Kgaolo 4
O Moimana mme A Sa Nyalwa
MARIA o na le dikgwedi tse tharo a ntse a le moimana. O tla gakologelwa gore o ne a senya malatsi a gagwe a ntlha a go ima a etetse Elisabethe, mme jaanong o boetse gae kwa Nasaretha. Mo nakong e khutshwane batho ba motse wa gagabo ba tla itse ka boemo jwa gagwe. Ruri, o mo seemong sa tlalelo!
Seo se dirang seemo maswe go feta ke gore Maria o beeleditswe go nna mosadi wa ga Josefa wa mmetli. Mme o itse gore, kafa tlase ga molao wa Modimo go Iseraele, mosadi yo o beeleditsweng ke monna mongwe mme a tlhakanela dikobo ka boomo le monna o sele o tshwanetse go bolawa ka go kgobotlediwa ka maje. O tla tlhalosetsa Josefa kaga go ima ga gagwe a reng?
Ereka Maria a na le dikgwedi tse tharo a ntse a seyo, re ka tlhomamisega gore Josefa o tlhoafaletse go mmona. Fa ba kopana, go bonala fa Maria a mo phunyetsa dikgang. O ka nna a dira bojotlhe jwa gagwe go tlhalosa gore o imile ka ntlha ya moya o o boitshepo wa Modimo. Mme, jaaka o ka akanya, seno ke selo se se thata gore Josefa a se dumele.
Josefa o itse gore Maria o itsege e le motho yo o molemo. Mme ka phepafalo o mo rata tota. Mme gone, go sa kgathalesege seo a ka se bolelang, go bonala tota ekete o imisitswe ke monna yo mongwe. Lefa go le jalo, Josefa ga a batle gore a bolawe ka go kgobotlediwa ka maje kana go tlhabisiwa ditlhong phatlalatsa. Jalo he o fetsa mogopolo gore o tla mo tlhala ka sephiri. Mo metlheng eo, batho ba ba neng ba beeleditswe ba ne ba tsewa fela jaaka ba ba nyetsweng, mme tlhalo e ne e tlhokafala go fedisa peelelo.
Moragonyana, fa Josefa a ntse a akanyetsa dikgang tseno, o ya go robala. Moengele wa ga Jehofa o mmonalela mo torong mme a re: “Se boihe go tsaea Mariè mosadi oa gago: gonne go ithwala ga gagwè ke ga Mōea o o Boitshèpō. Me o tla bōna ñwana oa mosimane; me u tla mo raea leina, u re, Yesu; gonne ke èna eo o tla gololañ batho ba gagwè mo dibiñ tsa bōnè.”
Abo Josefa a ne a itumetse jang ne fa a tsoga! Kwantle ga go diega o dira se moengele a se mo kaetseng. O tsaya Maria o mo isa legaeng la gagwe. Kgato eno e e mo pepeneneng tota e ne e le yone modiro wa lenyalo, e tlhokomedisa gore Josefa le Maria jaanong ba nyalane kafa molaong. Mme Josefa ga a tlhakanele dikobo le Maria fa Maria a santse a imile Jesu.
Bonang! Maria o setse a goletswe tota, lefa go le jalo Josefa o mo pega mo eseleng. Ba ya kae, mme ke ka ntlha yang fa ba tsaya loeto lono fa Maria a tloga a belega? Luke 1:39-41, 56; Mathaio 1:18-25; Duteronome 22:23, 24.
▪ Josefa o ikutlwa jang fa a utlwa ka go ima ga ga Maria, mme ka ntlha yang?
▪ Josefa o ne a ka tlhala jang Maria ntswa ba ne ba ise ba nyalane?
▪ Ke kgato efe ya phatlalatsa e e neng ya nna jaaka modiro wa lenyalo la ga Josefa le Maria?