Kgaolo 93
Fa Morwa Motho A Senolwa
FA JESU a santse a le kwa bokone (kwa Samaria kana kwa Galilea), Bafarisai ba mmotsa kaga go tla ga Bogosi. Ba dumela gore bo tla tla ka tlotlomalo e kgolo le ka moletlo o mogolo, mme Jesu o bua jaana: “Bogosi yoa Modimo ga bo tle ka go bōnwa. Le gōna ga ba ketla ba re, Bōnañ hanō! kgotsa, Bōnañ hale! gonne bōnañ, bogosi yoa Modimo bo [mo gare ga lona, NW].”
Mafoko ano a ga Jesu “mo gare ga lona” ka dinako dingwe a ile a ranolwa jaaka “mo teñ ga lona.” Jalo bangwe ba ile ba akanya gore Jesu o ne a raya gore Bogosi jwa Modimo bo busa mo dipelong tsa batlhanka ba Modimo. Mme, go phepafetse gore Bogosi jwa Modimo ga bo mo dipelong tsa Bafarisai bano ba ba sa dumeleng ba Jesu a buang nabo. Lefa go le jalo, bo mo gare ga bone, ereka Kgosi e e tlhomilweng ya Bogosi jwa Modimo, Jesu Keresete, e le gone mo gare ga bone.
Go lebega fa Jesu gape a ne a bua le barutwa ba gagwe kaga go tla ga Bogosi morago ga Bafarisai ba sena go tsamaya. O akantse segolobogolo ka go nna gone ga gagwe mo nakong e e tlang ka maatla a Bogosi fa a tlhagisa ka go re: “Ba tla lo raea, ba re, Bōnañ hale! kgotsa, Bōnañ hano! se tsamaeeñ, leha e le go ba sala moragō [Bomesia ba maaka]. Gonne yaka ea re ha logadima lo gadima ntlheñ ñwe tlhatse ga legodimo, lo tlo lo phatsimèle kwa ntlheñ e ñwe tlhatse ga legodimo; Morwa motho le èna o tla nna yalo mo motlheñ oa gagwè.” Ka gone, fela jaaka legadima le kgona go bonwa mo tikologong e kgolo, Jesu o bontsha gore bosupi jwa go nna gone ga gagwe ka maatla a Bogosi bo tla bonwa ka phepafalo ke botlhe bao ba batlang go bo bona.
Jesu jaanong o tshwantsha ka ditiragalo tsa bogologolo go bontsha gore boikutlo jwa batho e tla nna bofe fa a setse a le gone mo nakong e e tlang. O tlhalosa jaana: “Me yaka go kile ga dihala mo metlheñ ea ga Noa, go tla nna hèla yalo le mo metlheñ ea Morwa Motho. . . . Le yaka go dihetse mo metlheñ ea ga Lote: ba ne ba ya, ba nwa, ba rèka, ba rekisa, ba tlhōma, ba aga; Me ka letsatsi yeuō hèla, ye Lote o duleñ mo Sodoma ka yeōna, ga na molelō le sulefura mo go cwañ legodimoñ, me ga ba laila botlhe hèla. Go tla nna hèla yalo mo motlheñ o Morwa Motho o tla senolwañ ka ōna.”
Jesu ga a reye gore batho ba motlha wa ga Noa le ba motlha wa ga Lote ba ne ba senngwa fela ka gonne ba ne ba dira dilo tse di tlwaelegileng tsa go ja, go nwa, go reka, go rekisa, go lema, le go aga. Le eleng Noa le Lote le bamalapa a bone ba ne ba dira dilo tseno. Mme ba bangwe ba ne ba dira ditiro tseno tsa letsatsi le letsatsi kwantle ga go dira go rata ga Modimo, mme ba ne ba senngwa ka ntlha ya moo. Ka lebaka le le tshwanang, batho ba tla senngwa fa Keresete a tla bo a senolwa ka sepitla se segolo sa tsamaiso eno ya dilo.
Fa a gatelela botlhokwa jwa go arabela ka bonako mo bosuping jwa go nna gone ga gagwe ka maatla a Bogosi mo nakong e e tlang, Jesu o oketsa jaana: “A e re mo letsatsiñ yeuō, eo o mo godimo ga ntlo, me dilō tsa gagwè di le mo tluñ, a se ka a hologa a ea go di tlosa; yalo le èna eo o kwa nageñ, a se ka a boèla kwa moragō. Gakologèlwañ mosadi oa ga Lote.”
Fa bosupi jwa go nna gone ga ga Keresete bo bonala, batho ga ba tshwanela go letla gore lorato lwa bone lwa dilo tse di bonalang lo ba thibele go tsaya kgato ka bonako. Fa mosadi wa ga Lote a ne a tswa mo Sodoma, go lebega a ne a leba kwa morago a eletsa dilo tse a di tlogetseng kwa morago, mme o ne a fetoga motlhoboloko wa letswai.
Fa a tswelela pele ka go tlhalosa boemo joo bo tla nnang gone mo nakong ya go nna gone ga gagwe mo isagweng, Jesu o raya barutwa ba gagwe a re: “E tla re mo bosigoñ youō, banna ba le babedi ba tla bo ba le mo bolaoñ bo le boñwe hèla; moñwe o tla tseèwa, eo moñwe a tlogèlwa. Basadi ba le babedi ba tla bo ba sila mmōgō; moñwe o tla tseèwa, eo moñwe a tlogèlwa.”
Go tsewa go tshwana le go tsena ga ga Noa le lelapa la gagwe mo arakeng le go ntshiwa ga ga Lote le lelapa la gagwe mo Sodoma ke baengele. Go raya poloko. Mo letlhakoreng le lengwe, go tlogelwa go raya go senngwa.
Fa a fitlha fano, barutwa ba mmotsa ba re: “Kae, Morèna?”
“Kwa setoto se gōna, manoñ le aōna a tla phuthègèla gōna,” Jesu o araba jalo. Bao ba ‘tseelwang’ polokong ba tshwana le bontsu ba ba bonelang kgakala ka go bo ba kgobokanela “setoto.” Setoto se kaya go nna gone ga ga Keresete wa boammaaruri mo go sa bonaleng ka maatla a Bogosi le moletlo wa semoya o Jehofa a o baakanyetsang. Luke 17:20-37; Genesise 19:26.
▪ Bogosi bo ne bo le mo gare ga Bafarisai jang?
▪ Ke ka tsela efe go nna gone ga ga Keresete go tshwanang le legadima?
▪ Ke ka ntlhayang fa batho ba tla senngwa ka ntlha ya ditiro tsa bone mo go nneng gone ga ga Keresete?
▪ Go tsewa, le go tlogelwa go kaya eng?