Buka ya Bibela ya bo 5—Duteronome
Mokwadi: Moshe
Lefelo Leo E Kwaletsweng kwa go Lone: Dipoa tsa Moaba
Go Wediwa ga go E Kwala: 1473 B.C.E.
Lobaka Lo Lo Tserweng: Dikgwedi tse Pedi (1473 B.C.E.)
1. Go ka bodiwa dipotso dife mabapi le go tsena ga Baiseraele mo Lefatsheng la Tsholofetso?
BUKA ya Duteronome e tsholetse batho ba ga Jehofa molaetsa o o maatla. Morago ga go kgarakgatshega mo nageng ka dingwaga tse 40, bana ba Iseraele jaanong ba gaufi thata le Lefatshe la Tsholofetso. Ba tla diragalelwa ke eng go tswa fano? Mathata a magolo ao ba tla thulanang nao ka kwa moseja ga Joredane ke afe? Kwa bokhutlong Moshe o tla raya morafe oo a reng? Re ka nna gape ra botsa ra re, Ke ka ntlhayang fa go le botlhokwa gore rona gompieno re itse dikarabo tsa dipotso tseno?
2. Duteronome e botlhokwa ka tsela efe e e tlhomologileng?
2 Dikarabo di ka fitlhelwa mo mafokong ao a neng a buiwa ke Moshe le ao a neng a a kwala mo bukeng ya botlhano ya Bibela, eleng Duteronome. Lemororo e boeletsa bontsi jwa se se builweng mo dibukeng tsa pele ga yone, Duteronome e botlhokwa ka tsela ya yone e e tlhomologileng. Ke ka ntlhayang fa re rialo? E tiisa molaetsa wa Modimo, ereka e ile ya kwalwa ka nako eo batho ba ga Jehofa ba neng ba tlhoka moeteledipele yo o maatla ka yone le kaelo e e siameng. Ba ne ba tloga ba tsena mo Lefatsheng la Tsholofetso ba eteletswe pele ke moeteledipele yo mosha. Ba ne ba tlhoka kgothatso gore ba gatele pele, mme ka nako e e tshwanang ba ne ba tlhoka tlhagiso ya bomodimo go ba thusa gore ba tseye tsela e e tla dirang gore ba segofadiwe ke Jehofa.
3. Moshe o gatelela eng mo go Duteronome yotlhe, mme ke ka ntlhayang fa seno se le botlhokwa gompieno?
3 Tumalanong le tlhokafalo eo, Moshe o ne a tlhotlhelediwa ka maatla ke moya wa ga Jehofa go ikuela ka tlhamalalo go Baiseraele gore ba nne kutlo ba bo ba ikanyege. Mo bukeng eo yotlhe, o gatelela gore Jehofa ke Modimo wa Mogodimodimo, yo o batlang go obamelwa ka mo go kgethegileng le yo o batlang gore batho ba gagwe ‘ba mo rate ka pelo yotlhe ya bone le ka moya otlhe wa bone le ka nonofo yotlhe ya bone.’ Ke “Modimo oa medimo, le Morèna oa barèna, Modimo o mogolo, o o nonohileñ, o o boitshègañ, o o sa tlhokomeleñ bomañmañ yoa batho, leha e le go amogèla tuèlō.” Ga a batle go gaisana le ope ka gope. Go mo utlwa go naya botshelo, mme go sa mo utlwe, loso. Ka go ntsha taolo e e mo bukeng ya Duteronome, Jehofa o ne a fa Baiseraele kgakololo le go ba baakanyetsa maikarabelo a a botlhokwa a a neng a le kwa pele. Gape ke yone kgakololo eo re e tlhokang gompieno e le gore re tle re kgone go tswelela re sepela ka go boifa Jehofa, re itshepisa leina la gagwe mo lefatsheng le le bodileng leno.—Dute. 5:9, 10; 6:4-6; 10:12-22.
4. Ke eng seo se kaiwang ke leina Duteronome, mme boikaelelo jwa buka eno ke eng?
4 Leina Duteronome le tswa mo setlhogong sengwe sa thanolo ya Greek Septuagint, eleng Deu·te·ro·noʹmi·on, seo se kopanyang deuʹte·ros, moo go rayang “bobedi,” le noʹmos, moo go rayang “molao.” Ka jalo le raya “Molao wa Bobedi; Poeletso ya Molao.” Seno se tswa thanolong ya Segerika ya polelwana ya Sehebera e e mo go Duteronome 17:18, mish·nehʹ hat·toh·rahʹ, eo e ranolwang sentle go twe ‘sekaelo sa molao.’ Lefa go ntse jalo, go sa kgathalesege seo se kaiwang ke leina Duteronome, buka eno ya Bibela ga se molao wa bobedi kana poeletso ya Molao fela. Go na le moo, ke tlhaloso ya Molao o o kgothaletsang Baiseraele go rata le go utlwa Jehofa mo Lefatsheng la Tsholofetso leo ba neng ba tloga ba tsena mo go lone.—1:5.
5. Ke eng se se supang gore Moshe ke ene yo o neng a kwala Duteronome?
5 Ereka seno e ne e le momeno wa botlhano, kana bolumo, ya Dikwalo tse Tlhano tsa ga Moshe, e tshwanetse ya bo e kwadilwe ke ene motho yo o kwadileng dibuka tse nnè tse di tlang pele ga yone, eleng, Moshe. Mafoko a yone a ntlha a supa fa Duteronome e le “mahoko a Moshe o a buileñ le ba Iseraela botlhe,” mme mafoko a moragonyana ga ao, a a tshwanang le “Moshe a kwala molaō,” le “Moshe a kwala sehela se,” a supa fa eleruri e kwadilwe ke ene. Leina la gagwe le tlhaga makgetlo a ka nna 40 mo bukeng eno, gantsi go bolelwa fa e le ene a buileng mafoko ao. Moanedi yono, eleng Moshe, ke ene yo go buiwang ka ene mo bukeng eo yotlhe. Ditemana tsa bofelo di ne tsa kwalwa morago ga loso lwa ga Moshe, tseo di ka nnang tsa bo di kwadilwe ke Joshue kana ke Eleasare moperisiti yo mogolo.—1:1; 31:9, 22, 24-26.
6. (a) Duteronome e ne ya kwalwa mo lobakeng lo lo kana kang? (b) Totatota buka eno e ne ya digelwa leng?
6 Ditiragalo tse di kwadilweng mo go Duteronome di diragetse leng? Kwa tshimologong, buka eo ka boyone e tlhalosa gore “ka ñwaga oa mashomè manè, ka kgwedi ea leshomè le mocō, ka letsatsi ya ntlha ya kgwedi, Moshe a bua le bana ba Iseraela.” Fa rekoto ya Duteronome e sena go wediwa go kwalwa, buka ya Yoshue e tsweledisa pego eo malatsi a le mararo pele ga ba kgabaganya Joredane, mo e neng e le “letsatsi ya leshomè ya kgwedi ea ntlha.” (Dute. 1:3; Yosh. 1:11; 4:19) Seno se supa fa ditiragalo tseo go kwadilweng ka tsone mo go Duteronome e le tse di diragetseng mo dikgweding tse pedi le beke. Lefa go ntse jalo, malatsi a le 30 a lobaka lono lwa dibeke tse di robangbongwe e ne e le ao go neng go lelelwa go swa ga ga Moshe ka one. (Dute. 34:8) Seno se raya gore totatota ditiragalo tsotlhe tsa Duteronome di tshwanetse tsa bo di diragetse mo kgweding ya bo 11 ya ngwaga wa bo 40. Kwa bokhutlong jwa kgwedi eo, go kwalwa ga buka eo go tshwanetse ga bo go ne go feditswe gotlhelele, ereka jaana Moshe a ne a tlhokafala mo tshimologong ya kgwedi ya bo 12 ya ngwaga oo wa bo 40, kana kwa tshimologong ya 1473 B.C.E.
7. Ke eng seo se bontshang gore Duteronome e boammaaruri?
7 Bosupi jo bo setseng bo neetswe jwa gore dibuka tsa ntlha tse nnè tsa Dikwalo tse Tlhano tsa ga Moshe di boammaaruri bo dira le mo go Duteronome, eleng buka ya botlhano. Gape ke nngwe ya dibuka tse nnè tsa Dikwalo tsa Sehebera tseo di tsopolwang thata mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika, tse dingwe tsa tsone e leng Genesise, Dipesalema, le Isaia. Go na le ditsopolo di le 83 tsa tseno, mme ke dibuka di le thataro fela tsa Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika tseo di sa tsopoleng sepe mo go Duteronome.a
8. Ke bosupi bofe jo bo sa kakeng jwa belaelwa joo bo neelwang ke Jesu jo bo supang gore Duteronome e boammaaruri?
8 Jesu ka boene o neela bosupi jo bo nonofileng a supa fa Duteronome e le boammaaruri. Kwa tshimologong ya bodihedi jwa gagwe, o ne a lekwa ke Diabolo makgetlo a le mararo, mme mo makgetlong a mararo ao o ne a mo araba ka go re, “Go kwadilwe, ga twe.” Go kwadilwe kae? Ebu, mo bukeng ya Duteronome (8:3; 6:16, 13), eo Jesu a neng a e dirisa jaaka sedirisiwa se se ikanyegang se se tlhotlheleditsweng: “Motho ga a tshele ka senkgwè se le shosi, ha e se ka lehoko leñwe le leñwe ye le cwañ mo molomuñ oa Modimo.” “U seka ua leka Yehofa Modimo oa gago.” “U ōbamèlè Yehofa Modimo oa gago, ke èna esi eo u tla mo dihèlañ.” (Math. 4:1-11) Moragonyana, fa Bafarasai ba ne ba tla go leka Jesu malebana le melao ya Modimo, fa a ba fetola o ne a tsopola “taolō e kgolo le ea ntlha” mo go Duteronome 6:5. (Math. 22:37, 38; Mareko 12:30; Luke 10:27) Bosupi jwa ga Jesu bo gatelela fa kwantle ga pelaelo Duteronome e le boammaaruri.
9. Ke bosupi bofe bo sele jo bo tlotlomatsang Duteronome?
9 Mo godimo ga moo, ditiragalo le ditlhaloso tse di mo bukeng eo di nyalana le hisitori ya nako eo le maemo a teng. Go umakiwa ga Egepeto, Kanana, Amaleka, Amona, Moaba, le Edoma go dumalana le metlha eo tota, le maina a mafelo a kwadilwe sentle.b Bafatolodi ba ntse ba tsweletse ka go ntsha bosupi jo bo seng kana ka sepe jwa gore mekwalo ya ga Moshe e boammaaruri. Henry H. Halley o kwala jaana: “Bafatolodi ba ntse ba bua mo ba utlwiwang ke batho botlhe bosheng jaana mo ba bileng ba dira gore batho ba tlhoke pelaelo malebana le pono ya bogologolo [ya gore Moshe ke ene a kwadileng Dikwalo tse Tlhano tsa ga Moshe]. Tumelo ya gore mo motlheng wa ga Moshe batho ba ne ba sa itse go kwala e latofadiwa gotlhelele. Mme ngwaga le ngwaga kwa Egepeto, Palasetina le Mesopotamia, go epololwa bosupi, jwa mekwalo le jo bo mo mekoeng ya mmu, jwa gore dipolelo tsa [Dikwalo tsa Sebehera] ke rekoto ya dilo tse di diragetseng ka boammaaruri. Mme ‘bakanoki’ ba simolola go dumela kwantle ga pelaelo polelo ya bogologolo ya gore Moshe ke ene mokwadi wa dibuka tseo.”c Ka gone, le eleng bosupi bo sele bo supa fa Duteronome, mmogo le Dikwalo tse dingwe tsa Dikwalo tse Tlhano tsa ga Moshe, e le rekoto ya mmatota, e e boammaaruri eo e kwadilweng ke moperofeti wa Modimo Moshe.
SEO SE LENG MO GO DUTERONOME
10. Buka ya Duteronome e tshotse eng?
10 Bogolo jwa buka eno ke motseletsele wa dipolelo tseo Moshe a neng a di neela bana ba Iseraela mo Dipoeng tsa Moaba go lebagana le Jeriko. Ya ntlha ya dipolelo tseno e felela mo go kgaolo 4, ya bobedi e felela mo go kgaolo 26, ya boraro e tswelela go ya go kgaolo 28, mme polelo e nngwe e ya fela kwa bokhutlong jwa kgaolo 30. Go tswa foo, ka go bo a tloga a tlhokafala, Moshe o dira dithulaganyo tsa bofelo, mmogo le go rolela Joshue tiro ya botlhatlhami, a bo a kwala sefela se se monate fela thata sa go baka Jehofa, mme morago o segofatsa ditso tsa Iseraela.
11. Moshe o simolola jang polelo ya gagwe ya ntlha?
11 Polelo ya ntlha ya ga Moshe (1:1–4:49). Seno ke ketapele ya ditiragalo tse di tla tlogang di diragala. Santlha Moshe o bontsha kafa Jehofa a neng a dirisana ka boikanyegi le batho ba Gagwe ka gone. Moshe o ba bolelela gore ba ye go rua lefatshe le le saleng le solofeditswe borraabonemogologolwane Aberahame, Isake, le Jakobe. O ba bolelela kafa Jehofa a neng a dira gore tiro ya morafe oo wa bomodimo e tsamaye sentle ka gone kwa tshimologong ya mosepele wa bone wa mo nageng ka go dira gore ene Moshe, a kgethe banna ba ba botlhale, ba ba dinokopela, le ba ba nang le boitemogelo go dira jaaka dikgosana tsa batho ba ba dikete, ba ba makgolo, ba ba masomematlhano, le ba ba masome. Go ne go na le thulaganyo e ntle tota, eo e neng e tlhokometswe ke Jehofa, fa Baiseraele ba ne ba “ralala naga e kgolo e e boitshègañ euō.”—1:19.
12. Ke ditiragalo dife tse di amanang le fa go ya go tlholwa Kanana lantlha tseo morago a di gakololang batho?
12 Jaanong Moshe o ba gakolola boleo jwa bone jwa tsoulogo fa ba sena go utlwa pego ya ditlhola tseo di neng di boa kwa Kanana mme ba ngongoregela gore Jehofa o ne a ba ila, ka go bua ba re, O ne a ba ntshitse kwa Egepeto e le fela gore a tle a ba neye Baamora go ba nyeletsa. Ka baka la go tlhoka tumelo ga bone, Jehofa o ne a bolelela losika lo lo bosula loo gore go ne go sena ope wa bone, kwantle ga Kalebe le Joshue, yo o neng a tla bona lefatshe le le molemo leo. Fa a sena go ba raya jalo ba ne ba tsuologa gape, ba tenega botlhe ba bo ba ya go tlhasela mmaba wa bone ka bogabone, seo se neng sa felela fela ka gore Baamora ba ba leleke jaaka motshitshi wa dinotshe le go ba gasagasa.
13. Moshe o tlhomamisetsa Joshue gore ba tla fenya ka baka la eng?
13 Ba ne ba tsamaya mo sekakeng seo go ya go fitlha kwa Lewatleng le Lehibidu, mme mo dingwageng tse 38, losika lotlhe lwa banna bao ba ntwa lo ne lwa fela. Go tswa foo Jehofa o ne a ba laela gore ba kgabaganye le go rua lefatshe le le kwa bokone jwa Arenona, a re: “Gompiyeno ke tla simolola go tsenya poboranyo ea gago, le poicho ea gago mo dichabeñ tse di ha tlhatse ga legodimo yeotlhe hèla, tse di tla utlwañ tumedi ea gago, me di tla roroma, di tla nna mo tlaleloñ e e mahèhè ka ntlha ea gago.” (2:25) Sihone le lefatshe la gagwe di ne tsa fenngwa ke Baiseraele, mme go tswa foo bogosi jwa ga Oge le jone bo ne jwa gapiwa. Moshe o ne a tlhomamisetsa Joshue gore Jehofa o ne a tla tlhabanela Baiseraele ka tsela e e tshwanang a fenya magosi otlhe. Go tswa foo Moshe o ne a kopa Modimo gore ene ka boene ka tsela nngwe a kgabaganyetse kwa lefatsheng le le molemo go kgabaganya Joredane, mme Jehofa o ne a tswelela a ntse a ganana le seo, a mo raya a re a rolele Joshue tiro, a mo kgothatse, a bo a mo nonotshe.
14. Moshe o gatelela jang botlhokwa jwa Molao wa Modimo le kobamelo e e sa tlhakanelwang?
14 Moshe jaanong o gatelela Molao wa Modimo fela thata, a tlhagisa gore ope a seka a oketsa kana a ntsha sepe mo ditaolong tsa Gagwe. Fa ba ne ba ka tlhoka kutlo ba ne ba tla tlelwa ke masetlapelo: “U itisè hèla, me u bolokè mōea oa gago thata, gore u se lebalè dilō tse matlhō a gago a di bonyeñ, le gore di se tlogè mo peduñ ea gago ka malatsi aotlhe a botshelō yoa gago; u bo u di itsisè bana ba gago le bana ba bana ba gago.” (4:9) Ba ne ba seka ba bona sebopego sepe fa Jehofa a ne a ba bolelela Mafoko a a Somè mo maemong a a boifisang kwa Horeba. E tla bo e le go itshenya fela fa e le gore jaanong ba ka boela ba obamela medimo ya disetwa le ditshwantsho, ka gonne, jaaka Moshe a bolela, “Yehofa Modimo oa gago ke molelō o o lailañ, ke Modimo o o lehuha [“o o batlang kobamelo e e sa tlhakanelwang,” NW].” (4:24) Ke ene yo o neng a rata borraabonemogolo a ba a ba tlhopha. Ga go na Modimo ope o sele, kwa magodimong kwa godimo kana mo lefatsheng kwa tlase. Utlwang Ene, Moshe o kgothatsa jalo, “gore u lelehatsè malatsi a gago mo lehatshiñ ye Yehofa Modimo oa gago o le gu naeañ ka bosakhutleñ.”—4:40.
15. Ke thulaganyo efe e e dirwang kwa botlhaba jwa Joredane mabapi le metse ya botshabelo?
15 Morago ga go digela puo eno e e maatla, Moshe o tswelela ka go tlhaola Besere, Ramotha, le Golana gore e nne metse ya botshabelo e e kafa botlhaba jwa Joredane.
16. Polelo ya bobedi ya ga Moshe e otlelela eng?
16 Polelo ya Bobedi ya ga Moshe (5:1–26:19). Seno ke ikuelo go Baiseraele gore ba utlwe Jehofa, yo o neng a bua nabo ba lebane difatlhego kwa Sinai. Elatlhoko kafa Moshe a bolelang Molao gape ka gone a dira diphetogo fale le fale jaaka go tlhokafala, ka go dira jalo a o nyalanya le botshelo jwa bone jo bosha fa ba sena go kgabaganya Joredane. Ga se gore o bolela melawana le ditaolo fela. Lefoko lengwe le lengwe le bontsha gore mo pelong ya ga Moshe go tletse tlhagafalo le boineelo mo Modimong wa gagwe. O buelela go tshela sentle ga morafe oo. Go utlwa Molao go gatelelwa mo bukeng eo yotlhe—go utlwa go tswa pelong e e ratang, eseng ka go patelediwa.
17. Baiseraele ba tshwanetse go duela lorato leo Jehofa a lo ba bontshitseng jang?
17 Santlha, Moshe o boeletsa Mafoko a a Somè, Melao e e Lesomè, mme o bolelela Baiseraele go e obamela, gore ba seka ba ya kafa go la moja kana kafa go la molema, gore ba tle ba lelefalelwe ke malatsi a bone mo lefatsheng le gore ba tle ba ntsifale. “A u ko u utlwè, wèna, Iseraela, Yehofa Modimo oa rona ke Yehofa eo moñwe hèla.” (6:4) Pelo, moya, le maatla di tshwanetse go dirisediwa go Mo rata, mme Baiseraele ba tshwanetse go ruta barwa ba bone le go ba bolelela ditshupo tse dikgolo le dikgakgamatso tseo Jehofa a di dirileng kwa Egepeto. Ga baa tshwanela go nyalana le Bakanana ba ba obamelang medimo ya disetwa. Jehofa o kgethile Baiseraele go nna boswabotshwerwe jwa gagwe, eseng ka go bo ba ne ba le bantsi, mme eleng ka go bo a ba rata ebile a tla boloka mafoko a a a ikanetseng ao a neng a a bua le borraabonemogologolwane. Baiseraele ba tshwanetse go sa atamalane ka gope le seru sa go obamela badimona, ba tshwanetse go senya ditshwantsho tse di mo lefatsheng leo, ebile ba tshwanetse go tshwarelela mo go Jehofa, yo ruri eleng “Modimo o mogolo, o o boitshègañ.”—7:21.
18. Moshe o kgothaletsa Baiseraele go itisa mo go eng?
18 Jehofa o ne a ba kokobetsa mo dingwageng tse 40 tseo ba neng ba le mo nageng ka tsone, a ba a ruta gore motho o tshela, eseng ka mana kana senkgwe fela, mme eleng ka lefoko lengwe le lengwe le le tswang mo molomong wa ga Jehofa. Mo dingwageng tseo tsotlhe tse ba neng ba siamisiwa mo go tsone, diaparo tsa bone di ne tsa seka tsa onala, le gone dinao tsa bone di ne tsa seka tsa ruruga. Jaanong ba tloga ba tsena mo lefatsheng la khumo le motlele! Lefa go ntse jalo, ba tshwanetse go tila dirai tsa go rata dilo tse di bonalang le boiponotshiamo mme ba gakologelwe gore Jehofa ke ‘monei wa thata ya go bona khumo’ le mohumanegisa merafe ya baikepi. (8:18) Go tswa foo Moshe o bolela ka dipaka tseo Baiseraele ba neng ba kgopisa Modimo ka tsone. Ba tshwanetse go gakologelwa kafa bogale jwa ga Jehofa bo neng jwa ba tukela ka gone fa ba ne ba le mo nageng, ka go ba itaya ka dipetso go ba ja ka molelo le go ba bolaya! Ba tshwanetse go gakologelwa kobamelo ya bone e e bodisang ya namane ya gouta, eo e neng ya dira gore Jehofa a ba galefele thata le gore go dirwe dimatlana tse disha tsa Molao! (Ekes. 32:1-10, 35; 17:2-7; Dipa. 11:1-3, 31-35; 14:2-38) Eleruri jaanong ba tshwanetse go direla le go ngaparela Jehofa, yo o ileng a ba rata ka baka la borraabone mme ebile a ba dira “yaka dinaledi tsa legodimo ka bontsi.”—Dute. 10:22.
19. Ke eng se se beilweng ka phepafalo fa pele ga morafe gore o se itlhophele, mme ke melao efe eo e bolelelwang morafe ono?
19 Baiseraele ba ne ba tshwanetse go boloka “taolō eotlhe,” mme ebile ba tshwanetse go utlwa Jehofa ka botlalo, ba mo rate jaaka Modimo wa bone ba bo ba mo direle ka pelo ya bone yotlhe le ka moya wa bone otlhe. (11:8, 13) Jehofa o tla ba tshegetsa le go ba duela fa ba ka mo utlwa. Lefa go ntse jalo, ba tshwanetse go iteka ba bo ba rute bana ba bone ka tlhagafalo. Baiseraele ba boleletswe ka phepafalo seo ba tshwanetseng go se itlhophela: Kutlo e lere masego, go tlhoka kutlo go lere phutso. Ga baa tshwanela “go sala medimo e sele moragō.” (11:26-28) Go tswa foo Moshe o tlhomaganya melao e e kgethegileng eo e amang Baiseraele jaaka ba tsena mo Lefatsheng la Tsholofetso go ya go le rua. Go na le (1) melao e e amang bodumedi le kobamelo; (2) melao e e amanang le go dirisiwa ga tshiamiso, puso, le ntwa; le (3) melao e e laolang botshelo jwa batho ka bobone le jwa loago jwa batho bao.
20. Ke dintlha dife tse dikgolo tseo di tlotlomatsang melao e e amanang le kobamelo?
20 (1) Bodumedi le kobamelo (12:1–16:17). Fa Baiseraele ba tsena mo lefatsheng leo, mofuta mongwe le mongwe wa bodumedi jwa maaka—mafelo a lone a a tlotlometseng, dibeso, dipilara, medimako, le ditshwantsho—di tshwanetse go senngwa tsotlhe fela. Baiseraele ba tshwanetse go obamela fela kwa lefelong leo Jehofa Modimo wa bone a itlhophelang go baya leina la gagwe gone, mme ba tshwanetse go ipela mo go ene koo, botlhe fela. Melawana ya go ja nama le ya go ntsha ditlhabelo e akaretsa go gakololwa ga bone gangwe le gape gore ga ba a tshwanela go ja madi. “Ha e se go re, u itisè, u se ka ua ya madi, . . . U se ka ua a ya; gore go tlè go eè sentlè nau, le bana ba gago moragō ga gago, mogañ u dihañ se se molemō mo matlhoñ a ga Yehofa.” (12:16, 23-25, 27; 15:23) Jaanong Moshe o simolola go kgala kobamelo ya medimo ya disetwa a sa kgwe mathe. Baiseraele ga baa tshwanela lefa e le go batla go itse ditsela tsa bodumedi jwa maaka. Fa moperofeti mongwe a supiwa fa a le maaka, o tshwanetse go bolawa eleruri, mme batenegi bone—le eleng fa e le motho yo o rategang wa losika kana tsala, ee, le eleng fa e le batho botlhe ba ba mo motseng—ba tshwanetse go senyediwa ruri ka tsela e e tshwanang. Morago go latela melawana ya gore ke dijo dife tse di phepa le gore ke dife tse di seng phepa, go ntshiwa ga ditsabosome, le go tlhokomelwa ga Balefi. Merokotso ya bakoloti, bahumanegi le batlhanka ba ba tshwerweng di tshwanetse go sirelediwa ka lorato. Kwa bokhutlong, Moshe o gakolola batho meletlo ya ngwaga le ngwaga a re ke dinako tsa go lebogela Jehofa masego a gagwe: “Lonna lotlhe loa gago a lo bōnalè ha pele ga Yehofa Modimo oa gago gararo ka ñwaga mo heloñ ha o tla go itshenkèlañ; mo moletloñ oa senkgwè se se sa bedisiwañ, le mo moletloñ oa diweke, le mo moletloñ oa diōbō; me ba se ka ba bōnala ha pele ga Yehofa ba iphotlhere hèla.”—16:16.
21. Go newa melao efe eo e amanang le tshiamiso, mme ke boperofeti bofe jwa botlhokwa joo Moshe a bo bolelang?
21 (2) Tshiamiso, puso, le ntwa (16:18–20:20). Santlha, Moshe o bolela melao e e amang baatlhodi le batlhankedi. Tshiamiso ke selo sa botlhokwa, ereka Jehofa a ila dipipamolomo le katlholo e e sokamisitsweng. Go bolelwa ka ditsela tsa go batla bosupi le go seka dikgang tsa semolao. “Eo o laolecweñ go bolawa, a a bolawè ka molomo oa bashupi ba le babedi, kgotsa bashupi ba le bararo.” (17:6) Go tlhalosiwa melao e e amang dikgosi. Go dirwa paakanyetso ya baperisiti le Balefi. Tirisabadimo e kgalwa jaaka selo se se “makgapha mo go Yehofa.” (18:12) Fa a lebelapele mo nakong e e tlang, Moshe o bolela jaana: “Yehofa Modimo oa gago o tla gu cosetsa moperofeti mo gare ga gago, oa bana ba ga rra eno, eo o chwanañ le nna; lo reetsè èna.” (18:15-19) Lefa go ntse jalo, moperofeti wa maaka o tshwanetse go swa. Karolo eno e wela e bua ka melao e e amanang le metse ya botshabelo le go busolosiwa ga madi, mmogo le ditshwanelego tsa batho bao ba sa tshwanelang go ya bosoleng le melao ya ntwa.
22. Go tlotliwa ka melao efe eo e laolang dikgang tsa botho le tsa loago?
22 (3) Botshelo jwa batho ka bobone le jwa loago (21:1–26:19). Go tlhalosiwa ka phepafalo melao e e amang botshelo jwa letsatsi le letsatsi jwa Baiseraele e e amanang le dikgang tse di tshwanang le tsa fa motho a fitlhelwa a bolailwe, go nyala basadi ba ba mo botshwarong, ditshwanelo tsa motsalwapele, morwa yo o tsuololang, go kalediwa mo koteng ga sekebekwa, bosupi jwa gore motho ke kgarebane, melato ya tlhakanelodikobo, go fagolwa, bana ba dikgora, kafa baeng ba tshwanetseng go tshwarwa ka teng, go tlosiwa ga leswe, go duelwa ga merokotso le maikano, tlhalo, go utswiwa ga batho, dikadimano, dituelo, le go ronopa morago ga thobo. Motho gaa tshwanela go itewa go feta dithupa di le 40. Kgomo ga e a tshwanela go thijwa molomo fa go phothwa ka yone. Go kwadilwe thulaganyo ya lenyalo la seyantlo. Go tshwanetse ga dirisiwa dilekanyo tse di siameng, ka gonne Jehofa o ila tshiamololo.
23. Moshe o bontsha gore ke eng seo se tla diragalang fa batho ba Modimo ba utlwa melao ya Gagwe?
23 Pele ga a digela polelo eno ya gagwe e e mogote, Moshe o ba gakolola kafa Baamaleka ba neng ba tlhasela Baiseraele ba ba neng ba lapile ka gone ba tswa kwa morago ga bone jaaka ba ne ba tshaba kwa Egepeto, mme Moshe o laela Baiseraele gore ba “phimolèlè rure kgakologèlō ea ga Amaleka ha tlhatse ga legodimo.” (25:19) Fa ba tsena mo lefatsheng leo, ba tshwanetse go isa mabutswapele a temo ya bone ka boipelo, mme ba tshwanetse gape ba ise ditsabosome ka thapelo ya go leboga Jehofa e e reng: “A u ko u ōkōmèlè u le mo boagoñ yoa gago yo bo boitshèpō, kwa legodimoñ, me u segōhatsè batho ba gago Iseraela, le lehatshe ye u le re neileñ, yaka u nu ua ikanèla borra ba rona, lehatshe ye le èlañ mashi le dinotshe.” (26:15) Fa ba ka dira ditaolo tseno ka pelo ya bone yotlhe le moya, Jehofa ene o tla ‘ba tlotlomatsa mo merafeng yotlhe e mengwe eo a e bopileng, seo se tla felelang ka pako le tumo le bontle, fa ba itshupa e le batho ba ba itshepetseng Jehofa Modimo wa bone, fela jaaka a ba solofeditse.’—26:19.
24. Ke masego afe le diphutso tseo di bolelelwang Baiseraele mo polelong ya boraro?
24 Polelo ya boraro ya ga Moshe (27:1–28:68). Mo go eno banna bagolo ba Iseraele le baperisiti ba tshwaraganela le Moshe go bolela ka boleele diphutso tsa ga Jehofa tsa go sa utlwe le masego a go ikanyega. Go ntshiwa ditlhagiso tse dikgolo malebana le diphelelo tse di boifisang tsa go sa ikanyege. Fa Baiseraele jaaka batho ba ba boitshepo ba tswelela ka go reetsa lentswe la ga Jehofa Modimo wa bone, ba tla ipelela masego a a gakgamatsang, mme batho botlhe ba ba mo lefatsheng ba tla bona gore ba bidiwa ka leina la ga Jehofa. Lefa go ntse jalo, fa ba ka palelwa mo go seno, Jehofa o tla ba romelela “phucō, le pheretlhègō, le kgalemō.” (28:20) Ba tla welwa ke bolwetsi jo bo maswe, komelelo, le leuba; baba ba bone ba tla ba fenya le go ba dira makgoba, mme ba tla gasagasiwa le go nyelediwa mo lefatsheng la bone. Diphutso tseno, le dilo tse dingwe tse di oketsegileng, di tla ba diragalela fa ba “sa tlhōkōmele go diha mahoko aotlhe a molaō o, a a kwadilweñ mo lokwaloñ lo, gore u boihè leina ye le galalèlañ, le ye le boitshègañ ye, eboñ YEHOFA MODIMO OA [BONE].”—28:58.
25. (a) Ke kgolagano efe eo Jehofa jaanong a e dirang le Baiseraele? (b) Ke tlhopho efe eo Moshe a e bayang fa pele ga batho bano?
25 Polelo ya bonè ya ga Moshe (29:1–30:20). Jehofa jaanong o dira kgolagano ya gagwe le Baiseraele kwa Moaba. Eno e kopanyeletsa Molao, jaaka o bolelwa gape le go tlhalosiwa ke Moshe, oo o tla kaelang Baiseraele jaaka ba tsena mo Lefatsheng la Tsholofetso. Ikano e e masisi e go dirwang kgolagano ka yone e tlhalosa maikarabelo a morafe ono sentle. Kwa bokhutlong, Moshe o ikuela mo magodimong le lefatshe go mo supela jaaka a baya fa pele ga batho botshelo le loso, tshegofatso le phutso, a ba a ba kgothatsa ka go re: “Itshenkèlè botshelō, gore u tshelè, wèna le losika loa gago: Gore u ratè Yehofa Modimo oa gago, go inèla go utlwa lencwe ya gagwè, le go mo ñaparèla: gonne ke èna botshelō yoa gago, le bolele yoa malatsi a gago: gore u tlo o agè mo lehatshiñ ye Yehofa o le ikanetseñ borra eno, Aberahame, le Isake, le Yakobe, ha a tla le ba naea.”—30:19, 20.
26. Ke dithulaganyo dife tsa bofelo tseo Moshe a di dirang pele ga a tlhokafala?
26 Go naya Joshue tiro, le sehela sa ga Moshe (31:1–32:47). Kgaolo 31 e bolela kafa, morago ga go kwala Molao le go naya ditaolo tsa gore o tshwanetse go balwa phatlalatsa ka metlha, Moshe a naya Joshue tiro, a mmolelela gore a nne pelokgale le go nna thata, mme go tswa foo e bolela kafa Moshe a tlhamang sefela sa segopotso ka gone a ba a digela go kwalwa ga mafoko a Molao a ba a rulaganyetsa gore o ye go bewa go bapa le letlole la ga Jehofa la kgolagano. Morago ga moo, Moshe o bolelela phuthego yotlhe mafoko a sefela seno e le kgothatso ya bofelo.
27. Ke molaetsa ofe o o maatla o o tshotsweng ke sefela sa ga Moshe?
27 Abo sefela seno sa ga Moshe se simolola ka kanaanelo jang ne, se supa Motswedi o o lapolosang wa thuto ya gagwe! “Thutō ea me e tla rōtha yaka pula, puō ya me e tla nya yaka monyō; yaka pula ea medupe mo loremeñ, le yaka pula ea maebana mo morogoñ: Gonne ke tla ōpèla leina ya ga Yehofa mokgosi.” Ee, kayang fa “Modimo oa rona” a le mogolo, e le “Lehikwè.” (32:2-4) Bolelang ditiro tsa gagwe tse di itekanetseng, ditiro tsa gagwe tse di siameng, boikanyego jwa gagwe, tshiamo, le thokgamo. Go ne go swabisa go bo Baiseraele ba ile ba dira dilo ka tsela e e ba sentseng, lemororo Jehofa a ile a ba babalela mo sekakeng se se senang sepe seo, se se kgakgabetseng, a ba sireletsa jaaka thaka ya leitlho ja gagwe ebile a phaphasela mo godimo ga bone jaaka ntswi mo godimo ga mamphorwana a yone. O ne a nonotsha batho ba gagwe, a ba bitsa Jeshurune, “Mothokgami,” mme ba ne ba o dira lefufa ka go obamela medimo e sele mme ba nna “bana ba ba senañ boikañō.” (32:20) Pusoloso le tehetso ke tsa ga Jehofa. Ke ene yo o bolayang le yo o nayang botshelo. Fa a lootsa tšhaka ya gagwe e e lakaselang mme e nna ene yo o atlholang, eleruri o tla ipusolosetsa mo babeng ba gagwe. Abo seno se tshwanetse go tsenya tshepo mo bathong ba gagwe jang ne! Jaaka sefela seo se bolela fa se konela, ke nako ya gore “lona merahe, [lo] itumeleñ le batho ba gagwè.” (32:43) Ke motho ofe yo o mo lefatsheng yo le ka motlha a ka bokang ka bontle jo bogolo, ka maatla, le ka tlhaloso e e boteng jaaka go ntse ka sefela seno se se opelelwang Jehofa?
28. Jehofa o tlotlomadiwa jang mo tshegofatsong ya bofelo ya ga Moshe?
28 Masego a bofelo a ga Moshe (32:48–34:12). Moshe jaanong o neelwa ditaolo tsa bofelo malebana le loso lwa gagwe, mme ga a ise a fetse tirelo ya gagwe ya bomodimo. Santlha, o tshwanetse go segofatsa Baiseraele, mme fa a dira jalo, gape o galaletsa Jehofa, Kgosi ya Jeshurune, gore o benya mmogo le baitshepi ba gagwe ba ba dimilionemilione. O segofatsa ditso ka bongwe go ya ka maina a tsone mme go tswa foo Moshe o baka Jehofa jaaka Yo o kwa godimo a re: “Modimo oa bosakhutleñ ke boagō yoa gago, me kaha tlhatse go mabōgō a a sa eeñ kae.” (33:27) Go tswa foo o bua mafoko a gagwe a bofelo go morafe oo ka pelo e e tletseng kanaanelo: “U segō, wèna Iseraela: e mañ eo o chwanañ nau, e le chaba e e bolokwañ ke Yehofa.”—33:29.
29. Moshe o ne a tlhomologile ka ditsela dife?
29 Morago ga go bona Lefatshe la Tsholofetso go tswa Thabeng ya Nebo, Moshe o a tlhokafala, mme Jehofa o mo fitlha mo Moaba, mme phupu ya gagwe ga e itsiwe ke ope le gone ga e ya ka ya newa tlotlo ke ope go fitlha motlheng ono. O ne a tshela dingwaga di le 120, mme “leitlhō ya gagwè le ne le se lotobo, le thata ea gagwè ea tlhōlègō e ne e sa ñōtlèga.” Jehofa o ne a ile a mo dirisa go dira ditshupo tse dikgolo le dikgakgamatso, mme jaaka kgaolo ya bofelo e bega, go ne go ise go bo “go coge moperofeti mo Iseraela eo o chwanañ le Moshe, eo Yehofa o na a mo itse go lebanywe dihatlhōgō.”—34:7, 10.
LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA
30. Duteronome e digela Dikwalo tse Tlhano tsa ga Moshe ka tshwanelo jang?
30 Jaaka buka ya bofelo ya Dikwalo tse Tlhano tsa ga Moshe, Duteronome e tshwaraganya sengwe le sengwe se se diragetseng pele ka go bolela le go itshepisa leina le legolo la ga Jehofa Modimo. Ke ene Modimo a le esi, yo o batlang gore a obamelwe ka mo go kgethegileng ebile a sa batle go gaisana le ope ka go obamelwa le medimo ya badimona ka kobamelo ya bodumedi jwa maaka. Mo motheong ono, Bakeresete botlhe ba tshwanetse go tlhokomela ka tlhoafalo melaometheo e megolo e e tlhalosiwang ke molao wa Modimo mme ba mo utlwe e le gore a tle a seka a ba hutsa jaaka a lootsa tšhaka ya gagwe e e lakaselang go tla a ipusolosetsa mo babeng ba gagwe. Molao wa gagwe o mogolo le wa ntlha o tshwanetse go nna mosupatsela mo matshelong a bone: “U ratè Yehofa Modimo oa gago ka pelo eotlhe ea gago, le ka mōea otlhe oa gago, le ka nonohō ea gago eotlhe hèla.”—6:5.
31. Dikwalo tse dingwe tse di tlhotlheleditsweng di dirisa Duteronome jang go dira gore batho ba anaanele maikaelelo a Modimo ka botlalo?
31 Dikwalo tse dingwe di tsopola gangwe le gape mo go Duteronome go thusa batho go lemoga maikaelelo a Modimo ka botlalo. Mo godimo ga ditsopolo tsa gagwe fa a ne a fetola Moraedi, Jesu o ne a umaka dikwalo di le dintsi mo go lone. (Dute. 5:16—Math. 15:4; Dute. 17:6—Math. 18:16 le Yoh. 8:17) Go tswelela jalo go fitlha le mo go Tshenolō, koo Jesu yo o galaleditsweng kwa bokhutlong a tlhagisang gore go seka ga okediwa kana ga fokodiwa sepe mo momenong wa boperofeti jwa ga Jehofa. (Dute. 4:2—Tshen. 22:18) Petere o tsopola mo go Duteronome a otlelela mabaka a gagwe a a nonofileng a gore Jesu ke Keresete le gore ke Moperofeti yo mogolo go feta Moshe yoo Jehofa a neng a solofeditse go mo tsosa mo Iseraele. (Dute. 18:15-19—Dit. 3:22, 23) Paulo o tsopola mo go yone fa a bua kafa badiri ba tshwanetseng go duelwa ka gone, go tlhotlhomisa kgang ka botlalo ka seo se buiwang ke basupi, le kafa bana ba tshwanetseng go rutwa ka gone.—Dute. 25:4—1 Bakor. 9:8-10 le 1 Tim. 5:17, 18; Dute. 13:14 le 19:15—1 Tim. 5:19 le 2 Bakor. 13:1; Dute. 5:16—Baef. 6:2, 3.
