LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • T-22 ts. 2-6
  • Ke Mang Tota yo o Busang Lefatshe Leno?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Mang Tota yo o Busang Lefatshe Leno?
  • Ke Mang Tota yo o Busang Lefatshe Leno?
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lesedinyana la Seno go Tswa mo Maemong A A Leng mo Lefatsheng
  • Bao Ba Busang Lefatshe Leno Ba A Senolwa
  • Lwa Kgatlhanong le Meya E E Bosula
  • Babusi Ba ba Mo Lefelong la Moya
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Ganana Le Masomosomo A Meya E E Boikepo
    Kitso e e Isang botshelong Jo bo Sa Khutleng
  • Dibopiwa Tsa Semoya—Kafa di re Amang ka Gone
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • Boikaelelo Jwa Modimo ke Eng ka Lefatshe?
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Ke Mang Tota yo o Busang Lefatshe Leno?
T-22 ts. 2-6

Ke Mang Tota yo o Busang Lefatshe Leno?

Batho ba le bantsi ba ne ba tla araba potso e e fa godimo ka lefoko le le lengwe fela—Modimo. Mme lefa go ntse jalo go ya kafa go bonalang ka teng, ga go na gope mo Bibela e bolelang teng gore Jesu Keresete kana Rraagwe ke bone tota bao ba busang lefatshe leno. Mo boemong jwa seo, Jesu o ne a bolela jaana: “Kgōsana ea lehatshe yeno e tla kgoromelediwa kwa ntlè.” Mme a bo a tlatsa ka go re: “Kgōsana ea lehatshe ee tla: me ga e na sepè mo go nna.”—Yohane 12:31; 14:30; 16:11.

Ka gone kgosana ya lefatshe leno e kgatlhanong le Jesu. E ka tswa e le mang?

Lesedinyana la Seno go Tswa mo Maemong A A Leng mo Lefatsheng

Go sa kgathalesege maiteko ao batho ba ba nang le maikaelelo a mantle ba ileng ba a dira, lefatshe leno le ile la boga thata go ralala hisitori. Seno se dira gore batho ba ba akanyang sentle ba ipotse jaana, jaaka fa go ile ga dira moswi ebong mokwadi wa dikanaanelakgang ebong David Lawrence: “‘Kagiso mo lefatsheng’—mo e ka nnang mongwe le mongwe o a e batla. ‘Go nna pelonomi mo go ba bangwe’—mo e batlang e le batho botlhe ba lefatshe ba ikutlwa ba na le gone mo go bankabone. Jalo molato ke eng? Ke ka ntlha yang fa go na le matshosetsi a ntwa go sa kgathalesege dilo tseno tse ka tlholego fela batho ba di eletsang?”

Seno se lebega jaaka motlholo, a ga go jalo? Lemororo keletso eo batho ba nang le yone ka tlhago e le gore ba tshele ka kagiso, gantsi ba a ilana le go bolaana—mme ebile ba bolaana setlhogo thata. Akanya kafa batho ba itshelang moriti o o tsididi ka tsela e e feteletseng ka gone fa ba dira bosetlhogo jo bo seng kana ka sepe. Batho ba ile ba dirisa dikamore tsa gase, dikampa tsa pogisetso, mathompo a molelo, dibomo tsa molelo, mmogo le mekgwa e mengwe ya bodiabolo ya go tlhorontshana le go bolaana ba sa rekegelane.

A o dumela gore batho, bao ba tlhologeletsweng go bona go na le kagiso le boitumelo, ka bobone fela, ba na le kgono ya go dira boikepo jo bo maswe go le kalo mo go ba bangwe? Ke eng se se tlhotlheletsang batho go dira ditiro tse di ferosang sebete go le kalo kana seo se ba gogelang mo maemong ao fa ba le mo go one ba ikutlwang ba patelesega go tlhokofatsa ba bangwe? A ga o ise o ke o tsamaye o ipotse gore a go ka ne go sena maatla mangwe a a boikepo, ao re sa kgoneng go a bona ka matlho ao a tlhotlheletsang batho gore ba dire ditiro tse di ntseng jalo tsa bothubaki?

Bao Ba Busang Lefatshe Leno Ba A Senolwa

Ga go tlhokege ka gope gore re phopholetse mo kgannyeng eno, ka gonne Bibela e bontsha ka phepafalo gore go na le motho mongwe yo o botlhale, yo re sa kgoneng go mmona ka matlho yoo a ntseng a laola batho mmogo le merafe. E bolela jaana: “Lehatshe yeotlhe le namaletse ha tlhatse ga eo o boshula.” Mme Bibela e mo tlhalosa gore ke mang, e bolela jaana: “Diabolo le Satane, motsietsi oa lehatshe yeotlhe.”—1 Yohane 5:19; Tshenolō 12:9.

Ka nako nngwe ya fa Jesu a ne a “raèlwa ke diabolo,” Jesu ga a ka a ganela seabe seo Satane a nang le sone jaaka kgosana ya lefatshe leno. Bibela e tlhalosa jaana seo se ileng sa diragala: “Diabolo a mo isa kwa thabeñ e e godileñ thata, a mmontsha magosi aotlhe a lehatshe, le kgalalèlō ea aōna; Me a mo raea, a re, Dilō cotlhe tse ke tla di gu naea, ha u ka wèla ha hatshe ua nkōbamèla. Hoñ Yesu a mo raea, a re, Tloga u eè koñ, Satana.”—Mathaio 4:1, 8-10.

Akanya ka seno fela. Satane o ne a leka go raela Jesu ka go mo raya a re o tla mo naya “magosi aotlhe a lehatshe.” Lefa go ntse jalo, a mpho eno eo Satane a neng a batla go e fa Jesu e ne e ka nna thaelo ya mmatota fa e le gore Satane tota e ne e se ene yo o busang magosi ano? Nnyaa, e ne e tla bo e se yone. Mme gape lemoga seno, Jesu ga a ka a ganela gore dipuso tseno tsotlhe tsa lefatshe ke tsa ga Satane, eleng seo a ka bong a ile a se dira fa e ne e le gore Satane o ne a sena taolo mo godimo ga tsone. Ka gone, he, Satane Diabolo eleruri ke ene kgosana e re sa kgoneng go e bona ka matlho ya lefatshe leno! Bibela, tota ebile, e mmitsa “modimo oa lehatshe yeno.” (2 Bakorintha 4:4) Lefa go ntse jalo, go tlile jang gore motho yo o bosula go le kalo a nne le maatla go le kana?

Motho yono yo o ileng a fetoga Satane e ne e le moengele yo o neng a bopilwe ke Modimo, mme lefa go le jalo o ne a simolola go tswela boemo joo Modimo o nang le jone pelo. O ne a gwetlha puso e e tshwanetseng ya Modimo. Ka gone o ne a dirisa noga jaaka mmueledi wa gagwe go tsietsa mosadi wa ntlha, ebong Efa, ka gone o ne a kgona go dira gore mosadi yono mmogo le monna wa gagwe, Adame, ba dire go ya kafa a neng a batla ka gone go na le gore ba dire go ya kafa Modimo o neng o batla ka gone. (Genesise 3:1-6; 2 Bakorintha 11:3) Ebile gape o ne a dira maiphako a gore o ne a ka kgona go dira gore bana botlhe ba ga Adame le Efa bao ba neng ba ise ba tsalwe ba furalele Modimo. Ka gone Modimo o ne wa naya Satane nako ya gore a supe maiphako ano a gagwe, mme lefa go ntse jalo Satane ga a ise a nne le katlego.—Yobe 1:6-12; 2:1-10.

Go ya kafa go bonalang ka gone, Satane ga se ene fela a busang lefatshe leno. O ne a nna le katlego mo go tlhotlheletseng bangwe ba baengele ba bangwe gore ba kopanele le ene mo go tsuologeleng Modimo. Baengele bano ba ne ba fetoga badimona, eleng batho ba semoya bao ba dirang bosula nae. Bibela e bua ka bone fa e rotloetsa Bakeresete jaana: “Lo tlè lo itse go ganèla le maanō a boherehere a diabolo. Gonne ga re lwe le nama le madi, me re lwa le . . . babusi ba lehatshe ye le lehihi ye, le mashomōshomō a meōea ea boikèpō mo mannoñ a selegodimo.”—Baefesia 6:11, 12.

Lwa Kgatlhanong le Meya E E Bosula

Babusi bano bao re sa kgoneng go ba bona ka matlho, ba ba boikepo ba ikemiseditse go timetsa setho sotlhe, ba se dira gore se furalele kobamelo ya Modimo. Tsela e nngwe eo meya e e boikepo e dirang seno ka gone ke ka go anamisa kgopolo ya gore motho o tswelela pele a tshela morago ga loso, lemororo Lefoko la Modimo le bontsha ka phepafalo gore baswi ga ba ikutlwe. (Genesise 2:17; 3:19; Esekiele 18:4; Pesalema 146:3, 4; Moreri 9:5, 10) Ka gone, moya o o boikepo, ka go itira lentswe la motho yo o suleng, le ka buisana le balosika ba motho yoo bao ba santseng ba tshela kana ditsala tsa gagwe, ba dira jalo ba dirisa motho yo o buang le badimo kana ka “lentswe” lengwe le le tswang mo sebakeng se go sa boneng ope mo go sone. “Lentswe” leo le itira ekete ke motho yo o tlhokafetseng, lefa go ntse jalo tota e a bo e le ledimona!

Ka gone fa o ka tsamaya wa utlwa “lentswe” le le ntseng jalo, o seka wa tsiediwa ke lone. Gana sengwe le sengwe seo le se go bolelelang, mme o bue jaaka Jesu a ile a bolela jaana: “Tloga u eè koñ, Satana.” (Mathaio 4:10; Yakobe 4:7) O seka wa letla go rata go itseitse dilo ka sebaka sa moya ga go dira gore o inaakanye le meya e e bosula. Go inaakanya go go ntseng jalo go bidiwa tirisabadimo, mme Modimo o tlhagisa baobamedi ba gagwe kgatlhanong le mefuta yotlhe ya yone. Bibela e kgala ope fela “eo o moitseanape . . . kgotsa eo o buañ le badimo, kgotsa ñaka ya bola, kgotsa eo o botsañ bashwi.”—Duteronome 18:10-12; Bagalatia 5:19-21; Tshenolō 21:8.

Ereka tirisabadimo e dira gore motho a nne le tlhotlheletso ya badimo, o gane ditsela tsotlhe tseo e dirisiwang ka tsone go sa kgathalesege gore di ka lebega di ntsha bodutu go le kana kang, kana gore di monate go le kana kang. Ditsela tseno tseo e dirisiwang ka tsone di akaretsa go tlhoma matlho mo bolong ya kerisetale, go dirisa diboto tsa Ouija, ESP, go tlhatlhoba mela eo eleng mo seatleng sa motho, le tepodinaledi. Badimona gape ba ile ba baka medumo le dilo tse dingwe tse di sa tlwaelegang tse di bonwang ka matlho ba dira jalo mo matlong ao ba a ntshitseng botshamekelo jwa bone.

Mo godimo ga moo, meya e e bosula a iponela sesolo tshekamelo ya boleo eo batho ba nang le yone ba dira jalo ka go rotloetsa dibuka, dibaesekopo, le mananeo a thelebishene ao a bontshang mokgwa wa go tlhakanela dikobo oo eseng wa tlholego. Badimona ba itse gore fa dikakanyo tse di sa siamang di sa lelekiwe mo mogopolong di baka mabadi ao a sa phimogeng mme seo se dire gore batho ba felele ba dirile boitshwaro jo bo sa tshwanelang—jaaka badimona ka bobone.—Genesise 6:1, 2; 1 Bathesalonia 4:3-8; Yude 6.

Ke boammaaruri, ba le bantsi ba ka nna ba ja kgopolo ya gore lefatshe leno le busiwa ke meya e e bosula ditshego. Mme lefa go ntse jalo go sa dumele ga bone ga se selo se se gakgamatsang, ereka Bibela e bolela jaana: “Satane le èna o tla a ichwantshe le moengele wa lesedi.” (2 Bakorintha 11:14) Tsietso ya gagwe ya botlhajana thata e ile ya nna go foufaletsa batho ba le bantsi ntlha ya gore ene le badimona ba gagwe ba teng ka mmatota. Mme lefa go ntse jalo o seka wa tsiediwa ke seno! Diabolo le badimona ba gagwe ba teng ka mmatota, mme wena o tshwanelwa ke gore o lwe kgatlhanong le bone o sa kgaotse.—1 Petere 5:8, 9.

Se se itumedisang ke gore, jaanong nako e atametse eo Satane mmogo le bao a dirisanang mmogo le bone ba tla bong ba sa tlhole ba le teng! “Lehatshe [go akaretsa le badimona bao ba le busang] lea heta,” Bibela e re tlhomamisetsa jalo, “me eo o dihañ go rata ga Modimo o nnetse rure ka bosakhutleñ.” (1 Yohane 2:17) Abo re tla gololesega jang ne fa tlhotlheletso e e bosula eo e tla bo e nyeleditswe! Ka gone, ekete re ka nna gareng ga bao ba dirang thato ya Modimo mme re bone botshelo ka bosakhutleng mo lefatsheng le lesha la tshiamo la Modimo.—Pesalema 37:9-11, 29; 2 Petere 3:13; Tshenolō 21:3, 4.

Ditsopolo tsa Dikwalo tse di mo bukeng eno di tswa mo phetolelong ya Bibela E E Boitshèpō, kwantle ga fa go supilwe ka tsela nngwe.

[Picture on page 4]

A Satane a ka bo a ile a leka go naya Jesu dipuso tseno tsotlhe tsa lefatshe fa e ka bo e ne e se tsa gagwe?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela