Buka ya Bibela ya bo 3—Lefitiko
Mokwadi: Moshe
Lefelo Leo E Kwaletsweng kwa go Lone: Kwa Gareng ga Naga
Go Wediwa ga go E Kwala: 1512 B.C.E.
Lobaka Lo Lo Tserweng: Kgwedi e le Nngwe (1512 B.C.E.)
1. (a) Ke ka ntlhayang fa leina Lefitiko le tshwanela? (b) Ke maina afe a mangwe ao Lefitiko e ileng ya bidiwa ka one?
LEINA le le tlwaelegileng thata la buka ya boraro ya Bibela ke Lefitiko, leo le tswang go Leu·i·ti·konʹ ya Septuagint ya Segerika go tswa go “Leviticus” ya Vulgate ya Selatina. Leina leno le a e tshwanela, lemororo go buiwa ka Balefi fela go fetwa (mo go 25:32, 33), ka gonne buka eno e tletse ka melawana e e malebana le boperesiti jwa Balefi, joo bo neng bo tlhophiwa go tswa mo lotsong lwa Lefi, le melao eo baperesiti ba neng ba e ruta batho: “Gonne dipounama tsa moperisiti di chwanetse go tshegetsa kicō, me batho ba chwanetse go botsa molaō mo molomuñ oa gagwè.” (Mal. 2:7) Mo dikwalong tsa Sehebera, buka eno e bidiwa go ya ka polelo ya yone ya ntlha, eleng Wai·yiq·raʼʹ, eo tota e rayang, “Mme a bitsa.” Mo gare ga Bajuda ba moragonyana, buka eno gape e ne e bidiwa Molao wa Baperesiti le Molao O O Malebana le Ditshupelo.—Lefi. 1:1, ntlhanyana e e kwa tlase ya NW.
2. Ke bosupi bofe jo bo tshegetsang lebaka la gore Moshe ke ene a e kwadileng?
2 Ga go na pelaelo malebana le gore Moshe ke ene a kwadileng Lefitiko. Konelo ya yone, kana dintlhayana tsa yone tse di kwa bofelong, di bolela jaana: “Tse ke cōna ditaolō tse Yehofa o di laoletseñ Moshe.” (27:34) Polelo e e tshwanang le eno e fitlhelwa mo go Lefitiko 26:46. Bosupi jo bo neng jwa bonwa pelenyana jo bo bontshang gore Moshe ke ene a kwadileng Genesise le Ekesodo gape bo tshegetsa ntlha ya gore ke ene a kwadileng Lefitiko, ereka go bonala Dikwalo Tse Tlhano tsa Ntlha tsa Bibela e ne e le momeno o le mongwe fela pele. Mo godimo ga moo, Lefitiko e golaganngwa le dibuka tse di tlang pele ga yone ka lekopanyi “mme.” Bosupi jo bo nonofileng go feta go gaisa jotlhe ke jwa gore Jesu Keresete le batlhanka ba bangwe ba ba tlhotlheleditsweng ba ga Jehofa gangwe le gape ba tsopola melao le melaometheo e e mo go Lefitiko kana ba lebisa go yone mme ba bo ba bontsha gore e kwadilwe ke Moshe.—Lefi. 23:34, 40-43—Neh. 8:14, 15; Lefi. 14:1-32—Math. 8:2-4; Lefi. 12:2—Luke 2:22; Lefi. 12:3—Yoh. 7:22; Lefi. 18:5—Bar. 10:5.
3. Lefitiko e bua ka ditiragalo tsa lobaka lofe lwa nako?
3 Lefitiko e bua ka ditiragalo tsa lobaka lofe lwa nako? Buka ya Ekesodo e konela ka go tlhongwa ga motlaagana “ka kgwedi ea ntlha ka ñwaga oa bobedi, ka letsatsi ya ntlha ya kgwedi.” Buka ya Dipalō (eo e latelang ka bonako fela morago ga pego ya Lefitiko) e simolola fa Jehofa a ne a bua le Moshe “ka letsatsi ya ntlha ya kgwedi ea bobedi, ka ñwaga oa bobedi ba sena go cwa mo lehatshiñ ya Egepeto.” Ka jalo, go a utlwala gore ditiragalo di sekae tse di mo go Lefitiko, eleng buka eo bontsi jwa yone e tletseng ka melao le ditaelo, di ne di se kake tsa diragala mo sebakeng se se fetang kgwedi e le nngwe.—Ekes. 40:17; Dipa. 1:1; Lefi. 8:1–10:7; 24:10-23.
4. Lefitiko e kwadilwe leng?
4 Moshe o kwadile leng Lefitiko? Go a utlwala go swetsa ka gore o ne a nna a kwala pego ya ditiragalo ka nako ya fa di ne di ntse di diragala mme o ne a kwala ditaolo tsa Modimo ka nako eo a neng a di amogela ka yone. Seno se bontshiwa ke taolo eo Modimo o neng wa e neela Moshe ya gore a kwale kaga go senngwa ga Baamaleka morago fela ga gore Iseraele a ba fenye mo ntweng. Dintlha dingwe tse di mo bukeng eno gape di akantsha ka letlha la pelenyana. Ka sekai, Baiseraele ba ne ba laelwa gore ba lere diphologolo tseo ba neng ba rata go di tlhaba ba laelwa gore ba di lere kwa mojakong wa mogope wa bophuthegelelo gore di tlhabelwe gone. Taolo eno e ne e tla neelwa e bo e kwalwa moragonyana fela ga gore go tlhomiwe baperisiti. Baiseraele ba neelwa ditaelo di le dintsi gore di ba kaele mo loetong lwa bone lwa mo sekakeng. Sotlhe seno se bontsha gore Moshe o kwadile Lefitiko ka 1512 B.C.E.—Ekes. 17:14; Lefi. 17:3, 4; 26:46.
