Buka ya Bibela ya bo 9—1 Samuele
Bakwadi: Samuele, Gade, Nathane
Lefelo Leo E Kwaletsweng Kwa Go Lone: Iseraele
Go Wediwa ga go E Kwala: mo e ka nnang ka 1078 B.C.E.
Lobaka Lo Lo Tserweng: mo e ka nnang ka 1180–1078 B.C.E.
1. Ke phetogo efe e kgolo eo e neng ya nna gone mo ditsamaisong tsa morafe wa Iseraele ka ngwaga wa 1117 B.C.E., mme go ne go tla latela maemo afe ka baka la seo?
MO NGWAGENG wa 1117 B.C.E., go ne ga diragala namane e tona ya phetogo mo tsamaisong ya morafe wa Iseraele. Motho o ne a tlhongwa jaaka kgosi! Seno se ne sa diragala fa Samuele a ne a dira jaaka moperofeti wa ga Jehofa mo Iseraele. Lemororo Jehofa a ne a tlhagisitse kgatlhanong le seo ebile a ile a bolelelapele ka sone, fa batho ba Iseraele ba ne ba batla gore ba nne le kgosi, seo se ne sa nna sa swabisa Samuele fela thata. Ereka Samuele a ne a sale a ineetse mo tirelong ya ga Jehofa go tswa bonyaneng jwa gagwe, ebile a ne a tlotla le go sisimoga puso ya ga Jehofa, o ne a kgona go bonelapele matlhotlhapelo ao a neng a tla tlela morafe wa ga bone o o boitshepo oo wa Modimo. Samuele o ne a ba direla seo ba neng ba se batla morago fela ga gore Jehofa a mo fe taolo. “Hoñ Samuele a bolèlèla batho mokgwa oa bogosi, a ba a go kwala mo lokwaloñ, a lo baea mo polokoñ ha pele ga Yehofa.” (1 Sam. 10:25) Ka gone motlha wa go laola ga baatlhodi o ne wa khutla, ga simologa motlha wa go busa ga dikgosi tsa batho oo mo go one Baiseraele ba neng ba tla nna le maatla le seriti seo go senang morafe ope o o kileng wa nna natso, mme ga felela ka gore kwa bokhutlong ba tlelwe ke maswabi le go latlhwa ke Jehofa.
2. Ke bomang bao ba neng ba kwala buka ya Samuele wa Ntlha, mme ditshwanelego tsa bone e ne e le dife?
2 Ke mang yo o neng a tla tshwanelega go kwala pego eno ya Modimo mo lobakeng lono lwa ditiragalo tse dikgolo? Ka mo go tshwanelang, Jehofa o ne a tlhopha Samuele yo o ikanyegang go simolola go e kwala. Leina Samuele le raya “Leina la Modimo,” mme eleruri o ne a tlhomologile jaaka motlotlomatsi wa leina la ga Jehofa mo metlheng eo. Go lebega gore Samuele o ne a kwala dikgaolo tsa ntlha tse 24 tsa buka eno. Go tswa foo, fa a ne a tlhokafala, Gade le Nathane ba ne ba tsweledisa go kwala moo, ba digela rekoto ya seo se neng sa diragala mo dingwageng di sekae tseo tsa bofelo go fitlhela Saulo a tlhokafala. Seno se bontshiwa ke seo se bolelwang ke 1 Ditihalō 29:29, eo e balegang ka go re: “Me ditihō tsa kgosi Dafide, tsa pele le tsa moragō, bōnañ, di kwadilwe mo mahokuñ a ga Samuele molebi, le mo mahokuñ a ga Nathane moperofeti, le mo mahokuñ a ga Gade molebi.” Ka go sa tshwane le Dikgosi le Ditihalō, dibuka tsa Samuele ga di umake direkoto tsa pele ka gope, mme ka gone di tlhomamisa gore batho ba nako ya ga Dafide ebong Samuele, Gade, le Nathane ke bone ba kwadileng buka eo. Banna bano botlhe ka boraro e ne e le baperofeti ba ga Jehofa mme ebile ba ne ba le kgatlhanong le kobamelo ya medimo ya disetwa eo e neng e koafaditse morafe oo.
3. (a) Go tlile jang gore buka ya Samuele wa Ntlha e nne buka e e sa kopaneng le epe ya Bibela? (b) E ne ya digelwa go kwalwa leng, mme e kwadilwe mo lobakeng lo lo kana kang?
3 Kwa tshimologong dibuka tse pedi tsa Samuele e ne e le momeno o le mongwe fela, kana bolumo. Buka ya Samuele e ne ya kgaoganngwa ya dirwa dibuka tse pedi fa karolo eno ya Septuagint ya Segerika e ne e gatisiwa. Mo go Septuagint, buka ya Samuele wa Ntlha e ne e bidiwa Magosi a Ntlha. Go kgaoganngwa mo le leina Dikgosi tsa Ntlha go ne ga dirisiwa mo go Vulgate ya Selatine mme go santse go ntse jalo mo Dibibeleng tsa Sekatoliki le mo motlheng ono. Gore Samuele wa Ntlha le wa Bobedi kwa tshimologong e ne e le buka e le nngwe fela go bontshiwa ke ntlhanyana ya Ba-Masora malebana le 1 Samuele 28:24, eo e tlhalosang gore temana eno e fa gare mo bukeng ya Samuele. Go lebega buka eno e ile ya digelwa go kwalwa mo e ka nnang ka 1078 B.C.E. Ka gone buka ya Samuele wa Ntlha e ka nna ya bo e kwadilwe mo lobakeng lwa dingwaga tse di fetang lekgolo go sekae fela, go simolola ka 1180 go ya go 1078 B.C.E.
4. Go tlhomamisitswe jang gore rekoto ya buka ya Samuele wa Ntlha e boammaaruri?
4 Go na le bosupi jo bontsi jwa gore rekoto eno ke ya bonnete. Mafelo a lefatshe a go buiwang ka one a nyalana le ditiragalo tseo go bolelwang fa di ne tsa diragala mo go one. Ka mo go kgatlhisang, go tlhasela ga ga Jonathane bothibelelo jwa masole a Bafilisitia kwa Mikamashe, moo go neng ga felela ka go fenngwa mo go setlhogo ga Bafilisitia, go ne ga dirisiwa gape mo Ntweng ya Lefatshe I ke lesole lengwe la Masole a Boritane, leo go begwang fa le ne la fenya Ba-Turkey mo go setlhogo ka go latela metlhala eo e tlhalosiwang mo rekotong e e tlhotlheleditsweng ya Samuele.—14:4-14.a
5. Bakwadi ba Bibela ba ile ba supa jang gore se se buiwang ke buka ya Samuele wa Ntlha ke sa bonnete?
5 Lefa go ntse jalo, go na le bosupi jo bongwe jo bo nonofileng jwa gore buka eno e tlhotlheleditswe ebile e boammaaruri. Mo go yone go na le tiragatso e e gakgamatsang ya boperofeti jwa ga Jehofa jwa gore Baiseraele ba ne ba tla batla go nna le kgosi. (Dute. 17:14; 1 Sam. 8:5) Dingwaga di sekae moragonyana, Hosea o ne a tlhomamisa gore rekoto eo e boammaaruri, a tsopola Jehofa fa a ne a re, “Ka gu naea kgosi mo bogaleñ yoa me, me ke e tlositse mo kgakaloñ ea me.” (Hos. 13:11) Petere o ne a kaya fa buka ya Samuele e tlhotlheleditswe fa a ne a re Samuele e ne e le moperofeti yo o neng ‘a bolela ka phepafalo kaga metlha’ ya ga Jesu. (Dit. 3:24) Paulo o ne a tsopola mo go 1 Samuele 13:14 fa ka bokhutshwane a ne a umaka ditiragalo tse dikgolo tsa hisitori ya Iseraele. (Dit. 13:20-22) Jesu ka boene o ne a otlelela fa polelo eno e le boammaaruri fa a ne a botsa Bafarasai ba motlha wa gagwe a re: “A ga lo e se lo bale kaga se Dafide o se dihileñ yale, ka a bolailwe ke tlala, le ba o na a na nabō?” Go tswa foo o ne a ba bolelela polelo ya fa Dafide a ne a kopa senkgwe sa tshupelo. (Math. 12:1-4; 1 Sam. 21:1-6) Esere le ene o ne a dumela fa polelo eo e le boammaaruri, jaaka go setse go umakilwe.—1 Ditih. 29:29.
6. Ke bosupi bofe jwa Bibela ka boyone jo bo bontshang gore buka ya Samuele wa Ntlha e boammaaruri?
6 Ereka seno e le polelo ya ntlha ya ditiro tseo Dafide a neng a di dira, go umakiwa ga ga Dafide gangwe le gape mo Dikwalong tsotlhe go tlhomamisa fa buka ya Samuele e le karolo ya Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng. Ditiragalo dingwe tseo di bolelwang mo go yone di bile di umakiwa mo mafokonyaneng a a fa godimo mo dipesalemeng tsa ga Dafide, jaaka mo go Pesalema 59 (1 Sam. 19:11), Pesalema 34 (1 Sam. 21:13, 14), le Pesalema 142 (1 Sam. 22:1 kana 1 Sam. 24:1, 3). Ka gone, Lefoko la Modimo ka bolone le supa ka botlalo fa buka ya ga Samuele wa Ntlha e le boammaaruri.
SEO SE LENG MO GO SAMUELE WA NTLHA
7. Hisitori eo e leng mo bukeng eo e bua kaga matshelo a baeteledipele bafe ba Iseraele?
7 Buka eo e bua ka bontlhabongwe jwa botshelo kana botshelo jotlhe jwa baeteledipele ba banè ba Iseraele: Eli moperisiti yo mogolo, Samuele moperofeti, Saulo kgosi ya ntlha, le Dafide yo o neng a tlodiwa go nna kgosi e e latelang.
8. Go tsholwa ga ga Samuele le go nna ga gagwe ‘modihedi wa ga Jehofa’ go tlile jang?
8 Moatlhodi Eli le Samuele yo mmotlana (1:1–4:22). Fa polelo eo e simolola, re bolelelwa kaga Hana, mosadi wa ga Elekana wa Molefi yo a neng a mo rata thata. Ga a na ngwana mme mo polelong eno o sotliwa ke mosadi yo mongwe wa ga Elekana, ebong Penina. Fa lelapa leo le etela kwa Shilo jaaka le dira ngwaga le ngwaga, koo go nang le letlole la kgolagano ya ga Jehofa gone, Hana o rapela Jehofa ka tlhoafalo a kopa ngwana wa mosimane. O solofetsa gore fa thapelo ya gagwe e ka arabiwa, o tla ntsha ngwana yoo go nna modihedi wa ga Jehofa. Modimo o araba thapelo ya gagwe, mme o tshola ngwana wa mosimane, Samuele. Fela fa a sena go mo kgwisa, o mo lere mo ntlong ya ga Jehofa a ba a mo neela moperisiti yo mogolo, ebong Eli, go mo tlhokomela jaaka ‘yo o reboletsweng Jehofa.’ (1:28) Go tswa foo Hana o itlhalosa ka koma ya malebogo le boitumelo. Mosimanyana yoo a simolola go “dihèla Yehofa ha pele ga Eli moperisiti.”—2:11.
9. Go tla jang gore Samuele e nne moperofeti mo Iseraele?
9 Eli o na le mathata. O setse a tsofetse, mme barwa ba gagwe ba babedi ba fetogile diramatla tse di tlhobogilweng fela tseo di neng “[di] sa itse Yehofa.” (2:12) Ba dirisa maemo a bone a boperisiti go kgotsofatsa bopelotshetlha jwa bone le boitsholo jwa bone jo bo sa siamang. Eli o palelwa ke go ba kgalemela. Ka jalo Jehofa o simolola go ntsha melaetsa ya bomodimo a kgalemela ba ntlo ya ga Eli, a ba tlhagisa ka go re ga go na go “nna monna oa mocohe mo tluñ ea gago” le gore barwa ba ga Eli ka bobedi ba tla swa ka letsatsi le le lengwe fela. (1 Sam. 2:30-34; 1 Dikg. 2:27) Kwa bokhutlong, O romela mosimanyana Samuele kwa go Eli go ya go mmolelela molaetsa o o tlhabang eleruri wa katlholo. Ka gone Samuele yo mmotlana o newa maemo a go nna moperofeti mo Iseraele.—1 Sam. 3:1, 11.
10. Jehofa o diragatsa katlholo ya gagwe jang mo go bantlo ya ga Eli?
10 Fa nako e ntse e tsamaya Jehofa o diragatsa katlholo eno ka go dira gore ba tlhaselwe ke Bafilisitia. Fa ntwa e befa kgatlhanong le Iseraele, Baiseraele, ba tlhaba mokgosi, ba lere letlole la kgolagano go tswa kwa Shilo go tla mo bothibelelong jwa bone. Fa Bafilisitia ba utlwa go goa moo ba bo ba utlwalela gore Baiseraele ba lerile Letlole mo bothibelelong jwa bone, ba ithatafatsa ba bo ba fenya ka mo go gakgamatsang, ba fenya Baiseraele mo go botlhoko. Ba gapa Letlole leo, mme barwa ba babedi ba ga Eli ba a tlhokafala. Pelo ya ga Eli e ya roroma fa a begelwa jalo. Fa a bolelelwa ka Letlole, o wela kwa morago mo setulong sa gagwe a bo a bolawa ke go robega molala. O digela dingwaga tsa gagwe tse 40 e le moatlhodi ka tsela e e ntseng jalo. Eleruri, “Kgalalèlō e [ne e] tlogile mo go Iseraela,” ka gonne Letlole le ne le emela gore Jehofa o ne a le gare ga batho ba gagwe.—4:22.
11. Go supega jang gore Letlole leo ga se pheko?
11 Moatlhodi Samuele mo Iseraele (5:1–7:17). Jaanong go tla nako ya gore Bafilisitia le bone ba itse ka bohutsana gore Letlole la ga Jehofa ga le a tshwanela go dirisiwa jaaka pheko. Fa ba tsenya Letlole leo mo tempeleng ya ga Dagone kwa Ashedoda, modimo wa bone o wela fa fatshe ka sefatlhego. Mo letsatsing le le latelang Dagone o wela fa fatshe gape fa serepoding, mme ka nako eno o kgaoga tlhogo mmogo le diatla. Ke gone kafa Bafilisitia ba neng ba simolola go nna le tlwaelo ya tumelobotlhodi ya go ‘sa gate serepodi sa ga Dagone.’ (5:5) Bafilisitia ba itlhaganelela go isa Letlole leo kwa Gata, mme morago ba le isa kwa Ekerona, mme gotlhe ga seka ga thusa sepe! Ba ne ba nna mo pogong ka baka la letshogo, ditlhagala, le sebetso sa dipeba. Barena ba Bafilisitia, ka ba ne ba sa tlhole ba itse se ba ka se dirang ka batho ba ne ba nnela go swa, ba ne ba busetsa Letlole leo kwa Iseraele ba le pegile mo kolotsaneng e ntšha eo e neng e gogwa ke dikgomo tse pedi tse di neng di amusa. Kwa Bethe-shemesha Baiseraele bangwe ba ne ba welwa ke matlhotlhapelo ka baka la go bo ba ne ba okomela mo Letloleng leo. (1 Sam. 6:19; Dipa. 4:6, 20) Kwa bokhutlong, Letlole leo le ne la bewa mo ntlong ya ga Abinadabe mo motseng wa Balefi wa Kiriatha-yearima.
12. Go nna le masego afe morago ga Samuele a sena go buelela kobamelo e e siameng?
12 Letlole leo le nna mo ntlong ya ga Abinadabe dingwaga di le 20. Samuele, yo o neng a setse a le monna jaanong, o kgothaletsa Baiseraele go latlha ditshwantsho tsa ga Baale le eleng tsa ga Ashetarotha mme ba direle Jehofa ka dipelo tsa bone tsotlhe. Ba dira fela jalo. Jaaka ba kopanela go obamela kwa Misepa, barena ba Bafilisitia ba dirisa tshono eno go tlhabana nabo mme ba tlhasela Baiseraele ba santse ba itebetse. Baiseraele ba ikuela kwa go Jehofa ka Samuele. Modumo o mogolo wa maru o o tswang kwa go Jehofa o jesa Bafilisitia mokaikai, mme Baiseraele, ba nonotshitswe ke setlhabelo seo ba neng ba se ntsha le go rapela, ba fenya ka phenyo e kgolo. Go simolola ka nako eo go ya pele, ‘letsogo ja ga Jehofa le ne la tswelela go tlhabana le Bafilisitia mo botshelong jotlhe jwa ga Samuele.’ (7:13) Lefa go ntse jalo, Samuele ga a na boikhutso. O tswelela ka go nna moatlhodi mo Iseraele mo botshelong jotlhe jwa gagwe, ngwaga le ngwaga a eta go tswa kwa Rama, fela kwa bokone jwa Jerusalema, a ya kwa Bethele, Gilegala, le Misepa. O agela Jehofa sebeso kwa Rama.
13. Iseraele o gana go busiwa ke Jehofa jaaka Kgosi jang, mme Samuele o tlhagisa kgatlhanong le diphelelo dife?
13 Kgosi ya Iseraele ya ntlha, Saulo (8:1–12:25). Samuele o setse a tsofetse jaaka modiredi wa ga Jehofa, mme barwa ba gagwe ga ba tsamaye mo ditseleng tsa ga rraabone, ka gonne ba amogela dipipamolomo ba bile ba sokamisa katlholo. Ka nako eno banna bagolo ba Iseraele ba atamela Samuele mme ba mo kopa jaana: “Bōna, u cohetse, me bomorwao ga ba sepele mo ditseleñ tsa gago: me yana, ra re, Re dihèlè kgosi, gore e re atlholè yaka merahe eotlhe.” (8:5) Samuele o botsa Jehofa ka thapelo, a tshwenyegile fela thata. Jehofa o araba ka go re: “Ga baa gana wèna, ba gannè nna, gore ke se ka ka nna kgosi ea bōnè. . . . Ke gōna yana, reetsa lencwe ya bōnè.” (8:7-9) Lefa go ntse jalo, santlha Samuele o tshwanetse go ba tlhagisa kgatlhanong le diphelelo tse di botlhoko tsa kopo ya bone ya botsuolodi: gore ba tla gatelelwa ke batho bangwe, ba tla tlamega go ntsha makgetho, ba tla latlhegelwa ke kgololesego, le gore kgabagare ba tla nna le bohutsana jo bogolo ba bo ba lelele Jehofa. Batho bao ga ba boe ka morago mo dikeletsong tsa bone, mme ba nna ba batla go nna le kgosi.
14. Saulo o tsetsepediwa jang mo bogosing jwa gagwe?
14 Jaanong re kopana le Saulo, morwa Kishe wa lotso lwa Benjamine ebile e le monna yo montle le yo moleele go gaisa batho botlhe mo Iseraele. O kaelwa ke Samuele, yo o mo nayang tlotla ka go dira moletlo, a mo tlotsa, mme go tswa foo a mo itsise Baiseraele botlhe ba ba kgobokaneng kwa Misepa. Lemororo lantlha Saulo a iphitlha mo gare ga dithoto, kwa bokhutlong o bewa fa pele ga batho jaaka yo o kgethilweng ke Jehofa. Samuele o boela gape a gakolola Baiseraele gore tota yo o tshwanetseng go ba busa ke mang, ka go kwala seo mo bukeng. Lefa go ntse jalo, boemo jwa ga Saulo jaaka kgosi bo nonofa fela morago ga a sena go fenya Baamona, a falotsa batho mo tikanyetsong ya kwa Jabesha kwa Gileade, mme batho ba mo tlhomamisa jaaka kgosi kwa Gilegala. Samuele o ba kgothatsa gape gore ba boife, ba direle, ba bo ba utlwe Jehofa, mme o kopa Jehofa gore a romele sesupo ka go nesa pula e e ditladi mo pakeng e e sa tshwanelang ka nako ya thobo. Jehofa o supa fa a ba galefetse ka go bo ba ganne gore a nne Kgosi ya bone, ka go dira ditshupo tse di boifisang.
15. Ke boleo bofe jwa boikgodiso joo bo felelang ka go tlhobosega ga ga Saulo?
15 Go tlhoka kutlo ga ga Saulo (13:1–15:35). Jaaka Bafilisitia ba ntse ba tswelela go tshwenya Baiseraele, morwa Saulo yo o pelokgale Jonathane o kgemetha Bafilisitia kwa bothibelelong bongwe jwa masole a bone. Go ipusolosetsa mo go seno, baba ba bone ba romela matsholo a masole, ba bantsi ‘jaaka moshawa wa lewatle,’ mme ba thibelela kwa Mikemasha. Balaodi ba Iseraele ba tshwenyegile fela thata. ‘Ekete Samuele o ka tla go re bolelela seo Jehofa a re kaelang go se dira!’ Ereka Saulo a ne a fela pelo go letela Samuele, o leofa ka go isa setlhabelo ka boene a ipagololela mogodu. Ka bokhutshwane fela Samuele o a goroga. O bolela katlholo ya ga Jehofa, a kgaphela kwa thoko maipato a a sa utlwaleng a ga Saulo a re: “Me yanoñ bogosi yoa gago ga bo ketla bo nnèla rure: Yehofa o itshenketse monna eo o nntseñ kaha peduñ ea gagwè; e bile Yehofa o mo laoletse go nna kgōsana ea batho ba gagwè, ka u nu u se ka ua tshegetsa se Yehofa o se gu laoletseñ.”—13:14.
16. Mafega a ga Saulo a lere mathata afe?
16 Jonathane, a tlhagafaletse leina la ga Jehofa, o tlhasela setlhopha sa masole a tshireletso a Bafilisitia gape, ka nako eno a na le motsholadibetsa wa gagwe fela, mme mo nakong e khutshwane ba kgemetha banna ba ka nna 20. Thoromo ya lefatshe e tlhakatlhakanyetsa baba bao pele. Ba fenngwa mo go botlhoko, ba konatelelwa ke Baiseraele mo ba tlhokang kgoro ya botso. Lefa go ntse jalo, Baiseraele ga ba kgone go ba fenya ka botlalo ka go bo Saulo a ne a itlhaganelela go ikanela gore batlhabani ba gagwe ba seka ba ja go fitlhela tlhabano e fela. Banna bao ba lapa ka bofefo mme ba bo ba leofela Jehofa ka go ja nama ya diphologolo tse di bolailweng di sa tshololwa madi ka botlalo. Fa e le ka Jonathane, ene o ne a ile a tshwara logaba ka go ja tswina ya dinotshe pele ga a utlwa ikano eo, eo ka bopelokgale a kgalang gore batho ba bo ba thibetswe go ja ka baka la yone. O gololwa mo losong ke batho ka go bo a ile a thusa Baiseraele thatathata ka go ba boloka.
17. Saulo o tlhobosiwa jang gape morago ga teofo e nngwe gape e e masisi?
17 Jaanong go tla nako ya go diragatsa katlholo ya ga Jehofa mo Baamalekeng ba ba bosula. (Dute. 25:17-19) Ba tshwanetse go nyelediwa gotlhelele. Ga go a tshwanelwa ga sadisiwa sepe, lefa e le motho ope kana phologolo. Ga go a tshwanela ga thopiwa sepe. Sengwe le sengwe se tshwanetse go lalaanngwa. Lefa go ntse jalo, Saulo ka go tlhoka kutlo o boloka Agage, kgosi ya Baamaleka, le letsomane le matlhape a dikgomo tse di nonneng go gaisa tse dingwe a ipaya yo o tlileng go di ntshetsa Jehofa setlhabelo. Seno se itumolola Modimo wa Iseraele fela thata moo a tlhotlheletsang Samuele go bolelela Saulo labobedi fa a sa amogele se a se dirileng. Samuele o mmolelela jaana, a tlhokomologa maipato a ga Saulo a go tlhabiwa ke ditlhong: “A Yehofa o ka itumèlèla dichupèlō tse di hisiwañ le ditlhabèlō, yaka a itumèlèla go akèla lencwe ya ga Yehofa? Bōna, go utlwa go molemō bogolo go go isa chupèlō . . . Ereka u gannè lehoko ya ga Yehofa, le èna o gu gannè go tlhōla u nna kgosi.” (1 Sam. 15:22, 23) Go tswa foo Saulo o otlololela letsogo la gagwe go tshwara Samuele a bo a kgaola kojana ya gagwe. Samuele o mo tlhomamisetsa gore Jehofa o tla dira fela jalo eleruri ka go phamola bogosi mo go Saulo mme a bo naya monna yo o botoka. Samuele o phamola tšhaka ka boene, o bolaya Agage, a ba a hularela Saulo, mme a seka a tlhola a bua nae gape.
18. Jehofa o kgetha Dafide a lebile eng?
18 Go tlodiwa ga ga Dafide, bonatla jwa gagwe (16:1–17:58). Go tswa foo Jehofa o kaela Samuele go ya kwa ntlong ya ga Jese mo Bethelehema wa Juda go ya go kgetha le go tlotsa yo o neng a tla nna kgosi mo nakong e e tlang. Barwa ba ga Jese ba tlhatlhobiwa ka bongwe ka bongwe mme ga go na ope wa bone yo o amogelwang. Jehofa o gakolola Samuele ka go re: “Yehofa ga a bone yaka motho a bōna: gonne motho o leba bokahantlè, me Yehofa o leba pelo.” (16:7) Kwa bokhutlong, Jehofa o supa fa a amogela Dafide, yo a leng mmotlana mo go bone botlhe, yo o tlhalosiwang fa “a le mohibidu, me a ba a le montlè mo sehatlhogoñ, a le popègō e ntlè go leywa,” mme Samuele o mo tlotsa ka lookwane. (16:12) Moya wa ga Jehofa jaanong o tla mo go Dafide, mme Saulo o simolola go nna le moya o o bosula.
19. Ke phenyo efe e Dafide a nnang nayo fela kwa tshimologong ka leina la ga Jehofa?
19 Bafilisitia ba simolola go tlhasela Baiseraele gape, ba eteletsa mogaka wa bone, ebong Goliathe pele, yo o neng a le seganka sa dimetara tse 2,9 ka boleele. Monna yoo o ne a le mmele o mogolo thata mo eleng gore moitshomelo wa gagwe wa phemelo o ne o le bokete jwa dikilogerama di le 57 mme lerumo la gagwe le le bokete jwa dikilogerama di le 6,8. (17:4, 5, 7) Letsatsi le letsatsi Goliathe yono o ne a gwetlha Baiseraele go kgetha monna mongwe gore ba mo lere go tla go tlhabana nae, a dira jalo ka go tlhapatsa Modimo wa bone le go ba nyatsa, mme ga seka ga fetola ope. Saulo o ne a roroma mo mogopeng wa gagwe. Lefa go ntse jalo, Dafide o utlwalela ka ditshotlo tsa Mofilisitia yoo. Ereka a ne a gaketse ka tshwanelo ebile a tlhotlheleditswe go nna pelokgale, Dafide o khutsa ka go re: “Mofilisitia eo o sa rupañ eo, ea bo e le mañ ha e tla bo ne ne hano a kgōba dintwa tsa Modimo o o tshedileñ?” (17:26) Dafide o bololela go ya tlhabanong, a gana go apara diaparo tsa phemelo tsa ga Saulo ka go bo a ne a ise a ko a di dirise go le pele, mme o tsamaya a tshotse kgetsana ya modisa, motsekedi, le majana a a borethe a le matlhano. Fa Goliathe a tlhaetsa mosimanyana yono matlho gore ga se yo o ka tlhabanang nae, o hutsa Dafide. Ga tla phetolo e e tletseng tshepo e e reng: “U tla kwa go nna ka chaka, le ka lerumō, le ka putlèla: me nna ke tla kwa go wèna mo ineñ ya ga Yehofa oa mashomōshomō.” (17:45) Dafide o mo konopa ka lentswe le le lengwe fela ka motsekedi a le lebagantse sentle, mme mogaka yoo wa Bafilisitia o phutlakanela fa fatshe! A bonwa sentle ke mephato e mebedi e e lwantshanang, Dafide o sianela kwa go ene, o tsaya tšhaka ya seganka seo a bo a kgaola tlhogo ya mong wa yone ka yone. Abo Jehofa a ile a ba golola jang ne! Abo go ne ga nna le boitumelo jo bogolo mo bothibelelong jwa Iseraele jang ne! Jaanong ereka mogaka wa bone a sule, Bafilisitia ba simolola go tshaba, mme Baiseraele ba ba itumetseng ba ba leleka ka lobelo lo logolo.
20. Boikutlo jwa ga Jonathane mo go Dafide bo fapaana jang le jwa ga Saulo?
20 Saulo o tsoma Dafide (18:1–27:12). Bopelokgale jwa ga Dafide mo go emeleng leina la ga Jehofa bo dira gore a nne le botsalano jo bo gakgamatsang le mongwe. Motho yoo ke Jonathane, yo e leng morwa Saulo mme ebile e le yo ka tlholego a neng a tshwanetse go nna kgosi morago ga gagwe. Jonathane o simolola go mo “rata yaka a ithata,” mo ka bobedi jwa bone ba neng ba dira kgolagano ya botsala. (18:1-3) Fa Dafide a simolola go tuma thata mo Iseraele, Saulo ka bogale o senka go mmolaya, le eleng ka nako ya fa a mo naya morwadie Mikale go mo nyala. Bobaba jwa ga Saulo bo oketsega mo e nnang jwa botsenwa fela, mo eleng gore kwa bokhutlong Dafide o iphalotsa a thusiwa ke Jonathane yo o lorato. Banna ba babedi bao baa lela fa ba kgaogana, mme Jonathane o boa a tlhomamisa gore o tla ikanyega go Dafide, a re: “Yehofa o tla nna gare ga me nau, le gare ga losika lwa me le losika loa gago ka bosakhutleñ.”—20:42.
21. Ke ditiragalo dife tse di diragalang fa Dafide a tshaba Saulo?
21 Fa a ntse a le mo lobelong lwa go tshaba Saulo yo o galefileng, Dafide le setlhopha sa gagwe se sebotlana sa baemanokeng ba gagwe ba ba neng ba bolailwe ke tlala ba goroga mo Noba. Fa a fitlha fano Moperisiti Ahimeleke, fa a sena go tlhomamisediwa gore Dafide le banna ba gagwe ga baa iteswafatsa ka basadi, o ba letlelela go ja senkgwe sa tshupelo. Ereka jaanong a ne a tshotse tšhaka ya ga Goliathe, Dafide o tshabela kwa Gata kwa kgaolong ya Filisitia koo a itirang jaaka yo o tsenwang gone. Go tswa foo o ya kwa legageng la Adulama, a ba a ya kwa Moaba, mme moragonyana, ka kgakololo ya ga Gade moperofeti, o boela kwa lefatsheng la Juda. Ereka a ne a boifa gore batho ba tla mo tsogologela mme ba ya le Dafide, Saulo yo o neng a tsentshiwa ke lefufa o dira gore Doege wa Moedoma a ganyaole baperisiti botlhe mo Noba, go falola Abiathare fela yo o neng a ya go ema le Dafide. O nna moperisiti wa setlhopha seo.
22. Dafide o bontsha jang fa a ikanyega go Jehofa ebile a tlotla phuthego ya Gagwe?
22 Jaaka motlhanka yo o ikanyegang wa ga Jehofa, Dafide jaanong o tlhabana le Bafilisitia ka katlego a le mo sekgweng. Lefa go ntse jalo, Saulo o santse a sa ipone tsapa mo letsholong la gagwe la go batla go tshwara Dafide, o kgobokanya banna botlhe ba gagwe ba ntwa a bo a mo tsoma “mo nageñ ea Enegedi.” (24:1) Dafide, moratwa wa ga Jehofa, ka nako tsotlhe o a bo a ntse a le kgakajana le bakonateledi ba gagwe. Mo lekgetlong lengwe o nna le tshono ya go kgemetha Saulo, mme o a itshwara, a kgaola kojana ya seaparo sa ga Saulo fela a mo supetsa gore o ne a sa batle go mmolaya. Dafide o tshwenyega fela thata ka baka la seno lemororo a sa mo gobatsa ka gope, ka gonne o ikutlwa gore ga a direla motlodiwa wa ga Jehofa sentle. Abo a na le tlotlo e kgolo jang ne mo phuthegong ya ga Jehofa!
23. Abigaile o tima bogale jwa ga Dafide jang mme kwa bokhutlong a bo a nna mosadi wa gagwe?
23 Lemororo fano jaanong go kwadilwe gore Samuele o tlhokafetse (25:1), mokwadi yo o mo tlhatlhamang o tsweledisa pego eo. Dafide o kopa gore Nabale, wa Maona mo Juda, a mo fe dijo le banna ba gagwe a lebogela go tsalana ga bone le badisa ba ga Nabale. Nabale o ‘kgalemela banna ba ga Dafide ka go ba goelela fela,’ mme Dafide o tlhomelela go ya go mo otlhaya. (25:14) Ereka mosadi wa ga Nabale, ebong Abigaile, a lemoga fa ba le mo kotsing, o isetsa Dafide dijo ka sephiri a bo a agisana nae. Dafide o mo segofaletsa tiro ya gagwe ya botlhale mme o mmusetsa kwa gae ka kagiso. Fa Abigaile a bolelela Nabale seo se diragetseng, o kgaoga pelo, mme o tlhokafala malatsi a le lesome moragonyana. Jaanong Dafide ka boene o nyala Abigaile yono yo o pelontle le yo montle .
24. Dafide o boloka botshelo jwa ga Saulo jang gape?
24 Saulo o ipoeletsa gape la boraro a gakaletse go tshwara Dafide, mme Dafide o mmontsha kutlwelobotlhoko gape. “Borōkō yo bogolo yo bo cwañ mo go Yehofa” bo wela Saulo le banna ba gagwe. Seno se kgonisa Dafide go tsena mo bothibelelong jwa ga Saulo le go tsaya lerumo la gagwe, mme o itshwara gore a seka a tsholeletsa “motlodiwa oa ga Yehofa” seatla. (26:11, 12) Dafide o patelesega labobedi go tshabela kwa Bafilisitieng, mme ba mo abela go nna kwa Sikelaga. O boloka masole a gagwe a boiphemelo fano gore a seka a bolawa ke baba ba bangwe ba Baiseraele.
25. Ke boleo bofe jwa boraro jo bo masisi joo Saulo a bo dirang?
25 Bokhutlo jwa ga Saulo morago ga go ipolaya (28:1–31:13). Barena ba Bafilisitia ba kopanya masole a bone ba bo ba ya kwa Shunema. Saulo le ene, ka go ba ipaakanyetsa, o ya go ema kwa Thabeng ya Gileboa. O batla kaelo mo go Jehofa a sa itse se a ka se dirang mme ga a bone karabo epe. O eletsa gore ekete o ne a ka buisana le Samuele! Saulo o dira boleo jo bongwe gape jo bo masisi fa a ya go batla mosadi yo o dirisanang le badimo kwa Enedora, ka kwa morago ga bothibelelo jwa Bafilisitia, a ikgakantse. Fa a sena go mmona, o mo kopa gore a mmuelele le Samuele. Ereka a rata go dira diphetso a ise a akanye, Saulo o setse a tsaya gore sedimo seo a se bonang ke Samuele yo o tlhokafetseng. Lefa go ntse jalo, “Samuele yoo” ga a tsholela kgosi eno molaetsa o o gomotsang. O ne a tla tlhokafala mo letsatsing le le latelang, mme fela jaaka Jehofa a ne a boletse, bogosi jwa gagwe bo ne bo tla tsewa mo go ene. Mo bothibelelong jo bongwe, barena ba Bafilisitia ba ya go tlhabana. Fa ba bona Dafide le banna ba gagwe ba le gareng ga bone, baa ba belaela ba bo ba ba busetsa gae. Banna ba ga Dafide ba goroga mo Sikelaga ka nako! Batlhasedi ba Baamaleka ba thopile balelapa la ga Dafide le dithoto tsa gagwe le banna ba gagwe, mme Dafide le banna ba gagwe baa ba leleka, mme dilo tsotlhe di busediwa gae go sa senyega sepe.
26. Puso ya matlhotlhapelo ya kgosi ya ntlha ya Iseraele e khutla jang?
26 Ntwa jaanong e simolola go lowa mo Thabeng ya Gileboa. Baiseraele ba fenngwa mo go botlhoko, mme Bafilisitia ba gapa mafelo otlhe a ba ka fenyang sentle ba le mo go one. Jonathane le barwa ba bangwe ba ga Saulo ba a bolawa, mme Saulo yo o gobetseng thata o ipolaya ka tšhaka ya gagwe. Bafilisitia ba ba fentseng ba kaletsa ditopo tsa bo Saulo le bomorwawe ba bararo mo dipoteng tsa motse wa Bethe-shana, mme banna ba Jebesha-gileada baa e pagolola gore e seka ya nna mo seemong se se tlhabisang ditlhong seo. Puso ya matlhotlhapelo ya kgosi eo ya ntlha ya Iseraele e fela jalo ka mo go utlwisang botlhoko.
LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA
27. (a) Eli le Saulo ba ile ba tlhaela fa kae? (b) Samuele le Dafide ke dikao tse di molemo go balebedi le badiredi ba babotlana gompieno ka ditsela dife?
27 Abo mo bukeng ya ga Samuele wa Ntlha go na le ditiragalo tsa botlhokwa jang ne! E senola ditlhaelo mmogo le bokgoni jwa Baiseraele, e sa fitlhe sepe mo ntlheng nngwe le nngwe. Mo go yone go buiwa ka baeteledipele ba le banè ba Iseraele, ba le babedi e le ba ba neng ba utlwa molao wa Modimo mme ba babedi e le ba ba sekang ba dira jalo. Elatlhoko kafa Eli le Saulo ba neng ba retelelwa ka gone: Wa ntlha o ne a tlhokomologa go tsaya kgato, mme wa bofelo o ne a ipagololela mogodu. Ka go sa tshwane nabo, Samuele le Dafide ba ne ba bontsha fa ba ne ba rata tsela ya ga Jehofa go tswa fela kwa bonyaneng jwa bone, mme ba ne ba atlanegelwa ke dilo ka baka la seo. Abo re fitlhela dithuto tse di nang le mosola jang ne tsa balebedi botlhe mono! Abo go tlhokega jang ne gore bano ba nitame, ba etsetlhoko gore mo phuthegong ya ga Jehofa go nne le bophepa le thulaganyo, ba tlotla dithulaganyo tsa gagwe, ba le pelokgale, ba le maikutlo a a lekalekaneng, ba le sebete, mme ba le pelonomi mo go ba bangwe! (2:23-25; 24:5, 7; 18:5, 14-16) Elatlhoko gape gore banna ba babedi bao ba neng ba atlega ba ne ba nnile le lesego la go katisiwa sentle ka tsela ya bomodimo go tswa bonyaneng jwa bone gape ba ne ba le pelokgale go tswa bonyaneng jwa bone go bua molaetsa wa ga Jehofa le go diragatsa maikarabelo ao ba neng ba a abetswe. (3:19; 17:33-37) Ekete baobamedi botlhe ba basha ba ga Jehofa gompieno ba ka nna “bo Samuele” le “bo Dafide” ba babotlana!
28. Kutlo e gatelelwa jang, mme ke kgakololo efe ya Samuele wa Ntlha e e boelediwang moragonyana ke bakwadi ba bangwe ba Bibela?
28 Mafoko a a tshwanetseng go gakologelwa sentlentle mo mafokong otlhe a a molemo ano a buka eno ke ao Jehofa a neng a tlhotlheletsa Samuele go a bua fa a ne a atlhola Saulo ka go bo a ne a paletswe ke go ‘phimolela ruri kgakologelo ya Baamaleka fa tlase ga legodimo.’ (Dute. 25:19) Thuto ya gore ‘go utlwa go botoka go na le go ntsha setlhabelo’ e boelediwa mo ditiragalong tse di farologaneng mo go Hosea 6:6, Mika 6:6-8, le Mareko 12:33. (1 Sam. 15:22) Ke ga botlhokwa gore le rona gompieno re solegelwe molemo ke rekoto e e tlhotlheleditsweng eno ka go utlwa lentswe la ga Jehofa Modimo wa rona ka botlalo le ka mo go feletseng! Gape re tlhokomedisiwa gore re tshwanetse go nna kutlo ka go tlotla boitshepo jwa madi mo go 1 Samuele 14:32, 33. Go ja nama eo madi a yone a sa tshololwang ka tshwanelo go ne go tsewa jaaka “go leohèla Yehofa.” Seno se dira le mo phuthegong ya Bokeresete, jaaka go phepafaditswe mo go Ditihō 15:28, 29.
29. Buka ya Samuele wa Ntlha e bontsha matswela a phoso efe eo e neng ya dirwa ke morafe wa Iseraele, mme e ntsha tlhagiso efe malebana le batho ba ba bogoma?
29 Buka ya Samuele wa Ntlha e bontsha phoso e e swabisang eo morafe oo o neng wa e dira ka go tsaya puso ya Modimo e e tswang kwa legodimong jaaka e e senang mosola. (1 Sam. 8:5, 19, 20; 10:18, 19) Mamena le bosenangmosola jwa puso ya motho di supilwe ke ditiragalo tse di kwadilweng mmogo le boperofeti. (8:11-18; 12:1-17) Kwa tshimologong go bontshiwa fa Saulo e ne e le monna yo o boikobo yo o neng a na le moya wa Modimo (9:21; 11:6), mme o ne a tloga a seka a atlhola dilo sentle a bo a nna peloemaswe jaaka go rata ga gagwe tshiamo le tumelo ya gagwe mo Modimong di ne di ngotlega. (14:24, 29, 44) Rekoto ya gagwe ya kwa tshimologong ya botlhaga e ne ya phimolwa ke ditiro tsa gagwe tsa moragonyana tsa boikgodiso, go tlhoka kutlo, le go sa ikanyegeng mo Modimong. (1 Sam. 13:9; 15:9; 28:7; Esek. 18:24) Go tlhoka tumelo ga gagwe go ne ga tsala go sa babalesegeng, a bo a senyegela pele ka go nna bogagapa, go nna le kilo, le go nna mmolai. (1 Sam. 18:9, 11; 20:33; 22:18, 19) O ne a bolawa ke seo a neng a se dirile mo botshelong, eleng go swabisa Modimo wa gagwe le batho ba gagwe, mme ebile a swa e le tlhagiso go ope fela yo o ka nnang “bogōma” jaaka a ne a dira.—2 Pet. 2:10-12.
30. Ke dinonofo dife tsa ga Samuele tse di ka tlhagolelwang ke badihedi ba motlha wa gompieno mme tsa ba tswela mosola?
30 Lefa go ntse jalo, phapaanong le seo bangwe ba ne ba dira se se molemo. Ka sekai, elatlhoko botshelo jwa ga Samuele yo o ikanyegang, yo o neng a direla Iseraele botshelo jotlhe jwa gagwe kwantle ga tsietso, go tlhaola batho, kana go mpampetsa ope. (1 Sam. 12:3-5) O ne a tlhoafaletse go nna kutlo go tswa fela kwa bonyaneng jwa gagwe (3:5), a le maitseo ebile a na le tlotlo (3:6-8), a dira ditiro tsa gagwe ka boikanyego (3:15), a sa reketle mo boineelong jwa gagwe le tirelo (7:3-6; 12:2), a iketleeleditse go reetsa (8:21), a ikemiseditse go tlotlomatsa diphetso tsa ga Jehofa (10:24), a nitame mo katlholong ya gagwe go sa kgathalesege gore mang ke mang (13:13), a na le kutlo ka botlalo (15:22), a tsweleletse mo go diragatseng thomo (16:6, 11). Gape e ne e le motho yo o buiwang molemo ke ba bangwe. (2:26; 9:6) Go direla a sa le mosha ga gagwe ga go a tshwanela go kgothatsa ba babotlana fela go tsenelela tirelo gompieno (2:11, 18) mme gape go tswelela ga gagwe kwantle ga go ipona tsapa go ya go fitlha fela mo malatsing a gagwe a bofelo go tshwanetse ga tshegetsa bao ba setseng ba koafaditswe ke botsofe.—7:15.
31. Jonathane e ne e le sekao se se molemo mo go eng?
31 Go tswa foo go na le sekao se se molemolemo sa ga Jonathane. O ne a seka a bontsha bopelompe bope mo go Dafide ka baka la go bo Dafide a ne a tloleditswe bogosi joo ene Jonathane a ka bong a bo jele boswa. Go na le moo, o ne a lemoga dinonofo tse di molemo tsa ga Dafide mme a dira kgolagano ya botsala nae. Bao ba direlang Jehofa ka boikanyegi gompieno ba ka agana le go kgothatsana fa ba ka nna badirimmogo ba ba seng bogagapa ka tsela e e tshwanang.—23:16-18.
32. Ke mekgwa efe e e molemo eo e tshwanetseng go elwatlhoko mo mosading yo o neng a bidiwa Hana le yo o neng a bidiwa Abigaile?
32 Basadi bone, ba na le sekao se se molemo sa ga Hana, yo o neng a pata monna wa gagwe ka metlha go ya kwa lefelong la kobamelo ya ga Jehofa. E ne e le mosadi yo o ratang go rapela, yo o boikokobetso, yo o neng a kgaogana le morwa wa gagwe a sa batle go nna motlhanka wa mafoko a gagwe ebile a bontsha fa a ne a anaanela bopelonomi jwa ga Jehofa. Eleruri o ne a duelwa ka mo go gakgamatsang fa a ne a bona morwa yono a direla Jehofa botshelo jotlhe jwa gagwe mme a bile a nna le matswela. (1:11, 21-23, 27, 28) Mo godimo ga moo, go na le sekao sa ga Abigaile, yo o neng a bontsha boikobo jwa sesadi le tlhaloganyo mo Dafide a neng a bo a mmaka ka ntlha ya gone mme moragonyana a bo a nna mosadi wa gagwe.—25:32-35.
33. Lorato lo lo bontshitsweng ke Dafide kwantle ga poifo le boikanyegi di tshwanetse go re kgothaletsa go tsaya tsela efe?
33 Lorato lo Dafide a neng a rata Jehofa ka lone lo tlhalosiwa ka mo go tshikinyang maikutlo mo dipesalemeng tseo Dafide a neng a di kwala fa Saulo, “motlodiwa oa ga Yehofa” yo o sulafetseng, a ne a mo lelekile mo nageng. (1 Sam. 24:6; Pes. 34:7, 8; 52:8; 57:1, 7, 9) Mme abo Dafide a ne a itshepisa leina la ga Jehofa ka kanaanelo e e amang pelo jang ne fa a ne a mo femela mo mosotling yo o neng a bidiwa Goliathe! “Nna ke tla kwa go wèna mo ineñ ya ga Yehofa oa mashomōshomō . . . Yehofa o tla gu tsenya mo seatleñ sa me gompiyeno; . . . gore lehatshe yeotlhe le itse ha go na le Modimo oa Iseraela: Le go re, phuthègō e, eotlhe, e itse ha Yehofa a sa golole ka chaka le ka lerumō: gonne tlhabanō ke ea ga Yehofa, me o tla lo tsenya mo seatleñ sa rona.” (1 Sam. 17:45-47) Dafide, “motlodiwa” wa ga Jehofa, yo o pelokgale le yo o ikanyegang, o ne a tlotlomatsa Jehofa jaaka Modimo wa lefatshe lotlhe le Motswedi o le osi wa boammaaruri wa poloko. (2 Sam. 22:51) Ekete le rona ka metlha re ka latela sekao sa gagwe sa botlhokapoifo!
34. Maikaelelo a ga Jehofa ka Bogosi a lemotshega jang gape mo go Dafide?
34 Ke eng seo buka ya Samuele wa Ntlha e se bolelang kaga ditiragalo tse di lebisang go maikaelelo a Bogosi jwa Modimo? Ee, seno se re lere go ntlha ya konokono ya buka eno ya Bibela! Ka gonne ke fano re kopanang le Dafide, yo leina la gagwe kwantle ga pelaelo le rayang “Moratwa.” Dafide o ne a ratwa ke Jehofa ebile a kgethilwe jaaka “monna eo o nntseñ kaha peduñ ea gagwè,” e le ene yo o neng a tshwanela go nna kgosi mo Iseraele. (1 Sam. 13:14) Ka gone, bogosi bo ne jwa fetela go lotso lwa Juda, tumalanong le tshegofatso ya ga Jakobe mo go Genesise 49:9, 10, mme bogosi joo bo ne bo tshwanetse go nnela ruri mo lotsong lwa Juda go fitlhela go tla Mmusi yo batho botlhe ba neng ba tshwanetse go mo utlwa.
35. Go ne ga tla jang gore leina la ga Dafide le tsamaisane le lwa Losika lwa Bogosi, mme ke dinonofo dife tsa ga Dafide tseo Losika loo lo santseng lo tla di bontsha?
35 Mo godimo ga moo, leina Dafide le amanngwa le Losika lwa Bogosi, yo le ene a neng a tsholelwa mo Bethelehema ebile e le wa losika lwa ga Dafide. (Math. 1:1, 6; 2:1; 21:9, 15) Yoo ke Jesu Keresete yo o galaleditsweng, “Tau, eo o leñ oa locō loa Yuda, Mocwe oa ga Dafide,” le “mocwe oa ga Dafide, le lotsalō loa gagwè, naledi e e phatsimañ ea moshō.” (Tshenolō 5:5, 22:16) Fa a setse a busa ka maatla a Bogosi, ‘morwa yono wa ga Dafide’ o tla bontsha tlhomamo yotlhe le bopelokgale tseo di neng tsa bontshiwa bagologolwane ba gagwe ba ba tlhomologileng fa a tlhabana le baba ba Modimo go ba lalaanya botlhe le go itshepisa leina la ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe. Abo re tshepile Losika leo la Bogosi thatathata jang ne!
[Dintlha tse di kwa tlase]
a The Romance of the Last Crusade, 1923, Mookamelamasole Vivian Gilbert, ditsebe 183-6.