Kgaolo 74
Go Gakololwa ga ga Maratha, le Thuto Kaga Thapelo
KA NAKO ya bodihedi jwa ga Jesu jwa kwa Judea, o tsena mo motseng wa Bethani. Fano ke koo Maratha, Maria, le kgaitsadia bone Lasaro ba nnang gone. Jesu o ka ne a bo a kile a kopana le ba bararo bano pelenyana mo bodiheding jwa gagwe mme jalo e setse e le tsala e kgolo ya bone. Lefa go ntse jalo, Jesu jaanong o ya kwa gaabo Maratha mme o feta a mo amogela.
Maratha o batla go naya Jesu tse di molemo go gaisa tsotlhe tse o nang natso. Eleruri, ke tlotlo e kgolo go bona Mesia yo o solofeditsweng a etela legae la motho! Jalo Maratha o tshwarega mo go baakanyeng dijo ka matsetseleko le go dira dilo tse dingwe tseo di ka dirang loeto lwa ga Jesu go nna lo lo ipedisang le lo lo monate.
Mo letlhakoreng le lengwe, monnaa Maratha ebong Maria o nna fa dinaong tsa ga Jesu a ba a mo reetsa. Morago ga sebakanyana, Maratha o tla fa go Jesu a bo a mo raya a re: “Morèna, a ga u re sepè ka nnake a nteseleditse go dihèla ke le nosi? Ka re, mo reè, a nthusè.”
Mme Jesu o gana go raya Maria sepe. Go na le moo, o gakolola Maratha gore a seka a tshwenyega thata ka dilo tse di bonalang. “Maratha, Maratha,” o mo kgalemela jalo ka bonolo, “ua tlhodièga, u itapisa ka dilō di le dintsi; Go batlwa selō se le señwe hèla.” Jesu a re ga go tlhokafale gore go senngwe nako e ntsi mo go baakanyetseng dijo di le dintsi. Di se kae fela kana le eleng mogopo o le mongwe fela o tla bo o lekane.
Maikaelelo a ga Maratha a molemo; o batla go nna moamogelabaeng yo o molemo. Lefa go le jalo, ka go tshwenyega ga gagwe mo go tlhokomeleng dilo tse di bonalang, o latlhegelwa ke tshono ya go ikamogelela tao ya botho go tswa go Morwa Modimo tota! Jalo Jesu o fetsa ka go re: “Marie o itshenketse kabèlō e e molemō, e o se ketlañ a e tlosediwa.”
Moragonyana, ka nako nngwe gape, morutwa mongwe o kopa Jesu jaana: “Morèna, re rutè go rapèla, yaka Yohane le èna a na a ruta barutwa ba gagwè.” Go bonala gore morutwa yono o ne a seyo fa Jesu a ne a neela thapelo ya sekao mo Therong ya gagwe ya kwa Thabeng ngwaga le sephatlo pele ga foo. Jalo Jesu o boeletsa thuto ya gagwe a bo a tswelela ka go bua setshwantsho a gatelela botlhokwa jwa go rapela ba sa kgaotse.
“Ko ohe oa lona eo o ka reñ a na le tsala,” Jesu a simolola, “me a ea kwa go èna gare ga bosigo, a mo raea, a re, Tsala nkadima dinkgwè di le tharo; Gonne tsala ea me e nkgorogetse, e cwa loetoñ, me ga ke na sepè se nka se mo hañ; Me eole eo o kwa teñ a ka mo hetola, a re, Se nchwenye; go setse go cwecwe, le bana ba me ke na nabō mo bolaoñ; ga nkake ka coga ka gu naea? Kea lo raea, leha a gana go coga a mo naea ka go bo e le tsala ea gagwè, leha go nntse yalo, ka ntlha ea kèmèlèlō ea gagwè o tla coga a mo naea kaha o tlhōkañ ka gōna.”
Ka setshwantsho seno Jesu ga a reye gore Jehofa Modimo ga a batle go reetsa dikopo tseo di dirwang go sa kgaotswe, jaaka go ntse ka tsala e e tlhalosiwang mo polelong ya gagwe. Nnyaa, mme o tshwantshetsa gore fa e le gore tsala e e sa ikemisetsang e ka arabela ditopong tse di sa kgaotseng jalo ka Rraarona wa selegodimo yo o lorato! Jalo Jesu o tswelela ka go re: “Me ke lo raea, ke re, Lōpañ, me lo tla nèwa; batlañ, me lo tla bōna; kgwanyakgwanyañ, me lo tla bulèlwa. Gonne moñwe le moñwe eo o lōpañ, oa amogèla; le eo o batlañ oa bōna; le eo o kgwanyakgwanyañ o tla bulèlwa.”
Go tswa foo Jesu o lebisa go borre ba batho ba ba sa itekanelang, ba ba nang le boleo, fa a re: “Me ko ohe oa lona eo o ka reñ e le rra bana, me ha ñwana oa gagwè a mo lōpa senkgwè, o ka mo naea lencwè? Kgotsa ha a lōpa tlhapi, o ka mo naea nōga mo boemoñ yoa tlhapi? Goñwe ha a lōpa letsae, a o ka mo naea phepheñ? Me ke gōna, ha lona lo le boshula, lo itse go naea bana ba lona dinèō tse di molemō; bogolo yañ Rra eno oa legodimo o tla naea ba ba mo lōpañ Mōea o o Boitshèpō.” Eleruri, abo seno e ne e le kgothatso e e rotloetsang jang ne eo Jesu a e nayang ya go rapela o sa kgaotse. Luke 10:38–11:13.
▪ Ke ka ntlhayang fa Maratha a tsaya matsapa a a kanakana go baakanyetsa Jesu?
▪ Ke eng seo Maria a se dirang, mme ke ka ntlhayang fa Jesu a akgola ene go na le Maratha?
▪ Ke eng seo se neng sa dira gore Jesu a boeletse thuto ya gagwe kaga thapelo?
▪ Jesu o ne a tshwantsha jang botlhokwa jwa go rapela o sa kgaotse?