LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • dg karolo 8 ts. 17-19
  • Boikaelelo Jwa Modimo Bo Tloga Bo Diragadiwa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Boikaelelo Jwa Modimo Bo Tloga Bo Diragadiwa
  • A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kgosi E Ntšha ya Lefatshe
  • Babusimmogo Nae
  • Go Ipusa go Tla Khutla
  • Bogosi Jwa Modimo ke Eng?
    Baebele e re Ruta Eng?
  • Bogosi Jwa Modimo—Puso e Ntšha ya Lefatshe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Bogosi Jwa Modimo ke Eng?
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • Bogosi Jwa Modimo Bo A Busa
    Kitso e e Isang botshelong Jo bo Sa Khutleng
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?
dg karolo 8 ts. 17-19

Karolo 8

Boikaelelo Jwa Modimo Bo Tloga Bo Diragadiwa

1, 2. Modimo o ntse o baakanya jang tsela ya go fedisa pogo?

PUSO ya botsuolodi ya batho le badimona e na le makgolokgolo a dingwaga e ntse e gogagoga setho mo seretseng. Mme lefa go le jalo, Modimo ga o a ka wa itlhokomolosa dipogo tsa rona. Go na le moo, mo makgolokgolong ao a dingwaga, o ntse o baakanya tsela ya go golola batho mo boikepong le mo pogong.

2 Ka nako ya botsuolodi jwa kwa Edena, Modimo o ne wa lemotsha ka ga boikaelelo jwa one jwa go dira puso e e tla dirang lefatshe leno legae la paradaise la batho. (Genesise 3:15) Morago, a direla jaaka mmueledi yo mogolo wa Modimo, Jesu o ile a dira go tla ga puso eno ya Modimo kgangkgolo ya thuto ya gagwe. O ile a re ke tsholofelo e le yosi fela ya setho.—Daniele 2:44; Mathaio 6:9, 10; 12:21.

3. Jesu o ile a bitsa puso e e tlang ya lefatshe a re ke eng, mme ka ntlha yang?

3 Jesu o ile a bitsa puso e e tlang ya Modimo a re ke ‘bogosi jwa magodimo,’ ereka e tlile go busa go tswa kwa legodimong. (Mathaio 4:17) Gape o ne a bo bitsa “bogosi yoa Modimo,” ereka Modimo e tla nna ene Motlhodi wa jone. (Luke 17:20) Go ralala makgolokgolo a dingwaga Modimo o ile wa tlhotlheletsa bakwadi ba gagwe go kwala boperofeti kaga bao ba tla nnang karolo ya puso eo le seo e tlileng go se dira.

Kgosi E Ntšha ya Lefatshe

4, 5. Modimo o ne wa bontsha jang gore o amogela Jesu go nna Kgosi?

4 E ne e le Jesu, yo mo dingwageng tse di ka tshwarang dikete tse pedi, a ileng a diragatsa boperofeti jo bontsintsi jo bo kaga ene yo o tla nnang Kgosi ya Bogosi jwa Modimo. O ile a itshupa e le ene yo o tlhophilweng ke Modimo go nna Mmusi wa puso eo ya selegodimo e e tla busang setho. Mme morago ga loso lwa ga Jesu, Modimo o ne wa mo tsosa go ya go tshela kwa legodimong e le sebopiwa sa moya se se nonofileng se se ruileng bosasweng. Go ne go na le basupi ba le bantsi ba tsogo ya gagwe.—Ditihō 4:10; 9:1-9; Baroma 1:1-4; 1 Bakorintha 15:3-8.

5 Go tsweng foo Jesu “a dula kaha lecogoñ ye legolo ya Modimo.” (Bahebera 10:12) Mme koo o ne a emela nako eo Modimo a neng a tla mo neela thata ka yone ya gore a tseye kgato jaaka Kgosi ya Bogosi jwa selegodimo jwa Modimo. Seno se ne se diragatsa boperofeti jo bo mo go Pesalema 110:1, koo Modimo o mmolelelang jaana teng: “Dula kaha lecogoñ ya me ye legolo, go tsamaee ke dihe baba ba gago sebèō sa gago sa dinaō.”

6. Jesu o ne a itshupa jang gore o tshwanelwa ke go nna Kgosi ya Bogosi jwa Modimo?

6 Fa a santse a le mo lefatsheng, Jesu o ne a bontsha fa tota a tshwanelwa ke maemo ao. Le mororo a ne a bogisiwa, o ne a kgetha go boloka bothokgami mo Modimong. Ka go dira jalo, o ne a bontsha gore Satane o ne a aka fa ka maiphako a gagwe a ne a re ga go na motho ope yo o ka ikanyegang mo Modimong fa a lekwa. Jesu, motho yo o itekanetseng ebong ‘Adame wa morago,’ o ne a bontsha gore Modimo o ne o sa dira phoso ka go bopa batho ba ba itekanetseng.—1 Bakorintha 15:22, 45; Mathaio 4:1-11.

7, 8. Ke dilo dife tse di molemo tse Jesu a neng a di dira fa a santse a le mo lefatsheng, mme ka go dira jalo o ne a bontsha eng?

7 Ke mmusi ofe yo o kileng a dira molemo o o lekanang le o Jesu a o dirileng mo dingwageng di sekaenyana fela tsa bodihedi jwa gagwe? Ka nonofo ya moya o o boitshepo wa Modimo, Jesu o ne a fodisa ba ba lwalang, digole, difofu, bosusu, le dimumu. O ne a ba a tsosa le baswi tota! O ne a bontsha maoko a seo a tla se direlang batho mo lefatsheng lotlhe fa a setse a na le thata ya Bogosi.—Mathaio 15:30, 31; Luke 7:11-16.

8 Jesu o ne a dira molemo o mogolo thata fa a ne a santse a le mo lefatsheng mo morutwa wa gagwe ebong Johane a ileng a re: “Me go bile go na le dilō di le dintsi di sele tse Yesu o di dihileñ, tse e ka reñ ha di ne di ka kwalwa cotlhe, kea gopola, go re, le e leñ lehatshe le ne le sa kake ya bōnela dikwalō tse di ne di ka kwalwa sebaka sa go di chola.”—Yohane 21:25.a

9. Ke ka ntlha yang fa batho ba ba dipelo tse di ikanyegang ba ne ba thologela kwa go Jesu?

9 Jesu o ne a le bonolo a bile a le pelotlhomogi, a rata batho fela thata. O ne a thusa ba ba humanegileng le ba ba gateletsweng, mme lefa go le jalo o ne a sa tlhaole ba ba humileng kana ba ba nang le maemo. Batho ba ba dipelo di ikanyegang ba ne ba utlwa taletso ya ga Jesu e e lorato fa a ne a re: “Tlañ kwano go nna lotlhe ba lo lapileñ, ba lo imèlwañ, me ke tla lo lapolosa. Ipeleseñ yokwe oa me, lo ithutè ga me; gonne ke bonōlō le boiñōtlō mo peduñ: me lo tla bōnèla meōea ea lona tapologō. Gonne yokwe oa me o monate, le morwalō oa me o motlhoho.” (Mathaio 11:28-30) Batho ba ba boifang Modimo ba ne ba thologela kwa go ene mme ba ne ba emetse go ipona ba le mo pusong ya gagwe.—Yohane 12:19.

Babusimmogo Nae

10, 11. Ke bomang ba ba tla thusang Jesu go busa lefatshe?

10 Fela jaaka dipuso tsa batho di na le lekoko la babusi, go ntse fela jalo le ka Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo. Mo godimo ga ga Jesu go tla nna le ba bangwe ba ba tla nnang le seabe mo go buseng lefatshe, ka gore Jesu o ile a solofetsa ditsala tsa gagwe gore ba tla busa batho e le dikgosi le ene.—Yohane 14:2, 3; Tshenolō 5:10; 20:6.

11 Ka jalo, Jesu le palo e e lekanyeditsweng ya batho ba tla tsosediwa go ya go tshela kwa legodimong. Ba bopa Bogosi jwa Modimo jo bo tla leretseng setho masego a a sa khutleng. (2 Bakorintha 4:14; Tshenolō 14:1-3) Ka jalo, go ralala dingwaga Jehofa o ntse a thaya motheo wa puso e e tla leretseng setho masego a a sa khutleng.

Go Ipusa go Tla Khutla

12, 13. Bogosi jwa Modimo bo ipaakanyeditse go dira eng jaanong?

12 Mo lekgolong leno la dingwaga Modimo o ile wa tsenya letsogo ka namana mo mererong ya lefatshe. Jaaka fa Karolo 9 ya boroutšhara jono e tla tlhalosa dintlha ka botlalo mabapi le seno, boperofeti jwa Bibela bo bontsha gore Bogosi jwa Modimo bo le mo diatleng tsa ga Keresete bo ile jwa tlhomiwa ka 1914 mme ebile jaanong bo ipaakanyeditse go nyeletsa tsamaiso yotlhe ya ga Satane. Bogosi joo bo ipaakanyeditse go ‘busa fa gare ga baba [ba ga Keresete].’—Pesalema 110:2, NW.

13 Mabapi le kgang eno boperofeti jwa ga Daniele 2:44 bo a re: “Me e tla re mo metlheñ ea dikgosi tseuō [tse jaanong di busang], Modimo oa legodimo o tla tlhōma bogosi [kwa legodimong] yo bo se ketlañ bo señwa gopè, me le mmushō oa yōna ga o ketla o tlogèlèlwa chaba e sele [puso ya motho ga e kitla e tlhola e letlelelwa], me [Bogosi jwa Modimo] bo tla thubaganya bo nyèlètsa magosi auō aotlhe, me bo tla èma ka bosakhutleñ.”

14. Ke melemo mengwe efe e e tla nnang teng ka ntata ya go fedisiwa ga puso ya motho?

14 Ereka dipuso tsotlhe tse di seng kafa tlase ga Modimo di tla bo di fedisitswe, Bogosi jwa Modimo bo tla busa lefatshe lotlhe ka botlalo. Mme ereka Bogosi jono bo busa go tswa kwa legodimong, bo ka se ka jwa bodisiwa ke batho. Nonofo ya go busa e tla bo e boetse kwa e neng e le teng kwa tshimologong, eleng kwa legodimong, kwa Modimong. Mme ereka puso ya Modimo e tla bo e laola lefatshe lotlhe, ga go kitla go tlhola go nna le motho ope yo o tla tsiediwang ke bodumedi jwa maaka kgotsa matlhajana a a sa utlwaleng a batho le megopolo ya sepolotiki. Ga go sepe sa dilo tseo se se tla letlelelwang go tswelela se le teng.—Mathaio 7:15-23; Tshenolō, dikgaolo 17 go ya go 19.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Go bona dintlha ka botlalo tsa botshelo jwa ga Jesu, bona buka e go tweng Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela, e e gatisitsweng ka 1991 ke Watchtower Society.

[Ditshwantsho mo go tsebe 18]

Fa Jesu a ne a santse a le mo lefatsheng o ne a fodisa balwetsi a tsosa baswi e le go bontsha se a tlileng go se dira mo lefatsheng le lesha

[Ditshwantsho mo go tsebe 19]

Bogosi jwa Modimo bo tla kaela masomosomo a baengele go nyeletsa gotlhelele mefuta yotlhe ya dipuso tse di seng kafa tlase ga gagwe

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela