Go Gomotsa Ba Ba Tshwenyegileng Thata mo Maikutlong
“Lobopo lotlhe lo ntse loa hègèlwa, me lo nntse lo le mo botlhokuñ mmōgō, ekete yoa pèlègō, le gompiyeno.” (Baroma 8:22) Batho ba ne ba boga tota ka nako ya fa seno se ne se kwalwa dingwaga tse di fetang 1 900 tse di fetileng. Bontsi bo ne bo tshwenyegile thata mo maikutlong. Ke gone ka moo Bakeresete ba neng ba rotloediwa gore ba dire jaana: “Nametsañ ba ba lapañ pèlo.”—1 Bathesalonia 5:14.
Gompieno, go tshwenyega mo maikutlong go gontsi le go feta, ebile go na le batho ba bantsi thata go gaisa pele ba ba tshwenyegileng mo maikutlong. Mme lefa go ntse jalo a seo se tshwanetse go re gakgamatsa? Nnyaa, ka go bo Bibela e bolela gore eno ke ‘metlha ya bofelo’ ebile e e bitsa “dipaka tse di tlhokohatsañ.” (2 Timotheo 3:1-5) Jesu Keresete o ne a bolelela pele gore mo metlheng ya bofelo, go ne go tla nna le “dilō tse di rerisañ ha di bōnwa.”—Luke 21:7-11; Mathaio 24:3-14.
Fa batho ba nna lobaka lo loleele ba tlhobaela, ba boifa, ba utlwa botlhoko, kana ba ikutlwa ka ditsela tse dingwe tse di ntseng jalo tse di seng monate, gantsi ba tshwenyega thata mo maikutlong. Dilo dingwe tse di dirang gore ba tshwenyege thata mo maikutlong kana ba hutsafale ka tsela e e feteletseng ke fa motho a swetswe ke motho yo a mo ratang, a tlhadilwe, a latlhegetswe ke tiro, kana a tshwerwe ke bolwetsi bongwe jo bo sa foleng. Batho ba tshwenyega mo maikutlong gape fa ba ikutlwa ba nyatsega, fa ba ikutlwa gore ga ba kgone sepe le gore ba paletswe ebile ba swabisitse batho botlhe. Mongwe le mongwe a ka nna a utlwisiwa botlhoko ke boemo bongwe jo bo ngomolang pelo, mme fa motho a ikutlwa a itlhoboga ebile a sa kgone go tswa mo boemong jo bo maswe joo, a ka nna a tshwenyega mo maikutlong ka tsela e e feteletseng.
Batho ba metlha ya bogologolo le bone ba ne ba ikutlwa ka tsela e e tshwanang. Jobe o ne a boga ka ntlha ya bolwetsi le go diragalelwa ke dilo tse di utlwisang botlhoko. O ne a utlwa ekete Modimo o mo latlhile, ka jalo o ne a bolela gore o ila botshelo jwa gagwe. (Yobe 10:1; 29:2, 4, 5) Jakobe o ne a tshwenyega thata mo maikutlong fa go ne go bonala ekete morwawe o sule, a gana go gomodiwa mme a eletsa go swa. (Genesise 37:33-35) Kgosi Dafide o ne a bolela jaana a hutsafetse ka ntlha ya go ikutlwa a le molato ka ntlha ya boleo jo bo masisi: “Ke nntse ke hutsahetse motshegare otlhe. Kea idibala.”—Pesalema 38:6, 8; 2 Bakorintha 7:5, 6.
Gompieno, bontsi bo tshwenyegile mo maikutlong ka gonne bo ipolaisa ditiro, thulaganyo e ba dirang ditiro ka yone letsatsi le letsatsi e feta kafa ditlhaloganyo, maikutlo, le mebele ya bone di nonofileng go dira teng. Go lebega gore go ngomoga pelo, fa go tlhakana le dikgopolo le maikutlo a a sa siamang, go ka ama mmele mme ga dira gore dikhemikale di se ka tsa lekalekana sentle mo bobokong, mme ka gone tsa dira gore motho a tshwenyege mo boikutlong.—Bapisa Diane 14:30.
Thuso E Ba E Tlhokang
Epaforodito, Mokeresete wa lekgolo la ntlha la dingwaga wa kwa Filipi o ne a “hutsafala thata gonne [ditsala tsa gagwe] di ne di utlwile gore o a lwala.” Epaforodito yo a neng a tsenwa ke bolwetse fa a sena go romiwa ke ditsala tsa gagwe kwa Roma gore a isetse moaposetoloi Paulo dilo dingwe, gongwe o ne a akanya gore o swabisitse ditsala tsa gagwe le gore di ne di mo leba jaaka yo o paletsweng. (Bafilipi 2:25-27; 4:18) Moaposetoloi Paulo o ne a mo thusa jang?
O ne a busetsa Epaforodito gae a kwaletse ditsala tsa gagwe tsa Bafilipi lokwalo lo lo neng lo bolela jaana: “Mo amogeleñ [Epaforodito] mo Moreneñ ka boitumèlō yotlhe; me lo tlotlè eo o nntseñ yalo.” (Bafilipi 2:28-30) Lebaka fela la go bo Paulo a ne a mo tlotlomatsa jaana le go bo Bafilipi ba ne ba mo amogela ka lorato le ka go mo neneketsa, eleruri go tshwanetse ga bo go ne ga gomotsa Epaforodito ga bo ga dira gore a se ka a tlhola a tshwenyega mo maikutlong.
Ga go belaetse gore kgakololo ya Bibela ya gore go ‘namediwe ba ba lapang pelo’ e molemo tota. “O batla go itse gore ba bangwe ba amega ka wena jaaka motho,” go ne ga bolela jalo mosadi mongwe yo a neng a tshwenyegile thata mo maikutlong. “O batla go utlwa mongwe a re, ‘Ke a tlhaloganya; o tla siama.’”
Motho yo o tshwenyegileng mo maikutlong gantsi o tlhoka gore a tseye kgato ka boene gore a batle motho yo o pelotlhomogi yo a ka mmulelang mafatlha a gagwe. E tshwanetse ya nna motho yo o kgonang go reetsa le yo o pelotelele. Ene o tshwanetse go tila go naya motho yo o tshwenyegileng maikutlo dikgakololo tse dintsi kana a bua ka tsela eo ene a dumelang gore go ntse ka teng, jaaka, ‘Ga o a tshwanela go ikutlwa jalo’ kana, ‘Ao ke maikutlo a a sa siamang.’ Maikutlo a motho yo o tshwenyegileng mo maikutlong a kgopisega bonolo, ebile fa o akgela ka tsela eo go tla mo dira gore a ikutlwe maswe ka mo go feteletseng.
Motho yo o tshwenyegileng mo maikutlong a ka ikutlwa a nyatsega. (Yona 4:3) Lefa go ntse jalo, motho o tshwanetse go gakologelwa gore selo se se botlhokwa go di gaisa tsotlhe ke kafa Modimo a mo lebang ka teng. Batho ba ne ba “nyatsa” Jesu Keresete, mme lefa go ntse jalo seno ga se a ka sa fetola kafa Modimo o neng o mo tsaya a le botlhokwa ka teng. (Isaia 53:3) Tlhomamisega gore fela jaaka Modimo o rata Morwaona yo o rategang, le wena wa go rata.—Yohane 3:16.
Jesu o ne a utlwela botlhoko ba ba neng ba ngomogile pelo ebile o ne a leka go ba thusa go bona gore ba botlhokwa. (Mathaio 9:36; 11:28-30; 14:14) O ne a tlhalosa gore Modimo o leba le dilo tse dinnye thata jaaka dithaga tse di nyatsegang di le botlhokwa. “Go bo go se epè ea cōna e e lebalwañ ha pele ga Modimo,” o ne a bolela jalo. Abo a leba batho bao ba lekang go dira go rata ga gagwe ba le botlhokwa go feta jang ne! Jesu o ne a bolela jaana ka bone: “Le meriri ea ditlhōgō tsa lona e badilwe eotlhe.”—Luke 12:6, 7.
Ke boammaaruri gore go ka nna thata mo mothong yo o tshwenyegileng thata mo maikutlong, yoo a fekeediwang ke makoa a gagwe le dilo tse a sa kgoneng go di dira, go dumela gore Modimo o mo leba a le botlhokwa thata. A ka nna a ikutlwa a tlhomamisegile gore ga a tshwanele ke gore Modimo a ka mo rata le go amega ka ene. “Me go se hèla pelo tsa rona di re nyatsañ mo go shōna,” Lefoko la Modimo le bolela jalo le dumalana. Mme a seo ke se re lekanyang dilo ka sone? Nnyaa ga se sone. Modimo o lemoga gore batho ba ba tletseng boleo ba ka nna ba akanya ka tsela e e sa siamang ba bo ba inyatsa. Ke gone ka moo Lefoko la gagwe le ba gomotsang jaana: ‘Modimo o mogolo go feta dipelo tsa rona, ebile o itse dilo tsotlhe.’—1 Yohane 3:19, 20.
Ee, Rraarona yo o lorato wa selegodimo o bona dilo tse di fetang maleo a rona le diphoso tsa rona. O itse maemo ao a ka dirang gore phoso e se ka ya nna masisi thata, o itse tsela e re tshelang ka yone, dilo tse re batlang go di dira le tse re ikaelelang go di dira. O itse gore re ruile boleo, bolwetsi, le loso mme ka gone go na le dilo tse dintsi tse re sa kgoneng go di dira. Lebaka fela la go bo re utlwa botlhoko le go ngomoga pelo ke bosupi jwa gore ga re batle go leofa le gore ga re a fetelela. Bibela e bolela gore re laolwa ke “boithamakō” jo bo lwang le se re ratang go se dira. Ka jalo Modimo o re utlwela botlhoko ka ntlha ya boemo jwa rona jo bo tlhomolang pelo, mme o re akanyetsa thata ka lorato ka ntlha ya makoa a rona.—Baroma 5:12; 8:20.
Re tlhomamisediwa gore, “Yehofa o tletse bopelotlhomogi, me o pelochweu. Yaka botlhabatsatsi bo le kgakala le bophirimatsatsi, le èna o re tloseditse ditlolō tsa rona bokgakala yo bo kalo. Gonne o itse popègō ea rona, o gakologecwe ha re le lorole hèla.” (Pesalema 103:8, 12, 14) Jehofa eleruri ke “Modimo oa kgomoco eotlhe; O o re gomotsañ mo pitlaganoñ eotlhe ea rona.”—2 Bakorintha 1:3, 4.
Thuso e batho ba ba tshwenyegileng thata mo maikutlong ba e tlhokang thata ba ka e bona ka go atamalana le Modimo o o kutlwelobotlhoko le go dira jaaka a ba laletsa gore ba ‘latlhele merwalo ya bone mo go ene.’ Eleruri o kgona go “rudisa pelo tsa ba ba pelo e ñomogileñ.” (Pesalema 55:22; Isaia 57:15) Ka jalo Lefoko la Modimo le re tlhotlheletsa gore re rapele jaana: ‘Latlhelang tlhobaelo yotlhe ya lona mo go [Jehofa] ka o a lo babalela.’ (1 Petere 5:7) Ee, motho a ka kgona go atamalana le Modimo le go nna le “kagishō ea Modimo e e hetañ tlhaloganyō eotlhe” ka go mo rapela le go mo kokotlela.—Bafilipi 4:6, 7; Pesalema 16:8, 9.
Go fetola tsela e motho a tshelang ka yone go ka mo thusa gape gore a fenye go ikutlwa a tshwenyegile mo maikutlong. Go botlhokwa gore motho a itshidile mmele, a je dijo tse di nang le dikotla sentle, a heme moya o o phepa le go ikhutsa ka tsela e e lekaneng, a bo a tile go leba Thelebishene go feta selekanyo. Mosadi mongwe o ile a thusa batho ba ba tshwenyegileng thata mo maikutlong ka go dira gore ba tsamaye ka dinao sekgala se seleele. Fa mosadi yo o tshwenyegileng mo maikutlong a ne a re: “Ga ke batle go tsamaya,” mosadi yono o ne a araba ka bonolo mme a nonofile a re: “Ee, o a tsamaya.” Mosadi yono o ne a bega jaana: ‘Re ne ra tsamaya dikilometara di le thataro. Fa re boa, o ne a lapile, mme lefa go ntse jalo o ne a ikutlwa botoka. O ka se ka wa dumela kafa go itshidila mmele go thusang ka teng fa o ise o go leke.’
Lefa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe motho ga a kgone go fenya go tshwenyega mo maikutlong gotlhelele, le eleng lefa go lekilwe sengwe le sengwe, go akaretsa le kalafi ya melemo. “Ke lekile sengwe le sengwe,” mosadi mongwe wa dingwaga tse di fa gare o ne a bolela, “mme ke santse ke tshwenyegile mo maikutlong.” Ka tsela e e tshwanang, gantsi gompieno ga go kgonege gore difofu, bosusu, kana digole di fodisiwe. Lefa go ntse jalo, ba ba tshwenyegileng mo maikutlong ba kgona go gomotsega le go nna le tsholofelo fa ba bala Lefoko la Modimo ka metlha, ka go bo lone le naya tsholofelo e e tlhomameng ya gore makoa otlhe a batho a tlile go fodisediwa ruri.—Baroma 12:12; 15:4.
Nako ya Fa go Tla Bo go Se Ope Yo O Tshwenyegileng mo Maikutlong
Jesu o ne a oketsa jaana ka nako ya fa a ne a tlhalosa ka dilo tse di boifisang tse di neng di tla diragala mo lefatsheng mo metlheng ya bokhutlo: “Me e tla re dilō tse di simologa go dihala, hoñ lo lelalè, lo choletsè ditlhōgō tsa lona; ka gonne thekololō ea lona e tla bo e atamèla.” (Luke 21:28) Jesu o ne a bolela kaga go falosediwa go tsena mo lefatsheng la tshiamo le lesha la Modimo koo ‘lobopo lo tla gololwang mo botlhankeng jwa go bola, lo isiwa mo kgololesegong ya kgalalelo ya bana ba Modimo.’—Baroma 8:21.
Abo go tla bo go lapolosa jang ne fa batho ba tla bo ba golotswe mo merwalong ya bone ya bogologolo mme ba tsoga letsatsi le letsatsi ditlhaloganyo tsa bone di sa imelwa ke sepe, ba eleditse fela go dira ditiro tsa letsatsi leo! Ga go na ope yo o tla bong a kgorelediwa ke leru la go tshwenyega mo maikutlong. Batho ba solofediwa ka tsela e e tlhomameng gore Modimo “o tla phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a bōnè; me ga go ketla go tlhōla go le losho; le gōna ga go ketla go tlhōla go le bohutsana, leha e le selelō, leha e le botlhoko: dilō tsa pele di hetetse rure.”—Tshenolō 21:3, 4.
Kwantle ga fa go bontshitswe ka tsela nngwe, ditsopolo tsotlhe tsa Bibela di tswa go Bibela E E Boitshèpō.