LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • si ts. 232-233
  • Buka ya Bibela ya bo 53—2 Bathesalonia

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Buka ya Bibela ya bo 53—2 Bathesalonia
  • “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • SEO SE LENG MO GO BATHESALONIA WA BOBEDI
  • LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA
  • Buka ya Bibela ya bo 52—1 Bathesalonia
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • “Lo Se Ka Lwa Lapa mo go Diheñ Molemō”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Tilang go “Tshikhinngwa ka Bofefo mo go Akanyeng ga Lona”!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Dintlhakgolo go Tswa mo Makwalong a a Yang go Bathesalonika le Timotheo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
“Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
si ts. 232-233

Buka ya Bibela ya bo 53—2 Bathesalonia

Mokwadi: Paulo

Lefelo Leo E Kwaletsweng kwa go Lone: Korintha

Go Wediwa ga go E Kwala: mo e ka nnang ka 51 C.E.

1. Ke eng se se supang gore lokwalo lwa bobedi lwa Bathesalonia lo ne lwa kwalwa leng lwa ba lwa kwalelwa kae, mme ke eng se se neng sa dira gore lo kwalwe?

LOKWALO lwa bobedi lwa ga moaposetoloi Paulo go Bathesalonia lo ne lwa latela lwa ntlha fela ka bonako. Re itse gore lo ne lwa kwalwa ka bokhutshwane fela morago ga lokwalo lwa ntlha, le gone gore lo ne lwa kwalelwa kwa motsemogolong one wa Korintha, ka gonne bakaulengwe bone bale, ebong Silefano le Timotheo, ba boela ba dumedisa phuthego e e kwa Thesalonika le Paulo. Botlhe e ne e le batlhanka ba ba etang ba phuthego ya ntlha ya Bokeresete, mme ga go na pego epe ya gore botlhe ka boraro ba ne ba kopana gape morago ga go kopana ga bone kwa Korintha. (2 Bathes. 1:1; Dit. 18:5, 18) Kgang e go buiwang ka yone le tsela eo e bolelwang ka yone di supa gore Paulo o ne a ikutlwa a tlhoka go tlhamalatsa phuthego eo ka bofefo malebana le phoso eo ba neng ba wetse mo go yone.

2. Ke eng se se supang gore buka ya Bathesalonia wa Bobedi e boammaaruri?

2 Go na le bosupi jwa gore lokwalo lono lo boammaaruri jo bo tshwanang le jwa Bathesalonia wa Ntlha. E tsopolwa gape ke Irenaeus (wa lekgolo la bobedi la dingwaga C.E.) mmogo le bakwadi ba bangwe ba ntlha, go akaretsa le Justin Martyr (yo le ene e leng wa lekgolo la bobedi la dingwaga), yoo go bonalang a ne a lebisitse go 2 Bathesalonia 2:3 fa a ne a kwala kaga “monna oa boleo.” E bonala mo ditlhatlhamanong tsa ntlha mmogo le lokwalo lwa Bathesalonia wa Ntlha. Lemororo jaanong e seyo mo go Chester Beatty Papyrus No. 2 (P46), yone mme totatota e ne e le gone mo matlhareng a ntlha a mabedi mo go a a supang a a tlang morago ga Bathesalonia wa Ntlha a a seyong.

3, 4. (a) Go ne go tsogile bothata bofe mo phuthegong ya Thesalonika? (b) Lokwalo lono lo ne lwa kwalwa leng lwa ba lwa kwalelwa kae, mme Paulo o ne a batla go fitlhelela eng?

3 Lokwalo lono lo ne lwa kwalwa ka boikaelelo bofe? Go ya ka kgakololo e Paulo a neng a e naya Bathesalonia, re ithuta gore bangwe mo phuthegong eo ba ne ba tatalalela gore go nna gone ga Morena go setse go le gaufi, le gore bafopholetsi bano ba ne ba rera thuto eno ya bone ka tlhagafalo, le gore ba ne ba tsosa kgoberego e kgolo mo phuthegong. Go bonala gore bangwe ebile ba ne ba dirisa seno jaaka seipato sa go bo ba sa iperekele. (2 Bathes. 3:11) Mo lokwalong lwa gagwe lwa ntlha, Paulo o ne a ile a umaka go nna gone ga Morena, mme kwantle ga pelaelo fa bafopholetsi bano ba ne ba utlwa lokwalo loo lo balwa, ba ne ba akofa ba sokamisa mafoko a ga Paulo mme ba a tlhalosa ka tsela eo go neng go sa ikaelelwa ka yone. Gape e ka nna ya bo e le gore lokwalo lo ka phoso go bolelwang fa e le lwa ga Paulo lo ne lwa phuthololwa go twe lo supa gore “letsatsi ya Morèna le setse le le ha.”—2:1, 2.

4 Go lebega ekete Paulo o ne a ile a amogela pego kaga seemo seno, gongwe a bolelelwa ke motho yo o neng a isa lokwalo lwa gagwe lwa ntlha go phuthego eo, mme ka gone o ne a batla go tlhamalatsa go akanya ga bakaulengwe ba gagwe bao a neng a ba rata mo go kalo fela thata. Jalo ka ngwaga wa 51 C.E., Paulo, a na le bapati ba gagwe ba babedi, o ne a romela lokwalo go tswa kwa Korintha go ya kwa phuthegong ya Thesalonika. Mo godimo ga go baakanya pono e e phoso kaga go nna gone ga ga Keresete, Paulo o ba kgothatsa ka mo go itumedisang gore ba eme ba nitame mo boammaaruring.

SEO SE LENG MO GO BATHESALONIA WA BOBEDI

5. Paulo le bapati ba gagwe ba lebogela Modimo eng, ba neela tlhomamisetso efe, mme ba rapelela eng?

5 Go senolwa ga ga Morena Jesu (1:1-12). Paulo le bapati ba gagwe ba leboga Modimo ka baka la go bo Bathesalonia ba na le tumelo e e nonofileng ebile ba ratana fela thata. Go bo ba ile ba itshoka le go bontsha tumelo ya bone fa ba ne ba bogisiwa go supa fa Modimo o ba atlhotse sentle jaaka ba ba tshwanelwang ke Bogosi. Modimo o tla lefetsa ba ba tsentseng phuthego eo mo pitlaganong ka pitlagano, mme o tla golola ba ba bogang. Seno se tla diragala mo “motlheñ oa tshenolō ea Morèna Yesu ha a cwa legodimoñ, a na le baengele ba thata ea gagwè . . . Mogañ o tlañ go galalediwa mo baitshepiñ ba gagwè.” (1:7, 10) Ka metlha Paulo le bapati ba gagwe ba rapelela Bathesalonia, gore ekete Modimo o ka ba balela fa ba tshwanelwa ke pitso ya Gagwe le gore leina la Morena Jesu le ka galalediwa mo go bone le bone mmogo le ene.

6. Ke eng se se tshwanetseng go tla pele ga letsatsi la ga Jehofa, mme jang?

6 Botenegi bo ne bo tshwanetse go tla pele ga go nna gone ga ga Jesu (2:1-12). Bakaulengwe ga baa tshwanela go tshosiwa ke molaetsa ope fela wa gore letsatsi la ga Jehofa le gaufi. “Ga go ketla go dihala, ha tenègō e sa tle pele, le ha monna oa boleo a sa senolwe, eo e leñ morwa tatlhègō.” Jaanong ba itse “se se kganetseñ” sentle, mme bosaitsiweng jwa boleo jono bo setse bo diragala. Fa se se kganetseng seno se tlosiwa, “me hoñ oa boiphèhèrō mo molaoñ o tla senolwa, eo Morèna Yesu o tla mmolaeañ ka mōea oa molomo oa gagwè, a mo nyeletsa ka pōnatshègō ea go tla ga gagwè.” Go nna gone ga monna wa boleo go bakiwa ke go bo Satane a le teng a dira ditiro tse dikgolo le boferefere, mme Modimo o letlelela gore go dira ga phoso go nne mo go bao ba sekileng ba rata boammaaruri e le gore ba tle ba dumele maaka.—2:3, 6, 8.

7. Bakaulengwe ba ka ema jang ba nitame mme ba sireletsega mo go yo o bosula?

7 Emang lo nitame mo tumelong (2:13–3:18). Paulo o tswelela ka go re: “Ba ga echo, baratwa ba Morèna, re na le go leboga Modimo ka metlha eotlhe kaga lona, ka Modimo o sa le o lo itshenkèla mo tshimologoñ, gore lo bolokwè ka go itshepisiwa ke Mōea, le ka go dumèla boamarure.” Ka baka leno ba ne ba bolelelwa mafoko a a molemo. Ka jalo bakaulengwe ba tshwanetse go ema ba nitame le go nna ba itsetsepetse mo dipolelong tsa bogologolo tse ba neng ba di rutwa, e le gore Jesu Keresete le Rraagwe, yo ka lorato o neng a ba naya kgomotso ya bosakhutleng le tsholofelo, ba ke ba ba “tlhōmamisè mo tihoñ le mo puoñ ñwe le ñwe e e molemō.” (2:13, 17) Paulo o kopa gore ba mo rapelele, “gore lehoko ya Morèna le sianè, le galalediwè.” (3:1) Morena, yo o ikanyegang, o tla ba nitamisa a bo a ba boloke mo go yo o bosula, mme Paulo o rapelela gore ekete Morena o ka tswelela a kaela dipelo tsa bone ka katlego gore di rate Modimo le go itshoka mo go Keresete.

8. Ke tao efe e e nonofileng e e neelwang, mme Paulo le setlhopha sa gagwe ba tlhomile sekao se se molemo mo go eng?

8 Go latela tao e e nonofileng: “Me yana rea lo laola, ba ga echo, mo ineñ ya Morèna oa rona Yesu Keresete, gore lo ikgōgè mo go mokauleñwe moñwe le moñwe eo o tsamaeañ ka go tlhokomologa molaō, a sa tsamaee kaha dipoleloñ tse ba di amogetseñ mo go rona.” (3:6) Moaposetoloi yoo o ba gakolola kaga sekao seo setlhopha sa gagwe sa barongwa se neng sa se tlhoma, ka go dira ka natla bosigo le motshegare e le gore ba seka ba nna morwalo mo go bone, mo ba neng ba kgona go ntsha taolo e e reng: “Ha moñwe a gana go diha, le gōna a se ka a ya.” Mme jaanong ba utlwalela gore batho bangwe ba ba sa tsamayeng sentle ga ba dire mme ba itshunyatshunya mo dilong tsa batho. Batho bano ba tshwanetse go simolola go bereka gore ba bone dijo.—2 Bathes. 3:10; 1 Bathes. 4:11.

9. Paulo a reng kaga go dira sentle le go tlhabisa ba ba senang kutlo ditlhong, mme o digela lokwalo lwa gagwe jang?

9 Bakaulengwe ga baa tshwanela go lesa go dira se se siameng. Mme fa mongwe wa bone a sa utlwe lokwalo lwa ga Paulo, phuthego e tshwanetse go mo tlhabisa ditlhong ka go mo tshwaya ba bo ba sa tlhole ba tsalana nae, ka nako e e tshwanang ba tshwanetse go mo laya jaaka mokaulengwe. Paulo o bolela fa a rapela gore ekete Morena wa kagiso o ka ba naya “kagishō ka metlha eotlhe ka mekgwa eotlhe,” mme o digela lokwalo lwa gagwe ka ditumediso a kwala ka seatla sa gagwe.—2 Bathes. 3:16.

LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA

10. Dingwe tsa dithuto tsa motheo le melaometheo tseo go buiwang ka tsone mo go Bathesalonia wa Bobedi ke dife?

10 Lokwalo lono lo lokhutshwane lwa Bathesalonia lo umaka dintlha di le dintsi tsa boammaaruri jwa Bokeresete, joo ka kakaretso ya jone bo ka re solegelang molemo fa re bo sekaseka. Akanyetsa dithuto tsa motheo le melaometheo tse di latelang tse go buiwang ka tsone: Jehofa ke Modimo wa poloko, mme o itshekisa ka moya le ka tumelo mo boammaaruring (2:13); Mokeresete o tshwanetse go itshokela pogo e le gore a tle a balelwe fa a tshwanetse Bogosi jwa Modimo (1:4, 5); Bakeresete ba tshwanetse go phuthelwa go Morena Jesu Keresete ka nako ya go nna gone ga gagwe (2:1); Jehofa o tla atlhola ka tshiamo bao ba sa utlweng mafoko a a molemo (1:5-8); bao ba biditsweng ba tla galalediwa mmogo le Keresete Jesu, tumalanong le bopelonomi jo bo sa tshwanelang jwa Modimo (1:12); ba bidiwa ka go rerwa ga mafoko a a molemo (2:14); tumelo ke selo se segolo se se tlhokafalang (1:3, 4, 10, 11; 2:13; 3:2); motho o tshwanetse gore a bereke e le gore a tle a itlamele mo bodiheding jwa gagwe; fa motho a sa bereke, o ka nna a nna setshwakga mme a simolola go itshunyatshunya mo dilong tseo di sa mo ameng (3:8-12); lorato lwa Modimo lo amanngwa le boitshoko (3:5). Abo mo lokwalong lono lo lokhutshwane lo lo tlhotlheleditsweng go ka bonwa letlotlo la tshedimosetso e e agang jang ne!

11. Ke tshedimosetso efe le tlhomamisetso tseo di bolelwang malebana le Bogosi?

11 Mo lokwalong lono Paulo o ne a bontsha gore o amegile thata ka bomoya jwa bakaulengwe ba gagwe ba ba mo Thesalonika le ka gore phuthego eo e utlwane e bo e tlhogonolofale. O ba tlhamalatsa malebana le nako ya go tla ga letsatsi la ga Jehofa, a bontsha gore “monna oa boleo” o tshwanetse go bonala pele, go nna mo “tempeleñ ea Modimo, a ikaee go re, ke èna Modimo.” Lefa go ntse jalo, bao ba ‘kaiwang fa ba tshwanetse bogosi yoa Modimo’ ba ka tlhomamisega gore Morena Jesu o tla senolwa kwa legodimong ka nako e e tshwanetseng, a ipusolosetsa ka molelo o o tukang “mogañ o tlañ go galalediwa mo baitshepiñ ba gagwè, le go gakgamalèlwa mo tsatsiñ yeuō ke botlhe ba ba dumetseñ.”—2:3, 4; 1:5, 10.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela