LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • si ts. 278-284
  • Thuto ya bo 2—Nako le Dikwalo Tse Di Boitshepo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thuto ya bo 2—Nako le Dikwalo Tse Di Boitshepo
  • “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A o Ne o Itse?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
  • Metlha
    Go Fetolana ka Dikwalo
“Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
si ts. 278-284

Dithuto Kaga Dikwa,lo tse di Tlhotlhele Ditsweng le Tshedimosetso Kaga Tsone

Thuto ya bo 2—Nako le Dikwalo Tse Di Boitshepo

Tlhaloso ya kafa nako e e dirisiwang mo Bibeleng e kgaogantsweng ka gone, dikhalendara tse di tlwaelegileng tse di dirisiwang, matlha a e leng pinagare mo Bibeleng, le dintlha tse di kgatlhisang tsa “go tlhatlologana ga nako.”

1, 2. Solomone o ne a kwala a reng kaga nako, mme ereka nako go lebega e tsamaela ka bonako, ke eng se re tshwanetseng go se dira ka yone?

MOTHO o lemoga nako sentle fa e ntse e tsamaya. Fa sesupanako se ntse se itaya, o gatela kwa pele mo nakong. Eleruri, o tla bo a le botlhale fa a ka dirisa nako ya gagwe ka tshwanelo. Jaaka Kgosi Solomone a ne a kwala: “Señwe le señwe se na le motlha oa shōna, le boikaèlèlō boñwe le boñwe tlhatse ga legodimo bo na le motlha oa yōna: Go na le motlha oa go tsalwa, le motlha oa go shwa; motlha oa go tlhōma, le motlha oa go khumola shōna se se tlhomilweñ; Motlha oa go bolaea, le motlha oa go hodisa; motlha oa go rutla, le motlha oa go aga; Motlha oa go lela, le motlha oa go tshèga.” (Mor. 3:1-4) Abo nako e tsamaela ka bofefo jang ne! Dingwaga tse 70 tsa boleele jo bo tlwaelegileng jwa botshelo jwa motho di dikhutshwane fela thata gore motho o ka kgona go gopa kitso e ntsi le go ipelela dilo tsotlhe tse dingwe tse di molemo tse Jehofa a di mmaakanyeditseng mo lefatsheng. “O dihile señwe le señwe go nna sentlè mo motlheñ oa shōna: le gōna o tlhomile go akanya kaga bosakhutleñ mo peduñ tsa bōnè, leha go nntse yalo e be e le ka mokgwa oa go re, motho ga a kake a lemogèla rure tihō e Modimo o e dihileñ go cwa tshimologoñ le go ea hèla kwa bokhutloñ.”—Mor. 3:11; Pes. 90:10.

2 Jehofa ene o tshela ka nako e e sa khutleng. Mme fa e le ka dibopiwa tsa gagwe, o ne a bona fa go siame gore a di beele nako. Baengele ba legodimo, go akaretsa le eleng Satane yo o neng a tsuologa, botlhe ba lemoga nako fa e ntse e tsamaya. (Dan. 10:13; Tshen. 12:12) Go kwadilwe jaana ka setho, “Ba dihalèlwe botlhe ke motlha le bowèlō.” (Mor. 9:11) Abo motho yo ka metlha o akaretsang Modimo mo dikakanyong tsa gagwe le yoo o amogelang paakanyetso ya Modimo ya “diyō ka dipaka tse e leñ cōna” a itumela jang ne!—Math. 24:45.

3. Nako le lefaufau di tshwana ka eng?

3 Nako E Tsamaela Ntlheng e le Nngwe fela. Lemororo mo lobopong lotlhe go dirisiwa nako, ga go na motho ope yo o tshelang yo o ka kgonang go bolela gore yone ke eng. Ga e tlhaloganyesege fela jaaka lefaufau. Ga go na motho ope yo o ka tlhalosang gore nako e simologa kae kana gore e tsamaela kae. Dilo tseno tsotlhe di itsiwe ke Jehofa yo go senang sepe se a sa se itseng, yo o tlhalosiwang jaaka Modimo ‘yo o senang tshimologo le yo o senang bokhutlo.’—Pes. 90:2.

4. Ke eng se se ka buiwang kaga motsamao wa nako?

4 Mo letlhakoreng le lengwe, nako e na le dipopego dingwe tseo di ka tlhaloganngwang. Se go tsewang gore ke motsamao wa yone o ka lekanyediwa. Mo godimo ga moo, e tsamaela golo go le gongwe fela. Fela jaaka dipalangwa tse di tsamayang mo mmileng o o yang ntlheng e le nngwefela, nako e tsamaela ntlheng e le nngwe fela jalo e sa kgaotse—e tsamaela pele, ka metlha yotlhe. Lefa e ka tswa e tsamaela pele ka lobelo lo lo kana kang, nako ga e kake ya busediwa kwa morago lefa e le ka motlha ope. Re tshela mo motlheng wa gompieno. Lefa go ntse jalo, motlha ono wa gompieno o mo mosepeleng, o ntse o feta o sa kgaotse. Ga go na sepe se se ka o emisang.

5. Ke ka ntlhayang fa go ka twe mo nakong e e fetileng motho o fentse kana o reteletswe?

5 Nako e e Fetileng. Nako e e fetileng e fetile, ke hisitori fela, mme ga e kitla e kgona go boelediwa gape. Motho ope fela yo o ka lekang go busetsa nako e e fetileng kwa morago ga a kake a kgona fela jaaka a ka seka a kgona gore maphothophotho a metsi a phothoselele kwa godimo kana gore motswi o fulegele gape kwa boreng jo bo o fudileng. Diphoso tsa rona di tlogetse lobadi mo nakong fa e ntse e tlhatlologana, lobadi loo lo ka phimolwang ke Jehofa fela. (Isa. 43:25) Ka tsela e e tshwanang, ditiro tse di molemo tse motho a di dirileng mo nakong e e fetileng ke pego e e molemo eo ‘a tla e busediwang’ ka masego a a tswang kwa go Jehofa. (Dia. 12:14; 13:22) Motho o ka tswa a kgonne dilo dingwe kana a reteletswe mo nakong e e fetileng. Ga go na sepe se a ka tlholang a se dira ka gone. Go kwadilwe jaana ka baikepi: “Gonne ba tla akoha ba sègwa yaka boyañ, ba tla shwaba yaka morōgō o motala.”—Pes. 37:2.

6. Isagwe e farologane le nako e e fetileng ka tsela efe, mme ke ka ntlhayang fa re tshwanetse go e kgatlhegela segolobogolo?

6 Isagwe. Isagwe e farologane. Ka metlha yotlhe e tla kwa go rona. Ka thuso ya Lefoko la Modimo, re ka kgona go lemoga dikgoreletsi tseo di kwa pele ga rona mme ra ipaakanyetsa go thulana natso. Re ka ‘iphuthela dikhumo kwa legodimong.’ (Math. 6:20) Dikhumo tseno ga di kake tsa nyelela fa nako e ntse e tsamaya. Re tla nna re nna natso mme ebile di tla nnela ruri le mo isagweng e e sa khutleng eo re tla segofadiwang ka yone. Re kgatlhegela go dirisa nako ka tsela e e botlhale, ereka e ama isagwe eo.—Baef. 5:15, 16.

7. Jehofa o diretse motho ditshupanako dife?

7 Ditshupanako. Diwatšhe tsa rona tsa motlha wa segompieno le diwatšhe tse dikgolo ke tsone ditshupanako. Di ntse jaaka dilo tse di lekanyetsang nako. Ka tsela e e tshwanang, Jehofa, eleng Mmopi, o tlhomile ditshupanako tse dikgolo—lefatshe le le dikologang mo diaseng tsa lone, ngwedi eo e dikologang lefatshe, le letsatsi—go ya ka seno, motho mo lefatsheng o ka kgona go itse sentle nako ya boammaaruri. “Me Modimo oa re, A go nnè masedi mo phuthologoñ ea legodimo go harologanya motshegare le bosigo; me a nnè go nna dichupō, le go nna dipaka, le go nna malatsi le dinyaga.” (Gen. 1:14) Ka gone, fela jaaka dilo tse dintsintsi tse di nang le boikaelelo jo bo tshwanang, dipopo tseno tsa selegodimo di tsamaya mo medikologong ya tsone e e sekeng e fosega lefa e le ka gope, di lekanyetsa nako e e tsamaelang ntlheng e le nngwe fela ka go sa kgaotse le gone di sa fose.

8. Lefoko “letsatsi” le dirisiwa ka dikgopolo dife tse di farologaneng mo Bibeleng?

8 Letsatsi. Lefoko “letsatsi” mo Bibeleng le dirisiwa ka ditlhaloso tse di farologaneng, fela jaaka le mo metlheng ya segompieno le dirisiwa ka ditsela tse di farologaneng. Fa lefatshe le digela modikologo wa lone o mongwe fela mo diaseng tsa lone, e ya bo e le letsatsi la dioura tse 24. Ka kgopolo eno, letsatsi leno ke motshegare le bosigo, dioura tse 24 fa di sobokanngwa. (Yoh. 20:19) Lefa go ntse jalo, nako ya motshegare ka boyone, e gantsi e nnang palogare ya dioura tse 12, le yone e bidiwa letsatsi. “Me Modimo oa raea lesedi leina, oa re, [Letsatsi, NW]; me lehihi oa le raea leina, oa re, Bosigo.” (Gen. 1:5) Fano go buiwa gape ka lereo “bosigo,” nako e gantsi e leng palogare ya dioura tse 12 tsa lefifi. (Ekes. 10:13) Kgopolo e nngwe ke fa lefoko “letsatsi/malatsi” go tewa paka ya nako ya motlha wa motho mongwe yo o tlhomologileng. Ka sekai, Isaia o ne a bona ponatshegelo ya gagwe ‘mo malatsing a ga Usia, le Jothame, le Ahase le Hesekia’ (Isa. 1:1), mme go umakiwa fa malatsi a ga Noa le a ga Lote e le a boperofeti. (Luke 17:26-30) Sekai se sengwe sa go dirisiwa ga lefoko “letsatsi” ka ditsela tse di farologaneng kana ka tshwantshetso ke fa Petere a ne a re “letsatsi le le leñwe hèla mo Moreneñ le nntse yaka dinyaga di le makgolo a shomè.” (2 Pet. 3:8) Mo polelong ya Genesise, letsatsi la popo ebile ke paka e telele go na le tseo—diketekete tsa dingwaga. (Gen. 2:2, 3; Ekes. 20:11) Kgang ya Bibela ke yone e supang gore lefoko “letsatsi” le dirisitswe ka kgopolo efe.

9. (a) Go kgaoganngwa ga letsatsi ka dioura tse 24 tse di nang le metsotso e le 60 go simologile jang? (b) Ke ditshupanako dife tse di umakiwang mo Dikwalong tsa Sehebera?

9 Oura. Baegepeto ke bone ba ba neng ba simolola go kgaoganya letsatsi ka dioura tse 24. Go kgaoganngwa ga oura ga motlha wa segompieno ka metsotso e le 60 go ne ga simololwa ke boradipalo ba Babelona, seo e neng e le thulaganyo ya dipalo e e thailweng mo palong ya 60. Ga go na gope fa go umakiwang go kgaoganngwa ga dioura mo Dikwalong tsa Sehebera.a Go na le go kgaoganya letsatsi ka dioura tse di tlhomameng, Dikwalo tsa Sehebera di dirisa mafoko a a tshwanang le ‘moso,’ “motshegare o mogolo,” “motshegare,” le “maitseboa” jaaka ditshupanako. (Gen. 24:11; 43:16; Dute. 28:29; 1 Dikg. 18:26) Bosigo bo ne bo kgaogantswe ka dikarolo tse tharo tse di bidiwang ‘ditiso tsa bosigo’ (Pes. 63:6), tseo go umakiwang tse pedi tsa tsone mo Bibeleng: ‘bogare jwa tebelo ya bosigo’ (Baatlh. 7:19) le “tishō ea makuku.”—Ekes. 14:24; 1 Sam. 11:11.

10. Bajuda ba ne ba bala nako jang mo motlheng wa ga Jesu, mme go itse seno go re thusa jang go tlhomamisa nako ya loso lwa ga Jesu?

10 Lefa go ntse jalo, lefoko ‘oura’ le umakiwa gangwe le gape mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika. (Yoh. 12:23; Math. 20:2-6) Dioura di ne di balwa go simologa fa letsatsi le tlhaba, kana mo e ka nnang ka 6 mo mosong. Bibela e umaka ‘oura ya boraro,’ eo e ka nnang ka 9 mo mosong. ‘Oura ya borobabongwe’ e umakiwa jaaka nako eo go neng go simolola go nna lefifi ka yone mo Jerusalema ka nako ya go bapolwa ga ga Jesu. Seno e ne e tla nna ka nako e e tshwanang le ya rona ya 12 sethoboloko. Go bolelwa fa Jesu a ne a tlhokafalela mo koteng ya tlhokofatso ka ‘oura ya borobabongwe,’ kana mo e ka nnang ka 3 thapama.—Mar. 15:25; Luke 23:44; Math. 27:45, 46.b

11. Go sa le go simololwa leng go dirisa “beke” jaaka tsela ya go lekanyetsa nako?

11 Beke. Motho o ne a simolola go bala malatsi a gagwe a a kgaoganya ka bosupa mo tshimologong ya hisitori ya gagwe. Fa a dira jalo, o ne a latela sekao sa Mmopi wa gagwe, yo o neng a simolola go bala malatsi a gagwe a popo mme a bitsa paka ya bosupa le yone a re ke letsatsi la bosupa. Noa o ne a bala malatsi a gagwe a a kgaoganya ka bosupa. Mo Sehebereng, “beke” tota e raya palo ya bosupa kana paka.—Gen. 2:2, 3; 8:10, 12; 29:27.

12. Kgwedi ya ngwedi ke eng, mme e farologana jang le dikgwedi tsa rona tsa segompieno?

12 Dikgwedi tsa Ngwedi. Bibela e bua ka ‘dikgwedi tsa ngwedi.’ (Ekes. 2:2; Dute. 21:13; 33:14; Esere 6:15) Dikgwedi tsa rona tsa segompieno ga se dikgwedi tsa ngwedi e re ka di sa balwe go ya ka ngwedi. Ke go kgaoganngwa ga 12 fela ga ngwaga wa medikologo ya dibokelatsatsi mo go itiretsweng ke batho. Kgwedi ya ngwedi ke kgwedi e e balwang go ya ka go bonala ga ngwedi o mosha. Go na le diponalo di le nnè mo ngweding, tseo eleng go bonala ga ngwedi ka palogare ya malatsi a le 29, dioura di le 12, le metsotso e le 44. Motho o tlhoka fela go lepa kafa ngwedi o ntseng ka gone go fopholetsa gore letsatsi la kgwedi eo ya ngwedi ke lefe.

13. Morwalela o ne wa begiwa ka tsepamo jang malebana le nako?

13 Go na le go dirisa dikgwedi tsa ngwedi ka tsepamo, go lebega Noa a ne a bega ditiragalo ka go bala dikgwedi tsa malatsi a le 30. Go ya ka logong lo Noa a neng a lo dirisa mo arakeng, re tlhaloganya gore metsi a Morwalela a ne a nna a tletse mo lefatsheng ka lobaka lwa dikgwedi di le tlhano, kana “malatsi a lekgolo, le mashomè matlhano.” Lefatshe le ne la tšha metsi morago ga dikgwedi di le 12 le malatsi a le 10 mo bapagami ba araka eo ba neng ba kgona go tswela kwantle. Ka gone, ditiragalo tse di sa lebalesegeng tseo di ne tsa kwalwa sentle ka nako ya tsone.—Gen. 7:11, 24; 8:3, 4, 14-19.

14. (a) Jehofa o ne a dira jang gore dipaka di nne gone? (b) Go nna gone ga dipaka go tla tswelela ka lobaka lo lo kana kang?

14 Dipaka. Fa a ne a baakanya lefatshe gore le nniwe ke batho, Jehofa ka botlhale le ka lorato o ne a dira dipaka. (Gen. 1:14) Tseno di dirwa ke go bo lefatshe le ntse le sekamela, kana le ya go tshekamo ya 23,5° mo motsamaong wa lone go dikologa letsatsi. Seno se felela ka gore Kgaolo e e kwa Borwa ya lefatshe e sekamele kwa letsatsing, mme go tswa foo, morago ga dikgwedi di le thataro, go nne jalo le ka Kgaolo e e kwa Bokone ya lefatshe mo go dirang gore dipaka di latelelane ka thulaganyo. Diphetogo tseno di dira gore dipaka di seka tsa tshwana di bo di fapaane mme di laola metlha ya go lema le go roba. Lefoko la Modimo le re tlhomamisetsa gore thulaganyo eno ya go fetoga le go fapaana ga dipaka mo ngwageng otlhe e tla tswelela ka bosakhutleng. “E tla re metlha eotlhe lehatshe le sa nntse le leeō, ga go ketla go khutla letsema le thōbō, serame le mogote, lotlhabula le mariga, motshegare le bosigo.”—Gen. 8:22.

15, 16. (a) Paka ya dipula mo Lefatsheng Le Le Solofeditsweng e ka nna ya kgaoganngwa jang gape? (b) Tlhalosa dipaka tsa dipula le kafa dipaka tseno di amanang ka gone le ditiro tsa temothuo.

15 Ka kakaretso ngwaga wa Lefatshe Le Le Solofeditsweng o ka kgaoganngwa ka paka ya dipula le paka ya komelelo. Go simologa mo e ka nnang mo bogareng jwa April go ya go mo e ka nnang mo bogareng jwa October, go na pula e e seng kalo. Paka ya dipula e ka nna ya kgaoganngwa ka pula ya ntlha, kana ya “sephai,” (October-November); dipula tse dikgolo tsa mariga le botsididi (December-February); le dipula tsa morago, kana “kgogola moko,” (March-April). (Dute. 11:24; Yoele 2:23) Dikgaogano tseno di fopholediwa fela, mme fa gongwe dipaka di nna ditelele ka baka la go sa tshwane ga maemo a loapi mo dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe. Dipula tsa ntlha di tsenya bokgola mo mmung o o omeletseng, mo go dirang gore October-November e nne nako e e siametseng go “lema” le go “yala.” (Ekes. 34:21; Lefi. 26:5) Ka nako ya dipula tse dikgolo tsa mariga go simolola ka December go ya go February, ga go rone go bona kapoko e wa, mme ka January le February, go ka nna ga nna tsididi fela thata mo mafelong a a mo dithoteng. Bibela e bua ka Benaia, mongwe wa banna ba ba thata ba ga Dafide, a bolaya tau “go le kapōkō.”—2 Sam. 23:20.

16 Dikgwedi tsa March le April (mo e ka nnang ka dikgwedi tsa Sehebera tsa Nisane le Iyyar) ke dikgwedi tsa “dipula tsa medupe.” (Seka. 10:1) Dipula tseno ke tsa morago, tseo di tlhokegang ka di dira gore mabele a a lemilweng ka nako ya dikgakologo a gole thata, e le gore go tle go nne le thobo e kgolo. (Hos. 6:3; Yak. 5:7) Paka eno gape ke paka ya thobo ya ntlha, mme Modimo o ne wa laela Baiseraele gore ba ntshe mabutswapele a thobo ka Nisane 16. (Lefi. 23:10; Ruthe 1:22) Ke nako ya bontle le ya boitumelo. “Dithunya di bōnala mo lehatshiñ; motlha oa melodi ea dinōnyane o hitlhile, le kodu ea lephoi e utlwala mo hatshiñ ya rona; Mofeige o budusa dikuñwa tsa ōna tse di tala, le mafine a thuntse, a utlwatsa lonkō loa aōna.”—Sehela 2:12, 13.

17. (a) Dijalo di bolokiwa jang gore di se ka tsa swa mo pakeng e go sa neng pula mo go yone? (b) Sekaseka tšhate ya setlhogo se se reng “Ngwaga wa Baiseraele” o bo o kgaoganye ngwaga go ya ka dipaka tse go buiwang ka tsone mo dirapeng tsa 15-17. (c) Thobo ya ntlha e ne e le leng, ya mabele yone, mme nako ya fa maungo otlhe a ne a fulwa yone e ne e le leng, mme ke meletlo efe eo e neng e tsamaisanya le ditiragalo tseno?

17 Dipaka tsa komelelo di simologa mo e ka nnang fa gare ga April, mme mo e ka nnang mo pakeng eno yotlhe, segolo bogolo mo dipoeng tse di mo lotshitshing lwa lewatle le mekgokolosa e e kafa bophirima ya dithaba, go na le monyo o montsi o o nosetsang dijalo tsa selemo. (Dute. 33:28) Ka May, mabele a a rojwa, mme Moletlo wa Dibeke (Pentekosete) o ne o ketekwa kwa bokhutlong jwa kgwedi eno. (Lefi. 23:15-21) Go tswa foo, fa go ntse go nna mogote mme lefatshe le omelelela kwa pele, meretlwa ya ditlhare tsa mofine e a butswa e bo e fulwa, go bo go latela maungo a mangwe a selemo, a a tshwanang le lotlhware, ditatlele, le difeige. (2 Sam. 16:1) Fa paka ya komelelo e fela mme dipula tsa ntlha di simolola go na, go a bo go setse go robilwe dikungwa tsotlhe tsa lefatshe, mme go ne go ketekwa Moletlo wa Diobo, kana wa Metlaagana ka yone nako eno (mo e ka nnang kwa tshimologong ya October).—Ekes. 23:16; Lefi. 23:39-43.

18. (a) Ke ka ntlhayang fa tlhaloso ya lefoko la Sehebera le le reng “ngwaga” e tshwanela? (b) Ngwaga wa mmatota wa dibokelatsatsi malebana le lefatshe ke ofe?

18 Ngwaga. Go ithuta nako ga rona mo Bibeleng jaanong go re lere mo lefokong le le reng “ngwaga.” Lefoko leno le umakiwa fela kwa tshimologong ya hisitori ya motho. (Gen. 1:14) Lefoko la Sehebera “ngwaga,” sha·nahʹ, le tswa mo moding o o rayang “boeletsa; dira gape” mme le tlhalosa modikologo wa nako. Seno se ne se tshwanela, ereka mo ngwageng mongwe le mongwe go ne go nna le modikologo wa dipaka. Ngwaga mo lefatsheng ke nako e lefatshe le e tsayang go dira modikologo o le mongwe fela, kana loeto, go dikologa letsatsi. Nako e le e tsayang go ya ka rona mono lefatsheng go digela loeto lono ke malatsi a le 365 dioura di le 5 metsotso e le 48 metsotswana e le 46, kana mo e ka nnang malatsi a le 365 1/4. Ono o bidiwa ngwaga wa mmatota wa dibokelatsatsi.

19. (a) Dingwaga tsa bogologolo tsa Bibela di ne di balwa jang? (b) “Ngwaga o boitshepo” oo moragonyana Jehofa a neng a o laolela ke ofe?

19 Dingwaga tsa Bibela. Go ya ka go bala ga bogologolo ga Bibela, ngwaga o ne o simologa ka letlhafula o fela ka letlhafula le le latelang. Seno se ne se siametse botshelo jwa temothuo sentle, ereka ngwaga o ne o simolola ka go lema le go jwala, mo e ka nnang mo karolong ya ntlha ya kgwedi ya rona ya October, mme o felela ka go phuthwa ga thobo. Noa o ne a bala ngwaga a o simolola ka letlhafula. O ne a kwala gore Morwalela o ne wa simologa “ka kgwedi ea bobedi,” seo se neng se tshwana le sephatlo sa bofelo sa October le sephatlo sa ntlha sa November. (Gen. 7:11, ntlhanyana e e kwa tlase mo go NW) Go tla go fitlha le gompieno, batho ba le bantsi mo lefatsheng ba santse ba simolola ngwaga wa bone o mosha ka letlhafula. Ka nako ya Khuduga go tswa kwa Egepeto, ka 1513 B.C.E., Jehofa o ne a ntsha taolo ya gore Abibe (Nisane) e tshwanetse go nna “tshimologō ea dikgwedi” mo Bajudeng, mo go rayang gore jaanong ba ne ba na le ngwaga o o boitshepo, o o neng o simologa ka dikgakologo o felela ka dikgakologo. (Ekes. 12:2) Lefa go ntse jalo, Bajuda ba motlha wa rona ba dirisa ngwaga o e seng wa bodumedi, kana wa selefatshe, o o simologang ka letlhafula, kgwedi ya one ya ntlha e le Tishri.

20. Ngwaga wa ngwedi o ne wa baakanngwa jang gore o tsamaisane le ngwaga wa dibokelatsatsi, mme dingwaga tsa ngwedi le letsatsi ke dife?

20 Ngwaga wa ngwedi le letsatsi wa dibokelatsatsi. Go fitlha ka motlha wa ga Keresete, merafe ka bontsi e ne e ntse e dirisa dingwaga tsa ngwedi go bala nako ka tsone, ba dirisa ditsela tse di farologaneng tsa go dira gore ngwaga o tsamaisanye lefa go se kalo le ngwaga wa dibokelatsatsi. Ngwaga o o tlwaelegileng wa ngwedi wa dikgwedi tse 12 tsa ngwedi o na le malatsi a le 354, o dikgwedi tsa one di nang le malatsi a le 29 kana 30, go ikaegile ka go bonala ga ngwedi mongwe le mongwe o mosha. Ka jalo ngwaga wa ngwedi o fetwa ke ngwaga wa boammaaruri wa dibokelatsatsi o o nang le malatsi a le 365 1/4 ka malatsi a le 11 1/4. Bahebera ba ne ba dirisa ngwaga wa ngwedi. Bibela ga e tlhalose sepe gore ba ne ba dirisa ngwaga ono jang gore o tsamaisanye le ngwaga wa dibokelatsatsi le dipaka, mme ba tshwanetse ba bo ba ne ba oketsa ka dikgwedi tse dingwe, fa go ne go tlhokega jalo. Thulaganyo eno ya go oketsa ka dikgwedi tse dingwe e ne ya tsamaisiwa ka thulaganyo moragonyana mo lekgolong la botlhano la dingwaga B.C.E. go dirisiwa modikologo o jaanong o bidiwang wa Metonic. Seno se ne sa kgonisa gore kgwedi eno e e tsenngwang fa gare ga tse dingwe e tsenngwe ga supa mo dingwageng dingwe le dingwe tse 19, mme mo khalendareng ya Sejuda, e ne ya tsenngwa morago ga ngwaga wa bo 12, o o bidiwang Adar, mme yone e ne e bidiwa Veadar, kana “Adar wa bobedi.” Ereka khalendara ya ngwedi e tsamaisanngwa le letsatsi ka tsela eo, dingwaga tseno, tseo di nang le dikgwedi di le 12 kana di le 13, di bidiwa dingwaga tsa ngwedi le letsatsi.

21. (a) Khalendara ya ga Julius ke efe? (b) Ke ka ntlhayang fa khalendara ya ga Gregory e tlhomame go gaisa tse dingwe?

21 Khalendara ya ga Julius le ya ga Gregory. Khalendara ke thulaganyo ya go tlhoma tshimologo, boleele, le go kgaogana ga ngwaga le go rulaganya dikarolo tseno ka thulaganyo e e siameng. Khalendara ya ga Julius e ne ya simololwa ke Julius Caesar ka 46 B.C.E., go dira gore batho ba Roma ba dirise nako ya thulaganyo ya ngwaga wa dibokelatsatsi mo boemong jwa ngwaga wa ngwedi. Khalendara ya ga Julius e na le malatsi a le 365 ka ngwaga, fela fa e se gore mo ngwageng mongwe le mongwe o moleele (o e leng mongwe le mongwe wa bonè), go okediwa ka letsatsi le le lengwe fela, go dira gore e nne wa malatsi a le 366. Lefa go ntse jalo, fa nako e ntse e tsamaya, go ne ga fitlhelwa gore ngwaga wa khalendara ya ga Julius tota o moleele go sekae ka metsotso e le 11 go feta ngwaga wa mmatota wa dibokelatsatsi. Ka lekgolo la bo 16 la dingwaga C.E., metsotso eo e ne e setse e dirile malatsi a le lesome fa e sobokanngwa. Ka gone, ka 1582, Mopapa Gregory XIII o ne a dira phetogo e e seng kalo kalo, a simolola se gompieno se bidiwang khalendara ya ga Gregory. Go ya ka taolo ya ga mopapa go ne ga tlogelwa malatsi a le lesome ka ngwaga wa 1582, mo go neng ga dira gore letsatsi le le neng le latela la October 4 e nne October 15. Khalendara ya ga Gregory e tlhalosa gore dingwagakgolo tse di sa kakeng tsa kgaoganngwa ka 400 ga di a tshwanela go tsewa gore ke dingwaga tse ditelele. Ka sekai, ka go sa tshwane le ngwaga wa 2000, ngwaga wa 1900 e ne e se ngwaga o moleele ka gonne palo ya 1 900 ga e kgaoganyesege ka 400. Khalendara ya ga Gregory jaanong ke yone e e dirisiwang ka kakaretso mo dikarolong tse dintsi tsa lefatshe.

22, 23. Ngwaga wa boperofeti o boleele bo kana kang?

22 “Ngwaga” wa Boperofeti. Mo boperofeting jwa Bibela lefoko “ngwaga” gantsi le dirisiwa ka kgopolo e e kgethegileng go tewa dikgwedi tse 12, kgwedi nngwe le nngwe e na le malatsi a le 30, mo e nnang malatsi a le 360. Elatlhoko se mokwadi mongwe o se bolelang fa a akgela ka Esekiele 4:5, 6: “Re tshwanetse go tsaya gore Esekiele o ne a itse gore ngwaga o na le malatsi a le 360. Ngwaga ono ga se wa mmatota wa dibokelatsatsi le gone ga se ngwaga wa ngwedi. Ke ngwaga wa ‘palogare’ oo kgwedi nngwe le nngwe ya one e nang le malatsi a le 30.”c

23 Ngwaga wa boperofeti gape o bidiwa ‘nako,’ mme fa go tlhatlhobisiwa Tshenolō 11:2, 3 le 12:6, 14 go lemotshega gore ke jang go tsewang gore ‘nako’ ke malatsi a le 360. Mo boperofeting fa gongwe ngwaga gape o ka tshwantshanngwa le “letsatsi.”—Esek. 4:5, 6.

24. Batho ba le bantsi ba bogologolo ba ne ba simolola go bala jang?

24 Ga go na Ngwaga ya Lefela. Batho ba bogologolo, go akaretsa le Bagerika ba ba rutegileng, Baroma, le Bajuda, ba ne ba sa itse sepe ka lefela. Mo go bone, sengwe le sengwe se ne se simololwa go balwa ka bongwe fela. Fa o ne o ithuta dinomoro tsa Seroma kwa sekolong (eleng I, II, III, IV, V, X, jalo le jalo), a o ne wa ithuta ka palo ya lefela? Nnyaa, ka gonne Baroma ba ne ba sena nayo. Ereka Baroma ba ne ba sa dirise palo ya lefela, Motlha O O Tlwaelegileng o ne wa seka wa simologa ka ngwaga wa lefela, mme o ne wa simologa ka 1 C.E. Seno gape se ne sa dira gore go simololwe go dirisiwa dinomoro tsa lebalatatelano, tse di tshwanang le sa ntlha (1st), sa bobedi (2nd), sa boraro (3rd), sa bolesome (10th), sa bolekgolo (100th). Mo thutong ya dipalo ya segompieno, motho o tlhaloganya fa sengwe le sengwe se simologa ka lefela. Gongwe lefela le ne la simololwa ke Bahindu.

25. Dinomoro tsa lebalatatelano di farologana jang le dinomoro tsa lebalapalo?

25 Ke gone ka moo nako le nako fa go dirisiwa dinomoro tsa lebalatatelano, ka metlha re tshwanetse go ntsha bongwe fela go bona palo e e tletseng. Ka sekai, fa re bua ka letlha lengwe mo lekgolong la bo 20 la dingwaga C.E., a go raya gore go fetile dingwaga di le makgolo a a 20 a a tletseng? Nnyaa, go raya gore go fetile dingwaga di le makgolo a le 19 le dingwaga dingwe mo godimo. Bibela, mmogo le dipalo tsa segompieno, e dirisa dinomoro tsa lebalapalo, tse di tshwanang le 1, 2, 3, 10, le 100 go tlhalosa dinomoro tse di tletseng. Tseno gape di bidiwa “dinomoro tse di tletseng.”

26. O ka bala jang (a) dingwaga tsa go simologa ka October 1, 607 B.C.E., go ya go October 1, 1914 C.E.? (b) dingwaga tse 2 520 go simolola ka October 1, 607 B.C.E.?

26 Jaanong, ereka Motlha O O Tlwaelegileng o ile wa se ka wa simolola ka ngwaga wa lefela mme o ne wa simolola ka 1 C.E., mme khalendara ya dingwaga tsa pele ga Motlha O O Tlwaelegileng e ne ya se ka ya simolola ka ngwaga wa lefela mme ya simolola ka 1 B.C.E., palo e e dirisiwang mo ngwageng ya letlha lepe fela tota ke nomoro ya lebalatatelano. Ke gore, 1990 C.E. tota ke dingwaga tse 1 989 tse di tletseng fa e sale go tswa kwa tshimologong ya Motlha O O Tlwaelegileng, mme kgwedi ya July 1, 1990, ke dingwaga di le 1 989 le sephatlo sa ngwaga go tswa kwa tshimologong ya Motlha O O Tlwaelegileng. Molaomotheo o o tshwanang o a dira mo metlheng ya B.C.E. Jalo go bona gore go fetile dingwaga di le kae gareng ga October 1, 607 B.C.E., le October 1, 1914 C.E., tlhakanya dingwaga tse 606 (mmogo le dikgwedi tse tharo tsa bofelo tsa ngwaga wa pele ga oo) le 1 913 (le dikgwedi tse 9 tsa ntlha tsa ngwaga o o latelang) mme o tla bona dingwaga tse 2 519 (le dikgwedi tse 12), kana dingwaga di le 2 520. Kana fa o batla go bona gore dingwaga tse 2 520 morago ga October 1, 607 B.C.E. e tla nna ngwaga ofe, gakologelwa gore 607 ke nomoro ya lebalatatelano—tota ke dingwaga di le 606 tse di tletseng—mme ereka re sa bale go simolola ka December 31, 607 B.C.E., mme e leng go simolola ka October 1, 607 B.C.E., re tshwanetse go tlhakanya 606 le dikgwedi tse tharo tsa bofelo mo go 607 B.C.E. Jaanong ntsha dingwaga di le 606 1/4 mo dingwageng tse 2 520. Palo e e salang ke 1 913 3/4. Seno se raya gore dingwaga tse 2 520 go simolola ka October 1, 607 B.C.E., di re fitlhisa go dingwaga di le 1 913 3/4 mo Motlheng O O Tlwaelegileng—dingwaga tse di tletseng di le 1 913 di re tlisa mo tshimologong ya 1914 C.E., mme tharonneng ya ngwaga mo godimo ga seo e re tlisa mo go October 1, 1914 C.E.d

27. Matlha a pinagare ke eng, mme ke ka ntlhayang fa a le botlhokwa thata jaana?

27 Matlha a Pinagare. Tlhatlhamano ya metlha ya boammaaruri ya Bibela e thailwe mo matlheng a mangwe a pinagare. Letlha la pinagare ke letlha lengwe mo khalendareng la hisitori leo go nang le mabaka a a utlwalang gore le tsewe le le boammaaruri le leo le tsamaisanang le tiragalo e e kgethegileng eo e kwadilweng mo Bibeleng. Ke lone he le ka dirisiwang jaaka lobaka lwa konokono loo ditiragalo tse di tlhomaganeng tsa Bibela di ka tlhomamisiwang mo khalendareng go simololwa ka lone. Fa lobaka lwa pinagare lo sena go tlhongwa, go balelwa kwa pele kana kwa morago go tswa mo letlheng leno go ya ka dipego tse di tlhomameng tsa Bibela ka boyone, tse di tshwanang le nako e go boletsweng gore batho bangwe ba ne ba tshela ka yone kana gore dikgosi dingwe di ne tsa busa ka lobaka lo lo kana kang. Ka gone, go simolola ka lobaka longwe lo lo tlhomilweng, re ka nna ra dirisa tlhatlhamano ya metlha e e ikanngwang e e mo Bibeleng ka boyone go bolela matlha a ditiragalo tse dintsi tsa Bibela.

28. Letlha la pinagare la Dikwalo tsa Sehebera ke lefe?

28 Letlha la Pinagare la Dikwalo tsa Sehebera. Tiragalo nngwe ya botlhokwa e e kwadilweng mo Bibeleng le mo hisitoring ya selefatshe ke go senngwa ga motse wa Babelona ke Bameda le Baperesia ba ba neng ba eteletswepele ke Kurose. Bibela e bega ka tiragalo eno mo go Daniele 5:30. Dikwalo tse di farologaneng tsa hisitori (go akaretsa Diodorus, Africanus, Eusebius, Ptolemy, le matlapanakwalelo a Babelona) di dumalana gore ngwaga wa 539 B.C.E. ke one ngwaga o Kurose a neng a fenya Babelona ka one. Nabonidus Chronicle e bolela kgwedi le letsatsi tse motse oo o neng wa senngwa ka tsone (ngwaga ga o bonale). Ka gone baithutatlhatlhamano ya metlha ba selefatshe ba bolela gore letlha le Babelona a neng a wa ka lone ke October 11, 539 B.C.E., go ya ka khalendara ya ga Julius, kana October 5 go ya ka khalendara ya ga Gregory.e

29. Taolo ya ga Kurose e ne ya ntshiwa leng, e dira gore go kgonege go dira eng?

29 Morago ga go fenngwa ga Babelona, le ka ngwaga wa gagwe wa ntlha jaaka mmusi wa Babelona o o fentsweng, Kurose o ne a ntsha taolo ya gagwe e e tumileng a letlelela Bajuda go boela kwa Jerusalema. Go ya ka rekoto ya Bibela, taolo eno e ka nna ya bo e ne ya ntshiwa moragonyana ka 538 B.C.E. kana e tloga e nna dikgakologo ka ngwaga wa 537 B.C.E. Seno se ne se tla naya Bajuda tshono e e molemo thata ya gore ba boe ba thibelele mo nagagaeng ya bone le go tla mo Jerusalema go tsosolosa kobamelo ya ga Jehofa ka “kgwedi ea boshupa,” ya Tishri, kana mo e ka nnang ka October 1, 537 B.C.E.—Esere 1:1-4; 3:1-6.f

30. Letlha la pinagare mmogo le boperofeti jo bo diragaditsweng di tlhomamisa jang gore Jesu o ne a kolobediwa leng, le gore o ne a tsholwa leng?

30 Letlha la Pinagare la Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika. Letlha la pinagare la Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika le tlhongwa go lebilwe letlha leo Kaesara Tiberio, a neng a tlhatlhama Mmusimogolo Aguseto ka lone. Aguseto o ne a tlhokafala ka August 17, 14 C.E. (go ya ka khalendara ya ga Gregory); Tiberio o ne a tlhongwa mmusimogolo ke Puso ya Roma ka September 15, 14 C.E. Go tlhalositswe mo go Luke 3:1, 3 gore Johane Mokolobetsi o ne a simolola bodihedi jwa gagwe ka ngwaga wa bo 15 wa puso ya ga Tiberio. Fa e le gore dingwaga tseo di ne di balwa go simolola ka nako ya go tlhokafala ga ga Aguseto, go raya gore ngwaga wa bo 15 o ne o simolola ka August 28 C.E. go ya go August 29 C.E. Fa e le gore o ne o simololwa go balwa fa Tiberio a ne a tlhongwa go nna mmusimogolo ke Puso, go raya gore ngwaga oo o ne o simologa ka September 28 C.E. go ya go September 29 C.E. Ka bokhutshwane fela morago ga seno, Jesu, yo o neng a ka nna monnye mo go Johane Mokolobetsi ka dikgwedi di le thataro, o ne a tla go kolobediwa, fa “a le e ka ne e le dinyaga di le mashomè mararo.” (Luke 3:2, 21-23; 1:34-38) Seno se dumalana le boperofeti jwa Daniele 9:25 gore “diweke” tse 69 (dibeke tsa boperofeti tse nngwe le nngwe ya tsone e leng dingwaga tse 7, ka go rialo e nna dingwaga di le 483) di ne di tla simologa ka nako ya “go thaèga ga go cwa ga taolō ea go shahatsa le go aga Yerusalema” le dithako tsa gagwe mme di wele ka nako ya go bonala ga ga Mesia. (Dan. 9:24, ntlhanyana e e fa tlase mo go NW) “Taolō” eo e ne ya ntshiwa ke Aretaserese (Longimanus) ka 455 B.C.E. mme e ne ya dirisiwa ke Nehemia mo Jerusalema mo karolong ya bofelo ya ngwaga oo. Mme dingwaga di le 483 moragonyana, mo karolong ya bofelo ya 29 C.E., fa Jesu a ne a kolobediwa ke Johane, o ne gape a tlodiwa ka moya o o boitshepo o o tswang kwa Modimong, ka gone a nna Mesia, kana Motlodiwa. Gore Jesu o ne a kolobediwa a bo a simolola bodihedi jwa gagwe mo karolong ya bofelo ya ngwaga oo go dumalana gape le boperofeti jwa gore o ne a kgaolwa “ka bontlha ñwe yoa weke” ya dingwaga (kana morago ga dingwaga di le tharo le sephatlo). (Dan. 9:27) Ereka a ne a tlhokafala ka nako ya dikgakologo, o tshwanetse a bo a ne a simolola bodihedi jwa gagwe jwa dingwaga di le tharo le sephatlo go ya bofelong jwa 29 C.E.g Ebile tota, bosupi jo bo menaganeng sebedi jono bo supa gape gore Jesu o ne a tsholwa ka letlhafula la 2 B.C.E., ereka Luke 3:23 e bontsha gore Jesu o ne a ka nna dingwaga di le 30 fa a ne a simolola tiro ya gagwe.h

31. (a) Ke ka ntlhayang fa tsela e nako e tsamayang ka yone e lebega e sa tshwane? (b) Ka jalo batho ba babotlana ba solegelwa molemo jang mo go seno?

31 Tsela eo Nako e Tsamaelang ka Bonako ka Yone. Go na le polelo ya bogologolo ya Seesemane e e reng ‘pitsa e e lebeletsweng ga e ke e bela.’ Ke boammaaruri gore fa re lebeletse nako, fa re e etse tlhoko, fa re letetse sengwe gore se diragale, ka nako eo e lebega e le bonya go gaisa nako tsotlhe. Lefa go ntse jalo, fa re bereka thata, fa re kgatlhegela e bile re akanya thata ka seo re se dirang, ka nako eo eleruri go lebega ekete “nako e fofa fela.” Mo godimo ga moo, mo bathong ba ba godileng nako e lebega e tsamaela ka bofefo go na le mo baneng ba bannye. Ke ka ntlhayang fa go ntse jalo? Ngwaga o le mongwe fela mo ngwaneng yo o nang le ngwaga o le mongwe fela o tla ka maitemogelo a e ka nnang 100 lekgolong mo botshelong jwa gagwe. Ngwaga o le mongwe fela mo mothong wa dingwaga tse 50 ke maitemogelo a a oketsegileng a le 2 lekgolong fela mo botshelong jwa gagwe. Mo ngwaneng, ngwaga o lebega e le nako e telele tota. Fa motho yo o godileng a bereka thata, ebile a na le botsogo jo bontle, o bona ekete dingwaga di tsamaela ka bofefo fela thata. O simolola go tlhaloganya mafoko a ga Solomone sentle fela thata a a reng: “Ga go na sepè se sesha tlhatse ga letsatsi.” Mo letlhakoreng le lengwe, batho ba babotlana ba santse ba bona ekete dingwaga tsa bone tse ba santseng ba gola mo go tsone di tsamaela ka bonya fela thata. Go na le go “belebetlèla phehō hèla” ka go batla dilo tse di bonalang, ba ka nna ba dirisa dingwaga tseno ka tsela e e nang le mosola ba kokoanya letlotlo la boitemogelo jwa bomodimo. Mafoko a ga Solomone a a latelang ao a tshwanela e le tota mo nakong ya bone: “U bo u gakologèlwè Mmopi oa gago mo metlheñ ea bokau yoa gago, metlha ea boshula e e se e be e tle, le dinyaga di e se di atamele, motlhañ u tla buañ, u re, Ga ke na kgatlhègō mo go cōna.”—Mor. 1:9, 14; 12:1.

32. Batho ba ka tlhaloganya pono ya ga Jehofa ka nako botoka jang?

32 Nako—Fa Batho ba tla bo ba Tshelela Ruri. Lefa go ntse jalo, go na le malatsi a a tla bong a itumedisa mo isagweng ao a tla bong a sena masetlapelo ape gotlhelele. Barati ba tshiamo, bao ‘nako ya bone e leng mo seatleng sa ga Jehofa,’ ba ka lebela pele botshelong jo bo sa khutleng mo pusong ya Bogosi jwa Modimo. (Pes. 31:14-16; Math. 25:34, 46) Mo Bogosing joo, go tla bo go sa tlhole go na le loso. (Tshen. 21:4) Botshwakga, bolwetsi, go sulafalelwa, le go belebetlela phefo di tla bo di nyeletse. Go tla bo go na le tiro e e dirwang, e e tla bong e dira gore motho a tlhome mogopolo mo go yone e bile e kgatlhisa, e dira gore motho a dirise dikgono tsa gagwe tsotlhe tsa boitekanelo ebile e dira gore e re motho a sena go e wetsa a kgotsofale ka botlalo. Dingwaga tseno di tla lebega di tsamaela ka bofefo fela thata, mme megopolo e e anaanelang le e e gopang kitso e tla nna e tladiwa ka dikgakologelo tsa ditiragalo tse di itumedisang. Jaaka diketekete tsa dingwaga di ntse di feta, kwantle ga pelaelo batho mo lefatsheng leno ba tla lemoga ka botlalo kafa Jehofa a lebang nako ka gone: ‘Ka gonne dingwaga di le sekete mo matlhong a ga Jehofa di tshwana le maabane fela fa di sena go feta.’—Pes. 90:4.

33. Malebana le nako, ke masego afe a Jehofa a a laoletseng?

33 Fa re leba go tsamaya ga nako go ya kafa batho ba e lebang ka gone gompieno re bo re akanyetsa tsholofetso ya Modimo ya lefatshe le lesha la tshiamo, abo tebelelo ya masego a a tla nnang gone ka motlha oo e itumedisa jang ne: “Gonne Yehofa o laoletse tshegōhacō gōna, eboñ botshelō ka bosakhutleñ.”—Pes. 133:3

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Lefoko “oura” le tlhaga mo go King James Version mo go Daniele 3:6, 15; 4:19, 33; 5:5, ka Searamaika; lefa go ntse jalo, Concordance, Hebrew and Chaldee Dictionary, ya ga Strong, e tlhalosa lefoko le jaaka “tebo, ke gore nakwana.” Le ranolwa jaaka “nakwana” mo go New World Translation of the Holy Scriptures.

b Bona dintlhanyana tse di kwa tlase tsa dikwalo tseno.

c Biblical Calendars, 1961, ka J. Van Goudoever, tsebe 75.

d Insight on the Scriptures, Bol. 1, tsebe 458.

e Insight on the Scriptures, Bol. 1, ditsebe 453-4, 458; Bol. 2, tsebe 459.

f Insight on the Scriptures, Bol. 1, tsebe 568.

g Insight on the Scriptures, Bol. 2, tsebe 899-902.

h Insight on the Scriptures, Bol. 2, ditsebe 56-8.

[Tšhate mo go tsebe 281]

NGWAGA WA BAISERAELE

Leina la Kgwedi Nisane (Abibe)

Le tsamaisana le March - April

Ngwaga o o Boitshepo Ya bo 1 kgwedi

Ngwaga wa Selefatshe Ya bo 7 kgwedi

Ditsopolo Ekes. 13:4; Neh. 2:1

Meletlo Nisane 14 Tlolaganyo

Nisane 15-21 Moletlo wa Dinkgwe tse

di sa Bedisiwang

Nisane 16 Ditshupelo tsa

mabutswapele

Leina la Kgwedi Iyyar (Sifa)

Le tsamaisana le April - May

Ngwaga o o Boitshepo Ya bo 2 kgwedi

Ngwaga wa Selefatshe Ya bo 8 kgwedi

Ditsopolo 1 Dikg. 6:1

Leina la Kgwedi Sifana

Le tsamaisana le May - June

Ngwaga o o Boitshepo Ya bo 3 kgwedi

Ngwaga wa Selefatshe Ya bo 9 kgwedi

Ditsopolo Esethere 8:9

Meletlo Sifana 6 Moletlo wa Dibeke

(Pentekosete)

Leina la Kgwedi Tamuse

Le tsamaisana le June - July

Ngwaga o o Boitshepo Ya bo 4 kgwedi

Ngwaga wa Selefatshe Ya bo 10 kgwedi

Ditsopolo Yer. 52:6

Leina la Kgwedi Ab

Le tsamaisana le July - August

Ngwaga o o Boitshepo Ya bo 5 kgwedi

Ngwaga wa Selefatshe Ya bo 11 kgwedi

Ditsopolo Esere 7:8

Leina la Kgwedi Elula

Le tsamaisana le August - September

Ngwaga o o Boitshepo Ya bo 6 kgwedi

Ngwaga wa Selefatshe Ya bo 12 kgwedi

Ditsopolo Neh. 6:15

Leina la Kgwedi Tishri

(Ethanima)

Le tsamaisana le September - October

Ngwaga o o Boitshepo Ya bo 7 kgwedi

Ngwaga wa Selefatshe Ya bo 1 kgwedi

Ditsopolo 1 Dikg. 8:2

Meletlo Tishri 1 Letsatsi la go

gelebetisiwa ga

lonaka

Tishri 10 Letsatsi la Tetlanyo

Tishri 15-21 Moletlo wa Diobo

Tishri 22 Pokano e e masisi

Leina la Kgwedi Heshvan (Bul)

Le tsamaisana le October - November

Ngwaga o o Boitshepo Ya bo 8 kgwedi

Ngwaga wa Selefatshe Ya bo 2 kgwedi

Ditsopolo 1 Dikg. 6:38

Leina la Kgwedi Kiselefa

Le tsamaisana le November - December

Ngwaga o o Boitshepo Ya bo 9 kgwedi

Ngwaga wa Selefatshe Ya bo 3 kgwedi

Ditsopolo Neh. 1:1

Leina la Kgwedi Tebetha

Le tsamaisana le December - January

Ngwaga o o Boitshepo Ya bo 10 kgwedi

Ngwaga wa Selefatshe Ya bo 4 kgwedi

Ditsopolo Esethere 2:16

Leina la Kgwedi Shebate

Le tsamaisana le January - February

Ngwaga o o Boitshepo Ya bo 11 kgwedi

Ngwaga wa Selefatshe Ya bo 5 kgwedi

Ditsopolo Seka. 1:7

Leina la Kgwedi Adara

Le tsamaisana le February - March

Ngwaga o o Boitshepo Ya bo 12 kgwedi

Ngwaga wa Selefatshe Ya bo 6 kgwedi

Ditsopolo Esethere 3:7

Leina la Kgwedi Veadara

Le tsamaisana le (Kgwedi e go okeditsweng ka yone)

Ngwaga o o Boitshepo Ya bo 13 kgwedi

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela