wa go ruta ka tsela eno: “O ne a tsamaya a tswa kwa ‘lefelong lengwe go ya go le lengwe a patilwe ke bao ba neng ba rata go reetsa dipono tsa gagwe kaga botshelo.’ Fa e le gore golo ko ba neng ba ya gone go ne go le kgakala o ne o palama kara ya dikgomo. Go tsamaya ka bonya ga diphologolo tseo go ne go kgonisa barutwana ba gagwe go e sala morago ba tsamaya ka dinao, mme go phepafetse gore gantsi o ne a thaya ditlhogo tsa dipolelo tsa gagwe mo ditiragalong tseo di neng di diragala mo tseleng.” Ka mo go kgatlhisang, Jesu mo nakong ya moragonyana, legale a le esi, o ne a dirisa mokgwa oo.

28. Go ya ka mokwadi mongwe wa Mo-China Lin Yutang, ke eng seo se neng sa dira gore Confucius e nne morutisi yo o tlotlegang?

28 Kwantle ga pelaelo, se se ileng sa dira gore Confucius e nne morutisi yo o tlotlegang gareng ga batho ba Botlhaba, e ne e le lebaka la go bo e ne e le morutwana yo o molemo ka boene, segolobogolo wa ditiragalo le melaometheo ya boitsholo. “Batho ba ne ba rata Confucius, eseng ka gonne e ne e le monna yo o botlhale wa motlha wa gagwe, mme ka gonne e ne e le mokanoki yo o rutegileng, e le ene fela mo motlheng wa gagwe yo o neng a ka kgona go ba ruta kaga dibuka tsa bogologolo le bokanoki jwa bogologolo,” go kwala jalo Lin Yutang. Fa Lin a bontsha gore go rata go ithuta mono e ka nna ya bo e ne e le lone lebaka la konokono la go bo Bo-Confucius bo ne jwa tuma go gaisa makgotla a mangwe, o sobokanya ntlha eo ka tsela eno: “Barutisi ba Ba-Confucius ba ne ba ruta sengwe se se tlhamaletseng mme barutwana ba Ba-Confucius ba ne ba ithuta sengwe se se tlhamaletseng, eleng, go ithuta kaga ditiragalo, fa makgotla mangwe a ne a patelesega go bua dipono tsa bone fela.”

“Kwa Legodimong Ke Gone Kwa Ke Itsegeng Gone!”

29. (a) Keletso ya mmatota ya ga Confucius e ne e le efe mo botshelong? (b) O ne a leka go fitlhelela keletso ya gagwe jang, mme ka phelelo efe?

29 Go sa kgathalesege go atlega ga gagwe jaaka morutisi, Confucius o ne a seka a tsaya go ruta ga gagwe jaaka tiro ya botshelo jotlhe jwa gagwe. O ne a ikutlwa gore dikgopolo tsa gagwe le melaometheo ya boitsholo le boitshwaro di ne di ka thusa lefatshe leo le neng le le mo mathateng la motlha wa gagwe fela fa babusi ba ne ba ka di dirisa ka go mo hira kana go hira barutwana ba gagwe mo dipusong tsa bone. Gore ba tle ba dire seno, ene le setlhopha se sebotlana sa barutwana ba gagwe bao a neng a atamalane nabo thata ba ne ba tlogela naga ya bone ya Lu mme ba tsamaya ba tswa ka naga e nngwe go ya kwa go e nngwe ba leka go batla mmusi yo o botlhale yo a neng a tla dirisa dikgopolo tsa gagwe mo pusong le mo thulaganyong ya loago. Phelelo e ne ya nna eng? Shih Chi e tlhalosa jaana: “Kwa bokhutlong o ne a tloga kwa Lu, a tlhanogelwa kwa Ch’i, a lelekwa mo Sung le Wei, a nna mo letlhokong gareng ga Ch’en le Ts’ai.” Morago ga dingwaga tse 14 a ntse a le mo tseleng, o ne a boela kwa Lu, a swabile mme lefa go le jalo a sa itlhoboga.

30. Ke mekwalo ya dibuka dife eo e leng motheo wa Bo-Confucius?

30 Mo malatsing a bofelo a botshelo jwa gagwe, o ne a tsenelela thata mo tirong ya go kwala le go ruta. (Bona lebokoso, tsebe 177.) Lefa kwantle ga pelaelo a ne a hutsafalela go sa tlhaloganngwa ga gagwe, o ne a re: “Ga ke ngongoregele Legodimo. Ga ke a tshwenyega kaga motho. Ke tsweledisitse dithuto tsa me mono lefatsheng, mme ke dirisana le ba ba kwa Legodimong. Kwa Legodimong ke gone kwa ke itsegeng gone!” Kwa bokhutlong, mo ngwageng wa 479 B.C.E., o ne a swa a le dingwaga di le 73.

Moko wa Dikgopolo tsa ga Confucius

31. Confucius o ne a ruta gore tsela ya go fitlhelela thulaganyo mo loagong ke efe?

31 Lemororo Confucius a ne a le mokanoki yo o setswerere le morutisi, o ne a seka a tlhotlheletsa bakanoki fela. Ebile tota, boitlhomo jwa ga Confucius e ne e se fela go ruta melao ya boitshwaro kana boitsholo mme gape e ne e le go busetsa kagiso le thulaganyo mo bathong, bao, ka nako eo ba neng ba kgaogantswe ke ntwa eo e neng e lwetswe ruri ke babusi ba ba sa utlwaneng. Go fitlhelela mokgele oo, Confucius o ne a ruta gore mongwe le mongwe, go simolola ka mmusi go ya go motho yo o tlwaelegileng, o tshwanetse go ithuta gore ke sefe seabe seo a tshwanetseng go se dira mo bathong ba gagabo mme a tshele kafa go tshwanetseng ka gone.

32, 33. (a) Tumelo ya Ba-Confucius kaga li e ne e le eng? (b) Go ya ka Confucius, go ne go tla felela ka eng fa motho a ne a dira li?

32 Go ya ka Bo-Confucius kgopolo eno e ne e bidiwa li, seo se rayang tshwanelo, maitseo, thulaganyo ya dilo, le, fa go atolosiwa, ngwaokobamelo, maitseo a a tlwaelegileng, le tshisimogo. Fa Confucius a ne a araba potso e e reng, “Li eno e kgolo ke eng?” o ne a neela tlhaloso e e latelang:

“Mo dilong tsotlhe tse batho ba tshelang tumalanong le tsone, lí ke e kgolo go di feta tsotlhe. Kwantle ga li, ga re itse kafa re ka tsamaisang kobamelo e e tshwanetseng ya meya ya lobopo ka gone; kana kafa re ka lemogang gore boemo jo bo tshwanetseng jwa kgosi le jwa badirelapuso ke bofe, mmusi le babusiwa, le bagolwane le babotlana; kana kafa re ka lemogang ka gone kamano ya boitsholo jo bontle gareng ga batho ba bong jo bo sa tshwaneng, gareng ga batsadi le bana le gareng ga barwarramotho; kana kafa re ka rulaganyang ka gone dikamano tse di farologaneng mo lelapeng. Ke gone ka mo lekau le tsayang fa li e le selo se segolo fela thata.”

33 Ka gone he, li ke molao wa boitsholo oo lekau la boammaaruri (chün-tzu, leo fa gongwe le ranolwang jaaka “monna wa maemo a a kwa godimo”) a dirisanang ka gone le batho botlhe bao a amanang nabo. Fa mongwe le mongwe a lekela go dira jalo, “sengwe le sengwe se tsamaya sentle mo lelapeng, mo nageng le mo lefatsheng,” go bolela jalo Confucius, mme ke gone fa go latelwa Tao, kana tsela ya go ya legodimong. Mme li e ka bontshiwa jang? Seo se re isa kwa dikgopolong tse dingwe tsa konokono tsa Bo-Confucius—eleng jen (eo e bidiwang go twe ren), eleng botho kana go nna le pelo ya botho.

34. Tumelo ya Ba-Confucius kaga jen ke eng, mme e thusa jang mo go dirisaneng le dilo dingwe tse di sa siamang mo loagong?

34 Lemororo li e gatelela go itshwara go ya ka melao e e ka kwa ntle, jen e amana le popego ya motho, kana motho yo o kafa teng. Kgopolo eno ya Bo-Confucius, segolobogolo jaaka e tlhalosiwa ke morutwa yo mogolo wa ga Confucius, ebong Mencius, ke gore totatota popego ya motho e siame. Ka gone, tharabololo ya masula otlhe a loago e mo go reng batho ba ipope, mme seo se simolola ka thuto le kitso. Kgaolo ya ntlha ya The Great Learning ya re:

“Fa motho a kgonne go nna le kitso ya boammaaruri, he thato ya gagwe e tla nna ya bopeloephepa; fa thato ya gagwe e le ya bopeloephepa, go raya gore pelo ya gagwe e tla tlhamalala sentle . . . ; fa pelo ya gagwe e tlhamaletse sentle, go raya gore o tla kgona go tlhagolela botshelo jo bo siameng; mme fa a tlhagoletse botshelo jo bo siameng, go raya gore botshelo jwa lelapa bo tla tsamaisega sentle; fa botshelo jwa lelapa bo tsamaisega sentle, go raya gore botshelo jwa morafe oo bo tla rulagana sentle; mme fa botshelo jwa morafe bo rulagane sentle, go raya gore go tla nna le kagiso mo lefatsheng leno. Batho botlhe go simolola ka mmusi go ya go batho ba ba tlwaelegileng, botlhe ba tshwanetse go tlhokomela gore ba tlhagolele botshelo jwa botho jaaka modi kana motheo.”

35. (a) Melaometheo ya li le jen e ka sobokanngwa jang? (b) Seno sotlhe se bontshiwa jang mo ponong ya Mo-China kaga botshelo?

35 Ka gone, re bona gore go ya ka Confucius, go tlhokomela li go tla kgonisa batho go itshwara ka tshwanelo mo maemong mangwe le mangwe, mme fa ba ka tlhagolela jen ba tla kgona go dirisana le mongwe le mongwe ka bopelonomi. Go ya ka melaometheo, phelelo e nna go agisana le go dirisana mmogo ga batho. Thuto ya Bo-Confucius, e e thailweng mo melaometheong ya li le jen, e ka sobokanngwa ka tsela eno:

“Rre o tshwanetse go nna pelonomi, morwa go nna le kutlo ya bongwana

Morwa yo motona o tshwanetse go nna lekau, yo mmotlana o tshwanetse go nna le boikokobetso le kutlo

Monna yo o nyetseng o tshwanetse go itshwara ka tshiamo, mosadi yo o nyetsweng o tshwanetse go nna kutlo

Bagolwane ba tshwanetse go nna le kakanyetso ya botho, mme babotlana ba tshwanetse go nna le tlotlo

Babusi ba tshwanetse go nna pelotona, badirelapuso le babusiwa ba tshwanetse go ikanyega.”

Seno sotlhe se thusa go tlhalosa gore ke ka ntlhayang fa batho ba China, mme le eleng batho ba bangwe ba Botlhaba, ba gatelela go tshwaragana ga maloko a lelapa fela thata, go nna dinatla, go rutega, le go itse le go dira tumalanong le boemo jwa motho. Mo maemong a a siameng le a a sa siamang, dikgopolo tseno tsa Bo-Confucius di ile tsa nwediwa thata mo digakoloding tsa Ba-China go ralala makgolokgolo a dingwaga ao ba ileng ba di ithuta ka one.

Bo-Confucius bo Fetoga Kobamelo ya Puso

36. Ke jang Bo-Confucius bo ileng jwa nna mo boemong jwa go nna kobamelo ya Puso?

36 Fa Bo-Confucius bo ne bo simologa, motlha wa “makgotla a a lekgolo” o ne wa khutla. Babusi ba puso ya boora Han ba ne ba fitlhela gore thuto ya Bo-Confucius ya go ikanyega mo mmusing e ne e le selo se ba neng ba se tlhoka go nonotsha maatla a bone mo pusong. Fa go ne go busa Mmusi Wu Ti, yo re setseng re buile ka ene fa re ne re bua ka Bo-Tao, Bo-Confucius bo ne jwa tlhatlosiwa go nna kobamelo ya Puso. E ne e le fela bao ba neng ba itse dibuka tsa Bo-Confucius bao ba neng ba tlhophiwa jaaka badiredi ba Puso, mme ope fela yo o neng a na le tsholofelo ya go direla puso o ne a tshwanetse go fenya ditlhatlhobo tseo batho botlhe ba neng ba tlhatlhobiwa ka tsone tseo di thailweng mo dibukeng tsa Bo-Confucius. Meletlo ya kobamelo ya Se-Confucius le dingwaokobamelo di ne tsa fetoga bodumedi jwa ba ntlo ya segosi.

37. (a) Ke jang Bo-Confucius bo ileng jwa fetoga bodumedi? (b) Tota ke ka ntlhayang, fa Bo-Confucius e se fela botlhajana?

37 Phetogo eno ya ditiragalo e ne ya tlotlomatsa boemo jwa ga Confucius mo bathong ba Ba-China fela thata. Babusi ba puso ya boora Han ba ne ba simolola tlwaelo ya go isa ditlhabelo kwa lebitleng la ga Confucius. O ne a newa direto tsa tlotlo. Go tswa foo, ka 630 C.E., mmusi wa Se-T’ang ebong T’ai Tsung o ne a laola gore Confucius a agelwe tempele ya Puso mo kgaolong nngwe le nngwe le motse mongwe le mongwe mo pusong eo le gore ditlhabelo di isiwe ka metlha. Go ya ka mabaka otlhe a a ka kgonegang, Confucius o ne a tlhatlosediwa kwa boemong jwa go nna modimo, mme Bo-Confucius bo ne jwa fetoga go nna bodumedi joo bo sa farologaneng thata le Bo-Tao kana le Bobuda.—Bona lebokoso, tsebe 175.

Botlhale jwa Batho ba Botlhaba Bo Tswa Bagologolwaneng ba Bone

38. (a) Ke eng seo se ileng sa diragalela Bo-Tao le Bo-Confucius fa esale ka 1911? (b) Mme ke eng seo se santseng se le gone kaga dikgopolo tsa motheo tsa ditumelo tseno?

38 Fa esale go busa ga masika go khutla mo China ka 1911, Ba-Confucius le Ba-Tao ba ile ba nyadiwa ke batho ba le bantsi, le eleng go bogisiwa. Bo-Tao bo ne jwa nyelediwa ka ntlha ya ditiro tsa jone tsa maselamose le tsa tumelabotlhodi. Mme Bo-Confucius bo ne jwa tshwaiwa jaaka e le jo bo gatelelang, joo bo neng bo dira gore batho ba nne makgoba mo megopolong bo dira gore batho, segolobogolo basadi, ba dumele mo go jone. Lefa go le jalo, go sa kgathalesege go kgalwa mo go ntseng jalo ke balaodi, ditumelo tsa motheo tsa bodumedi jono di santse di nwetse thata mo megopolong ya Ba-China mo eleng gore bo santse bo laola matshelo a batho ba le bantsi.

39. Mmegi mongwe wa dikgang a reng kaga ditlwaelo tsa tumelabotlhodi tsa bodumedi mo China?

39 Ka sekai, tlase ga setlhogo se se reng “Dingwaokobamelo tsa Se-China tsa Bodumedi di Dirwa ka Sewelo mo Beijing mme di Atile Thata mo Dikgaolong tsa Lotshitshi lwa Lewatle,” koranta nngwe ya Canada eleng Globe and Mail e ne ya bega ka 1987 gore morago ga mo e ka nnang dingwaga di le 40 tsa puso ya bolatola-Modimo mo China, dingwaokobamelo tsa phitlho, ditirelo tsa tempele, le ditiro tse dintsi tsa tumelabotlhodi di santse di tlwaelegile mo mafelong mangwe a selegae. “Bontsi jwa metse bo na le monna wa fengshui, yo gantsi eleng moagi yo o godileng yo o itseng go tlhalosa maatla a phefo (feng) le a metsi (shui) go lemoga gore ke lefelo lefe le le siametseng sengwe le sengwe go simolola ka lebitla la mogologolwane, ntlo e ntšha kana fenitšhara ya kamore ya bonno,” go bolela jalo pego eo.

40. Ke ditiro dife tsa bodumedi tseo di fitlhelwang mo Taiwan?

40 Mo mafelong a mangwe, Bo-Tao le Bo-Confucius bo fitlhelwa gongwe le gongwe ko go santseng go na le ditiro tsa dingwao tsa Se-China. Mo Taiwan monna mongwe yo o iphakang fa a le setlogolwana sa ga Chang Tao-ling o laola jaaka “morena wa selegodimo” mme o na le maatla a go tlhoma baperesiti ba Ba-Tao (Tao Shih). Modimo wa sesadi yo o tumileng ebong Matsu, yo go bolelwang fa e le “Mmè Yo O Boitshepo Yo O kwa Legodimong,” o obamelwa jaaka moitshepi yo o sireletsang batho ba ba nnang mo setlhaketlhakeng seo le batsamaisi ba dikepe le batshwaraditlhapi. Fa e le ka batho ba ba tlwaelegileng, gantsi ba tshwarega thata ka go isa ditshupelo le ditlhabelo go meya ya dinoka, dithaba, le dinaledi; medimo yotlhe e e sireletsang badiri botlhe; le medimo ya botsogo, lesego, le khumo.d

41. Bo-Confucius bo dirisiwa jang jaaka bodumedi gompieno?

41 Go tweng ka Bo-Confucius? Boemo jwa jone jaaka bodumedi bo fetogile sehikantswe sa morafe oo fela. Mo China kwa Ch’ü-fou, eleng lefelo leo Confucius a tsholetsweng kwa go lone, Puso eo e bolokile Tempele ya ga Confucius le mafelo ao balelapa la gagwe ba neng ba nna mo go one jaaka dilo tse di kgatlhang bajanala fela. Koo, go ya ka makasine China Reconstructs, go dirwa ditiro tsa “go dira ngwaokobamelo ya go obamela Confucius gape.” Mme mo Singapore, Taiwan, Hong Kong le mafelo a mangwe mo Asia botlhaba, batho ba santse ba keteka moletlo wa letsatsi la botsalo la ga Confucius.

42. Bo-Tao le Bo-Confucius bo tlhaela jang jaaka bakaedi ba batho mo matsapeng a ba a tsereng a go batla Modimo wa boammaaruri?

42 Mo bodumeding jwa Bo-Confucius le Bo-Tao, re bona kafa tsamaiso eo e thailweng mo botlhaleng le go akanyeng ga motho ka gone, go sa kgathalesege gore e utlwala go le kana kang le gore e na le boikaelelo jo bo siameng go le kana kang, kgabagare e a retelelwa mo matsapeng a yone a go batla Modimo wa boammaaruri. Ka ntlhayang? Ka gonne e tlogela karolo ya botlhokwatlhokwa, eleng boikaelelo le dilo tseo di batliwang ke Modimo jaaka motho. Bo-Confucius bo leba go tlholego ya motho jaaka e le yone maatla ao a tlhotlheletsang batho go dira molemo, mme Bo-Tao bo leba tlholego ka boyone. Mme seno ke go tshepa se se sa tshwanelang ka gonne e nna go obamela dibopiwa fela go na le go obamela Mmopi.—Pesalema 62:9; 146:3, 4; Yeremia 17:5.

43. Ditlwaelo tsa bodumedi tsa Ba-China di ba swabisitse jang ka kakaretso mo matsapeng a ba a tsereng a go batla Modimo wa boamamaruri?

43 Mo letlhakoreng le lengwe, ditlwaelo tsa bagologolwane le kobamelo ya go tlotla legodimo le legolo, le go obamela meya ya tlholego, mmogo le meletlo le dingwaokobamelo tseo di amanang le yone, di nwetse thata mo tseleng ya Ba-China ya go akanya mo eleng gore di amogelwa jaaka boammaaruri jo bo sa buiwang. Gantsi go nna boima go bua le Mo-China kaga Modimo jaaka motho kana Mmopi ka gonne ke selo seo se seyong mo mogopolong wa gagwe.—Baroma 1:20-25.

44. (a) Batho bao ba akanyang ba ile ba itshwara jang malebana le dilo tse di gakgamatsang tsa tlholego? (b) Ke eng se re kgothalediwang go se dira?

44 Ga go kake ga ganediwa gore tlholego e tletse ka dilo tse dikgolo tse di gakgamatsang le botlhale le gore rona batho re filwe ditlhaloganyo tse di gakgamatsang tsa go akanya le segakolodi. Mme jaaka go lemotshitswe mo kgaolong eo e neng e bua ka Bobuda, dikgakgamatso tseo re di bonang mo dilong tsa tlholego tse di mo lefatsheng di dirile gore batho bao ba akanyang ba fetse ka gore go tshwanetse ga bo go na le Motlhami kana Mmopi. (Bona ditsebe 151-2.) Ka go bo go ntse jalo he, a ga go utlwale gore re tshwanetse go lekela go tsaya matsapa a go batla Mmopi? Ebile tota Mmopi o re laleletsa go dira jalo ka go re: “Kalèlañ matlhō a lona godimo, me lo bōnè eo o tlhodileñ dilō tse, eo o bolotsañ leshomōshomō ya cōna ka palō; o di bitsa cotlhe ka maina.” (Isaia 40:26) Fa re dira jalo, re tla kgona go itse eseng fela gore Mmopi, eleng Jehofa Modimo, ke mang mme gape gore o re boloketse eng mo nakong e e tlang.

45. Ke bodumedi bofe jo bongwe jwa Botlhaba jo re tla bo sekasekang morago ga jono?

45 Mmogo le Bobuda, Bo-Confucius, le Bo-Tao, tseo di nnileng le seabe se segolo mo botshelong jwa bodumedi jwa batho ba Botlhaba, go na le bodumedi jo bongwe gape, jo bo sa tshwaneng le bope jwa batho ba Japane—eleng Bo-Shinto. Jone bo farologane jang? Bo simologile kwa kae? A bo gogetse batho go Modimo wa boammaaruri? Re tla sekaseka seno mo kgaolong e e latelang.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Thanolo ya ga Lin Yutang ya tshetla eno e balega jaana: “Go tsamaisana le Tao, ke yo o sa feleng, mme mo botshelong jotlhe jwa gagwe ga a gobadiwe ke sepe.”

b Kgetsi eo ke selwana sa selekanyo sa diletara di le 8,8.

c Lefoko “Confucius” ke lefoko la Se-China K’ung-fu-tzu le le adimilweng mo Selatineng, leo le rayang “Morena K’ung.” Baperesiti ba Ba-Jesuit ba ba neng ba tla mo China ka lekgolo la bo 16 la dingwaga ba ne ba tlhama leina leo le bidiwang ka tsela ya Selatine fa ba ne ba akantsha mopapa wa Roma gore Confucius a tlhomamisiwe jaaka “moitshepi” wa Kereke ya Roma Katoliki.

d Setlhopha sengwe sa Ba-Tao mo Taiwan, seo se bidiwang T’ien Tao (Tsela ya Selegodimo), se iphaka fa e le ditumelo tse tlhano tse dikgolo mo lefatsheng eleng—Bo-Tao, Bo-Confucius, Bobuda, Bokeresete, le Boiselemo di tlhakane mmogo.

[Lebokoso mo go tsebe 162]

Go Bidiwa ga Mafoko A Se-China

Go tsamaisana sentle le dikwalo tsa bakanoki ba bagolo, mo bukeng eno go dirisitswe mokgwa wa Wade-Giles wa go adima mafoko a Se-China. Ditlhaka tsa Seesemane tsa modumo o o tshwanang le one di kwadilwe fa tlase fano:

ch j, jaaka mo go Tao Te Ching (jing)

ch’ ch, jaaka mo go puso ya boora Ch’in (chin)

hs sh, jaaka mo go Ta Hsüeh (shu-eh), The Great Learning

j r, jaaka mo go jen (ren), bopelontle jwa botho

k g, jaaka mo go modimo wa sesadi wa Bobuda eleng Kuan-yin (gwan-yin)

k’ k, jaaka mo go K’ung-fu-tzu (kung-fu-tzu), kana Confucius

t d, jaaka mo go Tao (dao), Tsela

t’ t, jaaka mo go puso ya boora T’ang (tang)

[Lebokoso mo go tsebe 175]

Bo-Confucius—A Ke Botlhajana Kana Bodumedi?

Ka gonne Confucius a ne a dira dikakgelo di sekae fela kaga Modimo, batho ba le bantsi ba leba Bo-Confucius jaaka botlhajana fela mme eseng jaaka bodumedi. Lefa go le jalo, seo a neng a se bua le go se dira se bontsha gore e ne e le motho yo o sekametseng mo bodumeding. Seno se ka bonwa mo dikarolong tse pedi. Santlha, o ne a nna le poifo e kgolo go maatla a magolo a semoya a a mo lobopong, seo Ba-China ba se bitsang T’ien, kana Legodimo, ao a neng a tsaya gore ke motswedi wa botshelo jotlhe le boitsholo jo bo molemo le ao a neng a tsaya gore thato ya one ke yone eo e kaelang dilo tsotlhe. Sa bobedi, o ne a gatelela fela thata gore go botlhokwa gore dikobamelo le meletlo tseo di amanang le kobamelo ya legodimo le meya ya bagologolwane ba ba tlhokafetseng di dirwe ka kelotlhoko e kgolo.

Lemororo Confucius a ise a ko a buelele dipono tseno gore ke mofuta mongwe wa bodumedi, mo dikokomaneng tse dintsi tsa Ba-China ke sone se bodumedi bo se rayang.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 177]

Dibuka tse Nnè tsa Bo-Confucius le Dibuka tse Tlhano tsa Botlhale jo Bogolo

Dibuka tse Nnè

1. The Great Learning (Ta Hsüeh), motheo wa thuto ya lekau, dibuka tsa ntlha tseo di ithutiwang ke basimane ba sekolo mo China wa bogologolo

2. The Doctrine of the Mean (Chung Yung), tlhaloso ya go nna gone ga tlholego ya motho ka tekatekanyo

3. The Analects (Lun Yü), dibuka tse di kgobokantsweng tsa mafoko a ga Confucius, tseo go tsewang e le motswedi o mogolo wa go akanya ga Bo-Confucius

4. The Book of Mencius (Meng-tzu), mekwalo le mafoko a morutwa yo mogolo wa ga Confucius, Meng-tzu, kana Mencius

Dibuka tse Tlhano tsa Botlhale jo Bogolo

1. The Book of Poetry (Shih Ching), maboko a le 305 ao a tlhalosang botshelo jwa letsatsi le letsatsi mo metlheng ya bogologolo ya ga Chou (1000-600 B.C.E.)

2. The Book of History (Shu Ching), eo e akaretsang makgolo a a 17 a dingwaga a ditiragalo tsa China go simolola ka puso ya boora Shang (1766-1122 B.C.E.)

3. The Book of Changes (I Ching), buka ya boitseanape jwa masaitsiweng, eo e thailweng mo diphuthololong di le 64 tsa ditsela tse di ka nnang thataro tse di tshwaraganeng kana tse di kgaoganeng

4. The Book of Rites (Li Chi), dibuka tse di kgobokantsweng tsa melao ya meletlo le dingwaokobamelo

5. Annals of Spring and Autumn (Ch’un Ch’iu), hisitori kaga naga ya gaabo Confucius ya Lu, go simolola ka 721-478 B.C.E.

[Ditshwantsho]

Dibuka tse Tlhano tsa Botlhale jo Bogolo, tse di fa godimo, le kafa molemeng, karolo ya The Great Learning (nngwe ya Dibuka tse Nnè), e e tsopotsweng mo tsebeng 181

[Setshwantsho mo go tsebe 163]

Tao, ‘tsela eo motho a tshwanetseng go tsamaya ka yone’

[Setshwantsho mo go tsebe 165]

Lao-tzu, rabotlhajana wa Mo-Tao, a palame nare

[Setshwantsho mo go tsebe 166]

Tempele ya Ba-Tao e e agetsweng Matsu, “Mmè yo o Boitshepo yo o Nnang kwa Legodimong,” mo Taiwan

[Setshwantsho mo go tsebe 171]

Dithaba tse di tletseng mouwane, metsi a a sisibetseng, ditlhare tse di tshikhinyegang, le bakanoki ba ba itapolositseng—eleng dikgang tse di tlwaelesegileng mo ditshwantshong tsa Ba-China tsa naga—di supa kgopolo ya Bo-Tao ya go tshela tumalanong le tlholego

[Ditshwantsho mo go tsebe 173]

Kafa molemeng, ke setshwantsho sa bogologolo sa Bo-Tao se se gabilweng sa modimo wa Botshelo jo Boleele a na le Basasweng ba ba Robangbobedi. Kafa mojeng, ke moperesiti wa Mo-Tao a apere ka botlalo a tsamaisa phitlho

[Setshwantsho mo go tsebe 179]

Confucius, motlhalefi yo o tumileng thata wa China, o tlotliwa jaaka morutisi wa boitsholo jo bo molemo le melaometheo ya boitsholo

[Setshwantsho mo go tsebe 181]

Meletlo, le mmino tsa kwa Sung Kyun Kwan, eleng lefelo la thuto la lekgolo la bo 14 la dingwaga la Bo-Confucius kwa Seoul, Korea, leo go santseng go dirwa dingwaokobamelo tsa Bo-Confucius kwa go lone

[Ditshwantsho mo go tsebe 182]

Ekane e le Mobuda, Mo-Tao, kana Mo-Confucius, Mo-China wa mmatota, go tswa kafa molemeng o obamela bagologolwane ba gagwe kwa gae, o obamela modimo wa khumo, ebile o isa ditlhabelo kwa ditempeleng ka malatsi a meletlo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela