Buka ya Bibela ya bo 11—1 Dikgosi
Mokwadi: Jeremia
Lefelo Leo E Kwaletsweng kwa go Lone: Jerusalema le Juda
Go Wediwa ga go E Kwala: 580 B.C.E.
Lobaka Lo Lo Tserweng: mo e ka nnang ka 1040–911 B.C.E.
1. (a) Kgatelopele e kgolo ya Iseraele e ne ya felela ka go senyega jang? (b) Lefa go le jalo, ke ka ntlhayang fa Dikgosi tsa Ntlha di ka tlhalosiwa jaaka tse di ‘tlhotlheleditsweng di bile di le mosola’?
GO FENYA ga ga Dafide go ne go atolositse puso ya Iseraele go ya go fitlha kwa melelwaneng e e neng e laotswe ke Modimo, go tswa kwa nokeng ya Euferatese kwa bokone go ya kwa nokeng ya Egepeto kwa borwa. (2 Sam. 8:3; 1 Dikg. 4:21) Fa Dafide a setse a sule mme go busa morwawe Solomone, “ba Yuda le ba Iseraela ba bo ba le bantsi, yaka moshawa o o ha lewatleñ ka bontsi, ba ya ba nwa ba diha mokete hèla.” (1 Dikg. 4:20) Solomone o ne a busa ka botlhale jo bogolo, botlhale joo bo neng bo feta kgakala jwa Bagerika ba bogologolo. O ne a agela Jehofa tempele e ntlentle. Lefa go ntse jalo, le eleng ene Solomone o ne a fapogela mo go obameleng medimo ya maaka. Fa a sena go tlhokafala bogosi bo ne jwa kgaogana sebedi, mme dikgosi tse di bosula tse di neng tsa latelelana tseo di neng di busa mo magosing a a sa utlwaneng a Iseraele le Juda di ne tsa dira ditiro tse di bosula, di leretse batho pogo, fela jaaka Samuele a ne a boleletse pele. (1 Sam. 8:10-18) Mo dikgosing tse 14 tse di neng tsa busa mo Juda le mo Iseraele morago ga fa Solomone a sena go tlhokafala le jaaka go tlhalosiwa mo bukeng ya Dikgosi tsa Ntlha ke di le pedi fela tse di neng tsa atlega mo go direng se se siameng mo matlhong a ga Jehofa. A pego eno ‘e tlhotlheleditswe le go nna mosola’? Ruriruri go ntse jalo, jaaka fa re tla bona kafa e nayang kgakololo ka gone, boperofeti jwa yone le ditshwantsho, le kafa e amanang ka gone le setlhogo se segolo sa Bogosi sa ‘lokwalo longwe le longwe.’
2. Go tlile jang gore Dikgosi tsa Ntlha le tsa Bobedi di kgaoganngwe go nna memeno e mebedi, mme di ne tsa kwalwa jang?
2 Buka ya Dikgosi kwa tshimologong e ne e le momeno o le mongwe fela, kana bolumo, mme e ne e bidiwa Mela·khimʹ (Dikgosi) ka Sehebera. Baranodi ba Septuagint ba ne ba e bitsa Ba·si·leiʹon, “Magosi,” mme ke bone ba ntlha ba ba e kgaogantseng ka memeno e le mebedi gore e tle e nne motlhofo. Moragonyana di ne tsa bidiwa Dikgosi tsa Boraro le tsa Bonè, seo eleng yone tsela eo Dibibela tsa Katoliki di ntseng di tsweletse go di bitsa ka yone go fitlha gompieno. Lefa go ntse jalo, di setse jaanong di itsiwe e le Dikgosi tsa Ntlha le tsa Bobedi. Di farologana le Samuele wa Ntlha le wa Bobedi kafa di umakang mekwalo ya pele e mokwadi a tsereng tshedimosetso mo go yone. Mokwadi mongwe fa a ntse a phutha dibuka tse pedi, o lebisa “mo lokwaloñ loa ditihalèlō tsa dikgosi tsa Yuda,” ga 15 mme o lebisa “mo lokwaloñ loa ditihalèlō tsa dikgosi tsa Iseraela” ga 18, le “mo lokwaloñ loa ditihō tsa ga Solomone.” (1 Dikg. 15:7; 14:19; 11:41) Lemororo mekwalo eno e mengwe ya bogologolo e ile ya latlhega gotlhelele, e e tlhotlheleditsweng yone e santse e le gone—pego e e mosola ya Dikgosi tsa Ntlha le tsa Bobedi.
3. (a) Ke mang yoo kwantle ga pelaelo a kwadileng Dikgosi, mme ke ka ntlhayang fa o araba jalo? (b) Go kwalwa ga yone go ne ga wediwa leng, mme Dikgosi tsa Ntlha di tsere lobaka lo lokae?
3 Ke mang yo o kwadileng dibuka tsa Dikgosi? Go bua ga tsone thata ka ditiro tsa baperofeti, segolobogolo Elija le Elisha, go supa gore e ne e le moperofeti wa ga Jehofa. Go tshwana ga puo e e kwadilweng ka yone, kafa e tlhamilweng ka gone, le mokgwa, tsotlhe di akantsha gore e kwadilwe ke mokwadi yo o kwadileng buka ya Jeremia. Go na le mafoko a le mantsi a Sehebera le ditlhaloso tse di tlhagelelang fela mo go Dikgosi le Jeremia, mme di se mo bukeng epe gape ya Bibela. Lefa go ntse jalo, fa e le gore Jeremia o kwadile dibuka tsa Dikgosi, ke ka ntlhayang fa a sa umakiwe mo teng? Go ne go sa tlhokege, ka go bo ditiro tsotlhe tsa gagwe di ne di setse di akareditswe mo bukeng eo e bidiwang ka leina la gagwe. Mo godimo ga moo, buka ya Dikgosi e ne e kwaletswe go tlotlomatsa Jehofa le kobamelo ya Gagwe, eseng go godisa leina la ga Jeremia. Mme ebile, buka ya Dikgosi le ya Jeremia ke tseo ka kakaretso di kopanetseng kgang, e nngwe e tlatsa ka seo se tlogetsweng ke e nngwe. Mme gape, go na le dipego tse di tshwanang, jaaka, ka sekai, 2 Dikgosi 24:18–25:30 le Yeremia 39:1-10; 40:7–41:10; 52:1-34. Ditiragalo tsa Bajuda di tiisetsa gore Jeremia ke ene a kwadileng Dikgosi tsa Ntlha le tsa Bobedi. Ga go belaetse gore o ne a simolola go kwala dibuka tseo tsoopedi mo Jerusalema, mme go bonala gore buka ya bobedi e ne ya fetsa go kwalwa kwa Egepeto mo e ka nnang ka 580 B.C.E., ereka jaana a umaka ditiragalo tsa ngwaga oo fa a digela lokwalo lwa gagwe. (2 Dikg. 25:27) Dikgosi tsa Ntlha di tsweletsa hisitori ya Iseraele go tloga fa Samuele wa Bobedi e felelang gone di bo di tswelela go ya go fitlha go 911 B.C.E., fa Jehoshafate a ne a tlhokafala.—1 Dikg. 22:50.
4. Hisitori e e ikwaletsweng ke batho le thutamarope e tlhomamisa Dikgosi tsa Ntlha jang?
4 Buka ya Dikgosi tsa Ntlha e tshwanela sentle go bo e le karolo ya Dikwalo tse di boitshepo, ka go bo e amogelwa ke batho botlhe. Mo godimo ga moo, ditiragalo tse di kwadilweng mo bukeng ya Dikgosi tsa Ntlha di gatisediwa ke dihisitori tsa mafatshe a Egepeto le Asiria. Thutamarope le yone e tshegetsa dipolelo di le dintsi tse di mo bukeng eno. Ka sekai, mo go 1 Dikgosi 7:45, 46 re bala go re Hirame o ne a direla tempele ya ga Solomone dijana tsa kgotlho “mo lobaleñ loa Yoredane, . . . ha gare ga Sukotha le Sarethana.” Baithutamarope bao ba ileng ba epa mo lefelong la Sukotha wa bogologolo ba ile ba epolola bosupi jwa gore go ne go direlwa tiro ya go tlhaolosa tshipi koo.a Mo godimo ga moo, ditshwantsho tse di gabilweng mo loboteng lwa tempele kwa Karenake (Thebesa wa bogologolo) di supa tlhaselo e kgosi ya Egepeto Sheshonk (Shishake) a neng a e dira mo Juda, e go buiwang ka yone mo go 1 Dikgosi 14:25, 26.b
5. Ke bosupi bofe jo bo tlhotlheleditsweng joo bo supang go nna boammaaruri ga Dikgosi tsa Ntlha?
5 Go umakiwa ga buka ya Dikgosi tsa Ntlha ke bakwadi ba bangwe ba Bibela le go diragadiwa ga boperofeti jwa yone go tshegetsa gore ke ya boammaaruri. Jesu o ne a bua kaga ditiragalo tsa nako ya ga Elija le kaga motlholagadi wa Sarefatha jaaka dilo tseo di diragetseng ka mmatota. (Luke 4:24-26) Fa a ne a bua ka Johane Mokolobetsi, Jesu o ne a re: “Ke èna Eliya eo o bileñ a tla.” (Math. 11:13, 14) Fano Jesu o ne a lebisitse mo boperofeting jwa ga Malaki, yo le ene a neng a bua ka letsatsi le le tlang a re: “Bōnañ, ke tla roma Eliya moperofeti kwa go lona pele, motlha o mogolo le o o boitshègañ oa ga Yehofa o e se o tle.” (Mal. 4:5) Jesu le ene o ne a supela kaga gore buka ya Dikgosi tsa Ntlha ke karolo ya Dikwalo ka go lebisa go seo se kwadilweng mo bukeng eno kaga Solomone le kaga kgosigadi ya kwa borwa.—Math. 6:29; 12:42; bapisa 1 Dikgosi 10:1-9.
SEO SE LENG MO GO DIKGOSI TSA NTLHA
6. Solomone o nna mo setulong sa bogosi kafa tlase ga maemo afe, mme o tlhomamisiwa ka nitamo mo bogosing jwa gagwe jang?
6 Solomone o nna kgosi (1:1–2:46). Rekoto ya Dikgosi tsa Ntlha e simolola ka go tlhalosa ka nako ya fa Dafide a le gaufi le go tlhokafala fa a ntse a atamela kwa bokhutlong jwa puso ya gagwe ya dingwaga tse 40. Morwawe yo o bidiwang Adonija, a thusiwa ke ramasolemogolo Joabe le Abiathare moperisiti, ba loga segwenegwene sa go gapa bogosi. Moperofeti Nathane o itsise Dafide kaga seno mme ka go sa mo tlhamalaletse o mo gakolola gore o setse a tlhophile Solomone go nna kgosi morago ga loso lwa gagwe. Dafide jaanong o raya moperofeti Sadoke a re a tlotse Solomone jaaka kgosi, le eleng le fa balogi ba segwenegwene ba ntse ba tsweletse pele go ipelela go ja boswa ga ga Adonija ka moletlo. Dafide jaanong o laela Solomone gore a nne thata mme a itshupe e le monna yo o tsamayang mo ditseleng tsa ga Jehofa Modimo wa gagwe, mme morago ga go dira jalo Dafide o a tlhokafala mme o fitlhwa “mo motsiñ oa ga Dafide.” (2:10) Kgabagare Solomone o leleka Abiathare a bo a bolaya dilalome tse go tweng Adonija le Joabe. Moragonyana, Shimei o bolaelwa go itlhokomolosa kutlwelobotlhoko e e neng e dirilwe go sireletsa botshelo jwa gagwe. Solomone jaanong o na le nonofo e e tletseng mo bogosing.
7. Ke thapelo efe ya ga Solomone eo Jehofa a e arabang, mme go felela jang ka Iseraele?
7 Solomone o busa ka botlhale (3:1–4:34). Solomone o ikgolaganya le Egepeto ka go nyala morwadia Faro. O rapela Jehofa gore a mo fe pelo e e boikobo gore a tle a atlhole batho ba ga Jehofa ka botlhale. Ereka jaana a sa kope botshelo jo boleele kana dikhumo, Jehofa o mo solofetsa gore o tla mo naya pelo e e botlhale le e e nang le temogo mme le one mahumo le kgalalelo. Mo tshimologong ya puso ya gagwe, Solomone o supa botlhale fa basadi ba babedi ba tla kwa go ene ba lwela ngwana a le mongwe fela. Solomone o raya banna ba gagwe a re “kgaoganyañ ñwana eo o tshedileñ ha gare” mme lo neele mosadi mongwe le mongwe mohama. (3:25) Fa go nna jaana yo eleng mmangwana totatota fa a utlwa seno o lelela gore ngwana a seka a bolawa, a re bogolo a tsewe ke mosadi yo mongwe. Jalo Solomone o kgona go lemoga gore totatota yo eleng mmaagwe ke mang, mme ke ene a neelwang ngwana. Ka ntlha ya botlhale jo Solomone a bo filweng ke Modimo, Baiseraele baa tlhogonolofala le go itumela le go bolokesega. Batho ba le bantsi ba ba tswang kwa mafatsheng a mangwe ba tla go utlwa mafoko a a botlhale a ga Solomone.
8. (a) Solomone o tswelela ka go aga tempele jang? Tlhalosa dikarolo tse dingwe tsa yone. (b) Ke dithulaganyo dife gape tsa go aga tseo a di tsweledisang pele?
8 Tempele ya ga Solomone (5:1–10:29). Solomone o gakologelwa mafoko ano a Jehofa a a reileng Dafide rraagwe: “Morwao, eo ke tla mmaeañ mo setuloñ sa gago sa bogosi mo boemoñ yoa gago, o tla agèla leina ya me ntlo.” (5:5) Ka jalo Solomone o baakanyetsa go dira seno. Hirame kgosi ya Ture o thusa ka go romela dikota tsa mosedara le mojunipere go tswa kwa Lebanona ebile gape o thusa ka badiri ba ba itseng tiro. Banna bano, mmogo le badiri ba ba romilweng ke Solomone, ba simolola go aga ntlo ya ga Jehofa mo ngwageng wa bonè wa puso ya ga Solomone, mo ngwageng wa bo 480 morago ga go tswa ga Baiseraele kwa Egepeto. (6:1) Ga go dirisiwe dihamore, dilepe, kana didirisiwa dipe fela tse di dirilweng ka tshipi mo go agelwang gone ka jaana majana otlhe aa baakanngwa le go betliwa kwa a epiwang teng pele a isiwa kwa tempele e tla agwang teng. Bokafateng jotlhe jwa tempele, joo pele bo apesiwang ka mosedare mo dikotswaneng le logong lwa mojunipere mo bodilong, bo kgabisiwa gape ka go apesiwa ka gouta. Go dirwa ditshwantsho di le pedi tsa ditšheruba tseo di dirilweng ka logong lwa setlhare sa ole, nngwe le nngwe e le dikubita di le lesome (4,5m) ka boleele le dikubita di le lesome go tswa kafa ntlheng ya lefuka le lengwe go ya kafa ntlheng ya le lengwe, mme tseno di tsenngwa mo kamoreng e e mo tengteng. Ditšheruba tse dingwe, mmogo le ditshwantsho tse dingwe tse di dirilweng ka setlhare sa makolane le dithunya, di gabiwa mo dikotswaneng tsa tempele. Kgabagare, tempele eo e e tsabakelang eo e tsereng dingwaga di le supa e ntse e agiwa, jaanong e a digelwa. Solomone o tswelela pele ka tiro ya go aga: o ikagela ntlo, o aga Ntlo ya Sekgwa sa Lebanona, Mokatako wa Maotwana, Mokatako wa Setulo sa Bogosi, le ntlo ya ga morwadia Faro. Go tswa foo o dira dipilara di le pedi tse dikgolo tsa kgotlho a di direla mokatako wa ntlo ya ga Jehofa, lewatle je le nyerolositsweng la lolwapa, le ditlhomo tsa kgotlho, mmogo le dijana tsa kgotlho le dijana tsa gouta.c
9. Jehofa o ne a itshupa jang mme ke thapelo efe ya ga Solomone eo e tshwayang go tlisiwa ga letlole la kgolagano?
9 Jaanong ke nako ya gore baperisiti ba tlise letlole la kgolagano ya ga Jehofa mme ba le tsenye mo kamoreng e e kwa tengteng, Boitshepo jwa Maitshepo, kafa tlase ga diphuka tsa ditšheruba. Fa baperisiti ba tswa, ‘kgalalelo ya ga Jehofa e tlala ka ntlo ya ga Jehofa,’ mo baperisiti ba sa kgoneng go ema ba direla. (8:11) Solomone o segofatsa phuthego eno ya Baiseraele, mme o a e segofatsa a ba a baka Jehofa. A khubame ka mangole ebile diatla tsa gagwe a di tsharolositse di le kwa godimo, o tlhalosa mo thapelong gore le magodimo a magodimo ga a kgone go tshola Jehofa, mme ntlo e a e agileng ya selefatshe yone ga e kake ya kgona. O rapela gore Jehofa a utlwe bao ba mmoifang jaaka ba rapela ba lebile ntlo e, ee, le eleng batho ba sele ba ba tswang kwa dinageng tse di kgakala gore ba “itse leina ya gago, go tla ba gu boiha, yaka batho ba gago ba Iseraela.”—8:43.
10. Jehofa o araba thapelo ya ga Solomone ka tsholofetso efe le tlhagiso efe ya boperofeti?
10 Mo moletlong wa malatsi a le 14 a a latelang, Solomone o dira setlhabelo sa dikgomo di le 22 000 le dinku di le 120 000. Jehofa o bolelela Solomone gore O utlwile thapelo ya gagwe le gore o itshekisitse tempele ka go ‘baya leina la Gagwe gone ka bosakhutleng.’ Jaanong, fa Solomone a ka tswelela a tsamaya ka thokgamo fa pele ga ga Jehofa, setulo sa segosi sa bogosi jwa gagwe se tla tswelela. Lefa go ntse jalo, fa Solomone le barwa ba gagwe ba ba tla tlang morago ga gagwe ba tlogela kobamelo ya ga Jehofa mme ba direla medimo e mengwe, he, Jehofa a re, “Hoñ ke tla tlosa ba Iseraela mo lehatshiñ ye ke le ba neileñ; le ntlo e, e ke e itshepiseditseñ leina ya me, ke tla e latlha e cwa mo ponoñ ea me; me ba Iseraela ba tla nna seane le lehoko ya chotlō mo dichabeñ cotlhe. Me leha ntlo e, e godile yana, leha go nntse yalo [e tla nna marope fela].”—9:3, 7, 8.
11. Dikhumo tsa ga Solomone le botlhale jwa gagwe di ntsifala go le kana kang?
11 Go ne go tsere Solomone dingwaga di le 20 go fetsa dintlo tseno tse pedi, ntlo ya ga Jehofa le ntlo ya kgosi. Jaanong o ne a tswelela a aga metse e le mentsi mo nageng yotlhe e a neng a e busa, mmogo le dikepe tseo a neng a tla di dirisetsa go gweba le mafatshe a a kgakala. Ka gone kgosigadi ya Sheba e utlwa ka botlhale jo bogolo joo Jehofa a bo neileng Solomone, mme e tla go mo leka ka dipotso tse di thata. Morago ga go mo utlwa le go bona go tswelela ga gagwe le boitumelo jwa batho ba gagwe, o bua jaana: “Leha e le bontlha ñwe ke ne ke sa bo bolèlèlwa.” (10:7) Jaaka Jehofa a tswelela go bontsha Iseraele lorato, Solomone o tswelela go “gaisa dikgosi cotlhe tsa lehatshe ka dikhumō le ka botlhale.”—10:23.
12. (a) Solomone o palelwa mo go eng, mme ke botsuolodi bofe jo bo simololang go bonala? (b) Ahija o perofesa eng?
12 Go sa ikanyegeng ga ga Solomone le loso lwa gagwe (11:1-43). Solomone o tlola molao wa ga Jehofa mme o nyala basadi ba le bantsi ba merafe e sele—basadi ba le 700 le bagadingwana ba le 300. (Dute. 17:17) Ba timetsa pelo ya gagwe gore a direle medimo e sele. Jehofa o mmolelela gore bogosi jwa gagwe bo tla tlosiwa mo go ene, mme eseng mo motlheng wa gagwe, mme mo motlheng wa morwawe. Mme lefa go ntse jalo, karolo nngwe ya bogosi joo, ebong lotso lwa Juda le lo longwe gape, e tla busiwa ke barwa ba ga Solomone. Modimo o simolola go tsosa batho ba ba lwang kgatlhanong le Solomone mo merafeng e e fa gaufi, mme Jeroboame wa lotso lwa ga Eferaime o ikgoletsa kgatlhanong le kgosi. Moperofeti Ahija o bolelela Jeroboame gore o tla nna kgosi ya ditso tse di lesome tsa Iseraele, mme Jeroboame o tshabela kwa Egepeto go boloka botshelo jwa gagwe. Solomone o tlhokafala morago ga go busa ka dingwaga di le 40, mme morwawe Rehoboame o nna kgosi mo ngwageng wa 997 B.C.E.
13. Bogosi bo ne jwa kgaogana jang fa Rehoboame a simolola go busa, mme Jeroboame o ne a leka go sireletsa bogosi jwa gagwe jang?
13 Bogosi bo a kgaoganngwa (12:1–14:20). Jeroboame o boa kwa Egepeto mme o kopana le batho go ya go kopa Rehoboame gore a ba tlhofofaletse mokgweleo otlhe oo Solomone a neng a o ba rwesitse. Rehoboame ka a ne a reetsa banna ba ba sa leng babotlana go na le go reetsa kgakololo ya banna ba bagolo mo Iseraele, o oketsa mokgweleo wa bone. Baiseraele ba a tsuologa mme ba dira Jeroboame kgosi ya ditso tse di lesome tse di kwa bokone. Ka Rehoboame a ne a setse fela ka Juda le Benjamine, o phutha masole go lwa le batsuolodi bao, mme o boela kwa morago ka taolo ya ga Jehofa. Jeroboame o aga Shekema jaaka moshate wa gagwe, mme o ikutlwa a ntse a sa sireletsega. O tshaba gore batho ba tla boela ba ya go obamela Jehofa kwa Jerusalema le gore ba tla busiwa gape ke Rehoboame. Go thibela seno, o tlhoma dinamane tse pedi tsa gouta, e nngwe kwa Dana le e nngwe kwa Bethe-ela, mme o tlhopha baperisiti eseng mo lotsong lwa ga Lefi mme go tswa mo bathong fela ka kakaretso go tlhokomela kobamelo eo.d
14. Ke tlhagiso efe ya seperofeti eo e bolelwang kgatlhanong le ntlo ya ga Jeroboame, mme go ne ga simolola bobaba bofe?
14 Fa Jeroboame a ntse a isa setlhabelo fa sebesong kwa Bethe-ela, Jehofa o roma moperofeti go mo tlhagisa gore O tla tsosa kgosi e e bidiwang Josia go tswa mo losikeng lwa ga Dafide, yo o tla tsayang kgato e e gagametseng kgatlhanong le dibeso tsa kobamelo ya maaka. Sebeso seo se senngwa gone fela foo e le sesupo sa dilo tse di tla diragalang. Moperofeti yoo moragonyana o bolawa ke tau ka go bo a ne a sa reetsa taolo ya ga Jehofa ya gore a seka a ja kana a nwa fa a le mo tirong. Ntlo ya ga Jeroboame jaanong e simolola go tlelwa ke masetlapelo. Ngwana wa gagwe o a swa ka ntlha ya katlholo e e tswang kwa go Jehofa, mme moperofeti Ahija o bolelela pele gore ntlo ya ga Jeroboame e tla nyelediwa yotlhe ka ntlha ya boleo jwa gagwe jo bogolo jwa go tlhoma medimo ya maaka mo Iseraele. Jeroboame o tlhokafala morago ga go busa dingwaga di le 22, mme morwawe Nadabe o nna kgosi mo boemong jwa gagwe.
15. Ke ditiragalo dife tseo di neng tsa diragala mo pusong ya dikgosi tse tharo tse di latelang tsa Juda?
15 Kwa Juda: Rehoboame, Abijame, le Asa (14:21–15:24). Fa go ntse go le jalo, Juda e e busiwang ke Rehoboame, le yone e ntse e dira bosula fa pele ga matlho a ga Jehofa, e obamela medimo ya disetwa. Kgosi ya Egepeto e a e tlhasela mme e tsaya dikhumo di le dintsi tsa tempele. Rehoboame o tlhokafala morago ga go busa dingwaga tse 17, mme morwawe Abijame o nna kgosi. Le ene o tswelela ka go leofela Jehofa, mme o tlhokafala morago ga go busa ka dingwaga di le tharo. Go busa morwawe Asa jaanong, mme go farologana le ene, o direla Jehofa ka pelo yotlhe mme a tlosa medimo yotlhe ya disetwa mo nageng. Go na le ntwa e e sa feleng fa gare ga Iseraele le Juda. Asa o kopa thuso kwa Siria, mme Baiseraele ba tshwanelwa ke go boela kwa morago. Asa o busa ka dingwaga di le 41 mme o latelwa ke morwawe Jehoshafate.
16. Ke ditiragalo dife tse di sa iketlang tseo di diragalang mo Iseraele, mme ka ntlhayang?
16 Kwa Iseraele: Nadabe, Baashe, Ela, Simeri, Tibeni, Omeri, le Ahabe (15:25–16:34). A lesomo le le boikepo! Baashe o bolaya Nadabe morago ga gore a buse ka dingwaga di le pedi fela mme o tswelela pele a bolaya ntlo yotlhe ya ga Jeroboame. O tswelela pele ka kobamelo ya maaka le go lwa le Juda. Jehofa o bolelela pele gore o tla nyeletsa ntlo yotlhe ya ga Baashe, fela jaaka ene a dirile ka ya ga Jeroboame. Morago ga puso ya dingwaga di le 24 ya ga Baashe, o latelwa ke morwawe Ela, yoo a bolawang dingwaga di le pedi moragonyana ke motlhanka wa gagwe Simeri. Fela fa a sena go nna mo setulong sa bogosi, Simeri o bolaya botlhe ba ntlo ya ga Baashe. Fa batho ba utlwa ka seno, ba dira Omeri, kgosana ya mephato, go nna kgosi, mme o tlhasela Tiresa, moshate wa ga Simeri. Fa a bona gore o latlhegetswe ke gotlhe, Simeri o jewa ke molelo mo ntlong ya kgosi e a e tshubileng, mme o a swa. Tibeni o leka go tlhoma mmuso wa gagwe o o kgatlhanong le kgosi, mme morago ga lobakanyana balatedi ba ga Omeri baa mo fekeetsa mme baa mmolaya.
17. (a) Puso ya ga Omeri e tshwaiwa ka eng? (b) Ke ka ntlhayang fa kobamelo ya boammaaruri e koafala thata mo pusong ya ga Ahabe?
17 Omeri o reka thaba ya Samaria mme o aga motse wa Samaria koo. O tsamaya fela mo ditseleng tsa ga Jeroboame, a galefisa Jehofa ka kobamelo ya medimo ya disetwa. Mme tota, o feta botlhe ba bangwe ba ba tlileng pele ga gagwe ka bosula. O tlhokafala morago ga go busa ka dingwaga di le 12, mme morwawe Ahabe o nna kgosi. Ahabe o nyala Jesebele, morwadia kgosi ya Sidone, mme o tlhoma sebeso sa ga Baale mo Samaria. O feta botlhe bao ba tlileng pele ga gagwe ka bosula. Ke ka yone nako eo Hiele wa kwa Bethe-ela a tsosolosang motse wa Jeriko mme o tlhokafalelwa ke ngwana wa leitibolo le ngwana yo mmotlana. Kobamelo ya boammaaruri e bokoa fela thata.
18. Elija o simolola tiro ya gagwe jaaka moperofeti ka go bolela eng mo Iseraele, mme o ne a tlhomolola lebaka la mmatota la mathata a mo Iseraele jang?
18 Tiro ya ga Elija jaaka moperofeti mo Iseraele (17:1–22:40). Ka tshoganetso fela go tla morongwa wa ga Jehofa. Ke Elija wa Motisheba.e Mafoko ano a gagwe a a simololang ao a a bolelelang Kgosi Ahabe eleruri aa gakgamatsa: “Yaka Yehofa, Modimo oa Iseraela, a tshedile, eo ke emañ ha pele ga gagwè, ga go ketla go na monyō leha e le pula ka dinyaga tseno, ha e se kaha lehokuñ ya me.” (17:1) Ka bonako fela, Elija o tsaya tsela e e yang kwa mokgatšheng o o kafa botlhaba jwa Joredane jaaka Jehofa a mo laetse. Go nna le komelelo mo Iseraele, mme mahukubu a isetsa Elija dijo. Fa nokana ya mokgatšha oo e omelela, Jehofa o romela moperofeti wa gagwe go ya go nna kwa Sarefatha kwa Sidone. Jehofa o dira kgakgamatso mme o oketsa boupe le lookwane lwa mosadi yo wa motlholagadi gore ene le morwawe ba seka ba swa ke tlala ka gonne a ne a bontsha Elija bopelonomi. Moragonyana morwawe o a lwala a bo a tlhokafala, mme ka ntlha ya go kopa ga ga Elija, Jehofa o tsosa ngwana yoo. Morago, mo ngwageng wa boraro wa leuba leo, Jehofa o romela Elija kwa go Ahabe gape. Ahabe o pega Elija molato wa se se diragaletseng Iseraele, mme Elija o raya Ahabe ka bopelokgale a re: ‘Ke wena le ba ntlo ya gago’ ka gonne lo ne lwa direla Baale.—18:18.
19. Kganetsano kaga bomodimo e ne ya supiwa jang, mme bogolo jwa ga Jehofa bo ne jwa supiwa jang?
19 Elija o laela Ahabe go phuthela baperofeti botlhe ba Baale kwa Thabeng ya Karamela. Ga ba sa tlhole ba tla kgona gore ba akabale fa gare ga maikutlo a le mabedi. Kgang jaanong e fa pele ga bone: Jehofa kgatlhanong le Baale! Baperisiti ba le 450 ba Baale jaanong ba baakanya poo ya bone fa pele ga batho, ba e baya mo godimo ga dikgong mo sebesong, mme ba rapelela gore go fologe molelo kwa legodimong go fisa tshupelo. Ba bitsa Baale go tloga mosong go fitlha ka sethoboloko a sa ba utlwe, Elija a ntse a ba sotla. Ba a goa ba a itshega, mme ga go karabo! Morago ga foo, moperofeti yo o esi fela, Elija, o aga sebeso mo leineng la ga Jehofa mme o baakanya dikgong le poo ya setlhabelo. O laela batho go tshela setlhabelo seo le dikgong gararo ka metsi, mme o rapela Jehofa jaana: “Nkutlwa Yehofa, u nkutlwè, gore batho ba, ba itse ha wèna Yehofa u le Modimo.” Fa a rialo, molelo o fologa kwa legodimong, o fisa tshupelo, dikgong, le maje a sebeso, lerole, le metsi. Fa batho ba bona seno, ba wela fa fatshe ka difatlhego mme ba re: “Yehofa ke èna Modimo; Yehofa ke èna Modimo.” (18:37, 39) A baperofeti ba Baale ba bolawe! Elija o tsaya boikarabelo jwa go ba bolaya ka namana, gore go se nne ope yo o falolang. Jehofa jaanong o nesa pula, a khutlisa leuba mo Iseraele.
20. (a) Jehofa o itlhagisa mo go Elija kwa Horeba jang, mme o mo naya ditaolo dife le go mo gomotsa jang? (b) Ke boleo bofe le bonokwane bofe joo bo dirwang ke Ahabe?
20 Fa Jesebele a utlwa go tlhabisiwa ditlhong ga ga Baale, o batla go bolaya Elija. O tshabela le mothusi wa gagwe kwa thabeng, ka a boifa mme Jehofa o mo laela go ya kwa Horeba. Koo Jehofa o bonala mo go ene—mme eseng ka phefo kana ka thoromo kana ka molelo, mme ka “lencwe ye lesesane, ye le kokobetseñ.” (19:11, 12) Jehofa o mo laela go tlotsa Hasaele jaaka kgosi ya Siria, Jehu jaaka kgosi ya Iseraele, le Elisha jaaka moperofeti mo boemong jwa gagwe. O gomotsa Elija ka molaetsa wa gore Baiseraele ba le 7 000 ba ganne go obamela Baale. Elija o tsamaya ka tlhamalalo go ya go tlotsa Elisha ka go latlhela kobo ya gagwe ya seperofeti mo go ene. Ahabe o fenya Basiria gabedi mme Jehofa o a mo kgalema ka go bo a dirile kgolagano le kgosi ya bone go na le go e bolaya. Jaanong go tla kgang ya ga Nabothe, yo Ahabe a batlang tshimo ya gagwe ya mofine. Jesebele o loga leano le basupi ba maaka gore ba oke Nabothe mme a bolawe gore Ahabe a tle a bone tshimo ya gagwe ya mofine. Abo seo e le molato o o ka sekang wa itshwarelwa jang ne!
21. (a) Elija o bolelela pele tshenyego efe e e tla tlelang ntlo ya ga Ahabe, le Jesebele? (b) Ke boperofeti bofe jo bo diragadiwang fa Ahabe a tlhokafala?
21 Elija o itlhagisa gape. O bolelela Ahabe gore madi a gagwe a tla latswiwa ke dintša koo Nabothe a swetseng gone, le gore ntlo yotlhe ya gagwe e tla nyelediwa fela jaaka ya ga Jeroboame le Baashe. Dintša di tla ja Jesebele mo nageng ya Jesereele. “Me go no go sena opè eo o chwanañ le Ahabe, eo o na a ithekisa go tla a diha se se boshula mo matlhoñ a ga Yehofa, eo Yesebele mosadi oa gagwè o na a mo tlhotlheletsa.” (21:25) Lefa go ntse jalo, Jehofa o bolela gore matlhotlhapelo ao ga a kitla a diragala mo metlheng ya ga Ahabe mme a tla diragala mo metlheng ya ga morwawe ka ntlha ya fa Ahabe a ile a ikokobetsa fa a utlwa mafoko a ga Elija. Ahabe jaanong o patagana le Jehoshafate, kgosi ya Juda, mme ba lwa kgatlhanong le Siria, mme ba dira jalo kgatlhanong le kgakololo ya moperofeti wa ga Jehofa Mikaia. Ahabe o swa ka ntlha ya dintho tseo a di boneng kwa ntweng. Fa kara ya gagwe e tsewa ke metsi kwa Samaria, dintša di latswa madi a gagwe, fela jaaka Elija a ne a perofesitse. Morwa wa gagwe Ahasia o nna kgosi ya Iseraele mo boemong jwa gagwe.
22. Ke dilo dife tse di diragalang mo pusong ya ga Jehoshafate wa Juda le Ahasia wa Iseraele?
22 Jehoshafate o busa mo Juda (22:41-53). Jehoshafate, yo a neng a patagane le Ahabe fa ba ya go lwa le Siria, o ikanyega mo go Jehofa jaaka Asa rraagwe, mme o palelwa ke go senya dibeso tsa kobamelo ya maaka. Morago ga go busa ka dingwaga di le 25, o a tlhokafala, mme morwawe Jehorame o nna kgosi. Kwa bokone, kwa Iseraele, Ahase o tsamaya mo dikgatong tsa ga rraagwe, a galefisa Jehofa ka go obamela ga gagwe Baale.
LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA
23. Ke tlhomamisetso efe le kgothatso efe eo Dikgosi tsa Ntlha di e nayang malebana le thapelo?
23 Go na le mosola o mogolo o o ka bonwang mo kaelong ya bomodimo e e mo go Dikgosi tsa Ntlha. Lantlha, sekaseka kgang ya thapelo, eo e tlhagelelang kgapetsakgapetsa mo bukeng eno. Solomone, fa a ne a lebane le boikarabelo jo bogolo jwa go nna kgosi ya Iseraele, o ne a rapela Jehofa ka boikokobetso jaaka ngwana. O ne a kopa fela tlhaloganyo le pelo e e kutlo, mme mo godimo ga botlhale jo bogolo joo, Jehofa o ne a mo naya gape le khumo le kgalalelo. (3:7-9, 12-14) A le rona re tlhomamisegeng gore go rapelela ga rona botlhale ka boikobo le kaelo mo tirelong ya ga Jehofa ga go kitla go nna fela go sa arabiwa! (Yak. 1:5) A ka metlha re rapeleng ka botlhaga go tswa mo pelong, re anaanela bomolemo jwa ga Jehofa tota, jaaka Solomone a ne a dira fa a ne a neela tempele! (1 Dikg. 8:22-53) A dithapelo tsa rona ka metlha di supe fa re ikanya Jehofa ka botlalo le go solofela mo go ene, fela jaaka dithapelo tsa ga Elija ka dinako tsa fa a ne a lekwa le fa a ne a lebane le morafe oo o o neng o obamela badimona! Jehofa o naya bao ba mmatlang ka thapelo ka bogolo.—1 Dikg. 17:20-22; 18:36-40; 1 Yoh. 5:14.
24. Ke dikai dife tsa tlhagiso tseo di umakiwang mo go Dikgosi tsa Ntlha, mme ke ka ntlhayang fa balebedi segolobogolo, ba tshwanetse go di tsaya tsia?
24 Mo godimo ga moo, re tshwanetse go tsaya dikao tsa bao ba se kileng ba utlwa Jehofa jaaka tlhagiso. Abo “Yehofa a tlhabana le ba ba ikgogomosañ” jang ne! (1 Pet. 5:5) Go ne go na le Adonija, yo a neng a akanya gore a ka itlhoma fela a sa tlhomiwa ka thulaganyo ya bolegodimo (1 Dikg. 1:5; 2:24, 25); Shimei, yo a neng a akanya gore a ka tlola molelwane a ba a boa gape (2:37, 41-46); Solomone yo go tlhoka kutlo ga gagwe mo dingwageng tsa gagwe tsa moragonyana go neng ga dira gore go nne le bao ba mo ganetsang ba tsositswe ke Jehofa (11:9-14, 23-26); le dikgosi tsa Iseraele, tseo bodumedi jwa bone jwa maaka bo neng jwa tlisa masetlapelo (13:33, 34; 14:7-11; 16:1-4). Mo godimo ga moo, go ne go na le Jesebele yo o bosula yo a neng a batla go busa, ene yo a neng a tlhotlheletsa Ahabe mo bogosing, yo sekao sa gagwe se se sa siamang se ileng sa nna sa dirisiwa ka diketekete tsa dingwaga moragonyana jaaka tlhagiso mo phuthegong ya Thiatira: “Me ke gu nyaletsa seo se, go re, u leseletsa mosadi eo go tweñ Yesebele, eo o ipitsañ moperofeti oa sesadi; me oa ruta, o hepisetsa batlhanka ba me mo kgokahaloñ, le mo go yeñ dilō tse di isedicweñ medimo ea disètwa ditlhabèlō.” (Tshen. 2:20) Balebedi ba tshwanetse go tshola diphuthego di le phepa mme di sena tlhotlheletso epe e e tshwanang le ya ga Jesebele!—Bapisa Ditihō 20:28-30.
25. Ke boperofeti bofe jwa Dikgosi tsa Ntlha joo bo ileng jwa diragadiwa ka mo go gakgamatsang, mme bo ka re thusa jang fa re bo gakologelwa gompieno?
25 Maatla a ga Jehofa a go perofesa a bontshiwa ka phepafalo fela mo go diragadiweng ga boperofeti jo bontsi jo bo neetsweng mo go Dikgosi tsa Ntlha. Ka sekai, go na le polelelopele e e gakgamatsang, eo e neng ya dirwa dingwaga di le 300 pele, ya gore Josia ke ene yo a tla senyang sebeso sa ga Jeroboame kwa Bethe-ela. Josia o ne a dira jalo! (1 Dikg. 13:1-3; 2 Dikg. 23:15) Lefa go ntse jalo, boperofeti jo bo tlhomologileng thata ke jo bo amanang le ntlo ya ga Jehofa, eo e neng ya agiwa ke Solomone. Jehofa o ne a bolelela Solomone gore go direla medimo ya maaka go tla felela ka go tlosa ga Gagwe Iseraele mo lefatsheng le go senya ga Gagwe ntlo eo a neng a E itshepiseditse leina la gagwe. (1 Dikg. 9:7, 8) Mo go 2 Ditihalō 36:17-21 re bala ka moo boperofeti jono bo ileng jwa itshupa bo le boammaaruri ka gone. Mo godimo ga moo, Jesu o ne a bontsha gore moragonyana tempele eo e neng e tla agiwa mo lefelong lone leo ke Herode yo Mogolo le yone e tla diragalelwa ke se se tshwanang ka mabaka a a tshwanang. (Luke 21:6) Abo seno le sone se ne sa itshupa se le boammaaruri jang ne! Re tshwanetse go gakologelwa dilo tse di botlhoko tseno le mabaka ao di neng di diragala ka one, mme di tshwanetse gore ka metlha di re gakolole go tsamaya mo ditseleng tsa Modimo wa boammaaruri.
26. Ke diponelopele dife tse di tlhotlheletsang kaga tempele ya ga Jehofa le Bogosi jwa gagwe tseo re di neelwang mo go Dikgosi tsa Ntlha?
26 Kgosigadi ya Sheba e ne ya tla e tswa kwa nageng e e kwa kgakala go tla go gakgamalela botlhale jwa ga Solomone, botswelelopele jwa batho ba gagwe, le kgalalelo ya bogosi jwa gagwe, go akaretsa le ntlo e ntle ya ga Jehofa. Lefa go le jalo, le eleng Solomone o ne a bolelela Jehofa pelo ya gagwe a re: “Legodimo le legodimo ya magodimo ga le kake ya nna bonnō yo bo gu lekanyeñ; bogolo yañ ntlo e ke e agileñ!” (1 Dikg. 8:27; 10:4-9) Mme makgolokgolo a dingwaga moragonyana Keresete Jesu o ne a tla go dira tiro ya go aga ya semoya eo segolobogolo e neng e amana le go tsosolosiwa ga kobamelo ya boammaaruri mo tempeleng e kgolo ya semoya ya ga Jehofa. (Baheb. 8:1-5; 9:2-10, 23) Tsholofetso eno ya ga Jehofa mo go Solomone yono yo Mogolwane e nna e ntse e nitame: “Ke tla tlhōmamisa setulō sa gago sa bogosi mo go ba Iseraela ka bosakhutleñ.” (1 Dikg. 9:5; Math. 1:1, 6, 7, 16; 12:42; Luke 1:32) Dikgosi tsa Ntlha di re fa ponatshegelo e e kwa pele e e tlhotlheletsang ya go galalela ga tempele ya semoya ya ga Jehofa le go tswelela pele, boipelo, le boitumelo jwa botlhe bao ba tlang go nna kafa tlase ga Bogosi jwa ga Jehofa ba busiwa ke Keresete Jesu ka botlhale. Go anaanela ga rona botlhokwa jwa kobamelo ya boammaaruri le dipaakanyetso tse di gakgamatsang tsa ga Jehofa ka Bogosi jwa gagwe ka Losika go tswelela go ntse go gola!
[Dintlha tse di kwa tlase]
a The International Standard Bible Encyclopedia, Bol. 4, 1988, e e tlhatlhobilweng ke G. W. Bromiley, tsebe 648.
b Insight on the Scriptures, Bol. 1, ditsebe 149, 952.
c Insight on the Scriptures, Bol. 1, ditsebe 750-1.
d Insight on the Scriptures, Bol. 1, ditsebe 947-8.
e Insight on the Scriptures, Bol. 1, ditsebe 949-50.