Karolo 9
Kafa Re Itseng Ka Teng Gore Re Tshela Mo “Metlheñ Ea Bohelō”
1, 2. Re ka itse jang ka tlhomamo gore re tshela mo metlheng ya bofelo?
RE KA tlhomamisa jang gore re tshela mo nakong e ka yone Bogosi jwa Modimo bo tla tsayang kgato kgatlhanong le tsamaiso eno ya go ipusa ga motho? Re ka itse jang gore re atametse fela thata nako eo ka yone Modimo o tla fedisang boikepo jotlhe le pogo?
2 Barutwa ba ga Jesu Keresete ba ne ba batla go itse ka dilo tseo. Ba ile ba mmotsa gore ‘sesupo’ e tla nna eng sa go nna gone ga gagwe mo Bogosing le sa ‘bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo.’ (Mathaio 24:3) Jesu o ne a ba araba ka go ba bolelela ka botlalo ditiragalo le maemo tse di neng di tla tshikhinya lefatshe tse di neng di tla diragalela gongwe tse di neng di tla bontsha gore ‘setho se tsene mo nakong ya bokhutlo,’ ‘mo metlheng ya bofelo’ ya tsamaiso eno ya dilo. (Daniele 11:40; 2 Timotheo 3:1) A mme rona re ile ra bona sesupo seno se se dikarolo dintsi mo lekgolong leno la dingwaga? Ee, re se bone, thata le gone!
Dintwa tsa Lefatshe
3, 4. Dintwa tsa lekgolo leno la dingwaga di tlhomamisa jang boperofeti jwa ga Jesu?
3 Jesu o ne a bolelela pele gore “morahe o [ne o] tla cogologèla morahe, le bogosi bo cogologèle bogosi.” (Mathaio 24:7) Ka 1914 lefatshe le ne la tsenelela mo ntweng e mo go yone ditšhaba le magosi di ileng tsa lwa ka tsela e e sa tshwaneng le epe pele ga yone. Ka go lemoga seno, borraditiragalo ba nako eo ba ne ba e bitsa Ntwa E Kgolo. E ne e le ya ntlha ya mofuta wa yone mo hisitoring, ntwa ya ntlha ya lefatshe. Masole le batho fela ba ba ka tshwarang 20 000 000 ba ne baa swa, palo e e fetelang kgakala ya dintwa tse di neng tsa nna pele ga yone.
4 Ntwa ya Lefatshe I e ne ya tshwaya tshimologo ya metlha ya bofelo. Jesu o ile a re seno le ditiragalo tse dingwe di ne di tla nna “tshimologō ea botlhoko yoa pèlèga.” (Mathaio 24:8) Seo se ne sa itshupa se le boammaaruri, ereka Ntwa ya Lefatshe II e ile ya bolaya ba le bantsi go feta moo, masole le batho fela ba ba ka tshwarang 50 000 000 ba ile ba swa. Mo lekgolong leno la bo 20 la dingwaga, batho ba ba fetang 100 000 000 ba ile ba bolawa mo dintweng, e e leng palo e e fetang go menagane gane ya dintwa tse di ileng tsa lowa mo dingwageng tse 400 tse di fetileng di kopantswe! Abo seno se tlhobosa puso ya motho thata jang ne!
Bosupi Jo Bongwe
5-7. Ke bosupi bofe jo bongwe jo bo bontshang gore re tshela mo metlheng ya bofelo?
5 Jesu o ne a bolela gape ka dikarolo tse dingwe tse di neng di tla diragala mo metlheng ya bofelo: “Me go tla nna dithoromō tse di kgolo tsa lehatshe, le mo maheloñ mañwe le mañwe go nne mebopamō, le dikgogodi tsa bolwetse.” (Luke 21:11) Seno se tsamaelana sentle le ditiragalo tsa fa esale ka 1914, ka gore fa esale ka nako eo go ile ga oketsega mahumapelo ka ntlha ya dikodumedi tseo.
6 Dithoromo tsa lefatshe tse dikgolo di diragala gangwe le gape, mme di bolaya batho ba le bantsi. Mohikela wa Spain o ne wa bolaya batho ba ba ka tshwarang 20 000 000 morago ga Ntwa ya Lefatshe I—bangwe ba fopholetsa gore ke 30 000 000 kgotsa go feta. AIDS e bolaile makgolokgolo a a diketekete a batho mme e ka nna ya bolaya dimilione mo bogautshwaneng. Ngwaga le ngwaga dimilione tsa batho di a swa ka ntateng ya malwetsi a pelo, kankere, le malwetsi a mangwe. Dimilione tse dingwe gape di swa di sena go sotlega ka ntlha ya tlala. Kwantle ga pelaelo ‘bapalami ba dipitse tsa Tshenolo’ ka dintwa tsa bone, ditlhaelo tsa dijo, le dikgogodi tsa bolwetsi ba ile ba tswelela ba bolaya karolo e kgolo thata ya batho fa esale ka 1914.—Tshenolō 6:3-8.
7 Jesu gape o boleletse pele ka go oketsega ga tlolomolao mo go diragalang mo mafatsheng otlhe. O ile a re: “Me e tla re ka boikèpō bo tla bo bo ntsihetse, loratō loa bontsi bogolo lo tla tsidihala.”—Mathaio 24:12.
8. Boperofeti jwa ga 2 Timotheo kgaolo 3 bo tshwanela jang nako ya rona?
8 Gape, boperofeti jwa Bibela bo boleletse pele ka go repa ga boitsholo mo go tletsetletseng mo lefatsheng ka bophara gompieno: “Mo metlheñ ea bohèlō go tla tla dipaka tse di tlhokohatsañ. Gonne batho ba tla nna baithati, le barati ba madi, le babelahadi, le baipegi, le bakgadi, le ba ba sa utlweñ batsadi ba bōnè, le ba ba sa lebogeñ, le ba ba sa itshèpañ, Ba sena loratō loa tlhōlègō, e le ba ba sa ichwareleñ, e le bapateletsi, ba sena boithibō, ba le bogale, e se barati ba molemō gopè, E le baoki, e le ba ba tlhōgōethata, e le ba ba ikgogomosañ, e le barati ba dikgatlhègō, bogolo go go nna barati ba Modimo; E le ba ba chotseñ sechwanchō hèla sa poihōmodimo, me thata ea eōna ba e latotse . . . Me batho ba ba boshula le batsietsi ba tla nna ba shulahalèla pele.” (2 Timotheo 3:1-13) Seno sotlhe re se iponela ka matlho se diragala.
Lebaka le Lengwe
9. Go ne ga diragala eng kwa legodimong se se ileng sa welana le tshimologo ya metlha ya bofelo mo lefatsheng?
9 Go na le lebaka le lengwe la go bo pogo e oketsega mo go kanakana mo lekgolong leno la dingwaga. Go na le sengwe se se ileng sa diragalela gongwe le tshimologo ya pogo ya metlha ya bofelo ka 1914, se se neng sa tsenya setho mo kotsing le go feta. Ka nako eo, fela jaaka fa boperofeti jwa buka ya bofelo ya Bibela bo bolela: “Ga nna ntwa mo legodimoñ; Mikaele [Keresete a busa kwa legodimong] le baengele ba gagwè ba bololèla kgōgèla [Satane] ba ea go tlhabana naeō; me kgōgèla ea tlhabana e na le baengele [badimona] ba eōna: Me ba se ka ba henya, le gōna ba se ka ba tlhōla ba na le bonnō mo legodimoñ. Me kgōgèla e kgolo, nōga ea bogologolo ea pirigañwa, eōna e e bidiwañ Diabolo le Satane, motsietsi oa lehatshe yeotlhe; ea piriganyediwa koñ kwa lehatshiñ, le baengele ba eōna ba piriganyediwa kwa tlhatse naeō.”—Tshenolō 12:7-9.
10, 11. Batho ba ile ba amega jang fa Satane le badimona ba gagwe ba ne ba latlhelwa mo lefatsheng?
10 Ditlamorago tsa seno e ne ya nna dife mo bathong? Boperofeti jono bo a tswelela: “A bo go latlhèga lehatshe le lewatlè! ka diabolo a hologetse kwa go lona, a tletse bogale, ka a itse ha lobaka loa gagwè lo setse lo le lokhutshane.” Ee, Satane o itse gore tsamaiso ya gagwe e gaufi le go fedisiwa, mme ka jalo o dira sengwe le sengwe se a ka se kgonang gore a fapose batho mo tseleng ya Modimo pele ga ene le lefatshe la gagwe ba nyelediwa. (Tshenolō 12:12; 20:1-3) Abo dibopiwa tseo tsa moya di le maswe jang ne ereka di ile tsa se ka tsa dirisa sentle nonofo ya tsone ya go ikgethela! Abo seemo sa lefatshe se ile sa nna maswe jang ne ka ntlha ya tlhotlheletso ya tsone, bogolo jang fa esale ka 1914!
11 Ga go gakgamatse go bo Jesu a ile a bolelela pele jaana ka nako ya rona: “Mo lehatshiñ pitlaganō ea merahe, e rarañwa . . . Batho ba idibadiwa ke poihō le tebèlèlō ea dilō tse di tlañ mo lehatshiñ.”—Luke 21:25, 26.
Bofelo jwa Puso ya Batho le Badimona bo Gaufi
12. Ke boperofeti bofe jo bo santseng bo setse go diragadiwa pele ga tsamaiso eno e fela?
12 Go setse boperofeti bo le kana kang jwa Bibela jo bo tshwanetseng go diragadiwa pele ga Modimo o senya tsamaiso eno ya dilo? Bo ka tsena mo seatleng! Bongwe jwa bofelo ke jo bo mo go 1 Bathesalonia 5:3, e e bolelang jaana: “E tla re ba santse ba bua ka kagiso le polokesego, hong tshenyego ya tshoganyetso e ba wele.” (The New English Bible) Seno se bontsha gore bofelo jwa tsamaiso eno ya dilo bo tla simologa fa “ba santse ba bua.” E tla re fa lefatshe le sa solofelang teng, tshenyego e tla ba wela ba sa itebetse, ka nako eo batho ba tla bong ba gapilwe kgatlhego ke tsholofelo ya bone ya go itirela kagiso le polokesego.
13, 14. Ke nako efe ya mathata e Jesu a neng a e bolelela pele, mme e tla konelwa jang?
13 Nako e pitlaganyetsa lefatshe leno le le tlhotlhelediwang ke Satane. Go ise go ye kae le tla fedisiwa ka nako ya mathata e Jesu a buileng jaana ka yone: “Gonne go tla nna sepitla se segolo mo metlheñ euō, se se e señ se ke se nne, e sa le ka tshimologō ea lehatshe go tla nakoñ eno; nya, le gōna go se ketla go tlhōla go nna yalo gopè.”—Mathaio 24:21.
14 Setlhoa sa “sepitla se segolo” e tla nna ntwa ya Modimo ya Hara–Magedona. Eo ke nako e moperofeti Daniele a buileng ka yone a re Modimo o tla ‘thubaganya a bo a nyeletsa magosi a otlhe.’ Seno se tla raya go fedisiwa ga mebuso ya batho e e teng gompieno e e sa ikaegang ka Modimo. Bogosi jwa gagwe jo bo busang go tswa kwa legodimong jaanong bo tla tsaya taolo yotlhe mo mererong yotlhe ya batho. Daniele o boleletse pele jaana, gore ga go kitla go tlhola go tlogelelwa ‘tšhaba epe’ puso.—Daniele 2:44; Tshenolō 16:14-16.
15. Go tla diragalang ka tlhotlheletso ya ga Satane le badimona ba gagwe?
15 Ka yone nako eo tlhotlheletso yotlhe ya bosatane le ya bodimona le yone e tla khutla. Dibopiwa tseo tsa moya tsa ditsuolodi di tla tlosiwa gotlhelele gore di se ka tsa tlhola di “tsietsa merahe.” (Tshenolō 12:9; 20:1-3) Di ile tsa atlholelwa loso mme jaanong di emetse go senngwa. Abo batho ba tla gololesega jang ne go tshela kwantle ga tlhotlheletso ya tsone e e leswafatsang!
Ke Bomang Ba Ba Tla Falolang? Ke Bomang Ba Ba Se Kitlang Ba falola?
16-18. Ke bomang ba ba tla falolang bokhutlo jwa tsamaiso eno, mme ke bomang ba ba se kitlang ba falola?
16 Fa dikatlholo tsa Modimo di diragadiwa kgatlhanong le lefatshe leno, ke bomang ba ba tla falolang? Ke bomang ba ba se kitlang ba falola? Bibela e bontsha gore bao ba batlang go busiwa ke Modimo ba tla sirelediwa mme ba tla falola. Bao ba sa batleng puso ya Modimo ba ka se ke ba sirelediwe mme ba tla senngwa le lefatshe la ga Satane.
17 Diane 2:21, 22 e a re: “Gonne bathōkgami [bao ba ineetseng mo pusong ya Modimo] ba tla aga mo lehatshiñ, le baitekanedi ba tla sala ba nntse rure mo go yeōna. Me baikepi [bao ba sa batleng go ineela mo pusong ya Modimo] ba tla kgaolwa ba tlosiwa mo lehatshiñ, le ba ba dihañ ka bonōñwane ba tla khumolwa mo go yeōna.”
18 Pesalema 37:10, 11 le yone e a re: “Gonne e tla re kwa pelenyana, moikepi a bo a sa tlhole a le gōna . . . Me bapelonomi ba tla rua lehatshe; ba tla inatehisa mo letlotloñ ya kagishō.” Temana 29 e tlatsa ka go re: “Basiami ba tla rua lehatshe, ba tla aga mo go yeōna ka bosakhutleñ.”
19. Ke kgakololo efe e re tshwanetseng go e tsaya tsia?
19 Re tshwanetse go tsaya tsia kgakololo e e mo go Pesalema 37:34, e e reng: “Lebèlèla mo go Yehofa, u bo u chwarè tsela ea gagwè, me o tla gu goletsa go tla u rua lehatshe: e tla re mogañ baikepi ba kgaolwañ, u tla go bōna.” Ditemana 37 le 38 di a re: “Lepa moitekanedi, me u lebè mothōkgami: gonne bokhutlō yoa motho eouō ke kagishō. Kaga batlodi, ba tla señwa mmōgō: bokhutlō yoa baikepi bo tla kgaolwa.”
20. Ke ka lebaka lefe re ka reng nako e re tshelang mo go yone eno ruri ke e e kgatlhang?
20 Ee, abo go gomotsa jang ne abo go kgothatsa jang ne go itse gore Modimo o amega ka rona ka boammaaruri le gore go ise go ye kae o tla fedisa boikepo le pogo! Abo go itumedisa jang ne go lemoga gore ga go kgakala boperofeti joo jo bo galalelang bo diragadiwa!
[Ditshwantsho mo go tsebe 20]
Bibela e boleletse pele ditiragalo tse di tla dirang ‘sesupo’ sa metlha ya bofelo
[Ditshwantsho mo go tsebe 22]
Go ise go ye kae kwa Hara–Magedona, ba ba sa ineeleng mo pusong ya Modimo ba tla kgaolwa. Ba ba ineelang mo go yone ba tla falolela mo lefatsheng le lesha la tshiamo