32. Joshue, Gideone, le baperofeti ba bangwe ke dikai tse di molemo ka ditsela dife mo go rona?
32 Ga se bakwadi ba Dikwalo tsa Bokeresete fela ba ba ileng ba tsaya thuto le kgothatso mo go Duteronome, mme batlhanka ba Modimo ba metlha ya pele ga Bokeresete le bone ba ne ba dira jalo. Re dira sentle go latela sekao sa bone. Akanya ka kutlo e e feletseng e e neng ya supiwa ke motlhatlhami wa ga Moshe, ebong Joshue, fa a ne a nyeletsa metse yotlhe e e fentsweng ka nako ya fa a tlhasela Kanana, a sa tseye lefa e le thopo epe jaaka go ne ga dira Akane. (Dute. 20:15-18 le 21:23—Yosh. 8:24-27, 29) Fa Gideone a ne a ntsha botlhe bao ba neng ba ‘boifa le go roroma’ mo masoleng a gagwe o ne a dira jalo ka go utlwa Molao. (Dute. 20:1-9—Baatlh. 7:1-11) Baperofeti ba Iseraele le Juda ba ne ba bua ka sebete le ka bopelokgale ba kgala merafe e e neng a sulafalela pele ka go bo ba ne ba ikanyega mo molaong wa ga Jehofa. Amose o tlhoma sekao se se molemo sa seno. (Dute. 24:12-15—Amose 2:6-8) Eleruri, tota go na le makgolokgolo a dikai tse di lomaganyang Duteronome le Lefoko lotlhe la Modimo, ka go dira jalo di bontsha gore ke karolo ya konokono le e e nang le mosola ya Lefoko leo lotlhe le le sa ikganetseng.
33. (a) Duteronome e baka Jehofa jang? (b) Ke eng seo lenane le le latelang le se bontshang mabapi le gore merafe ya lefatshe e bona fa melaometheo ya molao wa Modimo e le botlhokwa?
33 Yone buka ya Duteronome ka boyone e bolela pako go Molaodi yo Mogolo, ebong Jehofa. Mo go yone yotlhe go gatelelwa gore: ‘Obamelang Jehofa; mo neyeng kobamelo e e feletseng.’ Lemororo Bakeresete ba sa tlhole ba tlamega go dirisa Molao, ga se gore melaometheo ya one ga e sa tlhole e dirisiwa. (Bagal. 3:19) Abo Bakeresete ba boammaaruri ba ka ithuta mo gontsi jang go tswa mo bukeng e e maatla eno ya molao wa Modimo, mo go ruteng ga yone kgato ka kgato, mo go sa lobeng sepe ga yone, le mo go kwalweng ga yone ka tsela e e sa raraanang! Ebu, le eleng merafe ya selefatshe e ile ya bona bomolemo jwa molao o mogolo wa ga Jehofa, ka go kwala bontsi jwa melawana ya Duteronome mo dibukeng tsa melao ya yone. Lenane le le latelang le naya dikai tse di kgatlhisang tsa melao eo e dirisitsweng kana e ileng ya dirisiwa jaaka melaometheo.
34. Go na le kamano efe gareng ga seo go tweng ke “Poeletso ya Molao” ono le Bogosi jwa Modimo?
34 Mo godimo ga moo, tlhaloso eno ya Molao e lebisa go Bogosi jwa Modimo ebile e dira gore bo anaanelwe thata. Jang? Fa Jesu Keresete, Kgosi E E Tlhomilweng, a ne a le mo lefatsheng o ne a itse buka eno thata a bile a e dirisa, jaaka go tsopola ga gagwe mo go yone ka botswerere go bontsha. Fa a anamisetsa puso ya ga gagwe ya Bogosi mo lefatsheng lotlhe, o tla busa go ya ka melaometheo e e siameng ya one “molaō” ono, mme botlhe bao ba tla itshegofatsang mo go ene jaaka “losika” lwa Bogosi jono ba tla tshwanelwa ke go utlwa melaometheo eno. (Gen. 22:18; Dute. 7:12-14) Go botlhokwa ebile go na le mosola gore re simolole go e utlwa gone jaanong jaana. Go na le gore go twe ga o sa tlhole o bereka, “molaō” ono o o nang le dingwaga tse 3 500 o bua le rona ka maatla a magolo, mme ebile o tla tswelela o bua go fitlha fela mo lefatsheng le lesha leo go tla bong go busa Bogosi jwa Modimo mo go lone. Ekete leina la ga Jehofa le ka tswelela le itshepisiwa gareng ga batho ba gagwe fa ba dirisa thuto yotlhe ya botlhokwa e e mo Dikwalong tse Tlhano tsa ga Moshe, tseo di fitlhang setlhoeng sa tsone ka mo go itumedisang eleruri mo go Duteronome—eo eleng karolo e e tlhotlheleditsweng le e e bileng e kgothatsa ya “lokwalō loñwe le loñwe”!
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bona lenane la “Quotations from the Old Testament” mo go The New Testament in Original Greek, ka B. F. Westcott le F. J. A. Hort, 1956, ditsebe 601-18.
b Duteronome 3:9, ntlhanyana e e kwa tlase ya NW.
c Halley’s Bible Handbook, 1988, Henry H. Halley, tsebe 56.
[Tšhate mo go tsebe 41]
MELAO MENGWE E E TSERENG MALEBELA MO GO DUTERONOMEd
I. Melao ya batho le ya lelapa Dikgaolo le Ditemana
A. Dikamano tsa batho
1. Batsadi le bana 5:16
2. Dikamano tsa lenyalo 22:30; 27:20, 22, 23
3. Melao ya tlhalano 22:13-19, 28, 29
B. Ditshwanelo tsa dithoto 22:1-4
II. Melaotheo
A. Ditshwanelego le ditiro tsa 17:14-20
kgosi
B. Melawana ya sesole
2. Batlhankedi ba babotlana 20:9
III. Tsa boatlhodi
A. Ditiro tsa baatlhodi 16:18, 20
B. Kgotlatshekelo e kgolo ya 17:8-11
boikuelo
IV. Melao ya Bokebekwa
A. Melato e e direlwang puso
1. Pipamolomo, go sokamisa 16:19, 20
katlholo
2. Go sa diragatseng ikano 5:20
B. Melato ya boitsholo
C. Melato e e direlwang motho
1. Polao le tlhaselo 5:17; 27:24
2. Petelelo le phepiso 22:25-29
V. Melao ya bopelotlhomogi
C. Go ipabalela 22:8
D. Tsela ya go tlhokomela batho 15:12-15;
[Dintlha tse di kwa tlase]
d Israel’s Laws and Legal Precedents, 1907, C. F. Kent, ditsebe vii go ya go xviii; bona gape le Insight on the Scriptures, Bol. 2, ditsebe 214-20.