5. Melao e e neng e le malebana le ditlhabelo le go sa nneng phepa go ya ka molao e ne e diragatsa boikaelelo bofe?
5 Ke ka ntlhayang fa Lefitiko e ile ya kwalwa? Jehofa o ne a ikaeletse go nna le morafe o o itshekileng, batho ba ba itshepisitsweng, ba ba tlhaoletsweng tirelo ya gagwe. Go tloga ka motlha wa ga Abele, banna ba ba ikanyegang ba Modimo ba ne ba ntse ba ntshetsa Jehofa ditlhabelo, mme lefa go ntse jalo e ne e le ka lekgetlo la ntlha ka morafe wa Baiseraele Jehofa a neela ditaolo tse di tlhamaletseng malebana le ditshupelo tsa maleo le ditlhabelo tse dingwe. Ditaolo tseno, jaaka fa go tlhalosiwa ka botlalo mo go Lefitiko, di ne di dira gore Baiseraele ba lemoge kafa go leofa go leng maswe ka mo go feteletseng ka gone mme di ne tsa otlelela mo megopolong ya bone ka moo seno se neng se ba dira gore ba seka ba kgatlha Jehofa ka gone. Ditaelo tseno, ereka e ne e le bontlhanngwe jwa Molao, di ne di dira tiro ya go tataisetsa Bajuda kwa go Keresete, di ba bontsha kafa Mmoloki a neng a tlhokafala ka gone mme gape di ne di thusa go ba boloka e le batho ba ba sa tshwaneng le lefatshe lotlhe. Melao ya Modimo e e neng e le malebana le gore ba nne phepa go ya kafa ba neng ba laetswe ka gone ke yone eo segolobogolo e neng ya thusa mo go se se sa tswang go bolelwa.—Lefi. 11:44; Bagal. 3:19-25.
6. Ke ka ntlhayang fa jaanong kaelo e e feletseng e e tswang kwa go Jehofa jaanong e tlhokega ka mo go kgethegileng?
6 Jaaka morafe o mosha o o neng o tsere loeto go ya kwa lefatsheng le lesha, Baiseraele ba ne ba tlhoka go kaelwa ka tsela e e tshwanetseng. E ne e santse e le nako e e kafa tlase ga ngwaga morago ga Phudugo, mme mekgwa ya go tshela ya Egepeto mmogo le ditlwaelo tsa yone tsa bodumedi di ne di santse di le disha mo mogopolong wa bone. Go nyalana ga motho le kgaitsadie e ne e le selo seo se neng se dirwa kwa Egepeto. Kobamelo ya maaka e ne e tsweledisiwa go tlotliwa medimo e le mentsi, eo mengwe ya yone e neng e le medimo ya diphologolo. Jaanong phuthego eno e kgolo e ne e le mo tseleng e lebile kwa Kanana, koo botshelo jwa gone le ditlwaelo tsa gone tsa bodumedi di neng di bodile le go feta tseo. Mme a o ke o lebe bothibelelo jwa Baiseraele gape. Bao ba neng ba tletse mo phuthegong eo e ne e le batho ba le bantsi bao e neng e le Baegepeto ka sebele kana e le karolo ya bone, eleng bontsintsi jo bo tlhakaneng jwa bao ba neng ba tshela mo gare ga Baiseraele mme e le bao ba neng ba tsetswe ke batsadi ba Baegepeto mme ba godisitswe le go tsenngwa sekolo ka tsela ya Baegepeto, ka bodumedi jwa Baegepeto, le ka go rata naga ga Baegepeto. Kwantle ga pelaelo ba le bantsi ba bone ba ne ba ile ba kopanela mo ditirong tse di makgapha tsa kwa nagagaeng ya bone ka nakwana fela pele ga moo. Abo go ne go tlhokega thata jang ne gore jaanong ba amogele kaelo ka botlalo go tswa kwa go Jehofa!
7. Melawana e e mo go Lefitiko e bontsha jang gore e kwadilwe ke Modimo?
7 Lefitiko e na le bosupi jwa gore yotlhe fela e tlhotlheleditswe ke Modimo. Batho fela ba ne ba se kake ba tlhama melao le melawana ya yone e e botlhale le e e siameng. Melao ya yone e e malebana le dijo, malwetsi, go tswalelwa ga batho ba ba lwalang malwetsi a a tshelanwang, le tsela eo ditopo di neng di tshwanetse tsa tshwarwa ka yone e bontsha kitso kaga dintlha tseo banna ba lefatshe ba tsa kalafi ba neng ba sa itse ka tsone go tla go fitlhelela mo dingwageng di le diketekete morago ga moo. Molao wa Modimo o o neng o le malebana le diphologolo tse di neng di se phepa go ka jewa o ne o tla sireletsa Baiseraele fa ba ne ba ntse ba le mo loetong. O ne o tla ba sireletsa kgatlhanong le bolwetsi jwa mala jo bo tswang mo dikolobeng, bolwetsi jwa letshoroma la mala le jo bo tshwanang le letshoroma la mala jo bo tswang mo mefuteng mengwe ya ditlhapi, le malwetsi a tshelanwang a a tswang mo diphologolong tseo di fitlhelwang di setse di sule. Melao eno e e mosola go ka dirisiwa e ne e tshwanetse ya kaela bodumedi jwa bone le matshelo a bone e le gore ba nne e ntse e le morafe o o boitshepo mme ba fitlhe kwa Lefatsheng la Tsholofetso ba bo ba age mo go lone. Ditiragalo di bontsha gore melawana eo Jehofa a neng a e neela e ne e neela Bajuda melemo e e tlhomameng go feta merafe e mengwe mo go tsa pholo.
8. Diteng tsa ga Lefitiko tsa polelelopele di bontsha jang go ya pele gore e tlhotlheleditswe?
8 Go diragadiwa ga dipolelopele le ditshwantsho tsa dilo tse di tla diragadiwang mo isagweng tse di go Lefitiko di bontsha go ya pele gore e tlhotlheleditswe. Hisitori e e boitshepo le ya lefatshe di bega kafa ditlhagiso tsa Lefitiko tse di malebana le ditlamorago tsa go sa utlweng di neng tsa diragadiwa ka gone. Magareng ga tse dingwe, e ne ya bolelela pele gore bommabana ba ne ba tla ja bana ba bone ka ntlha ya leuba. Jeremia o bontsha gore seno se ne sa diragadiwa fa Jerusalema e ne e senngwa ka 607 B.C.E., mme Josephus o bolela malebana le fa seno se ne se diragala fa motse ono o ne o senngwa gape moragonyana ga moo, ka 70 C.E. Tsholofetso ya boperofeti ya gore Jehofa o ne a tla ba gakologelwa fa ba ne ba ikwatlhaya e ne ya diragadiwa fa ba ne ba bowa go tswa kwa Babelona ka 537 B.C.E. (Lefi. 26:29, 41-45; Dikhuts. 2:20; 4:10; Esere 1:1-6) Se sengwe gape seo se bontshang gore Lefitiko e tlhotlheleditswe ke ditsopolo tseo bakwadi ba bangwe ba Bibela ba neng ba di dira go tswa mo go yone jaaka Lokwalo lo lo tlhotlheleditsweng. Mo godimo ga tseo di bontshitsweng fa godimo go bontsha gore Moshe ke ene a lo kwadileng, tswee tswee bona Mathaio 5:38; 12:4; 2 Bakorintha 6:16; le 1 Petere 1:16.
9. Lefitiko e tlotlomatsa jang leina la ga Jehofa le boitshepo jwa gagwe?
9 Buka ya Lefitiko e tlotlomatsa leina la ga Jehofa le bolaodi jwa gagwe e sa kgaotse. Melao ya yone go buiwa fa e le ya ga Jehofa ka makgetlo ao a seng kafa tlase ga a le 36. Leina Jehofa ka bolone le tlhaga, go ya ka palogare, ga lesome mo kgaolong nngwe le nngwe, mme gangwe le gape lebaka la gore melao ya Modimo e tshwanetse ya utlwiwa le otlelelwa ka kgakololo eno, “Ke nna Yehofa.” Setlhogo se se malebana le boitshepo se gone mo bukeng yotlhe ya Lefitiko, eo e bontshang patlafalo eno go gaisa buka epe fela e nngwe ya Bibela. Baiseraele ba ne ba tshwanetse go nna boitshepo ka gonne Jehofa a le boitshepo. Batho bangwe, mafelo mangwe, dilo dingwe, le dinako dingwe di ne di beetswe kwa thoko jaaka tse di boitshepo. Ka sekai, Letsatsi la Tetlanyo le ngwaga wa Jubile di ne di beetswe kwa thoko jaaka ditlha tseo di tshwanetsweng go bolokwa ka mo go kgethegileng mo kobamelong ya ga Jehofa.
10. Ke eng seo se otlelelwang malebana le ditlhabelo, mme ke dikotlhao dife tsa maleo tseo re di lemogang fano?
10 Tumalanong le kafa e bontshang ka gone kafa go nna boitshepo go leng botlhokwa ka gone, buka ya Lefitiko e otlelela seabe seo go tshololwa ga madi, ke gore, go ntsha botshelo setlhabelo, go neng go na le sone mo go itshwarelweng ga maleo. Ditlhabelo tsa diphologolo e ne e le tsa diphologolo tseo e neng e le tse di ruiwang mo gae fela ebile e le tse di phepa. Gore ba tle ba ipolele maleo a mangwe a a rileng, go ne go tlhokega gore ba buse seo ba leofileng ka ntlha ya sone, le go duela katlholo mo godimo ga go ntsha setlhabelo. Mo maleong a mangwe gape, kotlhao ya one e ne e le loso.
DITENG TSA LEFITIKO
11. Lefitiko e ka rulaganngwa jang?
11 Lefitiko e tletse thata ka makwalo a a malebana le melao, ao bontsi jwa one gape e leng boperofeti. Ka kakaretso buka eno e rulagantswe go ya ka ditlhogo mme e ka kgaoganngwa ka dikarolo di le robedi, tseo di latelelanang go ya ka mabaka.
12. Go na le mefuta efe ya ditlhabelo tsa madi, mme di tshwanetse tsa neelwa jang?
12 Melawana e e malebana le ditlhabelo (1:1–7:38). Ditlhabelo tse di farologaneng di wela kafa tlase ga dikarolo di le pedi ka kakaretso: tsa madi, tseo eleng dikgomo, dinku, dipodi, le dinonyane; le tseo di senang madi, eleng dithoro. Ditlhabelo tsa madi di tshwanetse tsa neelwa e ka tswa e le (1) tsa phiso, (2) tsa kagiso, (3) tsa boleo, kana (4) ditshupelo tsa molato. Tsotlhe tseno ka bonè jwa tsone di na le dilo tseno tse tharo tse di tshwanang mo go tsone: Motho yo o di ntshang o tshwanetse a di tlisa kwa mojakong wa mogope wa bophuthegelo a di tlisa ka boene, o tshwanetse a baya diatla tsa gagwe mo godimo ga sone, mme morago ga moo phologolo eo e tshwanetse ya tlhabiwa. Fa madi a sena go kgatshiwa, nama ya yone e tshwanetse ya nyelediwa go ya ka mofuta wa setlhabelo sa yone. Mme jaanong a re ko re sekasekeng ditlhabelo tsa madi ka go latelana ga tsone.
13-16. (a) Neela dipatlafalo tsa (1) ditshupelo tsa phiso, (2) ditlhabelo tsa kagiso, (3) ditshupelo tsa maleo, le (4) ditshupelo tsa molato. (b) Malebana le ditlhabelo tsa madi, ke eng seo se ilediwang gangwe le gape?
13 (1) Ditshupelo tsa phiso di ka nna tsa bo e le powana, pheleu, podi, kana leebana kana lephoi, go ikaegile ka gore motho yo o ntshang setlhabelo seo o kgona go le kana kang. Se tshwanetse sa kgaogangwa ka dikarolwana, kwantle ga letlalo fela, lone le tshwanetse la fisiwa lotlhe mo godimo ga aletara. Ka lephoi kana leebana, tlhogo e tshwanetse ya kgaolwa mme e seka ya kgaoganngwa dikarolwana, mme ntshu le maphuka di tshwanetse tsa ntshiwa.—1:1-17; 6:8-13; 5:8.
14 (2) Setlhabelo sa kagiso e ka nna sa kgomo e tona kana e namagadi, kana phologolo e tona kana e namagadi ya letsomane. Ke dikarolo tsa yone tse di nang le mafura fela tseo di tla fisediwang mo godimo ga sebeso, karolo e e rileng ya yone e ya kwa moperesiting mme dikarolo tsotlhe tse dingwe di jewa ke motho yo o ntshang setlhabelo. Se bidiwa setlhabelo sa kagiso ka tshwanelo, ka gonne ke ka sone motho yo o ntshang tshupelo eno a jang le ba bangwe, kana ba le mo kagisong, jaaka fa re ne re ka rialo, le Jehofa le baperesiti.—3:1-17; 7:11-36.
15 (3) Tshupelo ya boleo e ne e batlega mo maleong ao e neng e se a ka boomo, kana maleo ao a dirilweng ka phoso. Mofuta wa phologolo eo e ntshiwang o ikaegile ka motho yo boleo jono bo letlanyetswang ene—e leng moperesiti, batho ka kakaretso, kgosana, kana motho fela yo o tlwaelegileng. Setlhabelo sa boleo se ne se farologane le ditshupelo tsa phiso tse di dirwang ka boithatelo mmogo le tsa kagiso tseo di neng di direlwa batho ka bongwe ka gonne sone o ne o patelesega go se dira.—4:1-35; 6:24-30.
16 (4) Ditshupelo tsa molato di a tlhokega go fedisa molato wa motho o a o dirileng ka ntlha ya go sa ikanyege, go tsietsa, kana go utswa. Mo mabakeng a mangwe molato ono o tlhoka gore motho a ipobole a bo a ntshe setlhabelo go ya ka mo a kgonang ka gone. Mo go a mangwe, go ne go batlega gore o ntshe tuelo e e lekaneng tshenyegelo o bo o ntshe 20 lekgolong mo godimo ga moo mme o ntshe le setlhabelo sa pheleu. Mo karolong eno ya Lefitiko eo e leng malebana le ditlhabelo, go ja madi go ne go iletswa ka maatla mme ebile go iletswa gangwe le gape.—5:1–6:7; 7:1-7, 26, 27; 3:17.
17. Ditlhabelo tseo di senang madi di tshwanetse tsa neelwa jang?
17 Ditlhabelo tse di senang madi tsone di tshwanetse tsa bo e le dithoro mme di tshwanetse tsa neelwa e ka tswa e le tse di besitsweng, tse di sidilweng, kana e le tse di jaaka setou; mme di tshwanetse tsa apewa ka ditsela tse di farologaneng, tse di jaaka go besiwa, di apeelwa mo paneng, kana di gadikelwa mo mafureng. Di tshwanetse tsa neelwa di na le letswai le mafura mme ka dinako tse dingwe di na le lebano mme ga di a tshwanela go bo di na le sebediso kana mamepe a dinotshe. Mo ditlhabelong dingwe karolo nngwe e tla nna ya moperesiti.—2:1-16.
18. Go tlhomiwa ga boperesiti go fitlhela setlhoa sa gone ka tiragalo efe eo e gakgamatsang eo e nonotshang tumelo?
18 Go tlhongwa ga baperesiti (8:1–10:20). Jaanong go tla nako ya tiragalo e kgolo thata mo Iseraele, go tlhongwa ga baperesiti. Moshe ke ene a dirang seno sotlhe ka botlalo, fela jaaka fa Jehofa a mo laetse. “Me Arone le bomorwawè ba diha dilō cotlhe tse Yehofa o di laotseñ ka seatla sa ga Moshe.” (8:36) Morago ga malatsi a le supa ao ba neng a tlhongwa mo go one, go diragala tiragalo nngwe e e gakgamatsang le e e nonotshang tumelo. Phuthego yotlhe e gone. Baperesiti ke gone fela ba sa tswang go ntsha setlhabelo. Arone le Moshe ba segofaditse batho. Mme, bonang! “Kgalalèlō ea ga Yehofa ea bōnalèla batho botlhe. Me ga cwa molelō ha pele ga Yehofa, oa ya chupèlō e e hisiwañ le mahura mo sebeshoñ: me e rile batho ba go bōna, ba thèla leshalaba, ba wèla ha hatshe ka dihatlhōgō.” (9:23, 24) Eleruri, Jehofa o tshwanelwa ke gore ba mo utlwe ba bo ba mo obamele!
19. Ke tlolomolao efe eo e diragalang, mme e latelwa ke eng?
19 Lefa go le jalo go na le ditlolo tsa Molao. Ka sekai, barwa ba ga Arone ebong Nadabe le Abihu ba neela melelo e eseng ya kafa molaong fa pele ga ga Jehofa. “Me ga cwa molelō ha pele ga Yehofa, oa ba laila, me ba shwèla ha pele ga Yehofa.” (10:2) Gore ba tle ba ntshe setlhabelo se se amogelesegang mme ba ipelele go amogelwa ke Jehofa, batho le baperesiti ka mo go tshwanang ba tshwanetse ba latela ditaolo tsa ga Jehofa. Ka bonako fela morago ga seno, Modimo o laela gore baperesiti ga ba a tshwanela go nwa dinotagi ka nako ya fa ba direla mo motlaaganeng, seno se bontsha gore go nwa dinotagi e ka nna ya tswa e le gone go bakileng gore bomorwa Arone ba babedi ba dire phoso.
20, 21. Ke melawana efe eo e leng malebana le bophepa le itekanelo e e tshwanetseng?
20 Melao e e malebana le bophepa (11:1–15:33). Karolo eno e malebana le go nna phepa goo e neng e le ga go ya ka molao le ga boitekanelo. Diphologolo dingwe, tse di ruiwang mo gae mmogo le tsa naga, ga di phepa. Ditopo tsotlhe ga di phepa mme di dira gore bao ba di amang gore ba seka ba nna phepa. Go tsalwa ga ngwana le gone go baka gore motho a se nne phepa mme go tlhoka gore motho a itlhaole mo go ba bangwe le gore a dire ditlhabelo dingwe tse di kgethegileng.
21 Malwetsi mangwe a letlalo, a a ntseng jaaka lepero, le one a baka gore motho a se nne phepa go ya ka molao, mme go ne go sa tlhokege fela gore o iphepafatse wena ka namana mme o ne o tshwanetse wa phepafatsa le diaparo le ntlo. Go tlhokega gape gore motho a tswalelwe fa a na le malwetsi a a tshelanwang. Go nna mo kgweding le go ntsha peo le gone go felela ka gore motho a seka a nna phepa, fela jaaka go ntse ka go tshologa madi a bonna/sesadi. Mo mabakeng ano go tlhokega gore o tlhaolwe mo bathong, mme fa o fola, mo godimo ga moo, go tlhokega gore o tlhape mmele kana o ntshe setlhabelo kana o di dire dilo tseno ka bobedi jwa tsone.
22. (a) Ke ka ntlhayang fa kgaolo 16 e le kgaolo eo e tlhomologileng? (b) Thulaganyo ya Letsatsi la Tetlanyo ke efe?
22 Letsatsi la Tetlanyo (16:1-34). Eno ke kgaolo e e tlhomologileng, ka gonne e na le melao e e malebana le letsatsi le le botlhokwatlhokwa la Iseraele, eleng Letsatsi la Tetlanyo, leo le welang mo letsatsing la bolesome la kgwedi ya bosupa. Ke letsatsi la go utlwisa moya botlhoko (eleng seo go bonalang e ne e le ka go itima dijo), mme ga go na tiro epe ya boitshediso eo e letleletsweng go dirwa ka lone. Le simolola ka go ntshiwa ga powana e ntshediwa maleo a ga Arone le balelapa la gagwe, ba lotso lwa ga Lefi, go latele go ntsha podi e e ntshetswang morafe otlhe. Morago ga go fisiwa ga maswalo, mangwe a madi a phologolo nngwe le nngwe a tshwanetse a tlisiwa, ka go latelana ga one, mo Felong fa go Boitshepo jwa Maitshepo ga motlaagana, gore a kgatshiwe fa pele ga sekhurumelo sa Letlole. Moragonyana ga moo dinama tsa diphologolo tseno di tshwanetse tsa ntshediwa kwa ntle ga bothibelelo mme tsa fisiwa. Ka letsatsi leno podi e e tshelang le yone e tshwanetse ya tlhagisiwa fa pele ga ga Jehofa, mme go tshwanetswe ga bolelwa maleo otlhe a batho mo godimo ga yone, morago ga moo e tla lelekelwa kwa sekakeng. Mme morago ga moo diphoko di le pedi di tshwanetse tsa ntshiwa jaaka tshupelo ya phiso, nngwe e ntshetswa Arone le balelapa la gagwe mme e nngwe e ntshetswa morafe otlhe.
23. (a) Ke kae koo re bonang nngwe ya ditemana tse di tlhamaletseng thata tsa Bibela malebana le madi? (b) Go latela melawana efe e mengwe?
23 Melao e e malebana le madi le dilo tse dingwe (17:1–20:27). Karolo eno e tlhoma melao e le mentsi e e tlhomela batho. Gape madi a ilediwa mo go nngwe ya dipolelo tse di tlhamaletseng go gaisa tsotlhe tse di malebana le madi tse di bonwang le fa e ka nna kae mo Dikwalong. (17:10-14) Madi a ka dirisiwa ka tshwanelo mo aletareng, mme eseng gore a jewe. Ditlwaelo tse di maswe, tse di ntseng jaaka go nyalana le wa losika yo o atamalaneng thata nae, bosodoma, le go robalana le diphologolo, di a ilediwa. Go na le melawana eo e sireletsang bao eleng bahumanegi, bao eleng batlhoki, le baeng, mme ba laelwa jaana, “U ratè oa ga eno yaka u ithata: Ke nna Yehofa.” (19:18) Itekanelo ya morafe le itsholelo ya morafe e a dibelwa, mme dikotsi tsa semoya, tse di ntseng jaaka go obamela Moleke le tirisabadimo, di a ilediwa, mme kotlhao ya tsone ke loso. Gape Modimo o gatelela kafa go leng botlhokwa ka gone gore batho ba gagwe e nne ba ba farologaneng le ba bangwe: “Me lo nnè boitshèpō mo go nna: gonne Nna Yehofa ke boitshèpō, me ke lo lomolotsè mo dichabeñ gore lo nnè ba me.”—20:26.
24. Ke dintlha dife tseo Lefitiko e di neelang malebana le dipatlafalo tsa boperesiti le meletlo e e tshwarwang ka ditlha tse di rileng?
24 Boperesiti le mediro (21:1–25:55). Dikgaolo tse tharo tse di latelang di bua thatathata ka kobamelo ya Iseraele eo e leng ya ka tlwaelo: melao eo e laolang baperesiti, ditshwanelego tsa bone tsa mo mmeleng, bao ba ka nnang ba ba nyala, bao ba ka jang dilo tse di boitshepo, le dipatlafalo tsa gore diphologolo tse di sa golafalang ke tsone tseo di tshwanetseng tsa dirisiwa fa go ntshiwa ditlhabelo. Go laelwa gore go nne le meletlo e meraro ya morafe otlhe e e tshwarwang ka ditlha tse di rileng, eo eleng dinako tsa go “[itumela] ha pele ga Yehofa Modimo oa lona.” (23:40) Jaaka motho a le mongwe, morafe ka tsela eno o tla reetsa Jehofa, o mmake, le go mo obamela, o nonotsha kamano ya one le ene. Eno ke meletlo eo e direlwang Jehofa, dikopano tse di boitshepo tsa ngwaga le ngwaga. Tlolagano, mmogo le Moletlo wa Senkgwe Se Se Sa Bedisiwang, di beetswe masimologo a dikgakologo; Pentekosete, kana Moletlo wa Dibeke, o latela dikgakologo di ela go fela; mme Letsatsi la Tetlanyo le Moletlo wa Diobo wa malatsi a le robedi, kana wa go Kgobokanya, ke a fa go le letlhabula.
25. (a) Go bontshiwa jang gore “Leina” le tshwanetse la tshwarwa e le le le tlotlegang? (b) Ke melawana efe eo e nang le palo ya “supa” mo go yone?
25 Mo go kgaolo 24, go neelwa taelo e e malebana le senkgwe le mafura ao a tshwanetseng go dirisiwa mo tirelong ya motlaagana. Go latela tiragalo eo mo go yone Jehofa a laelang gore mongwe le mongwe yo o gobololang “Leina”—ee, leina Jehofa—o tshwanetse a kgobotlediwa ka maje go fitlhela a swa. Morago ga moo o bolela molao wa go otlhaya motho ka seo a se dirileng, “leitlhō ke leitlhō, leinō ke leinō.” (24:11-16, 20) Mo go kgaolo 25, go fitlhelwa melawana e e malebana le Sabata e e neng e tsaya ngwaga otlhe, kana ngwaga wa go ikhutsa, e e neng e tshwanetse ya tshwarwa ka ngwaga mongwe le mongwe wa bo 7 le Jubile ya ka ngwaga mongwe le mongwe wa bo 50. Mo ngwageng ono wa bo 50, go tshwanetse ga itsisiwe kgololo mo nageng yotlhe, mme thoto eo e leng boswa eo e neng ya rekisiwa kana eo e neng e tshwerwe mo dingwageng tse 49 tse di fetileng e tshwanetse ya busiwa. Go neelwa melao eo e sireletsang ditshwanelo tsa bahumanegi le tsa batlhanka. Mo karolong eno palo ya “supa” e tlhagelela gantsi thata—letsatsi la bosupa, ngwaga wa bosupa, mediro ya malatsi a le supa, lobaka lwa dibeke di le supa, le Jubile, eo e neng e tshwanetse go tla morago ga metlha e supa dingwaga di supa.
26. Lefitiko e fitlhelela setlhoa sa yone ka eng?
26 Ditlamorago tsa go utlwa le tsa go sa utlwe (26:1-46). Buka ya Lefitiko e fitlhelela setlhoa sa yone mo kgaolong eno. Fano Jehofa o ba bolelela maduo a go utlwa le dikotlhao tsa go sa utlwe. Mo godimo ga moo, o naya Baiseraele tsholofelo fa ba ka ikokobetsa, a bolela jaana: “Me ka ntlha ea bōnè, ke tla gakologèlwa kgōlaganō ea ba bagologolo ba bōnè, ba ke ba ntshitseñ mo lehatshiñ ya Egepeto mo ponoñ ea merahe, gore ke nnè Modimo oa bōnè: Ke nna Yehofa.”—26:45.
27. Lefitiko e konela ka go reng?
27 Melao e mengwe (27:1-34). Lefitiko e konela ka melao e e malebana le kafa go ka berekanwang ka gone le ditshupelo tsa maikano, e e malebana le go nnela Jehofa leitibolo, le e e malebana le sa bosome seo se itshepisediwang Jehofa. Morago ga moo go latela dintlhanyana tseno tsa yone tse di konelang tse dikhutshwane: “Tse ke cōna ditaolō tse Yehofa o di laoletseñ Moshe mo thabeñ ea Sinai, go tla a di naea bana ba Iseraele.”—27:34.
LEBAKA LA GO BO LO LE MOSOLA
28. Lefitiko e mosola go le kana kang mo Bakereseteng gompieno?
28 Jaaka bontlhanngwe jwa Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng, buka ya Lefitiko e mosola thata mo Bakereseteng gompieno. E thusa thata go dira gore motho a anaanele Jehofa, dinonofo tsa gagwe, le tsela eo a dirisanang le dibopiwa tsa gagwe ka yone, jaaka fa a bontshitse jalo ka phepafalo mo Baiseraeleng bao ba neng ba le kafa tlase ga kgolagano ya Molao. Lefitiko e bua ka melaometheo e le mentsi ya konokono eo e tla nnang e ntse e dira ka metlha yotlhe, gape e na le dipolelo di le dintsi tsa boperofeti, mmogo le dipolelopele, tseo di nonotshang tumelo fa motho a di tlhatlhoba. Bontsi jwa melaometheo ya yone e bolelwa gape le mo Dikwalong tsa Segerika tsa Bokeresete, mengwe ya yone e tsopolwa ka tlhamalalo. Fa tlase fano go tlotliwa ka dintlha tse supa tse di tlhomologileng.
29-31. Lefitiko e bontsha jang kafa go leng botlhokwa ka gone gore go tlotliwe (a) bolaodi jwa ga Jehofa, (b) leina la gagwe, le (c) boitshepo jwa gagwe?
29 (1) Bolaodi jwa ga Jehofa. Ke Moneimolao, mme rona jaaka dibopiwa tsa gagwe re ikarabela mo go ene. O re laela ka tshwanelo gore re mmoife. Jaaka Molaodi wa Lobopo lotlhe, ga a letlelele gore a obamelwe le medimo e mengwe, go sa kgathalesege gore a ke ka sebopego sa go obamela medimo ya disetwa, tirisabadimo, kana dikarolo tse dingwe tsa bodimona.—Lefi. 18:4; 25:17; 26:1; Math. 10:28; Dit. 4:24.
30 (2) Leina la ga Jehofa. Leina la gagwe le tshwanetse la bolokwa le le boitshepo, mme ga re a tshwanela go lere kgobo mo go lone ka seo re se buang kana ka ditiro tsa rona.—Lefi. 22:32; 24:10-16; Math. 6:9.
31 (3) Boitshepo jwa ga Jehofa. Ka ntlha ya go bo a le boitshepo, batho ba gagwe le bone ba tshwanetse ba nna boitshepo, ke gore, ba itsheke, kana ba tlhaoletswe go ka dira tirelo ya gagwe. Seno se akaretsa gore re ipoloke re farologane le lefatshe leno le le boikepo leo le re dikologileng.—Lefi. 11:44; 20:26; Yak. 1:27; 1 Pet. 1:15, 16.
32-34. Ke melaometheo efe eo e kwadilweng eo eleng malebana le (a) boleo, (b) madi, le (c) molato o o rileng?
32 (4) Ka moo go leofa go leng maswe thata ka gone. Modimo ke one o re bolelelang gore boleo ke eng, mme re tshwanetse ra lwa kgatlhanong le jone ka thata. Boleo ka metlha bo batla setlhabelo sa thekololo. Mo godimo ga moo, gape bo batla gore re bo ipobole, re ikwatlhae, mme re tokafatse go ya bokgakaleng joo bo ka kgonagalang. Go na le maleo mangwe ao go senang boitshwarelo mo go one.—Lefi. 4:2; 5:5; 20:2, 10; 1 Yoh. 1:9; Baheb. 10:26-29.
33 (5) Go itsheka ga madi. Ka gonne madi a le boitshepo, gaa tshwanela go tsenngwa mo mmeleng ka sebopego lefa e ka nna sefe. Selo se le sengwe fela seo go letletsweng go ka dirisa madi mo go sone ke mo tetlanyong ya maleo.—Lefi. 17:10-14; Dit. 15:29; Baheb. 9:22.
34 (6) Go amana ga molato le kotlhao. E ne e se maleo otlhe le baleofi botlhe bao ba neng ba atlholwa ka tsela e e tshwanang. Fa o dira tiro e e kwa godimo, boikarabelo jwa gago le jone e ne e nna jo bogolwane mme fa o leofa kotlhao ya gone le yone e ne e nna kgolwane. Boleo jo bo dirilweng ka boomo bo ne bo otlhaelwa botlhoko go gaisa boleo jo bo sa dirwang ka boomo. Dikotlhao gantsi di ne di ntshiwa go ya ka kgono eo o nang le yone ya go duela. Molaomotheo ono wa go amana ga dilo gape o ne o dira le mo dilong tse dingwe tseo di sa amaneng le boleo le kotlhao, tse di ntseng jaaka go nna phepa go ya ka molao.—Lefi. 4:3, 22-28; 5:7-11; 6:2-7; 12:8; 21:1-15; Luke 12:47, 48; Yak. 3:1; 1 Yoh. 5:16.
35. Lefitiko e sobokanya jang seo re tshwanelang go se direla mongkarona?
35 (7) Tshiamiso le Lorato. Lefitiko 19:18 fa e sobokanya seo re tshwanetseng go se direla bengkarona, e bolela jaana: “U ratè oa ga eno yaka u ithata.” Taolo eno e kopanyeletsa sengwe le sengwe. Ga e letlelele tlhaolele, bogodu, go aka, kana go seba, ebile e tlhoka gore motho a bontshe go akanyetsa digole, bahumanegi, difofu, le ba ba bosusu.—Lefi. 19:9-18; Math. 22:39; Bar. 13:8-13.
36. Ke eng seo se bontshang gore Lefitiko e mosola mo phuthegong ya Bakeresete?
36 Gape se se bontshang gore Lefitiko e “molemō go ruta, le go kgalemèla, le go shokolola, le go kaèla ka tshiamō” ka tsela e e tlhomologileng mo phuthegong ya Bokeresete ke lebaka la go bo Jesu le baaposetoloi ba bua ka yone gangwe le gape, segolobogolo baaposetoloi ebong Paulo le Petere. Bano ba ne ba lebisa tlhokomelo go dikarolo di le dintsi tsa boperofeti le tseo di neng di tshwantshetsa dilo tse di neng di tla. Jaaka fa Paulo a ne a bontsha, “molao o na le moruti hèla oa dilō tse di molemō tse di ne di tla.” O tlhoma “moruti oa dilō tsa selegodimo.”—2 Tim. 3:16; Baheb. 10:1; 8:5.
37. Ke dilo dife tseo di neng di diragatsa tseo di neng di di tshwantshetsa tseo di tlhalosiwang mo go Bahebera?
37 Motlaagana, boperesiti, ditlhabelo, mme segolobogolo Letsatsi la Tetlanyo la ngwaga le ngwaga di ne di na le bokao jo bo tshwanang. Paulo, mo lekwalong la gagwe leo a neng a le kwalela Bahebera, o re thusa gore re lemoge dilo tsa semoya tseo di emelang dilo tseno malebana le “motlaagana oa amarure” wa kobamelo ya ga Jehofa. (Baheb. 8:2) Moperesiti yo mogolo ebong Arone o tshwantshetsa Keresete Jesu “e le moperisiti eo mogolo oa dilō tse di molemō, tse di tlañ, di tla ka ōna motlaagana o o gaisañ ka bogolo le ka boitekanèlō.” (Baheb. 9:11; Lefi 21:10) Madi a ditlhabelo tsa diphologolo a tshwantshetsa madi a ga Jesu, ao a nang le “thèkololō e e emeñ ka bosakhutleñ.” (Baheb. 9:12) Karolwana e e kwa tengteng ya motlaagana, Felo ga Boitshepo jwa Maitshepo, leo moperesiti yo mogolo a neng a tsena mo teng ga lone fela ka Letsatsi la Tetlanyo a isa madi a setlhabelo, ke “sechwanō sa helō ga amarure,” “ye e leñ legodimō tōta,” leo Jesu a tlhatlogetseng kwa go lone “go tla a bōnalèla rona yanoñ ha pele ga sehatlhōgō sa Modimo.”—Baheb. 9:24; Lefi. 16:14, 15.
38. Ditlhabelo tsa tshwantshetso di ne tsa diragadiwa jang mo go Jesu?
38 Diphologolo tseo di neng di dirisediwa go ntsha setlhabelo—eleng diphologolo tse di sa lwaleng, tse di senang bogole bope tseo di neng di ntshiwa jaaka tshupelo ya phiso kana ya maleo—di emela setlhabelo se se itekanetseng se se senang bogole bope sa mmele wa motho wa ga Jesu Keresete. (Baheb. 9:13, 14; 10:1-10; Lefi. 1:3) Ka mo go kgatlhisang, Paulo gape o tlotla ka karolo ya Letsatsi la Tetlanyo leo ka lone dinama tsa diphologolo tsa tshupelo ya maleo di neng di ntshetswa kwa ntle ga motlaagana mme di bo di fisediwa gone. (Lefi. 16:27) “Ke gōna ka mouō,” Paulo a kwala jalo, “Yesu le èna a boga losho kwa ntlè ga kgōrō ea motse, gore a tlè a itshepisè batho ka madi a e leñ a gagwè. Ke gōna, le rona, a re cweleñ kwa go èna kwa ntlè ga motse, re belege kgōbō ea gagwè.” (Baheb. 13:12, 13) Ka go tlhalosa jalo ka tsela e e tlhotlheleditsweng, dithulaganyo tsa tirelo tseo di kwadilweng mo go Lefitiko di simolola go nna le bokao jo bo oketsegileng, mme eleruri re simolola go tlhaloganya ka moo Jehofa a neng a dira meriti ka tsela e e gakgamatsang ka gone eo e neng e supela kwa dilong tsa mmatota tseo di neng di tla sedimosiwa fela ke moya o o boitshepo. (Baheb. 9:8) Kutlwisiso eno e e tshwanetseng e botlhokwa mo go bao ba tla solegelwang molemo ke paakanyetso ya botshelo eo Jehofa a e dirang ka Keresete Jesu, yoo eleng “moperisiti eo mogolo eo o laolañ ntlo ea Modimo.”—Baheb. 10:19-25.
39. Lefitiko e dumalana jang le ‘lokwalo longwe lo longwe’ mo go itsiseng maikaelelo a ga Jehofa a Bogosi?
39 Jaaka lelapa la boperesiti la ga Arone, Jesu Keresete jaaka Moperesiti yo Mogolo o na le baperesiti ba babotlana mo go ene bao ba nang le ene. Bano ba bidiwa “boperisito yoa segosi.” (1 Pet. 2:9) Lefitiko e bontsha ka phepafalo tiro ya go letlanya maleo e bo e e tlhalosa ka phepafalo eo Moperesiti yo Mogolo wa ga Jehofa yo ebileng e le Kgosi a e dirang le dipatlafalo tsa maloko a lelapa la Gagwe, bao ba bidiwang ba ba ‘sego le ba ba boitshepo’ le bao eleng ‘baperesiti ba Modimo le ba ga Keresete mme ba busa jaaka dikgosi le ene ka dingwaga di le makgolo a a some.’ Abo boperesiti jono bo tla lere masego a a molemo jang ne fa bo tla bo bo dira setho gore se itekanele, mme abo e tla nna boitumelo jo bogolo jang ne joo Bogosi jwa selegodimo bo tla bo lereng ka go busetsa kagiso le tshiamo mo lefatsheng! Eleruri, rotlhe re tshwanetse ra leboga Modimo o o boitshepo, ebong Jehofa, ka ntlha ya go bo a rulaganyeditse Moperesiti yo Mogolo le Kgosi le boperesiti jwa segosi go bolelela botlhe borena jwa Gagwe gore leina la Gagwe le tlotlomadiwe! Eleruri, Lefitiko e dumalana sentle le ‘lokwalo longwe le longwe’ mo go itsiseng maikaelelo a ga Jehofa a Bogosi.—Tshen. 20:6.